Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikemisetsa go Huma—Kafa Go ka Go Amang ka Teng

Go Ikemisetsa go Huma—Kafa Go ka Go Amang ka Teng

 Go Ikemisetsa go HumaKafa Go ka Go Amang ka Teng

MO LEFATSHENG le mo go lone batho ba ba fetang dimilione di le 850 ba bolawang ke tlala, go ka nna thata go akanya gore go nna le dikhumo tse dintsi go ka baka bothata. Mme a o etse tlhoko gore temana e e nopotsweng mo setlhogong se se fetileng e ne e sa bue ka go nna le madi kgotsa dikhumo mme go na le moo, e ne e bua ka kgang ya go rata madi le go ikemisetsa go huma? Go diragala eng fa batho ba tshelela dikhumo le dilo tse madi a ka di rekang? Akanya pele gore go ama bana jang.

Kafa go Amang Bana ka Teng

Go fopholediwa gore ka ngwaga fela, ngwana yo o tlwaelegileng kwa Amerika o bona dipapatso tsa thelebishene di le 40 000. Kopanya seno le metshameko ya dibidio, ditshamekisi tsa mmino tsa maemo a a kwa godimo, dithulaganyo tsa khomputara le diaparo tsa maina tse bana ba di bonang mo mabenkeleng le mo malapeng a ditsala, mme o bo o leka go akanya gore bana ba kopa dilo di le kana kang mo batsading ba bone ka ntlha ya seo. Batsadi bangwe ba ile ba dumela go naya bana ba bone sengwe le sengwe fela se ba se batlang. Ka ntlha yang?

E re ka bone ba ne ba sa fiwe dilo tsa manobonobo, batsadi bangwe ba ikemiseditse go tlhomamisa gore bana ba bone ga ba gole ba ikutlwa e kete ba tingwa dilo dingwe. Mme ba bangwe bone ba tshaba gore fa ba gana go naya bana dilo tse ba di batlang, bana ba bone ba ka se tlhole ba ba rata. Mongwe wa basimolodi ba mokgatlho wa batsadi wa go thusana wa kwa Boulder Colorado, U.S.A. o ne a re: “Ba batla gore bana ba bone e nne ditsala tsa bone tse dikgolo mme ba tlhomamisa gore ba a itumela.” Batsadi ba bangwe ba solofela gore fa ba naya bana ba bone dimpho tse dintsi di tla duelela nako e ntsi  e ba e fetsang ba le kwa tirong ba se na le bana ba bone. Mme mo gongwe, morago ga beke e telele ya tiro e e gatelelang mo maikutlong, motsadi o tla bo a sa ikutlwe a batla go nnela ngangisano e morago ga yone karabo ya gagwe e tla bong e le “Nnyaa, nka se go neye se o se batlang.”

A mme batsadi ba ba nayang bana ba bone sengwe le sengwe se ba se batlang ba a ba thusa kgotsa ba ba utlwisa botlhoko? Se se gakgamatsang ke gore, go ya ka se se diragalang, go na le gore bana ba rate Mama le Papa thata, bana ba ba fiwang sengwe le sengwe se ba se batlang ga nke ba leboga. Ga ba anaanele le dimpho tse ba neng ba di batla ka pelo yotlhe. Mokaedi mongwe wa sekolo sa bogareng o ne a re: “Ke ile ka lemoga gore fa bana ba fiwa dilo tse ba di batlang ka bonako fela ka nako e ba di batlang ka yone, gantsi ba senya dilo tseo mo dibekeng di le pedi.”

Go diragala eng ka bana ba ba fiwang sengwe le sengwe se ba se batlang fa ba gola? Go ya ka makasine wa Newsweek, dipatlisiso di bontsha gore e nna bagolo ba ba “sa kgoneng go emelana le go kgobega marapo mo botshelong.” E re ka ba ise ba ko ba ithute go berekela se ba se batlang ka thata, bontsi jwa bone ba a palelwa kwa sekolong, kwa tirong, le mo lenyalong mme kgabagare ba bo ba ikaega ka batsadi ba bone mo go tsa madi. Go ka nna ga direga gape gore ba tlhaselwe motlhofo ke go ngomoga pelo le go gatelelwa mo maikutlong.

Ka jalo, tota bana ba ba fiwang sengwe le sengwe se ba se batlang ba tingwa sengwe mo botshelong. Ga ba fiwe tshono ya go ithuta go tlhaloganya mosola wa tiro, go kgona go itshepa le go lemoga gore ba na le dinonofo dife tse dintle. Ngaka nngwe ya tlhaloganyo e bong Jessie O’Neill e tlhagisa jaana: “Fa o ruta bana gore ba ka nna le sengwe le sengwe se ba se batlang ka nako e ba se batlang ka yone, o dira gore botshelo jwa bone bo feleletse e le bohutsana fela.”

Go Diragala Eng ka Bagolo?

Lokwalopaka lwa Psychology Today lo bega jaana: “Go sa kgathalesege gore lo nnile mmogo nako e kana kang kgotsa lo na le madi a kana kang, lo tla nna lo lwa ka ntlha ya madi.” Gape lo bolela gore “tsela e banyalani ba rarabololang dikgotlhang ka yone le go kgobega marapo go ka nna ga supa gore a ba tla atlega ka nako e telele, kgotsa a ba tla palelwa mo lenyalong la bone.” Banyalani ba ba tlhomang mogopolo thata mo mading le mo dithotong, ba tsenya lenyalo la bone mo kotsing e kgolo. Ee, go ile ga fopholediwa gore dikomang tsa madi ke tsone di leng dintsi thata mo diperesenteng di le 90 tsa tlhalano.

Le fa go ntse jalo, tota le fa banyalani ba nna mmogo, boleng jwa lenyalo la bone bo ka senyega fa ba tlhoma mogopolo thata mo mading le mo manobonobong a ba kgonang go nna le one. Ka sekai, banyalani ba ba nang le sekoloto ba ka nna ba simolola go tenega ka bonako le go galefelana motlhofo,  mongwe le mongwe a bona yo mongwe molato ka ntlha ya mathata a bone a tsa madi. Ka dinako tse dingwe molekane wa lenyalo a ka tlhoma mogopolo thata mo dilong tse a nang le tsone mme a se na nako ya go nna le molekane wa gagwe. Go diragala eng fa molekane yo mongwe a reka sengwe se se turang mme a bo a se fitlhela molekane yo mongwe? Go dira jalo go dira gore go nne le diphiri fa gare ga lona, go ikutlwa o le molato le go sa tshepane—e leng dilo tsotlhe tse di dirang gore lenyalo le senyege.

Batho bangwe ba ba godileng, e ka ne ba nyetse kgotsa ba sa nyala, ba ile ba ineela mo go rateng dithoto. Bangwe mo Afrika Borwa, ba ba ileng ba ngomolwa pelo ke go etsa mekgwa ya go tshela ya dinaga tsa kwa Bophirima, ba ile ba leka go ipolaya. Kwa United States, monna mongwe o ne a bolaya mosadi wa gagwe, morwawe wa dingwaga di le 12, a bo a ipolaya le ene, mme go bonala e ne e le ka ntlha ya mathata a gagwe a tsa madi.

Gone ke boammaaruri gore, bontsi jwa batho ga ba swe ka ntlha ya go gagamalela dikhumo. Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore ba tshele fela ba se na kgotsofalo epe ka go bo ba ineetse mo go batleng dikhumo. Go ka direga gape gore boleng jwa botshelo jwa bone bo senyege fa e le gore ba tshwenyega thata kwa tirong kgotsa mathata a tsa madi a dira gore ba ngomoge pelo, ba tlhorege boroko, ba opiwe ke tlhogo e e sa foleng kgotsa ditlhagala tsa mala—mathata a botsogo a a ka khutshwafatsang botshelo jwa motho. Mme tota le fa kgabagare motho a itharabologelwa a bo a lemoga gore o tlhoka go fetola dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gagwe, go ka direga gore o setse a le thari thata. Molekane wa gagwe a ka nna a bo a sa tlhole a mo tshepa, go ka tswa go setse go amile bana ba gagwe ka tsela e e sa siamang mo maikutlong mme le botsogo jwa gagwe bo ka tswa bo senyegile. Gongwe ditshenyego tse dingwe di ka baakanngwa, mme go tla tlhokega tiro e e seng kana ka sepe. Ruri batho ba ba ntseng jalo ba “itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:10.

Wena o Batla Eng?

Batho ba le bantsi ba batla go nna le botshelo jwa lelapa jo bo itumetseng, botsogo jo bo siameng, tiro e e kgotsofatsang le madi a a lekaneng go tshela monate. Gore motho a nne le dilo tseno tse nnè go tlhoka tekatekano, mme fa motho a tlhomile mogopolo thata mo mading, a ka se ka a kgona go nna tekatekano. Mo bathong ba le bantsi, gore dilo di boele mannong go ka nna ga tlhokega gore ba batle tiro e e duelang madi a a kwa tlase, ntlo e nnye le koloi e e sa jeng madi a mantsi, kgotsa go isa seemo sa bone sa botshelo kwa tlase. Ke ba le kae ba ba ikemiseditseng go tlogela manobonobo a a ntseng jalo gore seemo sa bone sa boitsholo se tokafale? Mosadi mongwe o ne a dumela jaana: ‘Ke a itse gore ga ke tlhoke dilo tseno, mme go thata go di tlogela!’ Batho ba bangwe ba batla go di tlogela mme ga ba batle go nna ba ntlha go dira jalo.

Go tweng ka wena? Fa e le gore o setse o bone tsela ya go laola madi le dithoto, o akgolelwa seo. Kafa letlhakoreng le lengwe, a o itlhaganela go fetsa go bala setlhogo seno ka gonne tsela e o tshelang ka  yone ga e go fe nako e ntsi? A o mongwe wa batho ba ba tlhokang go fokotsa dilo tse o nang le tsone gore o tle o kgone go tlhokomela botsogo jwa gago jwa mmele le jwa maikutlo botoka? Fa e le gore go ntse jalo, tsaya kgato e e siameng pele ga fa go rata dikhumo go simolola go senya lelapa la gago. Lebokoso le le mo tsebeng eno le neela dikakantsho tsa kafa o ka simololang go fokotsa ka teng.

Fa dikhumo di laolwa sentle, mongwe le mongwe mo lelapeng o tla solegelwa molemo mo mmeleng le mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba na le selo se sengwe gape se ba tshwanetseng go tshwenyega ka sone—ga ba batle gore go gagamalela dikhumo go kgoreletse kamano ya bone le Modimo. Go rata dikhumo go tsenya jang boitekanelo jwa motho jwa semoya mo kotsing mme motho a ka dira jang gore seo se se ka sa mo diragalela? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Gantsi bana ba ba fiwang sengwe le sengwe se ba se batlang ga ba anaanele dilo tseo tse ba neng ba di batla thata jalo mme ba di senya ka bonako

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go Tshela ka Tekatekano

Go fokotsa dithoto tsa gago go tlhoka gore o bo o ikemiseditse le gore o rulaganye dilo sentle. Go na le dikakantsho fano tse di ileng tsa thusa bangwe.

SEKASEKA MAEMO A GAGO. Ke eng se o ka tlogelang go se reka? Ke eng se o ka se latlhang? A ke dipeeletso tsa dimakasine? Di-CD tsa mmino? Dilo tse di sa tlhokegeng tse di kgabisang mo koloing?

LEKELETSA GORE A O KA KGONA GO TLHOFOFATSA DILO. Fa e le gore o na le dipelaelo tse di masisi malebana le go tlhofofatsa botshelo jwa gago, ke eng fa o sa leke go dira jalo ka dikgwedi di le thataro kgotsa ngwaga. Iponele ka bowena gore a nako yotlhe e o e dirisang mo mading le mo dithotong a tota e ne e dira gore o itumele—kgotsa e ne e fokotsa boitumelo jwa gago.

AKARETSA BANA BA GAGO MO DIPUISANONG TSA LELAPA MALEBANA LE GO TLHOFOFATSA DILO. Fa o dira jalo, ba ka tshegetsa tshwetso ya gago mme go tla bo go sa tlhole go le thata fa o tlhoka go gana sengwe se ba se kopang fa go tlhokega.

AKANYETSA KGANG YA GO NAYA BANA BA GAGO MADI A BA TLA A DIRISANG. Le fa ba ka tswa ba swetsa go a bolokela sengwe se se rileng kgotsa ba sa batle go dira jalo, ba tla ithuta go nna pelotelele le go anaanela se ba nang le sone. Ba tla ithuta le go dira ditshwetso.

ITHUTE MEKGWA E E TLA GO THUSANG GO SOMARELA. Batla dilo tse di jang madi a a kwa tlase. Rulaganya kafa o tla dirisang madi a gago ka teng. Tsamaya le setlhopha mo koloing go ya tirong. Fokotsa mo go diriseng thata didirisiwa tsa motlakase. Adima dibuka kwa laeboraring go na le go di reka.

DIRISA NAKO E O NANG LE YONE SENTLE. Gakologelwa, boikaelelo jwa gago jwa go fokotsa dilo ga se fela gore o nne le dilo di le mmalwa mme ke go dira gore o kgone go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata, tse di jaaka batho ba ba leng botlhokwa mo botshelong jwa gago. A o dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go ikemisetsa go huma go ka baka dikgotlhang mo lenyalong