Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga ke Tlhole ke le Lekgoba la Bojalwa

Ga ke Tlhole ke le Lekgoba la Bojalwa

 Ga ke Tlhole ke le Lekgoba la Bojalwa

Go dirisa bojalwa ka tsela e e lekalekaneng go ka dira gore dijo di itumedise kgotsa ga dira gore moletlo o itumedise. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba bangwe go nwa bojalwa go ba gogela kwa mathateng a a seng kana ka sepe. Ela tlhoko kgang ya monna mongwe yo o ileng a kgona go ikgolola mo dikeetaneng tsa bojalwa.

TOTA le gone jaanong go nkutlwisa botlhoko go tlhalosa seemo se se sa iketlang se se neng se rena mo legaeng la gaetsho. Rre le Mmè ba ne ba nwa bojalwa. Mme Rre o ne a itaya Mmè. Gantsi, mabole a a neng a a betsa a ne a felela mo go nna. Fa batsadi ba me ba swetsa ka go kgaogana, ke ne ke na le dingwaga di le nnè fela. Ke gopola fa ke isiwa go ya go nna le Mmèmogolo.

Ke ne ke ikutlwa ke sa ratiwe. Fa ke le dingwaga di le supa, ke ne ke tswa ke ikutswa ke ya kwa go rekisiwang bojalwa gone ke ile go nwa beine e e neng e dirilwe fa gae, e go bonalang e ne e okobatsa kutlobotlhoko ya me. Fa ke le dingwaga tse 12, mmè le mmèmogolo ba ne ba kgakgauthana ka mafoko ba kgakgauthanela nna. Mmè o ne a galefile jaana moo a neng a nkonopa ka foroko ya bojang. Ke ne ka kgona go tlola ke tswa mo tseleng! Leno e ne e se lekgetlho la ntlha botshelo jwa me bo le mo kotsing. Le fa go ntse jalo, mabadi a a mo mmeleng wa me, ga a botlhoko jaaka a a tseneletseng mo maikutlong a me.

Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ke nwa ka metlha. Kgabagare, fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ka tshaba kwa gae. Go nwa bojalwa go ne go dirile gore ke nne le boikutlo jwa go itaola, mme ke ne ka simolola go nna bogale thata, ke baka mathata mo dikhefing tsa mo motseng. Go nwa bojalwa e ne e le gone fela go go neng go intumedisa. Mo letsatsing le le lengwe fela, ke ne ke kgona go nwa dilitara di le tlhano tsa beine, dibiri di le mmalwa, le bojalwa jo bo bogale.

Fa ke sena go nyala, tsela e ke neng ke nwa ka yone e ne ya bakela mosadi wa me mathata a magolo. Go nna ga ka le sekgopi le go galefa go ne ga gola, ke ne ka simolola go itaya mosadi le bana, ke tsosa maemo a a sa itumediseng a ke neng ke goletse mo go one. Mo e batlang e le madi otlhe a ke neng ke a amogela a ne a felela mo bojalweng. Re ne re se na fanitšhara, ka jalo nna le mosadi wa me re ne re robala fa fatshe. Ke ne ke se na lebaka la go tshela mme ke ne ke sa dire maiteko ape a go tokafatsa seemo sa rona.

Letsatsi lengwe ke ne ka tlotla le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mmotsa gore goreng go tletse pogo jaana, mme Mosupi yoo o ne a mpontsha go tswa mo Baebeleng ditsholofetso tsa Modimo tsa go tlisa lefatshe le le se nang mathata. Seo se ne sa ntlhotlheletsa gore ke simolole go ithuta Baebele le Basupi. Fa ke ntse ke dirisa dithuto tsa Baebele le go fokotsa go nwa bojalwa, botshelo jwa lelapa la rona bo ne jwa tokafala thata. Le fa go ntse  jalo, ke ne ka lemoga gore fa e le gore ke batla go direla Jehofa Modimo ka tsela e e amogelesegang, ke tshwanetse go fenya bothata jwa go nwa thata. Morago ga go kgaratlha dikgwedi di le tharo, ke ne ka kgona go tlogela bojalwa. Dikgwedi di le thataro moragonyana ke ne ka ineela mo Modimong mme ka bontsha seo ka go kolobediwa.

Ka go se tlhole ke nna lekgoba la bojalwa, ke ne ka kgona go duela dikoloto tsa me. Kgabagare ke ne ka kgona go reka ntlo le koloi, e re neng re e dirisa go ya dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Kwa bofelong, ke kgonne go nna le boitlotlo.

Ka dinako dingwe kwa kokoanong ya boitlosobodutu ke ne ke newa bojalwa. Batho ba le bantsi ga ba itse mathata a magolo a ke neng ke tshwarane le one le gore fa nka nwa galase e le nngwe fela ya bojalwa e ka dira gore ke boele gape kwa mekgweng ya me ya bogologolo. Ke sa ntse ke na le keletso ya go nwa bojalwa. Ke tlhoka go rapela ka tlhoafalo le go nna le maikemisetso gore ke gane bojalwa. Fa ke nyorilwe, ke nwa sengwe le sengwe se se se nang bojalwa. E setse e le dingwaga di le lesome jaanong, ke sa kgome bojalwa.

Jehofa o kgona go dira se batho ba ka se kgoneng go se dira. O nthusitse gore ke nne le kgololesego e ke neng ke akanya gore ga nkitla ke nna le yone! Ke sa ntse ke boga matsadi a maikutlo a ke nnileng le one fa ke sa ntse ke le ngwana, mme ke tshwanetse go nna ke lwantshana le megopolo e e sa siamang. Ka fa letlhakoreng lengwe go na le dilo tse di siameng tse di ntiragaletseng, ke segofaditswe ka go nna le kamano e e molemo le Modimo, ka phuthego ya ditsala tsa mmatota, le ka lelapa le le molemo le le kopanelang le nna mo kobamelong. Mosadi wa me le bana ba me ba nkeme nokeng tota fa ke ntse ke kgaratlha kgatlhanong le bojalwa. Mosadi wa me a re: “Pele, botshelo jwa me e ne e le mathata fela. Gompieno, ke leboga Jehofa thata go bo ke kgona go itumelela botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang le monna wa me le bana ba rona ba babedi.”—Re se abetswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ke nwa ka metlha

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Jehofa o kgona go dira se batho ba ka se kgoneng go se dira

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22]

BAEBELE LE BOJALWA

▪ Baebele ga e kgale go nwa bojalwa. E tlhalosa “beine e e ipedisang pelo ya motho yo o nang le go swa” e le mpho e Modimo a e abetseng batho. (Pesalema 104:14, 15) Mme gape Baebele e tlhalosa mofine e le letshwao la katlego le polokesego. (Mika 4:4) Tota e bile, kgakgamatso ya ntlha ya Jesu Keresete e ne e le go fetola metsi go nna beine kwa moletlong wa lenyalo. (Johane 2:7-9) Mme fa moaposetoloi Paulo a utlwa ka ‘go bobola gangwe le gape.’ ga ga Timotheo o ne a akantsha gore a nwe “beine e nnye.”—1 Timotheo 5:23.

▪ Se Baebele e se kgalang ke go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng:

“Matagwa . . . ga ba kitla le ka motlha ba rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9-11, “The Jerusalem Bible.”

“Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa.”—Baefeso 5:18.

“Ke mang yo o nang le tatlhego? Ke mang yo o sa ritibalang? Ke mang yo o manganga? Ke mang yo o nang le matshwenyego? Ke mang yo o nang le dintho kwantle ga lebaka? Ke mang yo o nang le matlho a a letobo? Ba ba nnelang beine nako e telele, ba ba tsenang go tla go senka beine e e tlhakantsweng. O se ka wa leba beine fa e ntsha mmala o mohibidu, fa e tlhanasela mo senwelong, fa e relela. Kwa bofelelong jwa yone e loma jaaka noga, e bile e ntsha botlhole fela jaaka noga e e nang le botlhole. Matlho a gago a tla bona dilo tse di sa tlwaelegang, le pelo ya gago e tla bua dilo tse di sokameng.”—Diane 23:29-33.

Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, bangwe ba ba neng ba na le bothata ka bojalwa ba ne ka botlhale ba itlhophela go bo tlogela gotlhelele.—Mathaio 5:29.