Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Boitsholo bo Senyega ka Tsela e e Gakgamatsang

Fa Boitsholo bo Senyega ka Tsela e e Gakgamatsang

 Fa Boitsholo bo Senyega ka Tsela e e Gakgamatsang

O AKANYA gore boitsholo bo simologile leng go senyega ka tsela e e feteletseng? A bo simologile mo motlheng wa gago kgotsa wa ba losika kgotsa ditsala tse di setseng di godile? Bangwe ba re Ntwa ya Lefatshe I, e e ileng ya tlhagoga ka 1914, e ile ya baka go senyega ga boitsholo ka tsela e e se nang selekanyo mo motlheng wa rona. Porofesa ya hisitori e bong Robert Wohl mo bukeng ya gagwe ya  The Generation of 1914 o bolela jaana: “Batho ba ba ileng ba falola ntwa eno ba tla nna ba ntse ba dumela gore lefatshe le ile la fetoga gotlhelele ka August 1914.”

Mokwalahisitori e bong Norman Cantor a re: “Gongwe le gongwe, boitsholo jwa batho—jo bo neng bo setse bo senyegile—bo ile jwa nna maswe le go feta. Fa e le gore boradipolotiki le bagenerale ba ile ba tshwara batho ba ba kafa tlase ga bone jaaka e kete ke diphologolo tse di yang tlhabong, ke dithuto dife kgotsa melao efe ya boitsholo e e neng e ka kganela batho gore ba tshwarane jaaka dibatana? . . . Kgailo ya Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha [1914-18] e ile ya senya seriti sa botshelo jwa batho gotlhelele.”

Mo bukeng ya gagwe ya The Outline of History e e akaretsang sengwe le sengwe, mokwalahisitori wa Moesemane e bong H. G. Wells o ne a bolela gore seno se ne sa direga morago ga gore go amogelwe kgopolo ya go iphetola ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Ka ntlha yang? Bangwe ba ne ba akanya gore motho ke phologolo fela ya maemo a a kwa godingwana. Wells yo le ene a neng a dumela mo kgopolong eno o ne a kwala jaana ka 1920: “Ba ile ba dira tshwetso ya gore batho, ke diphologolo tse di ratang go nna mmogo jaaka setlhopha, fela jaaka dintšha tse di tsomang tsa kwa India tse di nnang di tsamaya di le setlhopha, ka jalo go bonala go itshiametse fela mo go bone gore dintšha tse dikgolwane mo setlhopheng di kgerise le go gatelela tse dingwe.”

Ee, jaaka Cantor a ile a bolela, ntwa ya lefatshe ya ntlha e ile ya nna le ditlamorago tse di ileng tsa senya thata tsela e batho ba ikutlwang ka yone ka boitsholo. O ne a tlhalosa jaana: “Kokomana e e setseng e godile e ne e bonwa diphoso mo go sengwe le sengwe—tsela e e lebang dipolotiki, moaparo, le tlhakanelodikobo ka yone.” Dikereke tse di ileng tsa senya dithuto tsa Bokeresete ka go amogela thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe le go tlhotlheletsa dintwa tse di lowang, di ile tsa dira gore boitsholo bo senyege le go feta. Mojenerale Mogolo wa sesole sa Boritane e bong Frank Crozier o ne a kwala jaana: “Dikereke tsa Bokeresete ke tsone batlhotlheletsi ba bagolo ba tshololo ya madi ba re nang le bone e bile re ba dirisa ka tsela e re ratang ka yone.”

Melao ya Boitsholo e Latlhilwe

Mo lesomeng la dingwaga la morago ga Ntwa ya Lefatshe I—dingwaga tsa bo1920 tse go neng go twe ke Dingwaga Tsa Kgatelopele—mekgwa e mentle le go itshwara  sentle go ne ga kgaphelwa kwa thoko mme ga emisediwa ka boikutlo jwa gore boitsholo bongwe le bongwe fela bo siame. Mokwalahisitori e bong Frederick Lewis Allen o akgela jaana: “Dingwaga tse di lesome tse di neng tsa latela ntwa di ka bidiwa ka tshwanelo gore e ne e le Lesome la Dingwaga la Maitseo a a Maswe. . . . E re ka thulaganyo ya bogologolo e ne e fetile le dilo tsa botlhokwa tse di neng di dira gore botshelo bo nne le bokao le gore bo itumedise, go ne ga se ka ga nna le dipe tse di tshwanang le tsone tse di neng di ka emisediwa ka tsone.”

Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi ya dingwaga tsa bo1930 e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba kgona go dira sepe mme seo sa dira gore ba wele mo khumanegong e kgolo. Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa dingwaga tseo, lefatshe le ne le setse le tsene mo ntweng e nngwe e e maswe le go feta—Ntwa ya Lefatshe II. Go ise go ye kae ditšhaba di ne tsa simolola go dira dibetsa tse di kotsi, di namola lefatshe mo kwelongtlase e Kgolo ya Ikonomi mme ka go dira jalo tsa tsenya lefatshe mo seemong se se utlwisang botlhoko le go feta. Fa ntwa e khutla, go ne go na le metse e mentsi e e neng e setse e le matlotla fela; e mebedi ya kwa Japane e ne e kgakgabetse, mongwe le mongwe wa metse eno o nyeleditswe ke bomo e le nngwe ya atomo! Batho ba le dimilione ba ile ba swa mo dikampeng tse di setlhogo tsa pogisetso. Fa dipalo tseno tsotlhe di kopanngwa, ntwa eno e ile ya bolaya banna, basadi le bana ba ba ka nnang dimilione di le 50.

Mo maemong ano a a sisimosang a Ntwa ya Lefatshe ya II, go na le gore batho ba tswelele pele ba tshela ka melao ya boitsholo ya bogologolo, ba ne ba simolola go itlhomela melao ya bone ya boitsholo. Buka ya Love, Sex and War—Changing Values, 1939-45, e ne ya bolela jaana: “Go bonala ka nako ya ntwa batho ba ne ba sa tlhole ba kgona go ithiba mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, e re ka boitsholo bongwe le bongwe bo ne bo dumelesega kwa ntweng, go ne ga nna fela jalo le mo malapeng. . . . Go potlaka le tlhagafalo ya ntwa go ile ga senya boitsholo jwa go ithiba ka bonako mme botshelo jwa malapa a le mantsi bo ile jwa bonala bo se botlhokwa fela jaaka kwa ntweng.”

Go boifa loso go go neng go oketsega go ne ga dira gore batho ba eletse le go feta go nna le botsalano jwa go ikgomotsa, tota le fa e le jwa nakwana fela. Mmalapa mongwe wa kwa Boritane o ne a bolela jaana fa a ne a leka go buelela boitsholo jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo ka dingwaga tse di thata tseo: “E ne e se gore re batho ba ba se nang boitsholo jo bo siameng, go ne go na le ntwa.” Lesole lengwe la kwa Amerika le ne la dumela jaana: “Bontsi jwa batho ba ne ba tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang, mme re ne re le basha e bile re itse gore re ka nna ra tsoga re sule ka moso.”

Batho ba le bantsi ba ba ileng ba falola ntwa eo ba ile ba boga ka ntlha ya bosetlhogo jo ba ileng ba bo bona. Go fitlha le gompieno, bangwe ba bone, go akaretsa le ba e neng e le bana ka nako eo, ba sa ntse ba akanya ka se se diragetseng, ba na le go lora ba bona masetlapelo ao a diragala gape. Ba le bantsi ba ne ba felelwa ke tumelo mme gape ba felelwa le ke go tlhola ba latela melao ya boitsholo. E re ka batho ba ne ba sa tlhole ba tlotla bolaodi bope jo bo ka tswang bo kgona go tlhoma melao e e rileng ya se se siameng le se se sa siamang, ba ile ba simolola go tsaya gore ga go na sepe se se tlhomameng.

Melao e Mesha ya Boitsholo

Morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II, go ile ga gatisiwa dipego tse di neng di dirilwe malebana le boitsholo jwa batho jwa tlhakanelodikobo. Patlisiso nngwe e e ntseng jalo ya kwa United States ya dingwaga tsa bo1940 e ne e le Pego ya Kinsey, e e neng e na le ditsebe tse di fetang 800. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ile ba simolola go bua ka kgololesego ka dikgang tsa tlhakanelodikobo e leng selo se pele se neng se sa tlwaelega. Le fa moragonyana dipalopalo tse di supilweng mo pegong eo malebana le bosodoma le boitsholo jo bongwe jo bo maswe thata jwa tlhakanelodikobo di ile tsa lemogiwa fa di feteleditswe, pego eo e ile ya bontsha gore boitsholo bo ile jwa senyega thata morago ga ntwa.

Ka nakonyana go ile ga dirwa maiteko a go bontsha gore batho ba sa ntse ba na le boikutlo jwa go itse boitsholo jo bo siameng. Ka sekai, mo diradiong, mo dibaesekopong le mo dithelebisheneng, boitsholo jo bo sa siamang bo ne bo sa letlelelwe. Mme seo ga se a ka sa nna jalo nako e telele. William Bennett yo pele e neng e le mokwaledi wa tsa thuto kwa United States, o ne a tlhalosa jaana: “Le fa go ntse jalo, ka dingwaga tsa bo1960, Amerika e ne ya simolola go senyega ka bonako e tsena mo go se go ka tweng ke go nyelela ga tlhabologo.” Mme seno se ne sa bonala le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi. Mme ke eng fa go senyega ga boitsholo go ile ga oketsega thata ka bo1960?

 Mo lesomeng leo la dingwaga, mo e batlang e le ka nako e le nngwe, go ile ga nna le mokgatlho wa kgololesego ya basadi le phetogo ya kafa tlhakanelodikobo e lebiwang ka gone le boitsholo jwa gone jo go neng go twe ke jo bosha. Mme gape, go ne ga dirwa dipilisi tsa thibela pelegi. Fa jaanong go ne go kgonega gore batho ba tlhakanele dikobo kwantle ga go boifa gore ba tla ima, “lorato lwa kgololesego,” kgotsa “go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe fela” go ne ga nna selo se se tlwaelegileng.

Ka nako e e tshwanang, tshedimosetso ya dikgang, dibaesekopo le thelebishene di ne tsa repisa melao ya tsone ya boitsholo. Moragonyana, Zbigniew Brzezinski, yo pele e neng e le moeteledipele wa National Security Council ya United States o ne a bolela jaana malebana le mekgwa e e bontshiwang mo thelebisheneng: “Ba tlotlomatsa go batla go ikgotsofatsa, mme ba dira e kete thubakanyo e e feteletseng le bosetlhogo ke dilo tse di tlwaelegileng e bile ba rotloetsa boitsholo jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo.”

Ka bo1970, metšhini ya go rekota dikhasete tsa dibidio e ne e setse e tumile. Gone jaanong batho ba kgona gore fa ba le bosi mo malapeng a bone ba lebelele ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e le ditshwantsho tse le ka motlha ba neng ba se kitla ba ya go di lebelela kwa mafelong a bobogelo. Bosheng jaana, mo Internet ditshwantsho tse di hepisang di kgona go lebelelwa ke mongwe le mongwe yo o nang le khomputara go ralala lefatshe.

Ditlamorago tsa seno di tshosa ka ditsela tse dintsi. Bosheng jaana molebeledi mongwe wa kgolegelo kwa United States o ne a bolela jaana: “Dingwaga di le lesome tse di fetileng, fa bana ba tla kgolegelong ba tswa kwa mebileng, ke ne ke a tle ke bue le bone ka se se siameng le se se sa siamang. Mme bana ba ba tsenang gone jaanong ga ba tlhaloganye gotlhelele gore ke bua ka eng.”

Re ka Leba Kae go Bona Kaelo?

Re ka se ka ra ya kwa dikerekeng tsa lefatshe go bona kaelo ya boitsholo. Go na le gore dikereke di kgomarele melaometheo e e siameng jaaka balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, tsone ka botsone ke karolo ya lefatshe leno le ditiro tsa lone tse di bosula. Mokwadi mongwe o ne a botsa jaana: “A go na le ntwa e e kileng ya lowa mme go sa twe Modimo o ema matlhakore oomabedi nokeng?” Moruti mongwe wa New York City o ile a bolela jaana dingwaga di sekae tse di fetileng malebana le go kgomarela melao ya boitsholo ya Modimo: “Kereke ke yone fela mokgatlho mo lefatsheng o go tsena mo go one go batlegang dilo di le mmalwa thata go feta tse di batlegang fa o palama bese.”

Ga go na pelaelo gore go senyega ga boitsholo mo lefatsheng leno go supa gore go tlhokega gore sengwe se dirwe ka bonako. Mme gone selo seo ke eng? Go tlhokega phetogo efe? Ke mang yo o ka e tlisang mme e bile e tla kgonega jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Kgailo ya Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha [1914-18] e ile ya senya seriti sa botshelo jwa batho gotlhelele

[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Boitlosobodutu jwa boitsholo jo bo repileng bo bonwa motlhofo thata go feta pele