Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

 Ditiragalo Tsa Lefatshe

Go ya ka patlisiso nngwe, “batho ba ba buang ka difouno tsa selula ba ntse ba kgweetsa, le fa tota ba dirisa didirisiwa tse di sa ba tlhokeng go tshwara founo ka seatla, go ka ba tsenya mo kotsing fela jaaka ba ba kgweetsang ba nole.”—REUTERS NEWS SERVICE, U.S.A.

Mo dikgweding tsa ntlha di le tlhano tsa 2006 go ne ga nna le dikgothoso tsa batho ba ba tlhometseng di le 30 200 mo dibeseng tsa kwa Toropongkgolo ya Gautemala. Bakgweetsi ba le 14 ba dibese le bathusi ba bone le bapagami ba le lesome ba ne ba bolawa.—PRENSA LIBRE, GUATEMALA.

Mo dinageng tse 124 tse di neng tsa tsiboga fa WHO (Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo) o dira dipatlisiso kaga mekgwa ya go kgobokanya le go tlhatlhoba madi, di le 56 tsa tsone “ga di a ka tsa tlhatlhoba madi otlhe a a abilweng go bona gore a ga a na HIV, hepatitis B le C le syphilis.”—WORLD HEALTH ORGANIZATION, SWITZERLAND.

Palo ya batho ba Australia ba ba nnang mmogo pele ba nyalana e godile go tswa go diperesente di le 5 ka bo 1960 go ya go diperesente tse di kwa godingwana ga di le 70 ka 2003.—UNIVERSITY OF MELBOURNE, AUSTRALIA.

Bolwetse Jwa Sukiri—Leroborobo la Lefatshe Lotlhe

Lekwalodikgang la The New York Times la re tshedimosetso e e tswang kwa International Diabetes Federation e bontsha gore mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, palo ya batho ba ba fitlhetsweng ba na le bolwetse jwa sukiri lefatshe ka bophara e oketsegile go tswa go dimilione di le 30 go ya go dimilione di le 230. Mo dinageng di le lesome tse di nang le palo e e kwa godimo ya batho ba ba nang le bolwetse jono, di le supa tsa tsone ke dinaga tse di humanegileng. Dr. Martin Silink, yo e leng poresidente ya International Diabetes Federation a re: “Bolwetse jwa sukiri ke nngwe ya matlhotlhapelo a magolo a boitekanelo a lefatshe le kileng la lebana le one.” Pego eno e bega jaana: “Bolwetse jono bo bolaya batho ka bonako, bogolo jang mo dinageng dingwe tse di humanegileng thata mo lefatsheng.”

Seporo se se Kwa Godimo go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng

Seporo se se kwa godimo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, se ne sa bulwa go dirisiwa ka July 2006, se kopanya Beijing le motsemogolo wa Tibet, e leng Lhasa, sekgala sa dikilometara di le 4 000. The New York Times ya re: “Seporo seno ke sa boenjeniri jwa maemo a a kwa godimo se kgabaganya mo mmung o o gatsetseng o o sa tlhomamang mme se bogodimo jwa dimetara di feta 4 800 kwa godimo ga boalo jwa lewatle.” Gareng ga mathata a baenjeniri ba neng ba tshwanela ke go a fenya e ne e le go tshola motheo o ba tla tlhomang seporo mo go one o le tsididi ngwaga otlhe e le gore se tle se kgone go itsetsepela sentle. Bogodimo jwa sone bo ba kgontsha go pompa moya go ya kwa dikarolong tse dingwe tsa terena, tse le tsone di kgonang go nna le okosejene e e dirisiwang ke mongwe le mongwe wa bapagami.

“Baithuti ka Leina Fela”

Lokwalodikgang lwa Le Figaro le bega jaana: “Go tloga ka diperesente di le 10 go ya go di le 20 tsa baithuti ba ngwaga wa ntlha ba ba ikwadiseditseng go ithuta bokwadi jwa dibuka kwa yunibesithing nngwe ya Fora “ga ba ke ba tla dithutong tsa bone.” Bangwe ba bone ba dirisa maemo a bone a go nna baithuti gore ba tle ba kgone go amogela madi a a tswang kwa pusong le gore ba fokolediwe dituelo fa ba palama difofane, kwa dihoteleng, fa ba dirisa dipalangwa tsa botlhe, le fa ba le kwa mafelong a dibaesekopo. Gore ba tle ba amogele dithuso tseno “baithuti bano ba e leng baithuti ka leina fela” ba ikwadisetsa dikhoso tse go ikwadisang batho ba ba botlana fela mo go tsone tse di jaaka Belarusian, Se-Finland, kana Seswahili. Ikwadiso e e ntse jalo ya tsietso e tlwaelegile ka gonne ga go tlhatlhobiwe gore ke bomang ba ba sa tleng dithutong. Pego eno e tlhalosa gore, “baithuti bano ba tsietso” ba ikwadisa ka go dirisa Internet morago ga moo ba fiwa dikarata tsa gore ke baithuti mo malatsing a se kae.

‘Di Fitlhegetse Lefatshe’

The Jerusalem Post e bega gore, baitsesaense ba kwa Iseraele ba dumela gore ba ribolotse mefuta e le robedi e mesha ya ditshedi tse di se nang lerapo la mokwatla mo legageng tse “di ntseng di fitlhegetse lefatshe” ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga. Baepolodi ba ba neng ba dira mo kwaring ba ne ba fitlhela mosima o monnye o o tswelang kwa legageng le le boleele jwa dikilometara di le 2,5 mme le ne le na le phaposi e e neng e na le bodiba. Mefuta e mesha ya ditshedi tseno, tse dingwe tsa tsone di tshwanang le diphepheng, di akaretsa tse pedi ke tse di tshelang mo lewatleng tse dingwe tse pedi di tshela mo metsing a a seng letswai di-crustacean le mefuta e menè e e tshelang mo dikgweng.