Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Simolola Leng go Intsha le Mongwe?

Nka Simolola Leng go Intsha le Mongwe?

 Basha ba Botsa Jaana. . .

Nka Simolola Leng go Intsha le Mongwe?

“Kwa sekolong motho o ikutlwa e kete ga wa felela fa go se na motho yo o intshang le ene—mongwe fela!”—Brittany.

“Ke nnile le kgatelelo e ntsi thata gore ke intshe le mongwe. Gape go na le basimane ba bantsi ba maratagolejwa.”—Whitney.

▪ O bona mosimane le mosetsana ba tshwarane ka matsogo fa ba ntse ba tsamaya ka bonya mo phashiting ba tswa tlelaseng e nngwe ba ya kwa go e nngwe. O ikutlwa jang?

□ Ga o kgathale

□ O fufega go se kae

□ O fufega thata

O kwa baesekopong le ditsala tsa gago mme o lemoga gore mongwe le mongwe o na le kgarebe kgotsa lekau—mme ke wena fela o se nang molekane! O ikutlwa jang?

□ Ga o kgathale

□ O fufega go se kae

□ O fufega thata

Tsala ya gago ya tlhogo ya kgomo e simolotse go nna le kgatlhego mo go mongwe wa bong bo sele e bile o simolotse go intsha le ene. O ikutlwa jang?

□ Ga o kgathale

□ O fufega go se kae

□ O fufega thata

FA O ile wa tshwaya gore “o fufega go sekae” kgotsa “o fufega thata” mo dipotsong tse di fa godimo fano, ga o esi. Mo dinageng tse go intsha e leng tlwaelo mo go tsone, basha ba le bantsi ba ne ba tla araba ka tsela e e tshwanang. Yvette wa dingwaga di le 14 o bolela jaana, “Ka dinako dingwe o ikutlwa e kete o itimile monate mongwe ka gonne dithaka tsa gago tsotlhe di na le makau mme wena ga o na lone.”

Keletso ya go nna le mongwe yo o kgethegileng—le go nna le mongwe yo o akanyang gore le wena o kgethegile—e ka nna maatla le go feta. Mosimane mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome o bolela jaana: “Keletso ya go nna le lekgarebe e gola letsatsi le letsatsi, e bile go thata go emelana le yone!” Bangwe tota ba simolola go intsha ba le bannye. Ka sekai, patlisiso e e dirilweng ke makasine wa Time e bontsha gore diperesente di le 25 tsa bana ba dingwaga di le 13 ba setse ba “intsha.” A o akanya gore ba ne ba siametse go intsha? A wena o siametse go intsha le mongwe? Go araba potso eno, re tshwanetse pele ra sekaseka potso e nngwe e e botlhokwa.

Go “Intsha le Mongwe” Ke fa O Dira Eng?

Ka gale o a tswa o ya go iphokisa phefo le mongwe wa bong bo sele.

A go raya gore o intsha le ene? □ Ee □ Nnyaa

Makgetlho a le mmalwa mo letsatsing, o romelela tsala nngwe ya gago ya bong bo sele molaetsa ka sele kgotsa o bua le ene ka founu.

A go raya gore o intsha le ene? □ Ee □ Nnyaa

 ▪ Wena le motho mongwe wa bong bo sele lo tsalana mo sephiring. Batsadi ba lona ga ba itse. Ga wa ba bolelela ka gonne o itse gore ga ba na go dumalana le botsala jwa lona.

A go raya gore o intsha le ene? □ Ee □ Nnyaa

Nako le nako fa o na le ditsala tsa gago, wena le motho yono wa bong bo sele lo iphitlhela lo le mmogo.

A go raya gore o intsha le ene? □ Ee □ Nnyaa

O ka tswa o ne o se na bothata, go ka araba potso ya ntlha, mme gongwe o ile wa ema go sekae pele o araba dipotso tse dingwe. Tota go intsha le mongwe go kaya eng? Mo setlhogong seno re tla go tlhalosa e le go itlosa bodutu le motho mongwe yo o nang le maikutlo a lorato ka ene gape le ene motho yoo a na le maikutlo a a tshwanang ka wena. E ka tswa lo na le setlhopha kgotsa lo le losi, e ka tswa lo bua ka founu kgotsa lo le mmogo, e ka tswa lo le mo phatlalatseng kgotsa lo le mo lefelong le le fitlhegileng, fa e le gore wena le tsala ya gago ya bong bo sele lo a itse gore lo na le maikutlo a kgethegileng a go ratana, seno ke go intsha le motho yoo.

Mme gone a o siametse go ka tsaya tsela eo? Go sekaseka dipotso di le tharo go tla go thusa go bona gore a o setse o siame.

O Ikaeletse go Dirang Eng?

Mo ditsong di le dintsi go intsha le mongwe ke mokgwa o o amogelesegang wa go dira gore batho ba babedi ba itsane botoka. Le fa go ntse jalo go intsha le mongwe go tshwanetse ga dirwa ka maikaelelo a a molemo—go thusa lekau le lekgarebe go bona gore a ba ka siamela go nna balekane ba lenyalo. Goreng?

Baebele e dirisa polelwana e e reng “nako ya bosha” go tlhalosa nako e mo go yone maikutlo a tlhakanelodikobo le a go rata mongwe a nnang a nonofile ka yone. (1 Bakorintha 7:36) Go nna le katamalano e e gaufi le motho wa bong bo sele o sa ntse o le mo ‘nakong ya bosha’ go ka gakatsa keletso ya tlhakanelodikobo mme ga dira gore o ithute botlhoko gore tlhagiso e e mo go Bagalatia 6:7 e botlhale go le kana kang: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”

Ke boammaaruri gore bangwe ba dithaka tsa gago ba ka nna ba intsha le mongwe mme ba se na maikaelelo a go nyala. Ba ka nna ba tsaya go nna le tsala eno ya bone ya bong bo sele go tshwana fela le go gapa sekgele kgotsa ba mo tsaya e le mokgabiso fela o ba batlang go bonwa phatlalatsa ba o  tshwere gore ba kgone go ikgantsha. Go tshameka ka maikutlo a motho jalo ke bosetlhogo, e bile ga go gakgamatse go bo botsalano jo bo ntseng jalo bo sa nne lobaka. Mosha yo o bidiwang Heather a re: “Basha ba le bantsi ba ba intshang le mongwe ba feleletsa ba kgaogane le ene mo sebakeng sa beke kgotsa di le pedi fela morago ga moo. Ba tsaya go intsha ga bone e le selo sa nakwana fela—se ka tsela nngwe se ba baakanyetsang go ka tlhalana go na le go nyalana.”

Go intsha le mongwe e le fela go tshameka—go intsha le mongwe e le fela go itlosa bodutu kgotsa e le fela gore o nne le lekau kgotsa o nne le lekgarebe—go ka feleletsa go dirile gore maikutlo a mongwe a utlwisiwe botlhoko thata. Akanya ka Eric, yo e rileng a le dingwaga di le 18 a bo a na le botsalano jo bo gaufi le mosetsana mongwe mme a akanya gore ke botsalano fela jo bo sa reng sepe. Mme o ne a lemoga gore mosetsana ene ga a tseye seno e le botsalano fela jo bo sa reng sepe. Eric a re: “Ijoo! Ke ne ka gakgamadiwa ke tsela e e bonako e a tsereng botsalano jwa rona masisi ka yone. Nna ke ne ke akanya gore re ditsala fela!”

Gone mme, ga go phoso go kopakopana le batho ba bong bo sele o le mo setlhopheng se se tlhokometsweng sentle. Le fa go ntse jalo, fa go tliwa mo go intsheng le mongwe go molemo gore o lete pele go fete nako ya bosha mme gape o lete pele go fitlha o ka siamela go akanyetsa lenyalo. Seno ke se mosha yo o bidiwang Chelsea a neng a se anaanela. O dumela jaana: “Karolo nngwe ya me e mpolelela gore go intsha le mongwe e tshwanetse ya nna go ijesa monate fela, mme ga se go ijesa monate fa yo mongwe ene a go tsaya masisi mme yo mongwe ene a go tsaya e le go intsha bodutu fela.”

O na Le Dingwaga Tse Kae?

O akanya gore mosha o tshwanetse go simolola go intsha le mongwe a na le dingwaga tse kae? ․․․․․

▪ Jaanong botsa batsadi ba gago yone potso eno, mme o kwale karabo e ba go e nayang. ․․․․․

Go ka direga gore nomoro ya ntlha e o tla e kwalang e tla bo e le kwa tlase ga ya bobedi. Kgotsa gongwe ga go jalo! O ka tswa o tshwana le basha bangwe ba bantsi ba ka botlhale ba ileng ba se ka ba simolola go intsha le mongwe e le gore ba tle ba gole sentle le gore ba itlhaloganye sentle. Ke se mosha mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Sondra a neng a swetsa go se dira, le fa tota a le mo dingwageng tsa go ka nyalwa. Sondra o tlhalosa jaana: “Fa lo ntse lo intsha o batla gore motho yo mongwe a go itse. Mme gone fa wena o sa ikitse, o ka lebelela jang gore yo mongwe ene a go itse?”

Danielle wa dingwaga di le 17, le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. O bolela jaana: “Fa ke akanya dingwaga tse pedi tse di fetileng, se ke neng ke se batla mo go yo o neng e tla nna molekane wa me, se farologane thata le se ke se batlang gone jaanong. Mme tota, le mo nakong eno ga ke itshepe gore nka tsaya tshwetso eno. Fa ke sena go bona gore botho  jwa me bo tlhomame mo dingwageng di le mmalwa, ke gone nka akanyetsang go intsha le mongwe.”

A o Siametse go ka Tsena mo Nyalong?

E re ka go intsha le mongwe e le kgato e e isang kwa goreng lo nyalane, o tla bo o dira sentle go ipotsa gore a o tla kgona go lepalepana le maikarabelo a go nna monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng—kgotsa tota le a go nna rre kgotsa mmè. O tla itse jang gore o siametse go ka tsaya kgato eno? Akanya ka se se latelang seno.

Dikamano tsa gago le ba bangwe O dirisana jang le batsadi ba gago le bana ba gaeno? A gangwe le gape o palelwa ke go ithiba fa o dirisana le bone, gongwe e bile o dirisa mafoko a a bogale kgotsa puo ya tshotlo fa o bua le bone e le gore ntlha ya gago e utlwale? Ba ka re o motho yo o ntseng jang fa go tliwa mo ntlheng eno? Tsela e o dirisanang le balelapa la gaeno ka yone e bontsha ka moo o tla tshwarang molekane wa gago ka yone.—Baefeso 4:31, 32.

Madi O dirisa madi jang? A ka metlha o nna o ntse o le mo dikolotong? A o motho yo o tshwarelelang mo tirong? Fa e le gore ga go jalo, goreng go se jalo? A gongwe bothata ke tiro? kgotsa mothapi wa gago? A kgotsa gongwe o na le nonofo nngwe e e sa rategeng? Fa e le gore ga o kgone go dirisa madi a gago sentle, o tla kgona jang go tlamela lelapa la gago?—1 Timotheo 5:8.

Bomoya Fa e le gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, dinonofo tsa gago tsa semoya di ntse jang? A o dira maiteko a go bala Lefoko la Modimo, go nna le seabe mo bodireding, le go kopanela mo dipokanong tsa Bokeresete? Fa o sa tlhokomele bomoya jwa gago, o tla kgothatsa jang molekane wa gago?—2 Bakorintha 13:5.

Tseno ke dilo di le mmalwa fela tse o tlhokang go di akanyetsa fa e le gore o akanya ka go intsha le mongwe kgotsa o akanyetsa lenyalo. Gone jaanong, o ka nna wa tlhoka go nna le ditirisano dingwe le ba bangwe ba bong bo sele mo dikokoanong tse di rulagantsweng sentle. Moragonyana, fa o tlhopha go intsha le mongwe, o tla bo o ikitse botoka le gore ke eng se o tla se batlang mo molekaneng yo o tla tshelang le ene botshelo jotlhe.

Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng

O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng mo ditsebeng tsa 13-26 tsa buka eno, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

Jaana . . . ” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

DINTLHA TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke mo maemong afe a a siameng a o ka ikopanyang le batho ba bong bo sele?

▪ Ke nonofo efe e o tshwanetseng go e tlhagolela thata e le gore o nne molekane yo o tshwanelang wa lenyalo?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Se Bangwe ba Dithaka tsa Gago ba se Buang

“Ka dinako dingwe ke a fufega fa ke bona batho ba babedi ba intshitse—kgotsa ba nyalane. Mme le fa go ntse jalo go intsha le mongwe ga se go itsosa bodutu fela. Fa e le gore o go tsaya go ntse jalo, o tshameka ka maikutlo a motho yo mongwe. Ke akanya gore go intsha le mongwe ke go batla go bona gore a motho yoo ke ene tota yo o batlang go nyalana le ene.”—Blaine, 17.

“Ga ke akanye gore go siame go intsha le basimane e le fela gore o ‘ikatisetsa’ nako ya fa mongwe yo o mo ratang tota a tla. Seno se ka baka kutlobotlhoko fela.”—Chelsea, 17.

“Tota ke akanya gore motho o tshwanetse a bo a godile sentle moo a ka nyalang pele a ka simolola go ka intsha le mongwe. Go seng jalo, go tla tshwana le go batla tiro ya nako e e tletseng o bo o botsolotswa ka tiro mme o sa ntse o le kwa sekolong mme o itse sentle gore ga o na maikaelelo ape a go amogela tiro eno.”—Sondra, 21.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

NTLHA E BATSADI BA TSHWANETSENG GO E ELA TLHOKO

Kgang ya go intsha le mongwe go totobetse gore bana ba gago ba tla tshwanelwa ke go lebana le yone nako nngwe. Phillip a re: “Ga ke tlhoke go dira sepe. Basetsana ba nkopa go intsha le bone, ke bo ke sala ke akanya, ‘Oo, ke tlile go dira jang jaanong?’ Ga go motlhofo go gana ka gonne ba bangwe ba bone ba bantle tota!”

Selo se se molemo se o ka se dirang jaaka motsadi ke go bua le ngwana wa gago ka kgang ya go intsha le mongwe. Ke eng o sa dirise dikgakololo tse di mo setlhogong seno go tlotla le ene ka kgang eno? Tlhotlhomisa gore morwao kgotsa morwadio o ikutlwa jang ka dikgwetlho tse a lebanang le tsone kwa sekolong le mo phuthegong ya Bokeresete. Ka dinako dingwe metlotlo eno e ka tshwarwa mo dinakong tsa fa go iketlilwe, tse di jaaka “fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng.” (Duteronome 6:6, 7) Le fa boemo e ka tswa e le bofe, gopola go nna “bonako go utlwa, bonya go bua.”—Jakobe 1:19.

Fa morwao kgotsa morwadio a bontsha go kgatlhegela mongwe wa bong bo sele, o se ka wa tshoga. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a re: “Fa rre a sena go lemoga gore ke na le lekau, o ne a galefa thata! O ne a leka go ntshosa ka go mpotsakaka dipotso tsa gore a ke ipaakanyeditse lenyalo—tse e leng gore fa o le mosha, di ka dira gore o leke go lelefatsa dikamano tsa lona le go bontsha batsadi ba gago gore ba phoso!”

Fa ngwana wa gago a itse gore ga a tshwanela go tlotla le wena ka kgang ya go intsha, mathata a ka tlhaga: A ka nna a ratana le go intsha le mongwe mo sephiring. Mosetsana mongwe o bua jaana,“Fa batsadi ba galefa, seno se dira gore bana ba ikutswe mme ba ratane mo sephiring. Ga ba kitla ba emisa. Ba ikutswa le go feta”

Go tla nna botoka thata fa o nna le metlotlo e e bulegileng le bana ba gago. Mosadi yo mosha wa dingwaga di le 20, a re: “Batsadi ba me ka dinako tsotlhe ba ne ba tlotla le nna ka kgang ya go intsha le mongwe ba sa fitlhe sepe. Go botlhokwa gore ba itse gore ke kgatlhegela mang, mme ke akanya gore seno se a intumedisa! Rre o tla bua le ene motho yoo. Fa e le gore go na le sengwe se ba tshwenyegang ka sone, batsadi ba me ba a mpolelela. Gantsi ke tla bo ke swetsa ka go se tswelele pele le e leng pele re ka simolola go intsha.”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go ikopanya le batho ba bong bo sele mo dikokoanong tse di rulagantsweng sentle go ka go aga e bile ga go tswela molemo