Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Saense e Tla Fodisa Lefatshe?

A Saense e Tla Fodisa Lefatshe?

 A Saense e Tla Fodisa Lefatshe?

A SAENSE ya gompieno e tla kgona go fedisa malwetse otlhe mo lefatsheng? A boporofeti jwa Baebele jo bo mo go Isaia le Tshenolo bo bua ka nako ya fa motho ka boene a tla kgonang go tlisa lefatshe le le se nang bolwetse? Ka ntlha ya dilo tse dintsi tse kalafi e di fitlheletseng, bathong bangwe ba dumela gore seno se ka kgonega.

Gone jaanong dipuso le mekgatlho mengwe ya batho e e sa tshegediweng ke puso e dira mmogo, e na le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, mo letsholong le le iseng le ko le dirwe mo nakong e e fetileng la go lwantsha bolwetse. Sengwe se ba ileng ba se emela ka dinao e ne e le go enta bana kwa dinageng tse di tlhabologang. Go ya ka United Nations Children’s Fund, fa dinaga tse di farologaneng di ka kgona go fitlhelela mekgele e mokgatlho ono o ipeetseng yone, ‘ka 2015 bana ba ba fetang dimilione di le 70 ba ba nnang kwa dinageng tse di humanegileng thata tsa lefatshe, ngwaga le ngwaga ba tla fiwa mekento e e tla ba sireletsang kgatlhanong le malwetse a a latelang: thiibi, mometso o mosweu, go kitlana ga ditlhaa, sehuba sa monganganyetso, mmokwane, letshoroma le lesetlha, letshoroma la mofuta wa haemophilus B, bolwetse jwa sebete jwa hepatitis B, pholio, rotavirus, nyumonia, meningitis ya boboko le mokolela, bolwetse jwa kwa Japane jwa go ruruga ga boboko.’ Gape go lekwa go bona gore a go ka kgonega go nna le dilo tsa konokono tse di tlhokegang go nna le botsogo jo bo siameng tse di jaaka go nna le metsi a a phepa, dijo tse di siameng, go rutiwa ka tsa boitekanelo.

Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba batla go dira go go fetang fela go dira gore batho ba nne le dilo tse ba di tlhokang go nna le boitekanelo jo bontle. Mekgwa e mesha ya botegeniki e fetola dilo mo go tsa kalafi. Go ile ga bolelwa gore dingwaga dingwe le dingwe di le robedi baitsesaense ba oketsa kitso ya bone ya dilo tsa kalafi go menagane gabedi. Tshedimosetso e e latelang ke sekai fela sa dilo tse di fitlheletsweng bosheng ke botegeniki jo bosha le mekgele e saense e ipeetseng yone go lwantsha malwetse.

Ditshwantsho tsa ekeserei Mo lobakeng lwa dingwaga di feta di le 30, dingaka le dikokelo di ntse di dirisa se se bidiwang CT scan. CT fano e emela computed tomography. Metšhini eno e e dirang CT scan, e tlhagisa ditshwantsho tsa se se diregang mo teng ga mmele wa rona, tse di bontshiwang ke ekeserei. Ditshwantsho tseno di thusa thata fa ba batla go bona gore motho o tshwerwe ke bolwetse mang le fa ba batla go tlhatlhoba dilo dingwe tse di sa tsamaeng sentle kafa teng mo mmeleng.

Le fa gone go sa ntse go ganetsanwa ka dikotsi tse di bakwang ke marang a didirisiwa tseno, bomankge ba tsa kalafi bone ba bona sedirisiwa seno sa botegeniki se tlile go nna le melemo e megolo tota mo isagweng. Michael Vannier, yo e leng porofesa yo o dirang ka didirisiwa tsa marang kwa Yunibesithing ya Chicago Hospital, a re: “Mo dingwageng di sekae fela tse di fetileng, go dirilwe kgatelopele ka lobelo lo lo tseisang sedidi.”

Gone jaanong metšhini eno ya CT scan e kgona go dira ka lobelo lo logolwane, ga e fose, e bile ga e je madi a mantsi. Selo sengwe se sentle thata ka mekgwa e mesha ya go tlhatlhoba se se diregang mo teng ga mmele ka metšhini eno ke lobelo lo e go dirang ka lone. Bogolo jang fa go tlhatlhobiwa pelo. Ka gonne pelo e nna e  itaya ka metlha, ditshwantsho di le dintsi tsa ekeserei tse di bontshang pelo di ne di sa bonale sentle, mo go neng go dira gore go nne thata go bona sentle se e leng bothata. Jaaka fa makasine wa New Scientist o tlhalosa, metšhini e mesha e e dirisiwang go tlhatlhoba go e tsaya “nngwe tharong ya motsotswana fela go bontsha se se mo mmeleng otlhe, o bonako go feta go itaya gangwe fela ga pelo,” mme ka go rialo o bontsha ditshwantsho tse di bonalang sentle.

Ka thuso ya metšhini e mesha eno ya go tlhatlhoba, dingaka ga di felele fela ka go bona dilo tse di kafa teng mo mmeleng wa motho mme gape di kgona go bona se se diregang mo karolong e e rileng ya setshedi. Seno se ka dira gore go kgonege go lemoga kankere e sa ntse e simolola.

Go dirisa metšhini ya roboto go dira karo Metšhini e e raraaneng ya diroboto ga e tlhole e le selo se se akanngwang fela mo baitsesaenseng—bobotlana mo go tsa kalafi. Go setse go dirwa dikaro di le diketekete go dirisiwa metšhini eno ya diroboto. Mo mabakeng mangwe dingaka tse di arang di kgona go ara motho di dirisa sedirisiwa sa go laola motšhini o ntse o le kgakala le one, mme sedirisiwa seno se ba kgontsha go tsamaisa dikarolo di le mmalwa tsa roboto eno. Dikarolo tseno di na le dithipa tse di arang, dikere, dikhamera, le dilo tse dingwe tse di dirisiwang go ara. Mokgwa ono wa thekenoloji o kgontsha dingaka tse di arang go dira dikaro tse di raraaneng thata mme di sa fose. Makasine wa Newsweek o bega jaana: “Dingaka tse di dirisang mokgwa ono di fitlhetse gore balwetse ba ba arilweng ka metšhini eno ga ba latlhegelwe ke madi a mantsi, ga ba utlwe botlhoko thata, ga go nne le mathata a mantsi a a amanang le karo, ba nna lobaka lo lokhutshwane mo bookelong, e bile ba fola ka bonako fa ba bapisiwa le ba go dirisitsweng mekgwa e e tlwaelegileng ya go ara mo go bone.”

Go Dirisa Nanotechnology mo Kalafing Nanotechnology ke mokgwa wa saense wa go laola le go dira dilo tse dinnyennye thata. Selo se ba se dirisang go lekanya dilo fa go dirisiwa mokgwa ono wa thekenoloji se bidiwa nanometer, e e leng karolo e le nngwe fela ya di le bilione tsa metara o le mongwe. *

Go go thusa go bona gore dilo tse di lekanngwang ka nanometer ke tse dinnye go le kana kang, tsebe e o e balang gone jaanong e bokima jwa di-nanometer di le 100 000, mme moriri wa motho o ka dira di-nanometer di le 80 000. Sele e khibidu ya madi e ka nna bophara jwa di-nanometer di le 2 500. Bakateria e ka nna boleele jwa di-nanometer di le 1 000, mme baerase yone e ka nna di-nanometer di le 100. DNA ya gago e ka nna bophara jwa di-nanometer di le 2,5.

Babueledi ba bagolo ba mokgwa ono wa botegeniki ba dumela gore go ise go ye kae, baitsesaense ba tla kgona go aga metšhinenyana e mennye thata e e tla kgonang go alafa mmele wa motho kafa teng. Metšhinenyana eno, e gantsi e bidiwang di-nanomachine, e tla bo e na le dikhomputara tse dinnye tse di tsentsweng ditaelo tse di e bolelelang se di tshwanetseng go se dira. Sengwe se se gakgamatsang ke gore metšhini e e batlang e raraane eno e tla dirwa ka dilo tse di sa feteng di-nanometer di le 100 ka bogolo. Ka mafoko a mangwe ka dilo tse dinnye go feta disele tse dikhibidu tsa madi go menagane ga 25!

Go solofelwa gore, ka gonne di-nanomachine tseno di le dinnye thata jalo, letsatsi lengwe di tla kgona go tsamaya mo gare ga methapo e mesesane thata ya madi gore di ise okosejene kwa dithishung tse di tlhaelang madi, go tlosa dikgoreletsi mo ditshikeng tsa madi le leswe mo diseleng tsa boboko, le eleng go batlana le dibaerase, dibakateria, le dilo tse dingwe tse di kotsi mo mmeleng mme di di bolaye. Di-nanomachine tseno gape di ka dirisiwa go isa ditlhare ka tlhamalalo kwa diseleng tse di tshwanetseng go amogela ditlhare tseo.

Baitsesaense ba bonela pele gore jaanong go tlile go kgonega go lemoga kankere ka bonako fa go dirisiwa didirisiwa tseno tsa nanotechnology mo kalafing. Dr. Samuel Wickline yo e leng porofesa mo boenjeniring jwa tsa kalafi ya ditshedi le fisikisi, o ne a re: “Jaanong re tlile go  kgona go lemoga kankere e nnye thata go sa le gale go feta pele, e bile re tla kgona go e alafa ka ditlhare tse di maatla thata gone mo lefelong le e simologang mo go lone, mme kafa letlhakoreng le lengwe re dira gore molwetse a se ka a tsogelwa ke malwetse a mangwe a a bakwang ke mokgwa o o dirisiwang go alafa tlhagala eno.”

Le mororo seno se ka nna sa utlwala e kete ke go ijesa dijo tsa ditoro, mo megopolong ya baitsesaense bangwe ke selo se se tlileng go direga tota. Babatlisisi ba ba di gogang kwa pele mo lephateng leno la kalafi ba lebeletse gore mo dingwageng di le lesome tse di tlang, nanotechnology e tla bo e dirisiwa go baakanya le go rulaganya bosha dikarolo tse dinnye thata tsa disele tsa ditshedi. Yo mongwe wa bone yo o buelelang mokgwa ono wa kalafi o bolela jaana: “Mokgwa ono wa thekenoloji wa kalafi o tlile go khutlisa mo e ka nnang malwetse otlhe a a tlwaelegileng a lekgolo leno la bo20 la dingwaga, mo e ka nnang mathata otlhe a kalafi, e bile o tlile go kgontsha batho go atolosa bokgoni jwa bone.” Tota le eleng gone jaanong baitsesaense bangwe ba bega gore go nnile le katlego e e molemo thata fa go ne go dirisiwa mokgwa ono wa nanotechnology mo kalafing mo dilaboratoring tsa diphologolo.

Dipatlisiso ka Popego ya Dijini mo Mmeleng Sele nngwe le nngwe mo mmeleng wa motho e na le dikarolo tse dintsi mo go yone tse di botlhokwa thata mo botshelong. Nngwe ya dikarolo tseno ke dijini. Mongwe le mongwe wa rona o na le mo e ka nnang dijini di le 35 000 tse di laolang gore o tla nna le moriri o o ntseng jang le wa mmala ofe, mmala wa letlalo le wa matlho, o tla nna boleele bo kanakang, le dikarolo tse dingwe tsa dipopego tsa rona. Dijini tsa rona gape di na le seabe se se botlhokwa thata mo go laoleng boleng jwa dirwe tsa rona tsa kafa teng.

Fa dijini tsa rona di senyegile, di ka ama boitekanelo jwa rona. Tota e bile babatlisisi bangwe ba dumela gore malwetse otlhe a bakwa ke gore go bo go na le bothata mo tseleng e dijini di berekang ka yone. Dijini dingwe tse di nang le bokoa re di gotsitse mo batsading ba rona. Tse dingwe di sentswe ke dilo dingwe tse di kotsi mo tikologong.

Baitsesaense ba solofela gore go ise go ye kae re tla kgona go bona dijini tse di dirang gore re lwale. Seno, ka sekai, se tla kgontsha dingaka go bona gore ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba tshwarwa ke kankere mme ba bangwe bone e sa ba tshware, kgotsa gore ke ka ntlha yang fa mofuta mongwe wa kankere o nna bogale mo bathong bangwe go feta mo go ba bangwe. Go dira dipatlisiso tsa mofuta ono mo dijining go ka nna ga thusa gape go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa setlhare sengwe se kgona go thusa balwetse bangwe mme se sa kgone go thusa ba bangwe.

Go kgona go bona tshedimosetso e e tshwanang le eno ka dijini tsa motho go ka nna ga dira gore go nne le se go tweng ke go naya motho kalafi e e diretsweng ene ka namana. O ka solegelwa molemo jang ke thekenoloji e e tshwanang le eno? Kgopolo eno ya go kgona go naya motho kalafi e e diretsweng ene ka namana e raya gore motho a kgone go newa tlhokomelo ya kalafi e e dirilweng gore e tshwanele tsela e dijini tsa gagwe ka boene di bopegileng ka yone. Ka sekai, fa e ka re go tlhatlhobiwa dijini tsa gago, ga fitlhelwa gore go ka direga thata gore o nne le bolwetse jo bo rileng, dingaka di ne di ka kgona go lemoga bolwetse joo le eleng pele thata fela ga matshwao a bolwetse joo a tlhaga. Ba ba buelelang mokgwa ono wa kalafi ba bolela gore fa gongwe e le gore bolwetse joo ga bo ise bo nne teng, go newa kalafi e e tshwanetseng, go ja dijo tse di tshwanetseng, le go dira diphetogo dingwe mo tseleng e motho a tshelang ka yone go ka nna ga ba ga thusa go thibela bolwetse joo gotlhelele.

Dijini tsa gago gape di ka nna tsa dira gore dingaka di kgone go bona fa e le gore go ka direga gore mofuta mongwe wa kalafi o go tsenyetse malwetse a mangwe. Tshedimosetso eno e ka kgontsha dingaka go naya ditlhare tse di maleba ka selekanyo se se tshwanetseng sentle go tsamaisana le maemo a gago. Lokwalodikgang lwa The Boston Globe lo bega jaana: “Ka ngwaga wa 2020, go bonala [mofuta ono wa kalafi e e diretsweng go tshwanela maemo a motho ka boene] o tla bo o na le matswela a a molemo go feta kafa mongwe le mongwe a ka akanyang ka gone gompieno. Go tla dirwa ditlhare tse disha tse di dirilweng gore di tshwanele dijini tsa motho go alafa bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa Alzheimer’s, bolwetse jwa go fapoga ga tlhaloganyo, le malwetse a mangwe a mantsintsi a a bolayang batho ba le bantsi.”

Mekgwa ya thekenoloji e e umakilweng fa godimo ke e sekae fela ya mekgwa e le mentsi e saense e solofetsang gore e tla kgona go e fitlhelela mo isagweng. Kitso mo go tsa kalafi e ntse e golela pele ka selekanyo se e iseng e ko e gole ka sone. Mme baitsesaense ga ba lebelele go kgona go fedisa bolwetse gotlhelele mo lobakeng lo lo fa gautshwane. Go na le dikgoreletsi di le dintsi tse go bonalang go sa ntse go le thata go feta mo go tsone.

Dikgoreletsi Tse go Bonalang go le Thata go Feta mo go Tsone

Boitshwaro jwa batho bo ka nna jwa dira gore kgatelopele e e dirwang go fedisa malwetse e direge ka bonya. Ka sekai, baitsesaense ba dumela gore tshenyo e e bakilweng ke batho mo go dirisaneng ga ditshedi mo tikologong e dirile gore go bo go nne le malwetse a masha, e bile a le kotsi thata. Mo potsolotsong nngwe e e neng e tshwerwe ke makasine wa Newsweek, Mary Pearl, yo e leng poresidente wa Mokgatlho wa Tshireletso ya Diphologolo Tsa Naga, o ne a tlhalosa jaana: “Fa e sa le  mo dingwageng tsa mo gare ga bo1970, go ile ga tlhaga malwetse a le 30 a masha, a a akaretsang AIDS, Ebola, bolwetse jwa Lyme le SARS [bolwetse jo bo bakelang motho mathata a magolo a go hema]. Bontsi jwa malwetse ano go dumelwa gore a tswa mo diphologolong tsa naga a ya kwa bathong.”

Mo godimo ga moo, batho ga ba tlhole ba ja maungo le merogo thata jalo mme ba ja thata sukiri, letswai le mafura a mantsi. Boemo jono, bo kopana le go sa tlhole batho ba itshidila mmele jaaka pele e bile ba na le mekgwa e mengwe ya go tshela e e sa itekanelang, bo dirile gore go nne le malwetse a le mantsi a a amanang le pelo. Go goga motsoko go ntse go a oketsega, go dira gore go nne le mathata a le mantsi a boitekanelo e bile go bolaya batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng. Ngwaga le ngwaga batho ba ka nna dimilione di le 20 ba a gobala kgotsa ba a swa ka ntlha ya dikotsi tsa dikoloi. Ntwa le mefuta e mengwe ya thubakanyo e bolaya le go golafatsa ba bangwe ba bantsintsi. Ba bangwe ba le dimilionemilione ba lwatswa ke go nwa bojalwa thata kgotsa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.

Ntlha fano ke gore le fa bolwetse bo ka tswa bo bakwa ke eng, le fa go ka tswa go dirilwe kgatelopele e e kana kang mo thekenolojing mo dilong tsa kalafi, malwetse mangwe a sa ntse a tswelela go bogisa batho. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, ‘batho ba feta dimilione di le 150 ba nna le mathata a go tshwenyega thata mo maikutlong nako nngwe le nngwe, ba ka nna dimilione di le 25 ba tshwarwa ke bolwetse jwa go fapoga ga tlhaloganyo, mme ba le dimilione di le 38 ba tshwarwa ke bolwetse jwa mototwane.’ Malwetse a a tshwanang le HIV/AIDS, letshololo, malaria, mmokwane, nyumonia, le thiibi a tshwara batho ba le dimilionemilione, a bolaya bana le bagolo ba le bantsi thata.

Go sa ntse go na le dikgoreletsi tse dingwe tse go bonalang go le thata go feta mo go tsone tse di paledisang batho go fedisa malwetse otlhe. Lehuma le tsamaiso e e tletseng bonweenwee ya dipuso ke mathata a mabedi a magolo. Mo pegong nngwe ya bosheng jaana, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ne wa bolela gore batho ba le dimilionemilione ba ba swang ba bolawa ke malwetse a a tshelanwang ba ne ba ka thusiwa fa e ne e se ka go palelwa ga puso le go tlhoka matlole.

A kitso ya saense le kgatelopele e kgolo ya thekenoloji mo go tsa kalafi e tla kgona go thusa go tlosa dikgoreletsi tseno mo tseleng? A re tla kgona go bona lefatshe le le se nang bolwetse mo nakong e e fa gautshwane? Ke boammaaruri gore dintlha tse di tlhalositsweng fa godimo ga di re neye dikarabo tse di utlwalang sentle. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhaga lesedi ka potso eno. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore Baebele ya reng ka isagwe ya fa bolwetse bo tla bo bo sa tlhole bo le gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Lefoko “nano,” go tswa mo lefokong la Segerika le le dirisiwang fa go buiwa ka selo se se khutshwane thata, le raya “karolo e le nngwe ya di le bilione mo selong.”

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ditshwantsho tsa ekeserei

Ditshwantsho tse di bonalang sentle, le tse di bontshang sentle se se diregang mo mmeleng wa motho di ka thusa go bona bolwetse bo sa ntse bo simologa

[Metswedi ya Ditshwantsho]

© Philips

Siemens AG

Go dirisa metšhini ya diroboto go dira karo

Metšhini ya diroboto e e nang le didirisiwa tsa go ara e thusa dingaka go dira dikaro tse di raraaneng thata mme di sa dire diphoso

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2006 Intuitive Surgical, Inc.

Go dirisa mokgwa wa nanotechnology mo kalafing

Metšhini e mennye thata e e dirilweng ke batho e ka thusa dingaka go alafa bolwetse go tloga fela kwa seleng. Setshwantsho seno se bontsha kgopolo e motaki a nang le yone ka “di-nanomachine” tse di etsang tsela e disele tse dikhibidu tsa madi di dirang ka yone

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Motaki: Vik Olliver (vik@diamondage.co.nz)/ Motlhami: Robert Freitas

Dipatlisiso ka popego ya dijini mo mmeleng

Ka go tlhatlhoba tsela e dijini tsa motho di bopegileng ka yone, baitsesaense ba solofela gore ba tla kgona go lemoga bolwetse ba bo ba bo alafe le eleng pele molwetse a nna le matshwao a bolwetse joo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dikoromosomo: © Phanie/ Photo Researchers, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 8, 9]

Malwetse a le Marataro A a Sa Alafegeng

Kitso mo dilong tsa kalafi le dilo tsa botegeniki tse di tsamaisanang le yone di ntse di tswelela di gatela pele ka selekanyo se segolo thata. Le fa go ntse jalo, leroborobo la malwetse a a tshelanwang a ntse a tswelela a tlhasela lefatshe. Malwetse a a bolayang a a thathamisitsweng fa tlase fano a sa ntse a sa alafege.

HIV/AIDS

Batho ba ka nna dimilione di le 60 ba tshwaeditswe ka HIV, mme ba ka nna dimilione di le 20 ba bolailwe ke AIDS. Ka 2005 go ile ga nna le batho ba bangwe ba le dimilione di le tlhano ba ba ileng ba tshwaediwa mme go sule ba bangwe ba le dimilione di le tharo ba ba bolailweng ke malwetse a a amanang le AIDS. Batho bano ba akaretsa bana ba ba fetang 500 000. Bontsi jwa batho ba ba tshwaeditsweng ke HIV ba sa ntse ba sa kgone go bona kalafi e e siameng.

Letshololo

Go tlhalosiwa fa bolwetse jono jwa letshololo e le jone jo bo bolayang batho ba le bantsi mo gare ga batho ba ba humanegileng mme go swa ba ba ka nnang dibilione di le nnè ngwaga mongwe le mongwe. Bo bakiwa ke malwetse a a farologaneng a a tshwaetsang a a anamisiwang ke metsi a a kgotletsweng kgotsa dijo le go se nneng le bophepa jo bo siameng. Malwetse ano a baka dintsho tsa batho ba ba fetang dimilione di le pedi ngwaga le ngwaga.

Malaria

Ngwaga le ngwaga, go na le batho ba ba ka nnang dimilione di le 300 ba ba lwalang ka ntlha ya malaria. Ba ba ka nnang milione ba swa ngwaga le ngwaga mme bontsi jwa bone e le bana. Mo Afrika go swa ngwana a le mongwe ka ntlha ya malaria mo e ka nnang metsotswana mengwe le mengwe e le 30. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo (World Health Organization [WHO]), “saense e sa ntse e ise e nne le tharabololo ya go alafa malaria mme ba le bantsi ba ipotsa le gore a go tla tsamaya go nna le tharabololo.”

 Mmokwane

Ka 2003, mmokwane o ne wa bolaya batho ba ba fetang 500 000. Ke bolwetse jo bo tshwaetsanang thata, mme ke one o o di gogang kwa pele mo go bolayeng bana. Ngwaga le ngwaga batho ba ka nna dimilione di le 30 ba tsenwa ke mmokwane. Se se gakgamatsang ke gore go sa le go nna le mokento o o thibelang mmokwane o o thusang thata e bile o sa ture ka dingwaga di le 40 tse di fetileng.

Nyumonia

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o bolela gore bana ba le bantsi ba bolawa ke nyumonia go feta ba ba bolawang ke malwetse a mangwe a a tshwaetsang. Mo e ka nnang bana ba le dimilione di le pedi ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya nyumonia. Bontsi jwa dintsho tseno di diragala mo Afrika le kwa Asia Borwabotlhaba. Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, ga go na mafelo a a lekaneng a kalafi mme seo se dira gore batho ba ba lwalang ba se ka ba kgona go bona kalafi e e tshwanetseng.

Thibii

Ka 2003, thiibi e ile ya bolaya batho ba ba fetang 1 700 000. Badiredibagolo ba tsa kalafi ba tshwenyegile thata ka mogare o o sa tswang go runya bosheng jaana wa thiibi o o kgonang go emelana le diokobatsi. Go na le megare mengwe e e kgonang jaanong go emelana le mefuta yotlhe ya ditlhare tsa thiibi. Megare eno e e kgonang go emelana le ditlhare e nna mo bathong ba ba sa neweng tlhokomelo e e tshwanetseng kgotsa ba ba sa fetseng ditlhare tsa bone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mefuta e Mengwe ya Kalafi e Ntse e a Ata

Go na le mekgwa e mentsintsi ya kalafi e dingaka tse di tlwaelegileng di sa e amogeleng. Gantsi mekgwa eno, o mongwe o bidiwa kalafi ya setso o mongwe o bidiwa mokgwa o o farologaneng le o o tlwaelegileng wa kalafi (alternative medicine). Mo dinageng tse di tlhabologang, bontsi jwa batho ba dirisa thata kalafi ya setso fa ba lwala. Mo mafelong a a humanegileng ba le bantsi ga ba kgone go duelela kalafi e e tlwaelegileng, fa ba bangwe bone ba rata fela kalafi ya setso.

Mekgwa e mengwe e e farologaneng le e e tlwaelegileng ya kalafi e atlega thata le mo dinageng tse di humileng. Mengwe ya mekgwa ya kalafi e e farologaneng le e e tlwaelegileng e e ratiwang thata ke kalafi ya acupuncture, chiropractic, homeopathy, naturopathy, le melemo ya ditlhatsana. Mengwe ya mekgwa eno e ile ya tlhatlhobiwa ke ba saense mme go fitlhetswe fa e thusa mo malwetseng mangwe. Le fa go ntse jalo, ga go ise go tlhomamisiwe gore mekgwa mengwe e bereka go le kana kang. Ka tsela e mekgwa eno ya kalafi e e farologaneng le e e tlwaelegileng e ratwang ke batho ba bantsi ka teng, motho o ipotsa le gore e babalesegile go le kana kang. Mo dinageng di le dintsi mekgwa e e ntseng jalo ya kalafi, mongwe le mongwe o itirela ka tsela e a ratang ka yone mo go yone. Seno se dira gore ba le bantsi ba dirise mekgwa e e kotsi ya go ikalafa, ba dirisa ditlhare tse e seng tsone, le tse di sa berekeng. Gantsi ditsala le ba losika tse di ka tswang di batla go thusa mme di sa katisiwa ba ka nna ba batla go itlhoma go nna bagakolodi mo go tsa kalafi. Seno sotlhe se ile sa felela ka go tsenya batho mo maemong a a kotsi le ka go ba lwatsa le go feta.

Mo dinageng di le mmalwa mo mekgwa e e farologaneng le e e tlwaelegileng ya kalafi e laolwang gone, dingaka tse di tlwaelegileng di simolola go amogela mekgwa eno mme e bile di dirisa yone go alafa batho. Le fa go ntse jalo, go bonala go se na sepe se se bontshang gore mekgwa eno e tla dira gore go nne le lefatshe le le se nang bolwetse.