Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo Mogolo go Gaisa yo o Kileng a Tshela

Monna yo Mogolo go Gaisa yo o Kileng a Tshela

 Monna yo Mogolo go Gaisa yo o Kileng a Tshela

WENA o ne o ka tlhopha mang jaaka monna yo mogolo go gaisa yo o kileng a tshela? A e ne e ka nna Noa, yo o ileng a falola Morwalela mme a nna mogologolwane wa mongwe le mongwe yo o tshelang gone jaanong? (Genesise 7:1, 21, 22; 9:18, 19) A ke Nebukadenesare, mmusi wa lefatshe wa bogologolo le moagi wa motse o montle o a neng a o bitsa Babelona o Mogolo? (Daniele 4:28-30) Kgotsa gongwe ke Alexander yo Mogolo, yo le boporofeti jwa Baebele bo buang ka dilo tse a di fitlheletseng? (Daniele 8:5-8, 21-22) Mme go tweng ka Julius Caesar mmusi yo o tumileng wa Moroma?

Mo dingwageng tse di kwa tlase ga 45 morago ga loso lwa ga Caesar yo o sa tswang go umakiwa, go ne ga tsholwa ngwana yo o neng a bidiwa Jesu kwa Bethelehema. A o ile a nna monna yo mogolo go gaisa yo o kileng a tshela? Dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, buka ya The Historians’ History of the World e ne ya bolela jaana: “Se [Jesu] a se dirileng se ile sa fetola hisitori fela thata, tota le mo dilong tse e seng tsa bodumedi, se e fetotse thata go feta sepe fela se se kileng sa dirwa ke motho le fa e le ofe yo mongwe mo hisitoring. Ditšhaba di le dintsi tse dikgolo tsa lefatshe di ile tsa amogela gore ngwaga o a tshotsweng ka one o ne o tshwaya tshimologo ya motlha o mosha.”

Le e leng gompieno, batho ba le bantsi ba sa ntse ba na le kgatlhego e kgolo mo go Jesu Keresete. Dingwaga di se kae tse di fetileng, dimakasine tse di tumileng tsa dikgang kwa United States, tse di jaaka Time, Newsweek le U.S.News and World Report, tsotlhe ka nako e le nngwe di ne tsa gatisa ditlhogo tsa kafa ntle tse di neng di bua ka ene. Mme e bile, kgatlhego e e ntseng jalo kaga Jesu e bonala e oketsega. Lokwalodikgang lwa Toronto Star lo ile lwa bolela jaana ka 2004: “O ntse a tswelela e le tlhotlheletso e kgolo mo dibaesekopong, mo mminong le mo difesheneng. E setse e le mongwe wa bagaka ba rona ba ba tumileng.”

Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore bosheng jaana go ne go na le bangwe ba ba neng ba bolela gore Jesu ga a ise a ko a nne teng. Bruno Bauer (1809-82) e ne e le morutisi yo o tumileng yo o neng a ruta thuto eo. Mongwe wa baithuti ba gagwe e ne e le Karl Marx. Bosheng jaana Robert E. Van Voorst mo bukeng ya gagwe ya Jesus Outside the New Testament o ne a kwala jaana: “Marx o ne a tle a tsenye dikgopolo tsa ga Bauer tsa gore go nna gone ga ga Jesu ke leinane mo dikgopolong tsa gagwe mme dibuka tsa Soviet le magatwe a Bokomonisi di ile tsa anamisa dikgang tseno moragonyana.”

Le fa go ntse jalo, gompieno, ke ba se kae fela ba ba ganetsang gore Jesu o kile a tshela tota. Tota e bile, batho ba le bantsi ba dumela gore e ne e le motho wa mmatota le gore o ne a le botlhokwa thata. Setlhogo sengwe mo makasineng wa Wall Street Journal ka December 2002 se ne sa bolela jaana: “Saense ga e Kgone go Ganetsa Gore Jesu o Kile A bo A le Teng.” Mokwadi wa sone o ne a konela ka gore: “Bontsi jwa bakanoki, kwantle ga batho ba le mmalwa ba ba sa dumeleng mo Modimong, ba setse ba amogetse Jesu wa Nasaretha jaaka motho wa mmatota yo o kileng a nna teng.”

Mme Jesu o ne a le botlhokwa thata go na le go nna fela motho yo go buiwang ka ene mo hisitoring. Makasine wa Time o ne wa bega gore: “Go tla tlhokega dipatlisiso tse di tseneletseng tota gore motho a feleletse a kgona go ganetsa gore motho a le mongwe fela yo o nnileng le tlhotlheletso e kgolo jaana—e seng fela mo dimileniamong tse pedi tseno mme mo hisitoring yotlhe ya batho—e ne e le Jesu wa Nasaretha.” E ne ya oketsa jaana: “Go ka bolelwa ka go tlhatswega pelo gore ga go na ope yo botshelo jwa gagwe bo kileng jwa ama batho ba bantsi jalo ka lobaka lo loleele jalo jaaka jwa ga Jesu.”

Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tsoga dipotso tseno: “E ne e le mang tota? O ne a tswa kae? O ne a tletse eng mo lefatsheng? Mme ke eng fa go le botlhokwa jaana gore re itse sengwe le sengwe se re ka kgonang go se itse ka ene?