Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ke le Morwa Sesenyi

Ke ne Ke le Morwa Sesenyi

 Ke ne Ke le Morwa Sesenyi

Jaaka go boletse Meros William Sunday

Go tloga fela ke sa le monnye ke ne ka rutiwa go rata Modimo, mme fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka simolola go nna seganana mme ka tswa mo gae. Ka dingwaga di le 13, ke ne ke tshela jaaka morwa sesenyi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu. (Luke 15:11- 24) Ke ne ka simolola go gweba ka diokobatsi mme ka batla ke senya botshelo jwa me. Mma ke go anele gore go tlile jang gore ke fetole botshelo jwa me mme ke boe.

KE TSHOTSWE ka 1956 ke batsadi ba Bakeresete, ke ngwana wa bobedi mo go ba le robongwe. Re ne re nna kwa IIesha, e leng toropo nngwe kwa borwabophirima jwa Nigeria. Rre o godile e le Mokatoliki, mme ka 1945 rangwanaagwe o ne a mo naya buka ya The Harp of God. * Morago go gore rre a e bale, o ne a batlana le Basupi ba ga Jehofa. Mme e ne ya re ka 1946 a kolobediwa, mme mmè ene o ne a kolobediwa moragonyana ga foo.

Ke sa ntse ke gopola ka moo Jehofa e neng e le motho wa mmatota ka teng fa ke ne ke le monnye le ka moo ke neng ke rera ka tlhoafalo ka teng le batsadi ba me. Rre o ne a ithuta Baebele le nna. Ka dinako dingwe, Alice Obarah, yo monna wa gagwe e neng e le molebedi yo o etang mo lefelong la rona, le ene o ne a tle a nthute Baebele. Batsadi ba me ba ne ba batla gore ke nne moreri wa nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, Mmè o ne a akantsha gore ke ye pele kwa sekolong sa sekontari.

Le fa go ntse jalo, ka bonako fela fa ke sena go tshwara dingwaga di le 16, ka boeleele ke ne ka simolola go tsalana le baithutimmogo le nna ba ba neng ba sa tlotle melaometheo ya Baebele. A bo seno e ne e le phoso ya bomatla jang ne! Ka bonako fela ke ne ka simolola go goga motsoko le go tsenelela mo boitshwarong jo bo maswe. Ke ne ka lemoga gore tsela e ntšha e ke tshelang ka yone e ne e sa tsamaisane le ditaelo tse ke di rutilweng kwa dipokanong tsa Bokeresete, ka jalo ke ne ka tlogela go ya dipokanong le go tlogela go kopanela mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Batsadi ba me ba ne ba utlwile botlhoko thata, mme gone ke ne ke sa tlhole ke kgathalela gore ba bangwe ba ikutlwa jang.

Ke Tswa mo Gae

Morago ga dingwaga di le pedi fela ke le mo sekolong sa sekontari, ke ne ka tswa mo lapeng la gaetsho mme ka simolola go nna le ditsala mo motseng. Ka dinako dingwe ke ne ke ikutswa ke boela kwa gae, ke bo ke tsaya dijo dipe fela tse nka kopanang le tsone, ke bo ke tswa ke tshaba. Ka rre a ne a tshwenyegile thata, o ne a tlogela go ntuelela madi a sekolo, a akanya gore gongwe ke tla fetoga.

Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka abelwa basari. Motshegetsi wa me wa basari o ne a nthomelela madi a go duela sekolo go tswa kwa Scotland gape ka dinako dingwe o ne a nthomelela le dimpho, go akaretsa le madi. Go sa le jalo, bomorwarre ba babedi le bone ba ne ba tlogela go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, mme seno sotlhe sa tlisa mahutsana a magolo thata mo batsading ba me. Ka makgetlho a le mmalwa Mmè o ne a ikuela mo go nna a lela. Le fa seno se ile sa nkutlwisa botlhoko, ga ke a ka ka fetola botshelo jwa me.

Botshelo mo Ditoropong Tse Dikgolo

Morago ga go fetsa sekolo ka 1977, ke ne ka ya kwa Lagos mme ka simolola go dira. Moragonyana ga moo, ke ne ka bona madi ka bogodu mme ka reka  thekisi. E re ka ke ne ke na le madi a mantsi jaanong, ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi, gape ke ne ke dirisa nako e ntsi ke tsamaya diphathi tsa bosigo le mafelo a diaka. Go ise go ye kae ke ne ka lapisiwa ke botshelo kwa Lagos, mme ka 1981, ke ne ka ya London. Go tswa koo ke ne ka ya Belgium, koo ke neng ka ithuta Sefora gone mme ke ntse ke dira ka nakwana kwa resetšhurenteng. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa nako ya me, ke ne ke bo dirisetsa go romela dikoloi le didirisiwa tsa ileketeroniki kwa Nigeria.

Rre o ne a kwalela ofisi ya lekala ya kwa Belgium a kopa gore ba ikgolaganye le nna le gore ba nthuse gore ke tle ke ithute Baebele. Mme e ne e re fa Basupi ba tla mo ntlong ya me, ke ne ke ba koba. Ke ne ka simolola go ya kerekeng koo re neng re ja, re nwa, e bile re tshameka metshameko e e farologaneng fa kereke e tswa.

Botshelo ke le Mogwebi wa Diokobatsi

Ka 1982, ke ne ka romela koloi ya manobonobo e e tlhwatlhwakgolo kwa Nigeria mme ke ne ka ya kwa boemakepeng kwa Nigeria go ya go tlhomamisa gore dipampiri tsa yone di kgona go feta. Ba Lekgetho la Dithoto kwa Nigeria ba ne ba fitlhela gore lekwalo la koloi eno e ne e le la tsietso, ka jalo ka tswalelwa malatsi a le 40 mo kgolegelong. Rre o ne a nkgolola ka beile. E re ka ke ne ke tlhoka madi gore ke baakanye molato wa me mo kgetsing eno, ke ne ka boela gape kwa Belgium ke tshotse dilwana dingwe, tse di neng di akaretsa dikilogerama di le mmalwa tsa marijuana. Morago ga gore ke gololwe ke sa bonwa molato wa go tsietsa ba lekgetho, ke ne ka simolola go tsena ka botlalo mo kgwebong ya diokobatsi.

Nako nngwe fa ke ne ke le mo loetong ke ne ka tshwarwa kwa Netherlands. Badiredi ba ba dirang ka batswakwa ba ne ba mpusetsa morago, ba mpega mo sefofaneng se se neng se ya kwa Nigeria. Mo tseleng ke ne ka kopana le ba bangwe ba bagwebi ba diokobatsi, mme re ne ra bopa semphato sa go dirisana mmogo mo kgwebong ya diokobatsi. Ka January 1984, ke ne ka ya kwa nageng e nngwe ya Afrika. Ka gonne ke ne ke itse go bua Sefora, e leng puo e e buiwang koo, ke ne ka kgona go itirela ditsala le mapodisi, masole, le badiredi ba ba dirang ka batswakwa. Ka jalo re ne ra kgona go reka dikilogerama di le diketekete tsa marijuana gore re di tlise mo nageng eo.

Go Tshwarwa le go Tsenngwa mo Kgolegelong

Ke ne ka iphitlhela ke le mo dipharagobeng gape. Ke ne ke rulagantse le mokapotene mongwe wa masole gore a nthuse go fetisa dilo mo boemafofaneng jwa kwa nageng eo. Mme o ne a fitlha thari, mme seno sa dira gore ke tshwarwe. Mapodisi a ne a nketeka le go ntlhokofatsa moo ke neng ka idibala. Ba ne ba nkisa kwa bookelong mme ba ntlogela koo, ba solofela gore ke tlile go swa. Mme ga ke a ka ka swa mme moragonyana ke ne ka ya go sekisiwa, mme ka bonwa molato, ka feleletsa ke isitswe kgolegelong.

Ka nako ya fa ke gololwa kwa kgolegelong, tsala ya me e ke neng ka e kopa gore e sale e ntlhokomeletse ntlo, e ne ya rekisa dilo tsotlhe tsa me mme ya tsena ka lenga la seloko. Ke ne ka simolola go rekisa marijuana gore ke tle ke kgone go itshedisa. Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a le lesome ke ne ka tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi di le tharo. Ka nako ya fa ke gololwa, ke ne ka lwala mo e leng gore ke ne ka batla ke swa. Ka tsela nngwe, ke ile ka kgona go boela gape kwa Lagos.

Ke Boela Gape Kwa “Kgwebong”

Ke ne ka kopana le bagwebikanna kwa Lagos, mme ra ya kwa India, koo re neng ra reka heroine gone e e jang madi a a kana ka $600,000. Go tswa kwa Bombay (e jaanong e leng Mumbai) re ne ra ya kwa Switzerland, go tswa koo ra ya Portugal, mme la bofelo ra ya kwa Spain. Re ne ra bona lotseno lo lo itumedisang mme ra boela kwa Lagos re dirisa ditsela tse di farologaneng. Morago ka 1984, ke ne ka rekisa diokobatsi tse dingwe gape tse ke neng ke di romeletswe. Toro ya me e ne e le go dira didolara di le milione ke bo ke ya go nna kwa United States.

Ka 1986, ke ne ka kgobokanya madi otlhe a ke neng ke na le one mme ka reka heroine e e sa tlhakanngwang kwa Lagos. Ke ne ka e isa kwa nageng e nngwe, mme koo e ne ya gorogela mo diatleng tsa mogwebi mongwe yo o megagaru yo o neng a se ka a ntuela. Ka ntlha ya go tshaba go bolawa, ke ile ka boela kwa Lagos mme ka seka ka bua sepe ka se se diregileng. Ke ne ke senyegetswe ke madi e bile ke utlwile botlhoko thata mo maikutlong. Ka lekgetlho la ntlha, ke ne ka nna fa fatshe mme ka simolola go akanyetsa se tota ke se tshelelang. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘Goreng ke na le mathata jaana?’

Go Boela Kwa Modimong

Bosigo bongwe morago ga moo, ke ile ka rapela Jehofa gore a nthuse. E ne ya re mo mosong o o latelang go ne ga kokota monna mongwe yo o tsofetseng le mosadi wa gagwe fa mojakong. E ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ba reetsa ka tlhoafalo mme ba nnaya makasine. Ke ne ka ba tlhalosetsa gore “batsadi  ba me ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke ithuta Baebele le Alice Obarah.”

Monna yo o tsofetseng yono, P. K. Ogbanefe, o ne a nkaraba jaana: “Re itse ba ga Obarah sentle. Gone jaanong ba direla mo lekaleng la rona la Nigeria kwa Lagos.” Ba ne ba nkgothaletsa go etela ba ga Obarah. Go kopana le ba ga Obarah go ne ga nkgothatsa thata. Morago ga moo, Mokaulengwe Ogbanefe o ne a simolola go ithuta Baebele le nna, mme ka bonako ke ne ka simolola go fetola botshelo jwa me jo bo sa siamang. Go ne go se motlhofo go dira jalo ka gonne ke ne ka dirisa diokobatsi ka lobaka lo loleele thata. Mme gone, ke ne ke ikemiseditse go tshela botshelo jo bo phepa.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le diteko di le dintsi le dikgatelelo tse di dintsi! Ba ba neng ba itirile ditsala tsa me ba ne ba tla mo ntlong ya me ba tla go nthekisetsa diokobatsi. Ka nako nngwe ke ne ka boela gape mo go gogeng motsoko le mo boitsholong jo bo sa siamang. Ke ne ka tshololela Jehofa pelo ya me ka thapelo. Ka bonako ke ne ka lemoga gore e re ka ditsala tsa lefatshe di ile tsa nkwetsa ka lengope, gone jaanong ga di kake tsa kgona go nthusa. Ke ne ka lemoga gore e le gore ke tle ke tswelele pele semoyeng, ke tshwanetse go tswa mo Lagos. Mme ke ne ke le ditlhong go boela gae kwa IIesha. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong ke ne ka kwalela rre le nkgonne lekwalo ke ba kopa gore a nka tla gae.

Rre o ne a ntlhomamisetsa gore ke amogetswe go ka boela gae, mme nkgonne ene o ne a re o tla nthusa ka madi. Ka jalo ke ne ka boela gae morago ga dingwaga di le lesome ke kgaogane le batsadi ba me. Ke ile ka amogelwa ka boitumelo. Mmè o ne a re “Ke a go leboga, Jehofa!” Fa Rre a goroga mo maitseboeng ao, o ne a re, “Jehofa o tla go thusa.” Fa lelapa lotlhe le kgobokane, rre o ne a rapela Jehofa, a mo kopa gore a nthuse e re ka ke boile go tla go dira thato ya Gagwe.

Go Duela Nako e Ileng

Ke ne ka simolola go ithuta Baebele gape mme ka tswelela pele ka bonako; ke ne ka kolobediwa ka April 24, 1988. Ka bonako fela, ke ne ka tlhagafala thata mo bodireding. Ka November 1,1989, ke ne ka simolola go nna mmulatsela—moreri wa nako e e tletseng. Ka 1995, ke ne ka lalediwa go tsenela tlelase ya bolesome ya Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi kwa Nigeria. Mme ka July 1988, ke ne ka tlhophiwa go nna molebedi yo o etang, ke etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga ngwaga, ke ne ka segofadiwa ka Ruth, yo o neng a nna mosadi wa me le tsala ya me e e neng e tsamaya le nna.

Maloko mangwe a lelapa la gaetsho le one a ne a gatetse pele semoyeng. O mongwe wa bonnake yo le ene a neng a tlogetse go direla Jehofa, o ne a boela gape mo kobamelong ya boammaaruri mme o ne a kolobediwa. Ke itumelela gore Rre o ne a re bona fa re boela mo kobamelong ya boammaaruri. O ne a direla ka boitumelo e le motlhanka wa bodiredi go fitlha a tlhokafala ka 1993 a na le dingwaga di le 75. Mmè o tswelela a direla Jehofa ka tlhagafalo kwa IIesha.

Ke tsamaile mafatshe a le 16 kwa Yuropa, Asia, le mo Afrika ke batlana le dikhumo. Ka ntlha ya seno, ke itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi. (1 Timotheo 6:9, 10) Fa ke leba kwa morago, ke ikwatlhaela tota nako e ntsi e ke e sentseng ke dirisa diokobatsi le boitsholo jo bo sa siamang mo malatsing a me a bosha. Ke ikwatlhaela go bo ke ile ka utlwisa Jehofa Modimo le lelapa la gaetsho botlhoko. Le fa go ntse jalo, ke itumelela gore ke kgonne go tshela go fitlhela ke boela ke itharabologelwa. Ke ikemiseditse go nna ke ikanyega mo go Jehofa le go mo direla ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa ke ne ke le mosha wa lerabele

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Letsatsi la go kolobediwa ga me

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Nna le mosadi wa me, e bong Ruth