Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Rata Motho go Dira Gore Go bo Go Siame go Tlhakanela Dikobo le Ene Pele ga Lenyalo?

A go Rata Motho go Dira Gore Go bo Go Siame go Tlhakanela Dikobo le Ene Pele ga Lenyalo?

 Baebele ya Reng

A go Rata Motho go Dira Gore Go bo Go Siame go Tlhakanela Dikobo le Ene Pele ga Lenyalo?

PATLISISO nngwe e bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa basha ba ba ileng ba botsolodiwa ba akanya gore ga go phoso go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo fa batho ba babedi ba ratana. Gantsi metswedi ya tshedimosetso e rotloetsa le go mpampetsa kgopolo eno. Gangwe le gape dithulaganyo tsa thelebishene le dibaesekopo di bontsha tlhakanelodikobo e le selo se se tlwaelegileng fela fa batho ba ratana.

Mme gone batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ga ba ikaega ka kaelo ya lefatshe, mme ba lemoga gore kaelo eo e supa kgopolo ya mmusi wa lone e leng Diabolo. (1 Johane 5:19) Mme e bile ba kelotlhoko gore ba se ka ba laolwa ke maikutlo a bone fela, ka gonne ba itse gore “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Go na le moo, batho ba ba leng botlhale tota ba ikaega ka Mmopi le ka kaelo ya Lefoko la gagwe.—Diane 3:5, 6; 2 Timotheo 3:16.

Go Tlhakanela Dikobo ke Mpho e e Tswang Kwa Modimong

Jakobe 1:17 ya re: “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo.” Go nna le kamano ya tlhakanelodikobo mo thulaganyong ya lenyalo ke nngwe ya dimpho tse di dintle thata. (Ruthe 1:9; 1 Bakorintha 7:2, 7) E thusa batho gore ba nne le bana, mme gape e thusa monna le mosadi gore ba nne le kamano e e gaufi mo mmeleng le mo maikutlong ka tsela e e supang lorato le e e itumedisang. Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago. . . . A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha.”—Diane 5:18, 19.

Ga go na pelaelo gore Jehofa o batla gore dimpho tsa gagwe di re solegele molemo le gore re di itumelele. Ka jalo, o ile a re naya gape le melao le melaometheo e e molemo go gaisa e re tshwanetseng go tshela ka yone. (Pesalema 19:7, 8) Jehofa ke “Yo o go rutang gore o solegelwe molemo, Yo [o] dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) A Rraarona yo o kwa legodimong—yo e leng sekao sa lorato—a ka re thibela go bona sengwe se se tla re itumedisang?—Pesalema 34:10; 37:4; 84:11; 1 Johane 4:8.

Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo ga go Supe Lorato

Fa monna le mosadi ba nyalana, go tshwana le gore ba nna “nama e le nngwe.” Fa batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba tlhakanela dikobo, ba dira se gape se bidiwang kgokafalo, le bone ba nna “mmele o le mongwe”—mme e se o o phepa mo matlhong a Modimo. * Mo godimo ga moo, bokopano jo bo ntseng jalo ga bo supe lorato. Jang?—Mareko 10:7-9; 1 Bakorintha 6:9, 10, 16.

Boammaaruri ke gore, kgokafalo ke go tlhakanela dikobo mme o sa batle go itlama tota. Mme mo  godimo ga gore go dire gore o se ka wa tlhola o itlotla, go ka dira gore o tsenwe ke malwetse, go ima go go sa batlegeng le kutlobotlhoko mo maikutlong. Mo godimo ga moo, ke go tlola molao wa Modimo wa tshiamo. Ka jalo, kgokafalo e supa go sa amege ka boitekanelo jwa gone jaanong le jwa nako e e tlang jwa motho yo mongwe le go sa amege ka boitumelo jwa gagwe.

Mo Mokereseteng, kgokafalo gape ke go itlhokomolosa ditshwanelo tsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa gago wa semoya. (1 Bathesalonika 4:3-6) Ka sekai, batho ba ba ipitsang batlhanka ba Modimo ba ba tlhakanelang dikobo kwa ntle ga lenyalo ba leswafatsa phuthego ya Bokeresete. (Bahebera 12:15, 16) Mme e bile go dira gore motho yo mongwe yo ba dirang kgokafalo le ene a se ka a tlhola a nna le boemo jo bo siameng jwa boitsholo, mme fa e le gore motho yoo ga a nyala kgotsa ga a nyalwa, go tla dira gore mo isagweng a tsene mo lenyalong a se phepa mo boitsholong. Mme ba senya leina le lentle la lelapa la gaabo le go utlwisa botlhoko ba lelapa la motho yo ba dirang kgokafalo le ene. Sa bofelo, ba bontsha gore ga ba tlotle Modimo, yo ba ileng ba mo utlwisa botlhoko ka go sa ikobele melao le melaometheo ya gagwe ya tshiamo. (Pesalema 78:40, 41) Jehofa ene, o tla ‘diragatsa kotlhao’ mo go botlhe ba ba sa ikwatlhaeng ba ba dirang dilo tse di bosula tseno. (1 Bathesalonika 4:6) A go a re gakgamatsa he go utlwa Baebele e re bolelela gore re ‘tshabe kgokafalo’?—1 Bakorintha 6:18.

A lo a ratana mme lo ikaeletse go nyalana? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng lo sa dirise nako ya thatano ya lona go aga motheo o o nonofileng wa go tshepana le go tlotlana? Akanyang ka seno: Mosadi a ka tshepa jang monna yo o itshupileng a palelwa ke go ikgapa? Mme a go ka nna motlhofo gore monna a rate le go tlotla mosadi yo o itlhokomolosang melao ya Modimo gore a kgotsofatse dikeletso tsa gagwe tsa lorato kgotsa go itumedisa monna?

Gakologelwa gape gore batho ba ba ganang go ikobela melao ya Modimo e e lorato ba roba se ba se jetseng. (Bagalatia 6:7) Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18; Diane 7:5-27) Gone ke boammaaruri gore fa baratani ba ba ileng ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ba ikwatlhaya ka tsela ya mmatota, mme ba dira maiteko a go baakanya kamano ya bone le Modimo, ba bo ba nonotsha tsela e ba tshepanang ka yone, maikutlo a a sa siamang a ka nna a fokotsega. Le fa go ntse jalo, gantsi tsela e ba ileng ba itshwara ka yone mo nakong e e fetileng e tlogela lebadi. Baratani bangwe ba basha, ba gone jaanong ba nyalaneng, ba ikwatlhaela thata go bo ba ile ba dira kgokafalo. Ka dinako tse dingwe monna o ipotsa gore, ‘A go sa utlwane ga rona mo lenyalong go ka tswa go bakilwe ke motheo ono o o seng phepa?’

Lorato Lwa Mmatota ga lo Bogagapa

Le fa lorato lwa mmatota lo ka tswa lo amana le maikutlo a go kgatlhegelana, “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang” kgotsa ‘go ipatlela melemo ya lone fela.’ (1 Bakorintha 13:4, 5) Go na le moo, le amega ka boitekanelo jwa yo mongwe le ka boitumelo jwa gagwe jwa go ya go ile. Lorato lo lo ntseng jalo lo tlhotlheletsa monna le mosadi gore ba tlotlane le go dirisa dikamano tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e tshwanetseng, e Modimo a ba e neileng—mo bolaong jwa lenyalo.—Bahebera 13:4.

Go tshepana le go ikutlwa lo babalesegile, e leng dilo tse di diragalang fa lenyalo la lona le itumetse, ke selo se se botlhokwa thata fa e le gore go tla nna le bana, ka gonne Modimo o batla gore bana ba gole mo lefelong le le nang le lorato, le le tlhomameng le le le babalesegileng. (Baefeso 6:1-4) Ke mo lenyalong fela mo batho ba babedi ba ka kgonang go ineela tota mongwe go yo mongwe. Gantsi mo dipelong tsa bone le ka molomo, ba ikana gore ba tla tlhokomelana le go tshegetsana ka dinako tse di monate le tse di seng monate botshelo jwa bone jotlhe.—Baroma 7:2, 3.

Go tlhakanela dikobo ga monna le mosadi go ka nonotsha kamano ya bone. Lenyalo le le itumetseng le lone le dira gore dikamano tsa tlhakanelodikobo di itumedise thata le gore di nne le bokao thata—mme e bile go dira gore e nne kamano e e tlotlegeng, e mo go yone segakolodi se sa tshwenyegeng kgotsa e go sa diregeng gore lo se ka lwa ikobela Mmopi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “kgokafalo” le raya dikamano tsotlhe tsa go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang go go akaretsang go dirisiwa ga dirwe tsa tlhakanelodikobo, go go akaretsang tlhakanelodikobo go dirisiwa molomo.—Bona makasine wa Tsogang! wa August 8, 2004, tsebe 12, le wa Tora ya Tebelo ya February 15, 2004, tsebe 13, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Modimo o leba jang kgang ya go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo?1 Bakorintha 6:9, 10

▪ Ke eng fa kgokafalo e le kotsi?1 Bakorintha 6:18.

▪ Batho ba babedi ba ba ratanang ba ka bontshana jang lorato lwa mmatota?1 Bakorintha 13:4, 5.