Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Na le Bothata Jwa go Ja?

A ke Na le Bothata Jwa go Ja?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Na le Bothata Jwa go Ja?

“Ka dinako tse dingwe fa ke nna fa fatshe go ja, ke a tshoga mme ke bo ke simolola go roroma. Ke tshaba gore ke tla nona. Ke ipolelela gore ‘ke tshwanetse go fokotsa mmele ka dikilogerama tse di oketsegileng tse pedi.’”—Melissa. *

“Ke batla go nna le mmele o montle, mme ke tshaba go nona. Mme ga ke batle gore ope a itse gore ke kgwa dijo tsa me fa ke sena go ja. Go tlhabisa ditlhong tota.”—Amber.

“Ke ipolela gore: ‘ . . . Gompieno ke tla tokafatsa . . . ’ Mme moragonyana mo go lone letsatsi leo ka nako e ke sa kgoneng go ithiba, ke ipolaisa dijo. Morago ga foo ke ikutlwa molato mme ke bo ke batla go swa.”—Jennifer

O BATLA go nna montle mme ke selo se se tlwaelegileng. O batla go gomodiwa fa o tlhobaela kgotsa o tshwenyegile thata mo maikutlong. Ga go na molato ka go ikutlwa jalo. Mme fa o tshwana le mongwe wa basetsana ba ba umakilweng fano, o tshwanetse wa bo o na le bothata. Fa e le gore o na le bothata, ga se wena fela. Boammaaruri ke gore, basha ba le dimilione—ba bontsi jwa bone e leng basetsana—ba na le bothata jwa go ja. *

A re sekaseke bothata jwa anorexia, bulimia le go ipolaisa dijo. Bongwe le bongwe jwa mathata ano bo na le matshwao a a farologaneng, mme otlhe a amana le go nna le boikutlo jo bo sa siamang ka dijo. Fa o ipona o le mongwe wa batho ba ba tlhalosiwang fa tlase fano, tlhomamisega gore o ka kgona go thusiwa. O ka kgona go nna botoka!

Go Leba Malwetse Ano

ANOREXIA. Go sa kgathalesege gore a ka tswa a le mosesane jang, fa mosetsana yo o nang le bolwetse jwa anorexia a iteba mo seiponeng, o bona motho yo o mokima. O tla tsaya dikgato tse di masisi gore a tle a fokotse mmele. Mongwe yo o neng a na le bothata jono o bolela jaana: “Ke ne ka tshwenyega thata ka go bala dikalori tse ke di jang. Ke ne ke rulaganya ka kelotlhoko gore ke tla jang eng mo bekeng, ke sa je dijo tse dingwe e bile ke itshidila mmele thata fa fela ke akanya gore ke jele dikalori di le dintsi. Ke ne ke nwa dipilisi tse di berekisang mmala di le thataro ka letsatsi.”

 Go ise go ye kae, matshwao a anorexia a simolola go bonala. Go fokotsega mmele ke letshwao le le tlwaelegileng, mme motho yo o nang le bothata jono a ka nna gape a simolola go wa moriri, a nna le letlalo le le omeletseng, a nna le letsapa le le tseneletseng le go nna le marapo a a bokoa. A ka nna a bo a sa tlhole a bona kgwedi sentle kgotsa a sa tlhole a e bona gotlhelele ka dikgwedi di le mmalwa tse di latelanang.

Gongwe matshwao ano a utlwala a sa tshose mme o se ka wa tsietsega—“Anorexia” e ka go bolaya. Patlisiso nngwe e ile ya fitlhela gore fa nako e ntse e ya, batho ba le diperesente di le 10 ba swa ka ntlha ya yone, gantsi go bakiwa ke gore dirwe dingwe di sa tlhole di bereka kgotsa ke mathata a mangwe a a amanang le go sa bone dikotla tse di tshwanetseng.

BULIMIA. Go na le gore a itime dijo, mosetsana yo o nang le bothata jwa bulimia ene o ja thata, a ja dikalori tse di kana ka 15 000 mo diureng di le pedi fela! Go tswa foo o tla bo a ntsha sengwe le sengwe se a se jeleng, gantsi e le ka go ikgwisa kgotsa ka go nwa dipilisi tse di berekisang mmala kgotsa tse di dirang gore a tlhapologe thata.

Gantsi go ja thata jalo go dirwa mo sephiring. Mosetsana mongwe a re: “Fa ke tswa sekolong, mme ke fitlha pele ga mongwe le mongwe a tla gae, ke ja go feta selekanyo. Ke ile ka nna kelotlhoko gore ope a se ka a bona se ke se dirileng.” Le fa go ntse jalo, morago ga go ja bobe jalo, gantsi o tla bo a ikutlwa a le molato. A re: “Ke tla bo ke ikutlwa molato tota, mme ke ne ke itse gore nka kgona go fedisa se ke se dirileng motlhofo fela. Ke tla ya kwa godimo, ke tlhatse, mme go tswa foo ga se fela gore ke tla ikutlwa botoka mme gape ke ikutlwa gore ke kgona go laola botshelo jwa me.”

Le fa go ka tswa go bonala go na le melemo mengwe mo go nneng o ntse o tlhatsa dijo jalo, tota ke selo se se kotsi. Go dirisa dipilisi tse di berekisang mala ka tsela e e sa siamang go koafatsa mala mo teng mme go ka felela ka gore mala a ruruge kgotsa a tshwaediwe ke megare. Go nna o ntse o tlhatsa gangwe le gape go ka felela ka gore o felelwe ke metsi mo mmeleng, o bole meno, o senye mometso kgotsa le e leng go ema pelo.

GO IPOLAISA DIJO. Fela jaaka motho yo o nang le bothata jwa bulimia, motho yo o ipolaisang dijo o tla ja dijo tse dintsintsi. Pharologanyo ke fela gore ene a ka se ka a kgwa. Ka ntlha ya seo, motho yo o ipolaisang dijo a ka nna a nna mokima thata. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba ipolaisa tlala fa ba sena go ipolaisa dijo jalo kgotsa ba itshidile mmele ka tsela e e feteletseng. Ka dinako tse dingwe fa motho a kgona go dira gore boima jwa mmele wa gagwe bo se ka jwa fetoga ka go dira jalo, ba lelapa le ditsala ba ka se ka ba lemoga gore o na le bothata.

Fela jaaka batho ba ba nang le bothata jwa anorexia le bulimia, batho ba ba ipolaisang dijo ba na le boikutlo jo bo sa siamang ka dijo. Mosetsana mongwe o bolela jaana ka ene le ba bangwe ba ba nang le bothata jono: “Dijo ke tsala ya rona ya sephiri—gongwe ke tsone fela tsala ya rona.” Yo mongwe a re: “Fa ke ntse ke ipolaisa dijo jalo, go bonala go se na sepe se sengwe gape se se botlhokwa. Go bonala e le dijo fela tse di botlhokwa—di a re gomotsa—mme morago ga go ipolaisa  dijo jalo motho o simolola go ikutlwa molato mme a bo a tshwenyega mo maikutlong.”

Le fa motho a sa tlhatse, go ipolaisa dijo go kotsi. Go ka baka bolwetse jwa sukiri, kgatelelo e e kwa godimo ya madi, bolwetse jwa pelo le malwetse a mangwe a mantsi. Mme gape go ka baka bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.

A go Ka go Diragalela?

Gone ke boammaaruri gore bontsi jwa batho ba ba batlang go fokotsa mmele kgotsa ba ba batlang go nna bantle ga ba na bothata jwa go ja. Le fa go ntse jalo, fa o sena go akanya ka se se fa godimo, o ka nna wa ipotsa gore a le wena o mongwe wa batho ba ba nang le bothata jono. Ipotse jaana:

▪ A ke tlhabisiwa ditlhong ke mekgwa ya me e e sa tlwaelegang malebana le dijo?

▪ A ke fitlhela batho ba bangwe tsela e ke jang ka yone?

▪ A dijo e simolotse go nna selo se segolo mo botshelong jwa me?

▪ A ke tlhatlhoba boima jwa mmele wa me go feta gangwe ka letsatsi?

▪ A ke iketleeditse go itsenya mo kotsing gore ke fokotse mmele?

▪ A nkile ka leka go ikgwisa, go dirisa dipilisi tsa go berekisa mala kgotsa go nwa dipilisi tse di dirang gore ke tlhapologe thata?

▪ A mekgwa ya me ya go ja e ama tsela e ke itshwarang ka yone gare ga batho ba bangwe? Ka sekai, a ke rata go nna ke le nosi go na le gore ke bo ke na le batho ba bangwe gore ke tle ke kgone go ipolaisa dijo kgotsa go kgwa mo sephiring?

Fa e le gore dikarabo tsa gago mo dipotsong tseno di bontsha gore o na le bothata, ipotse jaana:

▪ A tota ke itumelela go tshela ka tsela eno?

Mme o ka dira eng ka bothata jwa gago?

Tsaya Kgato Gone Jaanong!

Kgato ya ntlha ke gore wena ka bowena o dumele gore o na le bothata. Danielle a re: “Fa ke sena go akanya ka gone, ke ne ka lemoga gore ke na le boikutlo le mekgwa e e tshwanang le ya basetsana ba ba nang le bolwetse jwa anorexia. Go ne go tshosa go dumela gore ke dira dilo tse di tshwanang le tse bone ba di dirang.”

Morago ga foo, rapela Jehofa ka bothata jwa gago. * Mo kope gore a go neye botlhale jwa gore o tlhaloganye gore bothata jono bo bakiwa ke eng gore o tle o kgone go lepalepana le jone. O ka kgona go rapela jaaka Dafide: “ Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o  itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.”—Pesalema 139:23, 24.

Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa ikutlwa o sa kgone go tlogela mokgwa wa gago wa go sa je sentle. O ka nna wa ikaega ka gone, e le selo se se tshwanang le go tshwakgolwa. Ke kgang e nngwe e o ka rapelang Jehofa ka yone. Ke se Danielle a ileng a tshwanelwa ke go se dira. A re: “Mo tshimologong, ke ne ke sa batle go fola. Ka jalo ke ne ka tshwanelwa gore ke rapele gore ke nne le keletso ya go nna botoka.”

Sa boraro, bua le motsadi kgotsa mogolo yo mongwe yo o ka go thusang. Bagolo ba ba amegang ka wena ba ka se ka ba go tlhabisa ditlhong. Go na le moo, ba tla leka go etsa Jehofa yo Baebele e bolelang jaana ka ene: “Ga a a nyatsa le fa e le go ila pogisego ya yo o bogisiwang; mme ga a a mo fitlhela sefatlhego, o ne a utlwa fa a goela kwa go ene a kopa thuso.”—Pesalema 22:24.

Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go tlogela mokgwa oo. Mo mabakeng a mangwe go tlhokega thuso ya dingaka. * Se se botlhokwa ke gore o tseye kgato. Ke se mosetsana mongwe yo o neng a na le bothata jwa bulimia a neng a swetsa go se dira. A re: “Ka letsatsi le lengwe ke ne ka simolola go lemoga gore go kgwa dijo go ne go setse go ntaola. Mme ke ne ke sa tlhomamisege gore a nka kgona go tlogela mokgwa ono. Kgabagare ke ne ka dira selo se se neng se le boima thata go se dira. Ke ne ka kopa thuso.”

Le wena o ka dira se se tshwanang!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 6 E re ka bontsi jwa batho ba ba nang le bothata jwa go ja e le basadi, re tla bua thata ka bone. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa melaometheo e go tlotliwang ka yone fano e dira le mo bathong ba banna.

^ ser. 32 Fa o tshwenyegile mo maikutlong, o ka tlhomamisega gore Jehofa o amega ka wena fa o tlhatlhanya ka ditemana tse di latelang: Ekesodo 3:7; Pesalema 9:9; 34:18; 51:17; 55:22; Isaia 57:15; 2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:6, 7; 1 Petere 5:7; 1 Johane 5:14.

^ ser. 35 Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi nngwe le nngwe e ba e dirisang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ A o akanya gore o ka tswa o na le bothata jwa go ja? Fa e le gore go ntse jalo, o ka bua le mang gore a go thuse?

▪ O ka thusa jang tsala e e nang le bothata jwa go ja?

[Lebokoso mo go tsebe 19]

“Ke akanya gore o na le bothata ...”

Fa leloko lengwe la lelapa kgotsa tsala e bua mafoko ao, o se ka wa gana thuso ya bone. A re re gongwe tsala ya gago e bona gore moroko wa mosese wa gago o a thanthologa. A o ka se ka wa itumelela gore o go bolela ka gone pele ga o thanthologela pele? Baebele ya re: “Go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Diane 18:24) Fa mongwe a bua le wena ka bothata jo o ka tswang o na le jone, motho yoo ke tsala e e ntseng jalo!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]

“Ke ne ke batla go nna mosesane thata”

“Ke ne ka simolola go fokotsega mmele. Go tswa foo ke ne ka ntsha le meno a me a metlhagare, mme ke sa kgone go ja. Seo se ne sa dira gore ke tsenwe ke bolwetse jwa anorexia. Ke ne ka simolola go tshwenyega thata malebana le kafa ke lebegang ka teng. Ke ne ke se ke ke ikutlwa ke le mosesane mo go lekaneng. Bokete jwa mmele wa me jo bo kwa tlase thata jo nkileng ka nna le jone bo ne bo tshosa thata. Ke ne ka senya mmele wa me thata! Gone jaanong dinala tsa me ga di tlhole di gola. Ke ne ka senya thulaganyo ya mmele wa me. Ke ile ka senyegelwa ke mpa ka makgetlho a le manè. Modikologo wa me wa go bona kgwedi o khutlile pele ga nako mme le thulaganyo ya me ya go sila dijo ga e sa tlhole e bereka. Gape ke na le bolwetse jwa go ruruga mala. Dilo tseno tsotlhe di diregile ka go bo ke ne ke batla go nna mosesane thata.”—Nicole.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Fa o boela mo bothateng jono gape

O ka nna wa fenya bothata jwa gago jwa go se je sentle, mme morago ga dibeke kgotsa dikgwedi di se kae o bo o boela mo bothateng jono gape. Fa go ka direga, o se ka wa itlhoboga. Baebele e dumela gore “mosiami o ka wa ga supa.” (Diane 24:16) Go nna le poelomorago ga go reye gore o paletswe. Go bontsha fela botlhokwa jwa gore o tshwanetse wa nonotsha boikemisetso jwa gago, o lemoge matshwao a a go tlhagisang gore o tla tloga o nna le bothata gape mme o boe gape o bue ka kgololesego le batho ba ba go tshegetsang ba ba ka go thusang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

Bala thata ka gone

Fa e le gore o na le bothata jwa go sa je sentle, o tla solegelwa molemo fa o ka bala ka kgang eo. Fa o itse mo go oketsegileng ka bothata joo, go tla nna motlhofo le go feta go kgona go bo lwantsha. Gongwe go tla go thusa fa o ka sekaseka tshedimosetso e e mosola e e mo makasineng wa Tsogang! wa February 8, 1999, tsebe 23-32, le May 8, 1999, tsebe 13-15.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

NTLHA E BATSADI BA TSHWANETSENG GO E ELA TLHOKO

Fa ngwana wa gago wa mosetsana a na le bothata jwa go ja, o ka dira eng? Sa ntlha, sekaseka ka kelotlhoko tshedimosetso e e mo setlhogong seno le dikgatiso tse dingwe tse di supilweng mo tsebeng ya 20. Leka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa a simolotse go nna le mokgwa ono.

Go ile ga lemogiwa gore ba le bantsi ba ba nnang le bothata jwa go ja ke batho ba ba inyatsang thata e bile ke batho ba ba sa kgotsofaleleng tsela e ba ntseng ka yone le tsela e ba dirang dilo ka yone, ba ipeela mekgele e e kwa godimo thata. Tlhomamisa gore ga o oketse bothata jono. Kgothatsa ngwana wa gago. (Isaia 50:4) Mme go fedisa boikutlo jwa go sa kgotsofale, “a go nna tekatekano [ga gago] go itsiwe.”—Bafilipi 4:5.

Gape itlhatlhobe go bona gore wena o ikutlwa jang ka dijo le bokima. A o ile wa dira jaaka e kete dilo tseno ke tsone tse di botlhokwa thata o sa ipone gongwe ka go bua kgotsa ka ditiro tsa gago? Gakologelwa, basha ba amegile thata ka tsela e ba lebegang ka yone. Tota le go tshameka fela ka go bua ka “mafura a bongwana” kgotsa ka go thuthuga ga bosha go ka tshwenya mosha yo o amegang maikutlo ka bonako .

Fa o setse o akanyeditse kgang eno ka thapelo, tlotla le ngwana wa gago ka gone.

Rulaganya sentle gore o tla reng le gore o tla bua leng.

Mo tlhalosetse sentle kafa o tshwenyegileng ka teng le gore o batla go mo thusa.

O se ka wa gakgamala fa mo tshimologong a batla go iphemela.

Nna moreetsi yo o pelotelele.

Se se botlhokwa le go feta, nna le seabe mo maitekong a gore ngwana wa gago a tokafale. Dira gore kgang ya go tokafala ga gagwe e nne selo sa lelapa!

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

O ka nna wa tlhoka go rapelela gore o nne le keletso ya go batla go nna botoka