Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?

Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?

 Basha ba Botsa Jaana . . . 

Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?

“Fa mo tlelaseng go ne go tlotliwa ka thuto ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, thuto eno e ne e utlwala e ganetsana le dilo tsotlhe tse ke di rutilweng. E ne e tlhalosiwa e le boammaaruri mme seo se ne se ntshosa.”—Ryan, 18.

“Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna 12, morutabana wa me o ne a dumela thata mo kgopolong eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. O ne a bile a na le letshwao la ga Darwin mo koloing ya gagwe! Seo se ne sa dira gore ke se ka ka kgona go tlhalosa se ke se dumelang malebana le popo ka kgololesego.”—Tyler, 19.

“Ke ne ke tshogile thata fa morutabana wa me wa thutoloago a ne a re thuto ya rona e e latelang e tla nna kaga thuto ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. Ke ne ke itse gore ke tla tshwanelwa ke gore ke tlhalose mo tlelaseng gore nna ke eme fa kae mo kganetsanong eno.”—Raquel, 14.

GONGWE le wena, jaaka Ryan, Tyler, le Raquel, o ikutlwa o tshoga fa go tlotliwa mo tlelaseng ka kgang ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. O dumela gore Modimo “o bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) O kgona go bona bosupi jwa gore dilo di dirilwe ke motho mongwe yo o botlhale gongwe le gongwe mo o lebang teng. Mme dibuka tsa thuto di bontsha gore re ne re le sengwe se sele pele mme ra fetoga go nna batho, mme le morutabana wa gago a rialo. Wena o mang gore o ganetsane le “baitse”? Mme bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba tla reng fa o simolola go bua ka . . . Modimo?

Fa e le gore dipotso tse di ntseng jalo di a go tshwenya, wela makgwafo! Ga se wena fela yo o dumelang mo go reng dilo di bopilwe. Boammaaruri ke gore, tota le baitse ba saense ba le bantsi ga ba amogele kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. Mme le barutabana ba le bantsi ga ba amogele kgopolo eo. Kwa United States, baithuti ba le 4 mo go ba le 5 ba dumela mo Mmoping—go sa kgathalesege se dibuka tsa thuto di se bolelang!

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke tla reng fa ke tshwanelwa ke go femela tumelo ya me ka popo?’ Tlhomamisega gore le fa o ka tswa o le ditlhong, o ka kgona go ikemela. Le fa go ntse jalo, o tla tlhoka gore o ipaakanyetse.

Itlhatlhobe go Bona Gore Dilo Tse o di Dumelang di Boammaaruri go le Kana Kang!

Fa e le gore o godisiwa ke batsadi ba Bakeresete, o ka nna wa bo o dumela fela mo go reng dilo di bopilwe ka gonne ke se o se rutilweng.  Le fa go ntse jalo, jaaka fa o ntse o gola, o batla go obamela Modimo ka ‘maatla a gago a go akanya’ o na le motheo o o nonofileng malebana le dilo tse o di dumelang. (Baroma 12:1) Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba ‘tlhomamise dilo tsotlhe.’ (1 Bathesalonika 5:21) O ka dira seno jang fa go tla mo kgannyeng ya popo?

Sa ntlha, akanya ka se Paulo a neng a se kwala malebana le Modimo: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng.” (Baroma 1:20) O ntse o akantse ka mafoko ao, sekaseka mmele wa motho, lefatshe, lobopo lotlhe le mawatle. Tlhatlhoba botshelo jwa ditshenekegi, dimela le jwa diphologolo—sengwe le sengwe se se ka tswang se kgatlha wena. Go tswa foo, o dirisa ‘maatla a gago a go akanya’ ipotse gore, ‘Ke eng se se dirang gore ke dumele gore go na le Mmopi?’

Go araba potso eo, Sam wa dingwaga di le 14 o dirisa sekai sa mmele wa motho. A re: “Mmele o na le dilo tse dintsi e bile o raraane mme dikarolo tsa one tsotlhe di bereka mmogo ka tsela e e gakgamatsang. Go ka se ka ga direga gore mmele wa motho o bo o iphetogetse fela ka boone go tswa mo sengweng se sele!” Holly wa dingwaga di le 16 o dumalana le ene. A re: “Fa e sale go lemogiwa gore ke na le bolwetse jwa sukiri, ke ile ka ithuta go le gontsi malebana le tsela e mmele wa motho o berekang ka yone. Ka sekai, go a gakgamatsa go bona kafa lobete—serwe se senye se se iphitlhileng kafa morago ga mala—se dirang tiro e kgolo ka teng ya go dira gore madi le dirwe tse dingwe di bereke sentle.”

Basha ba bangwe ba leba kgang eno ka tsela e nngwe. Jared wa dingwaga di le 19 a re: “Mo go nna selo se segolo se e leng bosupi ke kgang ya gore re na le keletso ya go batla go itse ka dilo tsa semoya e bile re kgona go anaanela dilo tse dintle mme gape re na le keletso ya go batla go ithuta. Dilo tseno ga di botlhokwa gore motho a tshele, jaaka batho ba ba dumelang mo go reng re simolotse re le ditshedi tse dingwe pele ga re fetoga go nna batho ba tla batla go dira gore re dumele. Tlhaloso e le nngwe fela e e dirang tlhaloganyo mo go nna ke gore re beilwe mono ke mongwe yo o neng a batla gore re itumelele botshelo.” Tyler yo o umakilweng kwa tshimologong le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Fa ke akanya ka seabe sa dimela mo go thuseng gore re tshele le tsela e e raraaneng e di dirilweng ka yone, ke tlhatswega pelo gore go na le Mmopi.”

Go motlhofo thata go bua ka popo fa e le gore o ile wa tlhatlhoba kgang eno ka kelotlhoko e bile o tlhatswegile pelo tota gore ke boammaaruri. Ka jalo, jaaka Sam, Holly, Jared le Tyler, iphe nako ya go sekaseka bontle jwa tiro ya Modimo. Mme o “utlwe” se dilo tseno di go se “bolelelang.” Ga go pelaelo gore le wena o tla ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo—gore ga se fela go nna gone ga Modimo mme gape le dinonofo tsa gagwe di “lemogiwa [ka bonako] ka dilo tse di dirilweng.” *

Itse se Totatota Baebele e se Rutang

Mo godimo ga go tlhatlhoba dilo tse Modimo a di dirileng gore o tle o kgone go femela kgang ya popo o tlhoka gape go itse gore totatota Baebele e ruta eng ka kgang eno. Ga o tlhoke go dira kgang ka dilo tse Baebele e sa di umakeng ka tlhamalalo. Akanya ka dikai di se kae.

Buka ya me ya thuto ya saense e bolela gore lefatshe le thulaganyo ya masedi a tlholego di ile tsa nna teng ka dingwaga di le dibilione di le dintsi. Baebele ga e bue  sepe ka gore lefatshe le thulaganyo ya masedi a tlholego di na le dingwaga tse kae. Tota e bile se e se buang se tsamaisana le kgopolo ya gore lobopo lo ka tswa lo ile lwa nna teng dingwaga di le dibilione pele ga tshimologo ya “letsatsi” la ntlha la popo.—Genesise 1:1, 2.

Morutabana wa me a re lefatshe le ka se ka la bo le bopilwe ka malatsi a le marataro fela. Baebele ga e tlhalose gore “letsatsi” lengwe le lengwe mo malatsing a le marataro a popo e ne e le nako ya diura di le 24 tsa mmatota. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona tsebe 18-20 mo makasineng ono.

Tlelase ya rona e ile ya tlotla ka dikai di le mmalwa tse di bontshang kafa diphologolo le batho ba ileng ba nna ba fetoga ka teng fa nako e ntse e tsamaya. Baebele ya re Modimo o bopile dilo tse di tshelang go ya “kafa mefuteng ya yone.” (Genesise 1:20, 21) Ga e tshegetse kgopolo ya gore botshelo bo tswa mo dilong tse di sa tsheleng kgotsa gore Modimo o ile a dirisa sele e le nngwe go dira gore dilo tse dingwe tsotlhe di tswe mo go yone. Le fa go ntse jalo, mo teng ga “mofuta” o le mongwe go a kgonega go nna le mefuta e mentsintsi e e farologaneng. Ka jalo Baebele e a dumela gore phetogo e ka nna teng mo gare ga “mofuta” mongwe le mongwe.

Tlhomamisega ka Dilo Tse o di Dumelang!

Ga o tlhoke go ikutlwa o sa gololesega kgotsa o tlhabiwa ke ditlhong ka gonne o dumela mo popong. Fa o akanya ka bosupi jo bo leng gone, go a utlwala tota—ee, go dumalana le saense—go dumela gore re dirilwe ke motlhami yo o botlhale. Boammaaruri ke gore kgopolo ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe—e seng kgopolo ya popo—ke yone e e batlang gore o nne le tumelo e ntsi thata e o se nang bosupi jwa yone, e bile e batla gore o dumele mo dikgakgamatsong le fa go se na yo o di dirang. Tota e bile, fa o sena go sekaseka ditlhogo tse dingwe mo makasineng ono wa Tsogang! ga go na pelaelo gore o tla bo o tlhatswegile pelo gore go na le bosupi jo bo tshegetsang kgang ya popo. Mme fa o sena go sekaseka kgang eno ka kelotlhoko o dirisa maatla a gago a go akanya, o tla ikutlwa o itshepa tota go ka femela se o se dumelang mo tlelaseng.

Ke se Raquel, yo o umakilweng pelenyana, a ileng a se lemoga. A re: “Go ile ga ntsaya malatsi a se kae gore ke lemoge gore ga ke a tshwanela go didimala malebana le se ke se dumelang. Ke ne ka naya morutabana wa me buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, ke tshwaile dintlha dingwe tse ke neng ke batla gore a di ele tlhoko. Moragonyana, o ne a mpolelela gore buka eno e dirile gore a nne le pono e nngwe ka kgopolo eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, mme mo nakong e e tlang o tla akanyetsa tshedimosetso eo fa a ruta ka kgang eno!”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Basha ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke go sekaseka tshedimosetso e e mo dikgatisong tse di jaaka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? le Is There a Creator Who Cares About You? Dibuka tseno ka bobedi di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke ditsela dife tse di motlhofo tse o ka di dirisang go tlhalosa tumelo ya gago malebana le popo kwa sekolong?

▪ O ka bontsha jang kanaanelo ya gago mo go ene yo o bopileng dilo tsotlhe?—Ditiro 17:26, 27.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

“GO NA LE BOSUPI JO BONTSINTSI”

“O ka thusa jang mosha yo o godisitsweng a dumela mo Mmoping mme a rutiwa kwa sekolong gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe?” Potso eno e ne ya bodiwa morutabana mongwe yo o rutang thutotshelo ya ditshedi tse di nnyennye yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a araba jang? “O tshwanetse wa tsaya seo e le tshono ya gore o iponele bosupi ka bowena jwa gore Modimo o teng—e seng fela ka go bo seo e le se o se rutilweng ke batsadi ba gago mme e le ka go bo wena ka bowena o itlhatlhobetse bosupi jwa gone mme o bo dumela. Ka dinako tse dingwe fa barutabana ba kopiwa gore ba ‘ntshe bosupi’ jwa gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, ga ba kgone go dira jalo mme seo se dira gore ba lemoge gore ba dumela kgopolo eo fela ka go bo ba ile ba rutiwa jalo. Le wena o ka wela mo bothateng joo malebana le se o se dumelang ka Mmopi. Ke ka lebaka leo go leng botlhokwa gore o iponele bosupi ka bowena gore tota Modimo o teng. Go na le bosupi jo bontsi. Ga go thata go bo bona.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

KE ENG SE SE GO TLHATSWANG PELO?

Fa tlase fano, kwala dilo tse tharo tse di tlhatswang wena pelo gore go na le Mmopi:

1. ․․․․․

2. ․․․․․

3. ․․․․․