Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tla ‘Palama Fela Jaaka Kgama e Tonanyana’

Ke Tla ‘Palama Fela Jaaka Kgama e Tonanyana’

 Ke Tla ‘Palama Fela Jaaka Kgama e Tonanyana’

JAAKA GO BOLETSE FRANCESCO ABBATEMARCO

“Ke eng fa Modimo a ile a letla gore seno se ntiragalele? Ke eng fa go diragaletse nna?” Ke ile ka ipotsa dipotso tseo ka makgetlho a le mantsi! Ke ne ke sa kgone go amogela kgang ya gore ke tla nna botshelo jwa me jotlhe ke le mo setulong sa maotwana, ke sa kgone go dirisa matsogo le dinao tsa me.

KA 1962, kwa motsaneng mongwe wa kwa kgaolong ya Basilicata kwa Italy, botshelo jwa me bo batlile bo khutla ka letsatsi le bo neng bo simologa ka jone. Mmè o ne a nna le bothata fa a ntshola mme ngaka e ne ya nnaya melemo e e neng ya nkgolafatsa fela thata. Malatsi a le mararo morago ga foo, mmele wa me o monnye o ne wa rutlwa thata ke go ngatega. Ke ne ka swa ditokololo mo matsogong le mo dinaong mme ka ba ka senyega le ditshika tsa mometso.

Fa ke ntse ke gola, seemo sa me sa mmele se ne se mpetisa pelo thata. Ke ne ka simolola go tenega ka bonako mme gantsi ke tlhasela batho ba ba ntikologileng ka go ba omanya. Ke ne ke ikutlwa ke kgapetswe kwa thoko ke lefatshe lotlhe mme go ne go se na bokao bope mo botshelong jwa me. Fa ke ne ke le dingwaga di le 25, ke ne ke setse ke tshwenyegile mo maikutlong ka tsela e e feteletseng. E re ka ke ne ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ntetla gore ke boge thata jaana, ke ne ka dira tshwetso e e neng e bonala e utlwala—gore ga go na Modimo.

Ke Nna le Pono e e Farologaneng

Moso mongwe go ela kwa bokhutlong jwa 1987, fa ke ntse ke dutse kwa ntle mo setulong sa me sa maotwana, ke ne ka atamelwa ke banna ba babedi ba ba apereng sentle. Ke ne ke akanya gore ba batla go bua le nkgonne mme, ka bothata jo bogolo, ka ba bolelela gore ga a yo. Ba ne ba re: “Re batla go bua le wena.” Go ne ga gakgamatsa ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba sa rate go bua le nna.

Ba ne ba mpotsa ba re: “A o dumela mo Modimong?” Ke ne ka araba ka bonako ka re: “Nka dumela jang mo Modimong ke le mo seemong se se ntseng jaana?” Re ne ra simolola go tlotla mme ka lemoga gore ke Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba nnaya buka e e reng Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? * e ke neng ka e tsaya le fa tota ke ne ke sa batle. Ba ne ba re ba tla boa gape. Ke ne ka eletsa gore ba se ka ba boa.

Basupi ba babedi bao ba ne ba boa jaaka ba ne ba solofeditse mme re ne ra tswelela pele ka motlotlo wa rona. Ke gakologelwa ditemana tsa Baebele tse ba neng ba mpalela tsone, Isaia 35:5, 6: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” Mafoko ao a ne a itumedisa tota mme a ne a le kgakala thata le se botshelo jwa me bo leng sone. Ke ne ke sa kgone le go ema ka dinao, ka jalo ke ne nka kgona jang go palama jaaka kgama. Le fa go ntse jalo, ke ne ka dumela go ithuta Baebele le bone mme ke ne ke sa dumele gore Baebele e ne e ka kgona go nthusa ka mathata a ke nang le one gone jaanong. Le tsholofelo ya gore ka letsatsi lengwe bogole bo tla bo bo sa tlhole bo le gone e ne e bonala e le selo se se ka se kang sa direga.

Moragonyana Basupi bano ba ne ba ntaletsa go ya kwa pokanong kwa Holong ya bone ya Bogosi. Ga ke gakologelwe gore puo ya Baebele e ne e bua ka eng, mme nka se lebale botsalano le lorato lo Basupi ba ileng ba mpontsha tsone. Go na le gore ba nnele go nkutlwela botlhoko, ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke amogelesega tota. Ka Sontaga seo ke ne ka lemoga  gore ke amogelesegile kwa Holong ya Bogosi mme ke ne ka simolola go ya dipokanong ka metlha.

Bothata jo ke Neng ke Tshwanetse go bo Fenya

Go ithuta Lefoko la Modimo go ile ga nkama ka tsela e e gakgamatsang. Go ne go ntse jaaka e kete setlhare se se neng se omeletse se simolola go tswetswena gape ka matute. Ke ne ka nna le maikutlo a ke neng ke akanya gore ga ke tlhole ke na le one. A bo go ne go itumedisa jang ne go ikutlwa ke tshela gape! Ke ne ke eletsa go bolelela ba bangwe ka tsholofelo e e itumedisang e ke neng ke na le yone. (Mathaio 24:14) Mme ke ne ke tla kgona jang go simolola go rera? Ke ne ka rapela thata ka kgang eno, ke kopa Jehofa gore a mpontshe tsela.

Ka September 1991, mmulatsela mongwe (moreri wa nako e e tletseng) o ne a abelwa go dira le phuthego ya rona. Ka letsatsi lengwe fa ke le kwa ntlong ya gagwe, ke ne ka mmolelela gore ke eletsa go rera. Ke ne ke sa kgone go bua sentle, ka jalo re ne ra bua ka go dirisa motšhini wa go tlanya go kwala makwalo. Matsogo a me a a suleng ditokololo e ne e le bothata. Ka thuso ya mmulatsela yono, ke ne ka leka ditsela tse dintsi. Ke ne ka leka go tshwara phensele ka meno mme ke bo ke itaya ditlhaka ka yone. Morago ga foo ke ne ka leka go dirisa helemete e e nang le thobanenyana mo go yone mme ke bo ke tsamaisa tlhogo gore ke tle ke kgone go kgoma ditlhaka. Go ne go se na sepe sa dilo tseno se se neng se bonala se bereka.

Moragonyana, fa re ntse re tlotla ka bothata jono, ene mmulatsela yono o ne a dira motlae a re: “O na le nko e ntle.” Ka bonako fela ke ne ka leka go itaya ditlhaka ka nko mme ka bona go bereka. Kgabagare, ke ne ka kgona go kwala. Akanya fela matsapa a a neng a tlhokega go baakanya diphoso ke dirisa nko! Go ise go ye kae re ne ra lemoga gore go tla nna motlhofo thata fa re ka dirisa khomputara. Mme ke ne ke tla bona kae madi a go e reka? Ke ne ka letela nako e e siameng mme ka bua le batsadi ba me. Ka bonako morago ga foo, ke ne ke dirisa khomputara go kwala makwalo.

Keletso Ya me E ne Ya Diragadiwa

Ke ne ka simolola pele ka go kwalela ditsala le ba losika mme morago ga foo ka kwalela batho ba ba neng ba nna mo motseng wa rona le mo metseng e e gaufi. Go ise go ye kae ke ne ke setse ke kwalelana le batho go ralala Italy. Go thata go tlhalosa boitumelo jo ke neng ke na le jone nako nngwe le nngwe fa ke amogela karabo ya lekwalo lengwe. Ka December 1991, ke ne ka dumelelwa go nna mmoledi yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo. Ke ne ka ikwadisa le mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, sekolo se se tshwarwang beke le beke mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa ke ne ke amogela kabelo ya go neela puo, ke ne ka e baakanyetsa kwa gae ka kelotlhoko ke dirisa khomputara ya me. Kwa dipokanong, tsala nngwe e ne e ema mo seraleng e bo e bala dintlha tse ke di baakanyeditseng.

E re ka ke ne ke anaanela thata lorato lo Jehofa a lo mpontshitseng, ke ne ke itse gore kgato e latelang e ke neng ke tshwanelwa ke go e tsaya go supa gore ke gatela pele semoyeng e ne e tla nna go ineela mo Modimong le go kolobediwa. Ke ne ka ipeta pelo mme ka bua le batsadi ba me ka tshwetso ya me. Ga ba a ka ba itumela mme keletso ya me ya go batla go kolobediwa e ne e nonofile thata go feta kafa ke neng ke boifa ka teng. Ka thuso ya ga Jehofa le Basupi ka nna, ke ne ka kolobediwa ka August 1992. A bo ke ne ka itumela jang fa nkgonne le mosadi wa gagwe ba ne ba nna teng fa ke kolobediwa!

Go Fetola Tsela e ke Akanyang ka Yone

Fa ke simolola go tlhaloganya melaometheo e e mo Lefokong la Modimo botoka, ke ne ka bona go tlhokega gore ke fetole mekgwa ya me e e sa siamang. Ke ne ka lemoga gore ka ntlha ya bogole jwa me, ke ne ke setse ke le motho yo o lefufa le yo o bogagapa. Ke ne ka tshwanelwa ke go kgaratlhela go tlogela mekgwa eo. Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke ikokobetse le go lwantsha boikutlo jwa go nna ke kgobega marapo ka go bo ke tshwanetse go ikaega thata ka batho ba bangwe.

 Gape ke ne ka leka go fenya bothata jwa go ikutlwela botlhoko le go tlogela go akanya gore ke wetswe ke bomadimabe. Ke ne ka simolola go bona dilo tse di tshegisang ka maemo a mangwe. Letsatsi lengwe fa re ntse re rera ka ntlo le ntlo, mosetsanyana mongwe o ne a bula lebati. Mongwe wa Basupi ba ke neng ke tsamaya le bone o ne a mmotsa gore a batsadi ba gagwe ba teng. Mosetsanyana yono o ne a goa a re: “Mama, go na le banna ba babedi le monna yo mongwe yo o lwalang fa kgorong.” Fa mmaagwe a mpona, o ne a tlhabiwa ke ditlhong thata mo e leng gore o ne a sa itse gore a reng. Mongwe wa ditsala tsa me o ne a re: “Tota re banna ba babedi ba ba lwalang le a le mongwe yo o itekanetseng.” Re ne ra nyenya rotlhe mme ra nna le motlotlo o o monate le ene.

Keletso ya go Oketsa Tirelo ya Me

Fa ke sena go kolobediwa ke ne ka nna mmulatsela yo o thusang ka dikgwedi di le robongwe, ke dirisa diura di le 60 mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go dira go feta moo. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go nna mmulatsela wa nako e e tletseng, ke dirisa nako e e oketsegileng le go feta mo tirong ya go rera. Dikgwedi tsa ntlha tsa tirelo ya bobulatsela di ne di le thata. Batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore ke tlile go kopa madi mo matlong a bone, mme seno se ne se ntlhabisa ditlhong le Basupi ba ke neng ke tsamaya le bone.

Mo godimo ga moo, ba le bantsi mo phuthegong ba ne ba na le bothata jwa go tlhaloganya se ke se buang mme ba ne ba sa itse gore ba ka nthusa jang. Mme ka thuso ya ga Jehofa le ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya ba ba neng ba nthusa ka bopeloephepa, fa nako e ntse e tsamaya, seemo se ne sa tokafala. Gone jaanong batho ga ba tlhole ba mpona fela ke le monna yo o mo setulong sa maotwana mme ba mpona ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o lekang go thusa ba bangwe go ithuta ka maikaelelo a Modimo.

Ka July 1994, ke ne ka kgona go ya kwa khosong ya dibeke tse pedi e e thapisang baboledi ba babulatsela. Fa re le koo, re ne ra ithuta melaometheo ya Dikwalo e e re kaelang mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Re ne ra thusiwa le ka thapiso ya go dira mo bodireding. Ke ne ka tshwanelwa ke go fenya mathata mangwe gore ke nne teng, ka gonne sekolo seno se ne se tshwarelwa bokgakala jwa dikilometara di le 60 go tswa mo ke nnang teng. Go ne go sa kgonege gore ke robale go sele go na le kwa gae, ka jalo Basupi ba ne ba refosana go nkisa kwa sekolong le go mpusetsa gae maitseboa. Ka nako ya dijo tsa motshegare, mongwe wa bone o ne a nkisa kwa godimo kwa boalong jwa bobedi, koo rotlhe re neng re jela gone.

Boikarabelo jo Bogolo

Ka March 2003, ke ne ka tlhomiwa go nna mogolwane wa phuthego. Kabelo eo e ne ya ntlhoka gore ke dire ka natla gore ke tle ke kgone go thusa ba bangwe. Jaanong ke tlhaloganya botoka se Jesu a neng a se bolela fa a ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ke dira mmogo le setlhopha se se molemo tota sa bagolwane, mme ba ile ba nthusa go tlwaela kabelo ya me ya go nna mogolwane. Ke ikutlwa ke itumelelwa ke phuthego yotlhe—segolobogolo basha—mme ba nkakaretsa mo dithulaganyong tsa bone. Ba bona kafa ke fenyang mathata a go direla Jehofa ka teng mme ba le bantsi ba nkopa gore ke ba thuse ka mathata a bone.

Ke ile ka ithuta gore seemo sa motho sa mmele ga se sone se se botlhokwa gore motho a nne le boitumelo. Go na le moo, se se botlhokwa ke gore motho a amogelwe ke Jehofa le go dira go rata ga gagwe. Ke mo leboga thata ka ntlha ya tsholofetso e e itumedisang ya gore ke tla tloga ke latlha setulo sa me sa maotwana. Ee, ke lebeletse pele nako ya fa ke tla bo ke ‘palama fela jaaka kgama e tonanyana’ ke direla Modimo wa boammaaruri ka bosakhutleng.—Isaia 35:5, 6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Gone jaanong batho ga ba tlhole ba mpona fela ke le monna yo o mo setulong sa maotwana mme ba mpona ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o lekang go thusa ba bangwe go ithuta ka maikaelelo a Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ke baakanyetsa pokano ya phuthego ke dirisa nko go tlanya