Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itlhoboga Ga me Go Fetoga Boitumelo

Go Itlhoboga Ga me Go Fetoga Boitumelo

 Go Itlhoboga Ga me Go Fetoga Boitumelo

JAAKA GO BOLETSE VICENTE GONZÁLEZ

Fa baagelani ba utlwa gore ke iphudile ganè ka tlhobolo mme ke sa swe, ba ne ba simolola go mpitsa Superman. Mme tota ke ne ke le motho yo o tlwaelegileng fela. Mma ke tlhalose gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke batla go ipolaya.

K E NE ka tsholwa ka 1951 kwa Guayaquil, Ecuador. Batsadi ba me ba ne ba direla bana ba bone legae kwa lefelong lengwe gaufi le lewatle le le bidiwang Baipeing. Malapa a a humanegileng a ne a “ipeile” mo lefelong leno kwantle ga tetla, ba aga matlo a mabota a a dirilweng ka matlhaka le marulelo a disenke. E re ka matlo ano a ne a agilwe mo godimo ga seretse le mo lefelong le le ditsobotla, a ne a eme mo godimo ga dikota. Re ne re se na motlakase, re ne re apaya ka setofo sa magala mme re ne re tsamaya kilometara e le nngwe go ya le e nngwe go boa fa re ya go ga metsi a a nowang.

Bonkgonne ba ne ba simolola go bereka ba sa le bannye gore ba tle ba thuse ka ditshenyegelo mo lelapeng. Fa ke ne ke le dingwaga di le 16, ke ne ka tlogela sekolo, ka bona tiro ya go nna morongwa wa melaetsa kwa feketiring nngwe. Nna le ditsala tsa me re ne ra simolola go nwa bojalwa le go sa itshware sentle. Fa segakolodi sa me se ne se ntshwenya, ke ne ke a tle ke ye go ipolela maleo kwa kerekeng. Pele ga moruti a re ke tsamaye, o ne a tle a re “morwaaka, o ipoleletse maleo sentle,” a sa nthuse ka tsela epe semoyeng. Ka jalo ke ne ka tswelela ke dira dilo tseo. Kgabagare modikologo ono wa go dira boleo le go ipolela maleo o ne o sa tlhole o nkgotsofatsa mme ke ne ka tlogela go tlhola ke ya kerekeng. Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka lemoga kafa go tletseng tshiamololo ka teng mo lefatsheng. Bontsi jwa batho ba ne ba humanegileng mme ba tshwanelwa ke go kgaratlhela botshelo fa bahumi ba ba leng mmalwa fela bone ba ne ba tshelela mo manobonobong. Botshelo bo ne bo se na bokao. Ke ne ke ikutlwa ke se na isagwe epe kgotsa boikaelelo mo botshelong.

Mme letsatsi lengwe ke ne ka lemoga gore bokgaitsadiake ba banè ba ne ba bala dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Le nna ke ne ka simolola go di bala. Go ne go na le buka nngwe ya tsone e e neng ya nkgatlha thata—Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. E ne ya nthusa thata mo dikgannyeng di le dintsi tsa Baebele. Ke gakologelwa ke ipolela gore ‘Jo ke boammaaruri!’ Mme jaaka ne ke ka lemoga mo dingwageng di le 15 tse di neng tsa latela, go tshela ka tsela e e dumalanang le boammaaruri go ne go se motlhofo.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 22, ke ne ka simolola go bereka mo bankeng. Letsatsi lengwe modirimmogo o ne a mpontsha tsela e a ileng a “ikadima” madi a banka ka yone ka sephiri mme moragonyana a busetsa “kadimo” e a e dirileng. Le nna ke ne ka simolola go “ikadima” madi go fitlha mo ke neng ke setse ke tsere madi a mantsi mo ke neng ke sa tlhole ke kgona go fitlha bokebekwa jo ke bo dirileng. Ke ne ka tlalelwa ka gonne ke ne ke akanya gore nka se kgone go duela madi ao a ke a tsereng. Ke ne ka swetsa ka gore ke bolelele ba banka ka bokebekwa jwa me, mme morago ga foo, go bontsha boikwatlhao jwa me ke ne ke tla ipolaya.

Fa ke sena go kwalela banka lekwalo, ke ne ka ithekela tlhobolo e nnye, ka ya kwa lefelong lengwe le le kwa thoko kwa lotshitshing mme ka iphula gabedi mo tlhogong le gabedi mo sehubeng. Le fa ke ne ke gobetse thata, ga ke a ka ka swa. Ke ne ka bonwa ke mopalami mongwe wa baesekele mme a nkisa ka bonako kwa kokelong. Fa ke sena go fola, ke ne ka sekisediwa  bogodu mme ka isiwa kgolegelong. Fa ke sena go gololwa, ke ne ka ikutlwa ke tlhabilwe ke ditlhong e bile ke ngomogile pelo ka gonne ke ne ke setse ke na le rekoto ya bokebekwa. E re ka ke ne ka falola matsadi a marumo a le manè, baagelani ba ne ba simolola go mpitsa Superman, jaaka go umakilwe kwa tshimologong.

Tshono Ya go Ka Fetoga

Mo e ka nnang ka yone nako eno, Paul Sánchez, morongwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nketela. Selo sa ntlha se ke neng ka se lemoga ka ene e ne e le monyenyo wa gagwe o mogolo. Paul e ne e le motho yo o itumetseng, yo o lebang dilo sentle mo e leng gore ke ne ka dumela fa a ntaletsa gore ke ithute Baebele le ene. Ke ne ka akanya ka re: ‘Gongwe a ka nthusa go bona boitumelo le bokao jwa botshelo.’

Ka thuso ya ga Paul, ke ne ka ithuta gore Modimo o na le boikaelelo ka batho, le gore ba ba mo ratang ba bo ba mo ikobela ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise ka letsatsi lengwe. (Pesalema 37:29) Ke ne ka ithuta gape le gore tshiamololo le bohumanegi ga di bakiwe ke Modimo, mme di teng ka ntlha ya go tsuologela Modimo ga batho. (Duteronome 32:4, 5) Boammaaruri jono bo ne bo ntse jaaka lesedi mo botshelong jwa me. Le fa go ntse jalo, go fetola botho jwa me go ne go le thata go feta go ithuta Baebele.

Ke ne ka bona tiro ya ofisi e e neng e ntlhoka gore ke tlhokomele madi a khampani. Ke ne ka boa gape ka ineelela thaelo mme ka simolola go utswa. Fa ke ne ke sa tlhole ke kgona go fitlha bogodu jwa me, ke ne ka tshabela kwa motseng o mongwe kwa Ecuador ka sebaka sa ngwaga. Ke ne ka leka go tswa mo nageng mme ka se ka ka atlega, ka jalo ka boela gae.

Paul o ne a kopana gape le nna mme ra simolola go ithuta gape. Mo lekgetlhong leno ke ne ka ikemisetsa go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa me le go direla Jehofa. Ka ntlha ya seo, ke ne ka bolelela Paul ka go se ikanyege ga me ga nako e e fetileng, mme ene o ne a nnaya kgakololo e e tlhamaletseng. O ne a mpontsha ditemana tsa Baebele tse di jaaka Baefeso 4:28, e e reng: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla.” Ke ne ka swetsa ka gore ke tshwanetse go ya go ipolela bogodu jwa me mme ke amogele ditlamorago tsa gone.

Fe ke santse ke akanya ka seemo sa me, ke ne ka simolola go ipereka ke dira tiro ya go taka. Letsatsi lengwe go ne ga tla monna mongwe mo setediong sa me mme a tlhalosa gore o kgatlhegela ditshwantsho tse ke di takileng. Le fa go ntse jalo, e ne e le leteketifi mme a mpontsha lekwalo la gore a ntshware. Ke ne ka boa ka ya kwa kgotlatshekelong mme morago ga foo ka ya kgolegelong. Paul o ne a nketela, mme ka mo solofetsa jaana: “O ka se ka wa ikwatlhaela go bo o ile wa dira maiteko a go nthusa go tlhaloganya Baebele.” Re ne ra tswelela re ithuta fa ke le kwa kgolegelong.

Ke ne ka Supa Boikemisetso Jwa Me

Fa ke sena go gololwa, ke ne ka ikemisetsa go direla Jehofa ka pelo ya me yotlhe mme ka supa boikemisetso jwa me mo dingwageng tse pedi tse di neng tsa latela. Ka 1988, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. E re ka ke ne ke batla go duelela nako e ke e sentseng, ke ne ka simolola tirelo ya nako e e tletseng ke le mmulatsela, ke dira maiteko a a kgethegileng go rerela maloko a digopa tsa basha.

Segopa sengwe se ne se rata go kwalakwala mo loboteng lwa Holo ya rona ya Bogosi. E re ka ke ne ke itse maloko a segopa seno e bile ke itse kwa a nnang teng, ke ne ke ba etela mme ke ba tlhalosetse gore Holo ya rona ya Bogosi e dirisediwa eng mme ke ba kope ka maitseo gore ba tlotle moago wa rona. Morago ga foo ba ne ba se ka ba tlhola ba kwala mabota a rona.

Moragonyana, fa re ntse re baakanya holo ya rona, re tlosa pente ya bogologolo, Mosupi mongwe yo mosha e bong Fernando, o ne a bona mokwalo mo loboteng o o neng o na le mafoko a a reng “Segwagwa” (La Rana, ka Se-Spain). O ne a re: “E ne e le leina la me!” Fa Fernando e ne e sa ntse e le leloko la segopa, o ne a penta leina la gagwe la sereto mo leboteng leno. Gone jaanong e ne e le ene a le tlosang!

Fa ke bona Fernando ka lekgetlho la ntlha, o ne a tlhapetswe ke diokobatsi. Mmaagwe o ne a kile a mo romela kwa mafelong a mabedi a a thusang batho go tokafatsa matshelo a bone mme ga go a ka ga mo thusa. Ka jalo, o ne a mo tlhoboga, mme a fudugela go sele, a mo tlogela a le nosi mo ntlong. Fernando o ne a rekisa sengwe le sengwe—tota le ditswalo, difensetere le borulelo jwa ntlo—gore a kgone go bona madi a go reka diokobatsi. Ke ne ka mo atamela ka letsatsi  lengwe mo mmileng, mme ka mo naya senotsididi ka ba ka mo kopa go ithuta Baebele le nna. O ne a dumela mme ke ne ka itumelela go mmona a amogela boammaaruri. O ne a tlogela segopa, a tlogela go dirisa diokobatsi, a simolola go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete mme go ise go ye kae a kolobediwa.

Fa nna le Fernando re rera mmogo ka ntlo le ntlo, gantsi batho ba ne ba lemoga gore re bomang mme ba ne ba tle ba re goe ba re “Segwagwa!” kgotsa “Superman!” mme ba bo ba re botsa gore re dira eng. Ba ne ba gakgamala go bona motho yo e kileng ya bo e le leloko la segopa le motho yo e kileng ya bo e le legodu ba ba etele ba tshwere Dibaebele.

Ka lekgetlho lengwe ke ne ke neela monna mongwe bosupi fa Fernando ene a ntse a bua le moagelani wa gagwe. Monna yoo o ne a supa Fernando a bo a re: “A o bona lekawana le le? Le kile la ntshosetsa ka tlhobolo le e beile mo tlhogong ya me.” Ke ne ka mo tlhomamisetsa gore Fernando o tlogetse mekgwa ya gagwe ya bogologolo mme gone jaanong o tshela go ya ka melaometheo ya Baebele. Tota e bile, fa Fernando a sena go bua le moagelani, ke ne ka mmitsa mme ka mo itsise monna yo ke neng ke bua le ene. Mong wa ntlo o ne a re: “Mosimane, ke batla go go akgolela diphetogo tse o di dirileng mo botshelong jwa gago.”

Ga ke kgone go gakologelwa gore ke makgetlho a le kae a ka one nna le Fernando re ileng ra amogela dikakgelo tse di ntseng jalo. Dikakgelo tse di ntseng jalo di ile tsa re thusa gore re neele bosupi jo bo molemo mme ga felela ka gore re nne le dithuto tsa Baebele di le dintsi. Ee, nna le Fernando ka bobedi jwa rona re motlotlo go itsege re le Basupi ba ga Jehofa.

Tiragalo e e Botlhokwa mo Botshelong Jwa me

Ka 2001, fa ke le dingwaga di le 50, ke ne ka gakgamala e bile ka itumela thata go bo ke laleditswe go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi se se neng sa tshwarelwa kwa Peru. Sekolo seno se naya Basupi ba ba tshwanelegang thuto ya semoya e e tseneletseng ya dibeke di le robedi go ba thusa mo bodireding jwa bone.

Dikarolo tsotlhe tsa sekolo seno di ne di itumedisa, kwantle ga karolo e le nngwe fela—go bua phatlalatsa, e leng selo se se ntshosang thata. Bontsi jwa baithuti ba basha ba ne ba neela dipuo tse dintle mme ba bonala ba itshepa. Mme fa nna ke tshwanelwa go ya kwa seraleng go ya go neela puo ya me ya ntlha, ke ne ka nna le boikutlo jwa go inyatsa jo ke sa leng ke na le jone go tloga bongwaneng. Mangole a me a ne a tetesela, diatla tsa me tse di fufutseng di roroma le lentswe la me le roroma. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a nnonotsha ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka thuso ya bakaulengwe ba ba lorato. Mongwe wa batlhatlheledi o ne a amega ka nna mme morago ga tlelase a nthusa go baakanyetsa dipuo tsa me. Mme se se botlhokwa le go feta, o ne a nthuta gore ke ikanye Jehofa. Fa khoso e fela, ka lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka ikutlwa ke itumelela go bua fa pele ga bareetsi.

Go itshepa ga me go ne ga lekiwa thata kwa kopanong nngwe ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa Guayaquil. Ke ne ka tlhalosa gore go tlile jang gore ke nne Mosupi fa pele ga batho ba le 25 000. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke bua, ke ne ka amega maikutlo thata go bo ke na le tshiamelo ya go kgothatsa batho ba le bantsi jaana, mme lentswe la me la simolola go roroma. Moragonyana, mongwe wa batho ba ba neng ba tlile kopanong o ne a tla kwa go nna mme a nthaya a re, “Mokaulengwe González, fa o ne o tlhalosa boitemogelo jwa gago, go ne go se na ope yo o neng a se na dikeledi mo matlhong.” Mme se se botlhokwa le go feta, ke ne ke batla go kgothatsa batho ba ba neng ba ka tswa ba lwela go fenya ditsela tsa bone tsa bogologolo.

Gone jaanong ke mogolwane le mmulatsela wa ka metlha mme ke ile ka kgona go thusa batho ba le 16 gore ba nne le kitso e e siameng ya boammaaruri jwa Baebele. Ke itumela thata go bo batsadi ba me le bokgaitsadiake ba banè le bone ba ile ba ineela mo go Jehofa. Mmè o ile a tlhokafala ka 2001 a ikanyega mo Modimong. Ke leboga Jehofa thata go bo a ile a ntetla gore ke mo itse mme ga go na tsela epe e nngwe e nka bontshang kanaanelo ya me ka yone fa e se ka go laletsa batho ba bangwe gore le bone ba atamele mo go ene.—Jakobe 4:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Fernando, Segwagwa, yo pele e neng e le leloko la segopa yo ke ileng ka mo thusa

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Paul Sánchez, morongwa yo o ileng a ithuta Baebele le nna

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Vicente González gompieno