Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Tlhapi e go Lwatsa

Fa Tlhapi e go Lwatsa

 Fa Tlhapi e go Lwatsa

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA KWA FIJI

A ke je kgotsa ke se ka ka ja—e ne e le bothata jo Arebonto a neng a lebane le jone. O ne a itse kotsi ya gone, mme o ne a tshwerwe ke tlala. Tlhapi eo e e besitsweng e ne e nkga monate tota. Mme keletso ya gagwe e ile ya dira gore a je. Le fa go ntse jalo ka bonako morago ga foo fa a utlwa a feroga sebete a utlwa le gore o longwa ke mala a tlhatsa le go nna le letshololo o ne a eletsa e kete a ka bo a sa ja tlhapi eo.

FA DITSALA di tabogisetsa Arebonto kwa kokelong ya setlhaketlhake sa bone se senye sa Pacific, o ne a setse a idibetse e bile feletswe ke metsi mo mmeleng a utlwa ditlhabi mo sehubeng, kgatelelo ya madi a gagwe e le kwa tlase ka tsela e e kotsi le pelo ya gagwe e iteela kwa tlase thata. Mo dibekeng tse dingwe tse di latelang, mo godimo ga go opiwa ke tlhogo, go tsewa ke sedidi le go nna le letsapa le legolo, o ne a swa bogatsu mo maotong, a utlwa botlhoko fa a tlhapologa mme ditemosi tsa gagwe di dira ka tsela e e sa tlwaelegang ya gore fa go le mogote a utlwe botsididi mme fa go le tsididi a utlwe mogote. Morago ga malatsi a le robedi go itaya ga pelo ya gagwe go ile ga tokafala mme go swa bogatsu le letsapa di ne tsa tswelela ka dibeke di le dintsi.

Bolwetse jwa ga Arebonto bo ne bo bakwa ke botlhole jo bo kotsi jo bo fitlhelwang mo ditlhaping tse di nnang mo matlapeng mo metsing tse gantsi di siameng fela go ka jewa. Bolwetse jono jo bo itsegeng e le ciguatera fish poisoning (CFP) bo nna teng kwa dinageng tsa boboatsatsi le tse di dikologileng boboatsatsi kwa mawatleng a India, Pacific le Caribbean. Mo mafelong ano, batho ba teng ba tshela thata ka go tshwara ditlhapi.

Bolwetse jwa CFP ga bo bosha. Tota e bile ke jone jo bo neng bo tshwenya babatlisisi ba lewatle ba Yuropa thata. Ka tsela e e tshwanang, baeti ba le bantsi ba ba yang malatsing a boikhutso gompieno ba ile ba nna le ditlamorago tse di sa itumediseng tsa bolwetse jono. Go a utlwala go bo bolwetse jono bo bakela kgwebo ya ditlhapi le ya bojanala mo dinageng di le dintsi tsa ditlhaketlhake mathata. Mo godimo ga moo, go rekisetsa dinaga tse dingwe tse dintsi ditlhapi tse di tshelang kgotsa tse di gatseditsweng go dirile gore bolwetse jono bo anamele kgakala mo lefatsheng le kwa mafelong a e seng a Boboatsatsi kwa bo sa kgoneng go lemogiwa ka bonako gone. *

Ke eng se se dirang gore ditlhapi tseno tse di nnang mo matlapeng a a kwa tlase ga lewatle di nne le botlhole? A ditlhapi tse di nang le botlhole di ka lemogiwa? Bona se dipatlisiso tsa dingwaga di le masomesome di se bontshang.

 Go Lemoga Se se Bo Bakang

Megare mengwe e e bidiwang dinoflagellate gantsi ke yone e tsewang e baka botlhole jo bo bakang bolwetse jwa CFP. * Megare eno e ja dikorale tse di suleng mme e ingaparela mo boleleng. Ditlhapi tse dinnye di ja bolele jono mme di bo di metsa botlhole jwa tsone—jo bo bidiwang botlhole jwa cigua—jo bo bakiwang ke di-dinoflagellate. Ditlhapi tseno di jewa ke ditlhapi tse dikgolwane, tse le tsone di jewang ke tse dingwe, mme di dira gore botlhole jono bo anamele mo ditsheding tse dintsi. Le fa go ntse jalo, go bonala ditlhapi tseno di sa amiwe ke botlhole jono.

Botlhole jwa cigua ke bongwe jwa botlhole jo bo kotsi go gaisa otlhe mo ditsheding. Se se itumediseng ke gore, lekwalodikgang longwe lwa puso ya Australia lo ile lwa re: “Ke mefuta e se kae fela e e nang le bolwetse jwa CFP.” Botlhole jwa cigua ga bo fetole tsela e tlhapi e lebegang ka yone, e nkgang ka yone le tsela e e utlwalang ka yone fa e apewa, e omisiwa, e tswaisiwa, e besiwa ka mosi kgotsa e marineitiwa botlhole ga bo swe. Mo kgannyeng ya ga Arebonto, go ne go se na sepe mo tlhaping e a e jeleng se se neng se mo tlhagisa gore go na le kotsi e e fitlhegileng mo go yone go fitlhela a nna le matshwao a a botlhoko a mala, pelo, le a tlhaloganyo.

Go Lemogiwa le go Alafiwa ga Jone

Gone jaanong ga go na ditlhatlhobo tsa laboratori tsa bolwetse jwa CFP tse di dirwang mo bathong. Ditlhatlhobo di dirwa ka go lebelela matshwao a a farologaneng, a gantsi a tlhagelelang diura di se kae morago ga gore motho a je tlhapi mme a ka tlhomamisiwa ka go tlhatlhoba tlhapi e e setseng go bona gore a e na le botlhole. (Bona lebokoso mo tsebeng e e latelang.) Fa o belaela gore o na le bolwetse jwa CFP, go molemo gore o batle thuso ya kalafi. Le fa gone go se na se se ka bo fedisang, kalafi e ka nna ya fokotsa matshwao, a gantsi a okobalang mo malatsing a se kae. Le fa go ntse jalo, bolwetse jwa CFP, bo ka koafatsa motho mme fa motho a fiwa kalafi ka bonako go ka thusa gore ditlamorago tsa gone di se ka tsa nnela ruri

Botlhoko jwa matshwao a bolwetse jono bo a farologana, go ikaegile ka mabaka a mantsi. Seno se akaretsa gore tlhapi e ne e le botlhole go le kana kang, gore go jelwe tlhapi e kana kang le gore go jelwe dikarolo dife tsa yone, gore go setse go na le selekanyo se se kana kang sa botlhole jwa cigua mo molwetseng, le gore tlhapi e tshwerwe mo lefelong lefe, ka gonne go bonala botlhole jo bo mo ditlhaping bo farologana go ya ka gore di tswa kwa kgaolong efe. Go na le gore mebele ya batho e simolole go kgona go lwantsha botlhole jono, go bonala ba tlhaselwa motlhofo ke jone, mme se se dira gore bo gakale thata gangwe le gape fa bo ba tlhasela! Go nwa bojalwa go dira gore matshwao ano a nne maswe le go feta. Kgatiso nngwe e e tlhalosang ka bolwetse jono jo bo anameng ya re: “Gore motho a se ka a tlhaselwa gape ke bolwetse jono, o tshwanetse gore a tile go ja tlhapi ka dikgwedi di ka nna tharo go ya go di le thataro morago ga go tshwarwa ke bolwetse jwa CFP.

Fa bolwetse jono bo le maswe thata, bo ka nna jwa tsaya dibeke kgotsa dikgwedi di se kae mme ka dinako tse dingwe bo ka nna jwa tsaya dingwaga, bo tlhagisa matshwao a a tshwanang le bolwetse jo jwa letsapa le le tseneletseng la mmele. Mo maemong a a sa tlwaelegang, motho a ka nna a swa ka go bo madi a sa elele sentle mo mmeleng, mathata a go hema kgotsa go ema pelo kgotsa go felelwa ke metsi mo mmeleng. Mme gantsi fa seno se direga, ya bo e le ka go bo motho a jele dikarolo tse di nang le botlhole thata tse di jaaka tlhogo kgotsa mateng a tlhapi.

 Masaitseweng a a sa Feleng

Mo e ka nnang ditlhapi tsotlhe tse di nnang mo dikoraleng le tse di di tsomang di ka nna le botlhole jwa cigua. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le se se sa tlhaloganngweng ka seno. Ditlhapi tsa lefelo le lengwe la dikorale di ka tswa di na le botlhole jo bontsi mme one mofuta oo wa ditlhapi tse di tshwereng mo lefelong lengwe le le gaufi di ka tswa di se na botlhole. Mefuta ya ditlhapi e gantsi go tsewang gore e baka bolwetse jwa CFP e ka nna ya bo e tsewa e se na botlhole mo karolong e nngwe ya lefatshe. E re ka botlhole jo bo ntshiwang ke di-dinoflagellate bo sa tlhomama gore bo nna teng leng, go ka se ka ga tlhomamisiwa gore tlhapi e tla nna leng le botlhole.

Se se gakatsang dilo le go feta ke gore ga go ise go bonwe tsela e e sa tureng ya go tlhatlhoba ditlhapi tse di nang le botlhole e e ka ikanngwang. Se baitse ba tsa boitekanelo ba ka se dirang fela gone jaanong ke go itsise batho gore ba tile ditlhapi dife le go ba bolelela gore ke tse di tshwarwang kae—e leng tshedimosetso e e ikaegileng ka bolwetse jwa CFP jo bo begilweng. Mofuta wa ditlhapi tse go belaelwang gore ke tsone tse di ka bakang bolwetse jono ke ditlhapi tsa barracuda, grouper, kingfish, red bass, rockfish, snapper le moray eel. Gantsi ditlhapi tse di kgolwane di kotsi thata. Mo mafelong mangwe ga go a letlelelwa kafa molaong go rekisa ditlhapi tse di ka tswang di le kotsi. Le fa go ntse jalo, ditlhapi tsa lewatle tse di sa jeng ditlhapi tse di tshelang dikorale le ditlhapi tsa metsi a a seng mogote gantsi di tsewa di se kotsi.

Go akanngwa gore bolwetse jwa CFP bo tla oketsega. Lebaka le lengwe ke gore, dikorale tse di suleng di dira gore di-dinoflagellate tse di kotsi di oketsege mme dipego di bontsha gore go na le dikorale di le dintsi tse di lwalang kgotsa tse di swang.

Le fa gone go sa itsiwe gore ke leng motho a leng mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa CFP, o ka fokotsa kotsi ya gone ka go latela melaometheo mengwe ya konokono. (Bona lebokoso le le fa godimo.) Arebonto o batlile a swa ka gonne ga a ka a latela dikaelo tseno. O ile a ja tlhogo le nama ya mofuta wa tlhapi o o bidiwang rockfish o go itsegeng gore ke tlhapi e e kotsi thata. O ne a ile a ja mofuta oo wa tlhapi mo nakong e e fetileng mme a se ka a direga sepe, mme jaaka baagi ba le bantsi ba ditlhaketlhake, o ne a simolola go itshepa thata.

A pego eno e kaya gore o tshwanetse go tila dijo tsa lewatle, gongwe fa o etetse mafelo boboatsatsi? Le e seng. Se se molemo se o ka se dirang ke go ela tlhoko ditlhagiso mme o tlhophe tlhapi ya gago ka kelotlhoko.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 E re ka gantsi bolwetse jono bo sa lemogiwe sentle e bile bo sa begiwe ka botlalo, ga go itsewe gore bo aname go le kana kang mo lefatsheng. Balaodi ba le mmalwa ba ile ba fopholetsa gore go na le batho ba ba ka nnang 50 000 ba ba amiwang ke bolwetse jono mo lefatsheng lotlhe ngwaga le ngwaga.

^ ser. 9 Mofuta wa di-dinoflagellate ke Gambierdiscus toxicus.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

Matshwao a a Tlwaelegileng

▪ Letshololo, go feroga sebete, go tlhatsa, go longwa ke mala

▪ Go gatsela, go fufula, go tsewa ke sedidi, go opiwa ke tlhogo, le go babelwa

▪ Go swa bogatsu kgotsa go ikutlwa o tsikitlega mo leganong, mo diatleng kgotsa mo dinaong

▪ Go fetoga ga tsela e ditemosi di dirang ka yone—fa go le tsididi o utlwa mogote, fa go le mogote o utlwa botsididi

▪ Go opa ga mesifa, ditokololo le go utlwa botlhoko fa o tlhapologa

▪ Go iteela kwa tlase ga pelo, go nna le kgatelelo e e kwa tlase ya madi, letsapa le legolo

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

Go Fokotsa Dikotsi Tsa go Tshwarwa ke Bolwetse Jono

▪ Botsa lephata la madirelo a ditlhapi kgotsa batho ba ba itseng ka ditlhapi gore ke tsefe tse o tshwanetseng go di tila le gore ke mafelo afe a go tshwarwang ditlhapi tse di nang le botlhole gone.

▪ Tila go ja tlhapi e e tswang kwa mafelong a go sa tswang go begwa gore go na le bolwetse jwa ciguatera kwa go one.

▪ Tila go ja ditlhapi tse di godileng thata tse di fitlhelwang mo matlapeng a a mo metsing.

▪ O se ka wa ja tlhogo, sebete kgotsa mateng a mangwe.

▪ Fa o sena go tshwara tlhapi e e fitlhelwang mo matlapeng a a mo metsing, ntsha mateng a yone sentle.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Ditlhapi tse gantsi di bakang bolwetse jono

(MAINA ANO A KA FAROLOGANA LE A O A ITSENG)

Barracuda

Grouper

Rockfish

Snapper

Kingfish

Moray eel

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

“Dinoflagellate,” e baka botlhole

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 20]

All fish except eel: Illustrated by Diane Rome Peebles - Provided by the Florida Fish and Wildlife Conservation Commission, Division of Marine Fisheries Management; eel: Photo by John E. Randall; dinoflagellate: Image by D. Patterson and R. Andersen, provided courtesy of micro*scope (http://microscope.mbl.edu)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Fish backgrounds: Illustrated by Diane Rome Peebles - Provided by the Florida Fish and Wildlife Conservation Commission, Division of Marine Fisheries Management