Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

 Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Mo e ka nnang bana ba le dimilione di le thataro ngwaga le ngwaga—a le mongwe metsotswana mengwe le mengwe e le metlhano—ba swa ka gonne ba sa bona dijo tse di lekaneng.”—JAMES T. MORRIS, MOTSAMAISIMOGOLO WA WORLD FOOD PROGRAMME

Kgwanyape ya Katrina, e e neng ya itaya karolo e e kafa borwa ya United States ka August 2005, go begwa gore e bolaile batho ba feta 1 300.—THE WASHINGTON TIMES, kwa U.S.A.

Thoromo ya lefatshe e e neng ya direga kwa karolong e e kafa bokone ya Pakistan le India ka October 2005 e bolaile batho ba feta 74 000.—BBC NEWS, kwa BORITANE.

Pego nngwe e bontsha gore “ngwaga le ngwaga go swa mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 1,2 mo dikotsing tsa tsela mo lefatsheng lotlhe.”—SOUTH AFRICAN MEDICAL JOURNAL, mo AFRIKA BORWA.

Matlotlo a a Bakang Mathata

Baeteledipele ba Kereke ya Katoliki ya Roma ga ba itse gore ba dire eng go sireletsa ditshwantsho tse dintle tsa botaki tsa ditiragalo tsa motlha wa fa Peru e ne e sa ntse e le kolone, tse di kgabisitseng dikereke tsa Peru. Mo dingwageng di le thataro tse di fetileng, magodu a ntse a tlhasetse mo dikerekeng di le 200. Mo dingwageng di le 15 tse di fetileng, kwa lefelong le le bidiwang Cuzco go ile ga utswiwa ditshwantsho di ka nna 5 000 tsa botaki, thatathata tse di takilweng go dirisiwa oli. Ga go na yo o itseng gore mo nageng yotlhe go utswilwe ditshwantsho di le kae. Go thibela bogodu jono, dikereke dingwe di ile tsa fitlha ditshwantsho tsa tsone tsa botaki mo mafelong a a seng mo boemong jo bontle go le kalo. Mo kerekeng nngwe dingwe tsa ditshwantsho tsa teng tse di takilweng go dirisiwa oli di ne tsa jewa ke diphologotswana tsoolosika loopeba.

Finland E na Le Mathata A go Se Nne le Badiri ba ba Lekaneng

Maphata a madirelo le a ditirelo kwa Finland a batlana le badiri ba ba ithutetseng ditiro dingwe, tse di tshwanang le go betla ka logong, go bereka ka dipeipi tsa metsi, go momaganya ditshipi (welding), go aga ka ditena, go baakanya dikoloi, go baakanya metšhini, le baoki. Ka ntlha yang? Lokwalodikgang lwa Helsingin Sanomat lo tlhalosa gore go ntse go gatelelwa thata gore batho ba tshwanetse go bona thutego ya maemo a a kwa godimo. Heikki Ropponen wa Federation of Finnish Retailers a re: “Ga go dire tlhaloganyo go dira gore kokomana yotlhe ya batho e nne dingaka le bomankge mo botaking le saense. Selo se se botlhokwa thata ke go ithutela ditiro tse dingwe tsa go direla.”

Tshwetso e e Itumedisang ya Kgotlatshekelo Kwa France

Ka December 1, 2005, Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Paris e ne ya laela tona ya merero ya selegae ya France gore e letle Basupi ba ga Jehofa go bona makwalo a mapodise, a ka 1996 a neng a bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go lejwa e le “lekoko le le kotsi.” Batho mo setšhabeng ba ne ba sa itse sepe ka go kwalwa ga makwalo ano, e bile diteng tsa one di ne tsa nna di fitlhilwe go twe ke go ‘sireletsa Puso le setšhaba.’ Le fa go ntse jalo, kgotlatshekelo e ne ya fitlhela gore “mokgwa o o ileng wa dirisiwa go sekaseka” ditiro tsa Basupi jaaka fa o tlhalosiwa mo makwalong ano e ne “e se o o ka tsewang tsiya.” Mme le fa go ntse jalo, go ile ga nna ga dirisiwa makwalo ano gangwe le gape go bontsha gore go siame go gatelela Basupi ba ga Jehofa kwa France.

“Lobota lo Logolo Lwa Dimela”

Go senngwa ga dijalo ke diphologolo fa di fula mo lefelong le le lengwe lobaka lo loleele, komelelo, go rengwa ga dikgwa, le go dirisiwa ga metswedi ya metsi ka tsela e e feteletseng di dira gore karolo e kgolo ya China e nne lefelo le le tletseng dithole. Ka gone, New Scientist e bolela gore puso ya China e simolotse “porojeke e kgolo go gaisa epe e e kileng ya dirwa mo lefatsheng lotlhe ya go sireletsa ditshedi le mafelo a di leng mo go one. Mo thulaganyong eno, e e ileng ya itsiwe e le ‘lobota lo logolo lwa dimela,’ go ile ga jalwa ditlhare ka selekanyo se segolo thata go leka go thibela dithole.” Gape go jalwa le bojang le ditlhatshana go dira gore mmu o se ka wa gogolega. Porojeke eno, e e simolotseng ka 1978, e go neng go beilwe mokgele mo go yone wa gore go jalwe karolo e e dirang diheketara di le dimilione di le 35 ka ditlhare le dijalo tse di kgonang go emelana le komelelo, e setse e fitlhile mo bogareng jwa yone.