Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshingwana ya Mokgwa wa Bogologolo ya Bontle Jo bo Sa Tlwaelegang

Tshingwana ya Mokgwa wa Bogologolo ya Bontle Jo bo Sa Tlwaelegang

 Tshingwana ya Mokgwa wa Bogologolo ya Bontle Jo bo Sa Tlwaelegang

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA GUADELOUPE

BA NE ba nna mo lefelong le lentle mme ba sa itumelele bontle jwa lone. Baafrika ba ba tlhokileng lesego ba le diketekete ba ba neng ba gapiwa ka dikgoka go tswa kwa nageng ya bone ba bo ba isiwa kwa Guadeloupe le Martinique ba ne ba le mo seemong se se ntseng jalo go tloga mo lekgolong la bo17 la dingwaga go ya pele. Botshelo jotlhe jwa bone, ba ne ba fetsa nako e ntsi ya bone ba bereka mo masimong a ntšhe e le makgoba mo ditlhaketlhakeng tseno tsa Caribbean.

Beng ba le bantsi ba dipolasi tseno tsa ntšhe mo ditlhaketlhakeng tseno ba ne ba sa tlamele makgoba a bone ka dijo, ka gone makgoba a ne a itemela ditshingwana. Ba ne ba setse ba na le tiro e ntsi thata, mme gone ba ne ba tla kgona go jala dijo tse ba di ratang. Ba ne ba jala cassava, di-yam le dijo tse dingwe tse di neng di le monate e bile di na le dikotla go gaisa dijo dipe fela tse ba neng ba ka di fiwa ke beng ba bone. Gape ba ne ba jala ditlhatshana tse ba neng ba dira melemo ya kalafi ka tsone mmogo le ditswaiso tsa go natetsha dijo.

Ka 1848, puso ya Fora e ne ya fedisa bokgoba mo ditlhaketlhakeng tseno, mme makgoba ano a a neng a sa tswa go gololwa a ne a tswelela pele a lema ditshingwana tsa one. Gompieno batho ba kwa Guadeloupe le Martinique, ba bontsi jwa bone e leng ditlogolwana tsa Baafrika bano ba ba neng ba bereka ka natla, ba sa ntse ba lema ditshingwana tse gone jaanong di bidiwang ditshingwana tsa Creole.

Sekgwa se Sennye sa Pula

Gantsi malapa a makgoba a ne a na le mefuta e le mebedi ya ditshingwana. Tshingwana ya merogo e ne e jalwa kgakalanyana le ntlo. Tshingwana e nngwe, e e bidiwang jardin de case mo ditlhaketlhakeng tseno, e ne e jalwa gaufi fela le ntlo, mme tshingwana ya segompieno ya  Creole le yone e ntse jalo. Tshingwana eno e tletse ka malomo, tlhaga, ditlhare le ditlhatshana tse di kitlaneng jaaka dimela tse di tlhogang mo sekgweng sa pula. E re ka dimela di tletsetletse gongwe le gongwe, fa o bona ditshingwana tseno o ka nna wa akanya gore le fa gone di le dintle ga di a rulaganngwa sentle. Mme tshingwana eno yone e rulagantswe sentle e bile e kgaogantswe ka dikarolwana. Ditselana tse di tshesane di thusa molemi wa tshingwana gore a kgone go fitlhelela dimela tsa gagwe tsotlhe.

Tshingwana eno e simologa go tswa kafa morago ga ntlo go ela kwa pele ga yone, koo e fitlhang e nna lefelo le le kgatlhang thata la go amogela baeng. Fa baeng ba goroga, ba lelapa ba ba amogela ba le mo gare ga ditlhare tse di mebalabala tsa crotons, golden-trumpets, le mo matlhareng a mmala o o galotseng a bougainvillea le ixora.

Ditlhatshana tse di dirisediwang go dira melemo ya kalafi tsone di fitlhelwa mo dikarolong tse dingwe tsa tshingwana ya Creole, mo dikarolong tse gantsi di welwang ke moriti wa ntlo. Dimela tsa basil, cinnamon, goatweed, bay leaf le jack in the bush, ke dingwe tsa dimela tse dintsintsi tse di dirisediwang melemo ya kalafi mo ditlhaketlhakeng tseno. Lemon grass le yone e jalwa mo tshingwaneng eno, mme fa o fisa matlhare a yone a a omisitsweng, mosi wa teng o leleka menang.

Batho ba le bantsi mo ditlhaketlhakeng tseno ba tsaya kitso e ba nang le yone ya dimela tsa melemo ya kalafi e le botlhokwa thata. Mo nakong e e fetileng fa mongwe a ne a lwala kgotsa a gobala, gantsi ngaka e ne e le kgakala thata. Ka gone ditlhatshana tsa melemo ya kalafi tsa mo tshingwaneng ya Creole di ne di thusa batho gore ba ikalafe. Ditlhare tseno di sa ntse di dirisiwa mo go tsa kalafi, mme gone go ikalafa ka ditlhatshana go ka nna kotsi. Setlhatshana sa kalafi se se sa dirisiweng sentle se ka nna sa lwatsa molwetse le go feta go na le go mo fodisa. Ka gone, baagi ba gone jaanong ba ditlhaketlhake tseno gantsi ba kopa kalafi mo bathong ba ba thapiseditsweng tiro eno.

Karolo ya konokono ya tshingwana ya Creole, e e kafa morago ga ntlo, e dirisediwa go lema dijo. Mo go yone o tla fitlhela go jetswe di-yam, di-eggplant, mmidi, spleen amaranth, garden lettuce, le dijalo tse dingwe mmogo le ditswaiso tse di dirisediwang go apaya dijo tseno tse di jetsweng gaufi le tsone. Ditlhare tsa dipanana le tsone di a tlhoga fano, mme o ka nna wa bona gape le ditlhare tsa breadfruit, avocado, guava kgotsa menku.

Bontle Jwa Tsone bo a Gogela

Fa o tsamaya gaufi le tshingwana ya Creole, bontle jwa yone bo ka nna jwa go gogela gore o batle go e keleka le go feta. Fa o setse o le mo teng ga yone, o ka itumelela go bona malomo le matlhare a a rulaganeng sentle fa letsatsi le ntse le phatsimisa mebala ya one. Go sa ntse go le jalo, pheswana e e tsiditsana e dira gore go nne le motswako wa menko e e monate e e ka se bapisiweng le ya dinkgisamonate tse di itiretsweng. Ee, o itumelela tshingwana eno le fa gone o etile fela. Akanya fela ka boitumelo jo mong wa tshingwana eno a nang le jone ka gonne a kgona go ipha nako a le mo tshingwaneng ya gagwe letsatsi le letsatsi!

A tshingwana ya Creole e tla nna e ntse e le gone? Baagi bangwe ba mo ditlhaketlhakeng tseno ba utlwisiwa botlhoko ke go bona basha ba sa kgatlhegele go tlhokomela ditshingwana tseno tse dintle tse di solegelang molemo. Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi, mmogo le batho ba ba godileng, ba tsaya tshingwana eno mmogo le bokao jwa yone jwa setso di le botlhokwa thata. Tshingwana nngwe le nngwe ya Creole e gakolola batho kafa makgoba a Baafrika a ileng a sola maemo a bone a a thata molemo ka gone.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

LEFOKO “CREOLE” LE KAYA ENG?

Lefoko “Creole” pele le ne le kaya batho ba ba tlholegileng kwa Yuropa ba ba neng ba belegelwa kwa dinageng tsa Amerika, mme lefoko leno le ile la nna le bokao bo le bontsi jo bo farologaneng. Ba-Haiti bangwe ba dirisa “Creole” go tlhalosa sengwe se sentle thata kgotsa sa boleng jo bo kwa godimo. Dipuo dingwe kwa Jamaica, Haiti, le mafelo a mangwe di bidiwa Creole. Totatota, creole ke puo e e tlholegileng ka go kopanngwa ga dipuo tse di farologaneng mme e bo e fetoga go nna puo ya tlholego ya setlhopha seo sa batho ba ba e buang.

“Creole” gape e ile ya kaya tsela e e rileng e batho bangwe ba tshelang ka yone, e leng setso sa batho se se ileng sa tlholega mo ditlhaketlhakeng di le dintsi tsa Caribbean. Kwa Puerto Rico le kwa Dominican Republic, lefoko le le amanang le leno la Se-Spain la criollo le na le bokao joo. Kwa Caribbean, ditlogolwana tsa Baafrika ba ba tlholegang fano, le Bayuropa ba ile ba kopakopana ba bo ba nyalelana fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta, ba nna le bana ba bantle le ditso tse di kgatlhang thata. Tshingwana ya Creole ya kwa Guadeloupe le Martinique e ile ya teelelwa ka tsone ditso tseno.

 [Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ditshwantsho tse di mo gare (go tswa kwa godimo): “alpinia,” pepere, peinapole, “cacoa” le kofi