Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

 Ditiragalo Tsa Lefatshe

Kwa Brazil, go dirisiwa ga diokobatsi tsa amphetamine go fokotsa boima jwa mmele ka go dira gore motho a se ka a nna le keletso ya dijo go ile ga oketsega ka diperesente di le 500 go tloga ka 1997 go fitlha ka 2004.—FOLHA ONLINE, kwa BRAZIL.

Bakgweetsi ba difofane ba mo kotsing go menagane gararo go feta ba bangwe, ya go nna le bolwetse jwa go fifala ga thaka ya leitlho (cataracts), gongwe e le ka gonne ba tsenwa thata ke marang a a nang le diatomo a a tswang ka kwantle ga lefaufau.—THE WALL STREET JOURNAL, kwa U.S.A.

Mo dingwageng di le lesome tse di tlang, mo e ka nnang halofo ya bana ba le dibilione di le 1,27 ba Asia ba tla bo ba se na dilo tsa konokono tse ba di tlhokang tse di tshwanang le metsi a a phepa, dijo, tlhokomelo ya kalafi, thuto, le mo ba nnang teng.—PLAN ASIA REGIONAL OFFICE, kwa THAILAND.

Mosi wa motsoko o o hengwang ke motho yo o sa gogeng “o kotsi thata go feta jaaka batho ba akanya.” Dikgwedi di le 18 morago ga gore go tlhongwe molao kwa Pueblo, Colorado, kwa U.S.A., o o thibelang batho go goga mo diofising, mo diresetšhurenteng, le mo mafelong a mangwe a a sa bulegang, palo ya malwetse a pelo mo baaging ba koo e ne ya fokotsega ka diperesente di le 27.—TIME, kwa U.S.A.

Manyalo a a Thubegang a Ntse a a Oketsega Kwa Spain

Ka ngwaga wa 2000, palo ya manyalo e ne ya menagana sebedi kwa Spain, mme le palo ya dikgaogano le ditlhalo le yone ya gola fela jalo. Mme ka 2004, manyalo a le mabedi mo go mangwe le mangwe a le mararo a ne a thubega. Fa e sale ka 1981, fa melao e e letlang tlhalo e ne e simolola go bereka, bana ba feta milione ba ile ba bona batsadi ba bone ba kgaogana. Ke eng se se bakang koketsego eno ya manyalo a a thubegang? Go ya ka moithutatlhaloganyo e bong Patricia Martínez, “selo se segolo se se dirang gore manyalo a bo a kgwetlha jaana ke go fetoga ga setso, go nyelela ga melao ya boitshwaro le ya bodumedi, go bo basadi ba bereka, le go bo banna ba sa dirisane le basadi ba bone mo go direng ditiro tsa lelapa.”

Bokima jo bo Feteletseng Kwa China

Lokwalodikgang lwa The Guardian lwa kwa Lontone lo bega gore “mo dingwageng di le 10 tse di tlang go tla bo go na le batho ba le dimilione di le 200 ba bakima ka tsela e e feteletseng” kwa China. Diresetšhurente “di bonwa gongwe le gongwe fela mo ditoropong di le dintsi—palo e e ntseng e oketsega ya batho ba ba sa direng tiro e e dirang gore ba itshidile mmele ga ba itshidile, ba fetsa nako e ntsi ba kgweetsa, le go senya nako e ntsi ba ntse fela mo pele ga dithelebishene, dikhomputara le metshameko ya bidio.” Palo ya bana ba go tsewang ba le bakima ka tsela e e feteletseng e oketsega ka diperesente di le 8 ngwaga le ngwaga, mme kwa Shanghai diperesente di feta 15 tsa bana ba sekolo sa poraemari ba setse ba le bakima ka tsela e e feteletseng.

Metsi a Noka a Bontsha Gore Go na Le Tiriso e e Feteletseng ya Diokobatsi

Patlisiso nngwe e e neng ya gatisiwa mo makasineng wa Environmental Health e tlhalosa gore metsi mangwe a a neng a tsewa kwa Nokeng ya Italy ya Po mme a tlhatlhobiwa a bontsha gore baagi ba ba nnang mo mokgatšheng wa noka eno ba dirisa cocaine e ntsi go feta e go ntseng go akanyediwa gore e a dirisiwa. Batho ba ba dirisang cocaine ba ntsha benzoylecgonine mo motlhapong wa bone. Gantsi kwa kgotlatshekelo fa go ka bonwa khemikale eno mo mothong seno se dirisiwa go supa gore motho o ntse a goga cocaine. Selekanyo sa khemikale eno se se tsenang mo nokeng eno ka mosele wa leswe se bontsha gore mo karolong eno e metsi a kopanelang mo go yone go tsena mo e ka nnang dikilogerama di le nnè tsa cocaine, kgotsa dilekanyo di ka nna 40 000 letsatsi le letsatsi—e leng selekanyo se se fetang se se neng se akanyediwa mo nakong e e fetileng go menagane ga 80.

Dintsho Tse di Bakwang ke Dilo Tse di Neng di ka Thibelwa

Pego nngwe e e ntshitsweng ke World Health Organization ka 2005 ya re: “Monongwaga, mo e ka nnang bana ba le dimilione di le 11 ba dingwaga tse di kafa tlase ga di le tlhano ba tlile go swa ba bolawa ke dilo tse bontsi jwa tsone di neng di ka kgona go thibelwa.” Diperesente di ka nna 90 tsa dintsho tseno di bakwa ke dilo di le mmalwa fela: maemo a a kotsi a a amanang le masea a a sa tswang go tsholwa a a jaaka go tsholwa pele ga nako, go tshwaediwa ke megare, le go hupelwa ka nako ya tsalo; go tshwaetsega ga dirwe tsa go hema, bogolo jang nyumonia; letshololo; malaria; mmokwane; le HIV/AIDS. Pego eno e bontsha gore “bontsi jwa dintsho tseno di ka kgona go thibelwa ka go dirisa mekgwa ya gone jaanong ya kalafi e e sa raraanang, e e sa tlhokeng madi a mantsi e bile e bereka.” Mo godimo ga moo, basadi ba feta halofo ya milione ngwaga le ngwaga ba swa ka nako ya fa ba imile kgotsa fa ba tshola ngwana, thatathata e le ka ntlha ya “go se newe tlhokomelo e e tshwanetseng ke baitse.”