Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Godisa Bana ba ba Tlhokang Tlhokomelo e e Kgethegileng

Go Godisa Bana ba ba Tlhokang Tlhokomelo e e Kgethegileng

 Go Godisa Bana ba ba Tlhokang Tlhokomelo e e Kgethegileng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

Markus wa dingwaga di le 20 (yo o kafa molemeng) ga a kgone go ja, go nwa kgotsa go itlhapisa a sa thusiwe ke ope. Ga a robale sentle mme o tlhoka go tlhokomelwa ka botlalo bosigo jotlhe. E re ka go direga thata gore a tlhagelwe ke kotsi, ka metlha o nna a tlhoka thuso ya potlako. Mme gone, batsadi ba ga Markus ba mo rata fela thata. Ba rata thata tsela e a leng bonolo, pelonomi le lorato ka yone. Ba ikutlwa ba le motlotlo ka morwaabone le fa gone a golafetse.

WORLD HEALTH ORGANIZATION e fopholetsa gore mo e ka nnang diperesente di le 3 tsa batho ba ba mo dinageng tse di tlhabologileng ba na le mofuta mongwe wa bolwetse jwa tlhaloganyo. Go nna le bothata jwa tlhaloganyo go ka bakwa ke mathata a dijini, go gobala ga ngwana ka nako ya fa a tsholwa, go tshwaediwa ga boboko ke megare fa a sa le monnye, go tlhaela dikotla, go amiwa ke diokobatsi, bojalwa kgotsa ke dikhemikale dingwe. Mo makgetlong a le mantsi, gantsi bothata jo bo bakang seno ga bo itsiwe. Go utlwala jang go nna batsadi ba ngwana yo o tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng? Batsadi ba bana ba ba ntseng jalo ba ka kgothadiwa jang?

Fa ba Bolelelwa Dikgang Tseno Tse di Seng Monate

Mathata a simologa fa batsadi ba utlwa gore ngwana wa bone o na le bothata jwa tlhaloganyo. Sirkka o gakologelwa jaana: “Fa nna le monna wa me re ne re utlwa gore morwadiarona o na le bolwetse jwa Down syndrome, re ile ra ikutlwa jaaka e kete re wetswe ke ntlo ya bo ya re ribegetsa.” Mmaagwe Markus, e bong Anne a re: “Fa ke ne ke bolelelwa gore morwaake o ne a tlile go nna le bothata jwa tlhaloganyo, ke ne ke ipotsa gore batho ba bangwe ba ne ba tlile go mo tsaya jang. Mme ka bonako fela ke ne ka tlogela go tshwenyega ka seno mme ka tlhoma mogopolo mo dilong tse a di tlhokang le se nka kgonang go mo direla sone.” Irmgard le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Fa dingaka di ne di mpolelela ka bothata jwa morwadiake e bong Eunike, ke ne ke akanya fela ka kafa nka thusang mosetsanyana wa me ka teng.” Ke eng se batsadi ba ba tshwanang le Sirkka, Anne le Irmgard ba ka se dirang fa ba sena go utlwa gore ngwana wa bone o na le bothata jono?

Setheo sa United States sa National Dissemination Center for Children With Disabilities, se gakolola gore, “selo sa ntlha se o ka se dirang ke go batla tshedimosetso e e malebana le bogole jwa ngwana wa gago, gore ke thuso efe e e leng gone, le ka dilo tse di rileng tse o ka di dirang go thusa ngwana wa gago go gola ka botlalo ka mo go ka kgonegang ka teng.” Go dirisa tshedimosetso eno go ka go thusa gore o nne le boikaelelo le go go kaela fa o ntse o tlhokomela ngwana wa gago. Go tshwana le go dirisa mmapa go tshwaya kgatelopele e o e dirang mo mosepeleng, o tshwaya sekgala se o se tsamaileng le mafelo a o a fetileng.

Go Nna le Tsholofelo

Go sa kgathalesege mathata a o lebanang le one, o ka nna le tsholofelo mo nakong e e thata ya  go tlhokomela ngwana yo o nang le bothata jwa tlhaloganyo. Jang?

Sa ntlha, batsadi ba ka ikutlwa ba gomodiwa ke go itse gore bontsi jwa bana ba ba ntseng jalo ga se gore ba a boga. Dr. Robert Isaacson o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe ya The Retarded Child: “Bontsi jwa bone ba kgona go itumela, ba itumelela go kopana mmogo le batho ba bangwe, go reetsa mmino, go tshameka motshameko mongwe, go ja dijo tse di monate le go nna le ditsala.” Le fa ba sa kgone go fitlhelela go le gontsi e bile ba sa dirisane thata le batho jaaka bana ba bangwe, gantsi ba nna ba itumetse thata go feta bana ba ba kgonang go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng.

Sa bobedi, batsadi ba ka nna ba ikutlwa ba le motlotlo fa bana ba bone ba kgonne go fitlhelela dilo dingwe tse go neng go le thata gore ba di dire. Sengwe le sengwe se sesha se ba ithutang go se dira se tshwana le gore ba palama thota e e goletseng kwa godimo, mme fa ba fitlheletse se ba neng ba se ithuta ba a itumela mmogo le batsadi ba bone. Ka sekai, Bryan o tshwerwe ke bolwetse jwa tuberous sclerosis, o a ngatega e bile ga a kgone go bua le go tlwaelana le batho ba bangwe. Le fa gone a le botlhale, ga a kgone go bua e bile o kgona go laola matsogo a gagwe go se kae fela. Le fa go ntse jalo, o ile a ithuta ka iketlo go nwa se se mo koping ya gagwe a sa tsholole sepe. Go kgona ga ga Bryan go laola tlhaloganyo ya gagwe le mmele ka tsela eno go mo thusa gore a kgone go nwa mashi a a a ratang thata, a sa thusiwe ke ope.

Rraagwe Bryan le mmaagwe ba leba bokgoni jono jwa gagwe e le selo se sengwe gape se sennye se a kgonneng go se dira go sa kgathalesege gore o na le bothata jwa tlhaloganyo. Mmaagwe e bong Laurie a re: “Re tsaya morwaarona jaaka e kete ke setlhare sa hardwood mo sekgweng. Le fa gone setlhare seno se sa gole ka bonako jaaka ditlhare tse dingwe, se ntsha legong le le botlhokwa thata. Ka tsela e e tshwanang, bana ba ba nang le bothata jwa tlhaloganyo le bone ba gola ka bonya. Mme mo batsading ba bone ba nna jaaka ditlhare tse dinnye tsa oak le tsa teak tsa boleng jo bo kwa godimo.”

Sa boraro, dipelo tsa batsadi ba le bantsi di itumedisiwa ke tsela e go lebegang bana ba bone ba le lorato ka yone. Irmgard a re: “Eunike o rata go ya go robala go sa le gale maitseboa mme ka dinako tsotlhe o atla mongwe le mongwe mo lelapeng pele ga a ya go robala. Fa a ka ya go robala pele ga re goroga kwa gae, o tla bo a kwala molaetsa o mokhutshwane a kopa maitshwarelo go bo a ile a ya go robala re ise re tle. O tla bo a oketsa ka go bolela gore o a re rata le gore o lebeletse pele go re bona mo mosong.”

Markus ga a kgone go bua, le fa go ntse jalo o ile a iteka ka natla gore a ithute mafoko a se kae ka puo ya diatla gore a bolelele batsadi ba gagwe gore o a ba rata. Batsadi ba ga Tia, yo o nang le bogole jwa go se gole sentle, ba ne ba tlhalosa maikutlo a bone jaana: “O re bontsha lorato, o a re tlamparela e bile o a re atla.” Ga go pelaelo gore bana botlhe ba ba ntseng jalo ba tlhoka go nna le batsadi ba ba ba bontshang lorato thata—ba ba bolelele gore ba a ba rata le go ba direla dilo tse di supang gore ba a ba rata.

Sa bonè, batsadi ba e leng Bakeresete ba ikutlwa ba kgotsofetse thata fa ngwana wa bone a bontsha gore o dumela mo Modimong. Sekai sengwe ke sa ga Juha. Kwa phitlhong ya ga rraagwe, o ne a gakgamatsa mongwe le mongwe yo o neng a le gone ka go kopa gore a newe tshono ya go rapela. Mo thapelong ya gagwe e khutshwane, Juha o ne a bua ka tumelo ya gagwe ya gore rraagwe o tla nna a gakologetswe ke Modimo le gore o tla mo tsosa mo baswing ka nako e e tshwanetseng. Morago ga moo, o ne a kopa Modimo gore a thuse ba lelapa la gagwe, a umaka mongwe le mongwe wa bone ka leina.

Go bontsha ga ga Eunike gore o tshepa Modimo le gone go dira gore batsadi ba gagwe ba itumele. Eunike ga a kgone go tlhaloganya sengwe le sengwe se a se ithutang. Ka sekai, o itse batho ba le bantsi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, mme ga a kgone go ba amanya le tshedimosetso nngwe mo mogopolong wa gagwe—fela jaaka dikarolwana tsa puzzle tse di sa kgoneng go dira setshwantsho se se feletseng. Le fa go ntse jalo, o tlhaloganya kgopolo ya gore ka letsatsi lengwe Modimo Mothatayotlhe o tla tlosa mathata otlhe mo lefatsheng. Eunike o lebeletse pele go tshela mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng, koo a tla bong a kgona go dirisa tlhaloganyo ya gagwe ka botlalo teng.

 Go ba Thusa Gore ba Itirele Dilo ka Bobone

Bana ba ba nang le bothata jwa tlhaloganyo ga e nnele bana ruri—ba feleletsa e le bagolo ba ba nang le bothata jwa tlhaloganyo. Ka gone, batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng gore ba leke go itirela dilo ka bobone. Mmaagwe Markus e bong Anne, a re: “Go ne go le motlhofo e bile go le bonako gore re direle Markus sengwe le sengwe. Le fa go ntse jalo re ile ra leka thata gore re mo thuse go itirela go le gontsi go ya kafa a ka kgonang ka teng.” Mmaagwe Eunike o oketsa ka go re: “Eunike o na le dinonofo di le dintsi tse di molemo, mme ka dinako tse dingwe o bodipa. E le gore a dire sengwe se a sa batleng go se dira, re tshwanetse ra mo kgothatsa gore a se dire ka gonne a batla go re itumedisa. Tota le fa a sena go dumela go dira selo seo, re tshwanetse ra mo sala morago le go mo kgothatsa go fitlha a bo a fetsa go se dira.”

Mmaagwe Bryan e bong Laurie, o nna ka dinako tsotlhe a batla ditsela tsa go dira gore botshelo jwa ngwana wa gagwe e nne jo bo kgotsofatsang. Mo dingwageng di le tharo, Laurie le monna wa gagwe ba ile ba thusa Bryan go ithuta go tlanya. Gone jaanong Bryan o kgona go romelela ditsala tsa gagwe le ba losika di-e-mail, mme seno se mo kgotsofatsa fela thata. Mme gone o tlhoka mongwe yo o ka tshegetsang malokololo a gagwe a diatla fa a ntse a tlanya. Batsadi ba gagwe ba mo thusa go gatela pele go fitlha mo a tla tlhokang gore a tshegediwe sekgono fela. Ba a itse gore fa a setse a tlhoka go tshegediwa mo sekgonong fela, seo se tla bo se bontsha gore o gatetse pele tota mo go itireleng dilo ka boene.

Le fa go ntse jalo, batsadi ga ba a tshwanela go lebelela go le gontsi kgotsa go pateletsa ngwana wa bone thata go gatela pele. Ngwana mongwe le mongwe o na le bokgoni jo bo sa tshwaneng le jwa yo mongwe. Buka ya The Special Child e akantsha jaana: “Tsela e e molemo ke gore batsadi ba leke go thusa bana ba bone go itirela dilo mme ka go dira jalo ba tla bo ba ba thusa gore ba se ka ba tlalelwa.”

Motswedi o Mogolo Thata wa Thuso

Batsadi ba bana ba bone ba nang le bothata jwa tlhaloganyo botlhe fela ba tlhoka bopelotelele jo bogolo le boitshoko. Fa ba ntse ba lebana le bothata mo godimo ga bothata jo bongwe, batsadi ba le bantsi ba nna le dinako tsa go tlalelwa. Gantsi letsapa le ba nnang le lone le feleletsa le ba amile ka tsela e e sa siamang. Ba a lela, mme ka dinako tse dingwe ba ikutlwela botlhoko. Ke eng se se ka dirwang?

Batsadi ba ka kopa thuso mo Modimong, “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) A ka ba naya bopelokgale, tsholofelo le maatla a gore ba itshoke. (1 Ditiragalo 29:12; Pesalema 27:14) O gomotsa dipelo tsa rona tse di utlwileng botlhoko, mme o batla gore re “itumele mo tsholofelong” e re e newang ke Baebele. (Baroma 12:12; 15:4, 5; 2 Bakorintha 1:3, 4) Batsadi ba ba boifang Modimo ba ka nna le tshepo ya gore mo isagweng, fa ‘difofu di bona, bosusu ba utlwa, ditlhotsa di tsamaya le ba ba sa kgoneng go bua ba goa ka boipelo,’ ngwana wa bone yo ba mo ratang thata le ene o tla fola mo tlhaloganyong ka botlalo.—Isaia 35:5, 6; Pesalema 103:2, 3.

SE BATSADI BA KA SE DIRANG

▪ Ithute gore o nne le kitso ka bogole jwa ngwana wa gago.

▪ Leka gore ka metlha o nne le boikutlo jo bo siameng.

▪ Thusa ngwana wa gago go fitlhelela se a ka kgonang go se fitlhelela gore a itirele dilo ka boene.

▪ Kopa Modimo gore a go neye bopelokgale, tsholofelo le maatla.

SE BA BANGWE BA KA SE DIRANG

▪ Bua le ngwana ka tsela e e nang le tlhaloganyo le ka go tswa pelong.

▪ Buisana le batsadi ka ngwana wa bone o bo o ba akgole.

▪ Akanyetsa maikutlo a batsadi ba ngwana yo o nang le bothata jwa tlhaloganyo.

▪ Laletsa batsadi le malapa a a nang le ngwana yo o tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng fa o dira dilo dingwe.

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kafa Batho ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng

Fela jaaka fa babogedi ba kgatlhwa ke boitshoko jwa batabogi ba marathone, o ka nna wa gakgamadiwa ke boitshoko jwa batsadi ba ba tlhokomelang bana ba ba golafetseng—diura di le 24 ka letsatsi le malatsi a le 7 ka beke. Batho ba ba bogetseng marathone mo mebileng gantsi ba naya batabogi dibotlolo tsa metsi gore ba ikutlwe ba lapologetswe. A o ka kgona go kgothatsa batsadi ba ba tlhokomelang bana ba ba tlhokang thuso e e kgethegileng botshelo jotlhe jwa bone?

Nngwe ya ditsela tse o ka thusang ka tsone ke go itlotlela fela le morwaabone kgotsa morwadiabone. O ka nna wa ikutlwa o sa gololesega go dira jalo kwa tshimologong, ka gonne ngwana yono a ka nna a bontsha kgatlhego e nnye kgotsa a se ka a e bontsha gotlhelele. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore bana ba le bantsi ba ba ntseng jalo ba itumelela go reetsa fa mongwe a bua le bone mme ba ka nna ba akanyetsa thata se o se buang le bone. Mo makgetlong mangwe megopolo ya bone e ka tshwana le dithabakgapetla tse di sa bonaleng tse di ikadileng kafa tlase ga metsi, mme difatlhego tsa bone di ka nna tsa se ka tsa bontsha kafa ba ikutlwang ka teng. *

Ngaka e e alafang malwetse a boboko a bana e bong Dr. Annikki Koistinen o akantsha se o ka se dirang gore go nne motlhofo go tlotla le bana bano: “O ka simolola pele ka go tlotla le bone ka lelapa la bone kgotsa ka se ba itlosang bodutu ka sone. Bua le bone go ya ka dingwaga tsa bone, e seng jaaka e kete o bua le mongwe yo o sa ntseng a le monnye. Se tlotle ka dilo tse dintsi ka nako e le nngwe fela, mme o dirise mela e mekhutshwane fa o dira jalo. Ba fe nako ya go akanya ka se o ba bolelelang sone.”

Batsadi le bone ba tlhoka gore o tlotle le bone. Tsela e o ba bontshang kutlwelobotlhoko ka yone e tla gola fa o ntse o lemoga mathata a ba lebanang le one mo maikutlong. Ka sekai, mmaagwe Markus, e bong Anne, o eletsa thata go itse morwawe botoka. O hutsafadiwa ke gore morwawe ga a kgone go bua le ene a mo tlhalosetsa gore o akanya eng. Gape o tshwenyegile ka gore a ka nna a swa pele ga morwawe, mme a mo tlogela a se na mmè.

Le fa batsadi ba ka tswa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhokomela ngwana wa bone yo o lwalang mo tlhaloganyong, gantsi ba ikutlwa e kete ba tshwanetse ba ka bo ba dira go feta foo. Laurie, yo e leng mmaagwe Bryan, o itshwaya phoso ka ntlha ya diphoso tse dinnye tse a di dirang fa a ntse a tlhokometse morwawe. Gape o ikutlwa a le molato ka gonne a sa kgone go naya bana ba bangwe ba gagwe tlhokomelo e ntsi. Fa o bontsha gore o kgatlhegela batsadi bano le gore o a ba tlotla mmogo le tsela e ba ikutlwang ka yone, o dira gore bone mmogo le bana ba bone ba ikutlwe ba na le seriti e bile ba tshegediwa. Malebana le ntlha eno Irmgard a re: “Ga ke na bothata fa batho ba batla go tlotla le nna ka morwadiake. Ke ikutlwa ke rata batho ba ba iketleeditseng go itumela le nna le Eunike le go hutsafala mmogo le rona.”

Mme go na le ditsela tse dingwe gape—tse di kgolo le tse dinnye—tse o ka thusang ka tsone. Gongwe o ka nna wa laletsa batsadi bano le ngwana wa bone kwa lelapeng la gago kgotsa wa ba kopa go kopanela le lelapa la gago mo dilong dingwe tse lo di dirang mmogo. Gape go ka nna ga kgonega gore o iphe diura di se kae le ngwana yono gore batsadi ba gagwe ba ikhutse.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 37 Bona setlhogo se se reng, “Loida o Simolola go Bua,” mo makasineng wa Tsogang! ya May 8, 2000.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go bontsha gore o amega ka tsela ya mmatota go naya batsadi le ngwana wa bone seriti

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Jaaka Eunike, bana ba ba nang le bothata jwa tlhaloganyo ba tlhoka go bontshiwa lorato fa ba ntse ba gola

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Laurie o thusitse morwawe e bong Bryan go ithuta go tlanya, e le go mo thusa gore a itirele dilo ka boene