Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Paradaise ya Setlhaketlhake sa Motlhaba

Paradaise ya Setlhaketlhake sa Motlhaba

 Paradaise ya Setlhaketlhake sa Motlhaba

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA KWA AUSTRALIA

MMATLISISI mongwe wa kwa Boritane e bong Kapotene James Cook o ne a tsamaya ka sekepe a iphaphathile ka lobopo lo lo kafa ntlheng ya botlhaba jwa Australia. Mo e ka nnang dikilometara tse 150 go se kae go ya ka kwa bokone jwa motse o gone jaanong o bidiwang Brisbane, o ne a feta setlhaketlhake se segolo sa motlhaba, se fa nako e ntse e tsamaya se neng sa ngoka baeti ba ba fetang 300 000 ka ngwaga. Le fa go ntse jalo, Cook ga a ka a tseela lefelo leno tlhogong. Tota e bile, ene le ba bangwe ba ne ba tsaya gore ke pheninsula e seng setlhaketlhake. Dingwaga di se kae morago ga foo, mmatlisisi mongwe e bong Matthew Flinders o ne a goroga koo ka sekepe. O ne a kwala jaana: “Ga go na lefelo lepe le le kgakgabetseng jaaka pheninsula eno.”

Fa Cook le Flinders ba ka bo ba ile ba fetela go se kae ka kwa ga ditlhoa tsa motlhaba o mohibidu ono, ba ka bo ba buile sengwe se sele. Ba ka bo ba bone dikgwa tsa boboatsatsi tse di iseng di ko di tsamaye di tshwenngwe, ditsha tsa metsi a a phepa, dithota tsa motlhaba tse di nang le mmala o montle le mefuta e mentsi ya diphologolo. Setlhaketlhake seno se gone jaanong se bidiwang Fraser Island, ke setlhaketlhake sa motlhaba se segolo go gaisa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng mme se sentle thata mo e leng gore se ile sa tsenngwa mo Lenaaneng la Mafelo a a Tsewang e le a Botlhokwa Thata mo Lefatsheng ka 1992. *

Setlhaketlhake Seno se Tlholegile mo Dithabeng

Setlhaketlhake sa Fraser Island se boleele jwa dikilometara di le 120 le bophara jwa dikilometara di ka nna 25. Se bogolo jwa diheketara di ka nna 160 000. Se na le dithota tsa motlhaba tse di goletseng kwa bogodimong jwa dimetara di ka nna 240, mme seo se dira gore setlhaketlhake seno e nne se se goletseng kwa godimo go di feta tsotlhe mo lefatsheng. Ke eng se se dirileng gore setlhaketlhake seno se nne teng?

Bosupi bo bontsha gore ditone tse dintsi tsa motlhaba tse di bopileng setlhaketlhake seno di tswa kwa Dividing Range, e leng motseletsele wa dithaba tse di simologang kwa lobopong lo lo ka kwa botlhaba jwa Australia. Fa nako e ntse e tsamaya, dipula tse dikgolo di ile tsa gogola dikapetlana tsa maje mo dithabeng tseno mme tsa ya go di kgwela mo dinokeng le mo lewatleng. Metsi a lewatle a ne a thuga dikapetla tseno gore e nne motlhaba o o borethe mme ka bonya a bo a o gogolela kwa lobopong lo lo kwa bokone. E re ka motlhaba ono o ne wa thijwa ke mafika a a golang kafa tlase ga lewatle, o ne wa nna wa kgobokana mme setlhaketlhake sa Fraser Island sa bopega.

Fa e sa le ka nako eo, Lewatle la Pacific le ile la nna le ntse le kgwela motlhaba o o tswang kwa dithabeng tseno mo lobopong. Diphefo di phailela motlhaba ono kgakala le lewatle mme one o bo o ipopa go nna dithota. Dithota tseno tsone di golela kwa godimo ka bogodimo jwa metara ka ngwaga mme di gogola sengwe le sengwe se di kopanang le sone.

Makadiba a Metsi a a Phepa le Dikgwa Tse di Bonwang Sewelo

Se se gakgamatsang ke gore go ralala setlhaketlhake seno, go na le makadiba a le 40 a metsi a a phepa mo ditlhoeng tsa dithota tsa motlhaba ono. Metsi a a fitlhelwang mo go sone a bidiwa makadiba a a kwa godimo ka gonne a mo teng ka dikhuti tse dikgolo mo godimo ga dithota tsa motlhaba tse di goletseng kwa godimo. Ke eng se se dirang gore metsi ano a se ka a dutla? A kabiwa ke lobota lo lo bopiwang ke ditshedinyana tse di suleng kgotsa ke matlhare, makwati le dikala.

Gape, setlhaketlhake seno se na le diphatla mo motlhabeng o o leng ka kwa tlase ga metsi. Metsi a a phepa a elela go kgabaganya diphatla tseno mme a bo a bopa makadiba a a nang le metsi a a phepa.

Makadiba a setlhaketlhake seno a tladiwa ke metsi a pula a disentimetara di le 150 ka ngwaga. Metsi a a sa tseneng mo makadibeng ano kgotsa a a sa monyweng ke motlhaba a bopa dinokana tse di elelelang kwa lewatleng. Go fopholediwa gore noka e le nngwe fela e tshela dilitara tsa metsi di le dimilione di le 5 ka ura mo Lewatleng la Pacific.

Metsi a mantsi ano a dira gore setlhaketlhake sa  Fraser Island se nne se le setala. Gantsi ga go kgonege gore go nne le dikgwa tsa boboatsatsi mo motlhabeng o o se nang dikotla. Mme Fraser Island ke lengwe la mafelo a le mmalwa mo lefatsheng a a tletseng motlhaba a dikgwa tsa boboatsatsi di golang mo go one. Ka nako nngwe sekgwa seno se ne se kitlane thata ka dingwaga di feta 100, mo e leng gore o ne o ka kgona go utlwa modumo wa selepe sa motho yo o remang ditlhare. Batho ba ba remang ditlhare ba ne ba rata thata mofuta wa ditlhare tsa blackbutt, kauri le tallowwood. Mongwe wa bone o kile a bolela jaana ka 1929: “Moeti o tla kopana le ditlhare tse ditelele tsa bogodimo jwa dimetara di le 45 . . . Ditlhare tse ditelele tseno tsa sekgwa di bophara jwa dimetara di ka nna pedi go ya go di le tharo. Dingwe tsa ditlhare tse di jaaka setlhare sa satinay le sa turpentine, di ile tsa dirisiwa go aga mabota a Suez Canal. Le fa go ntse jalo, gompieno ditlhare tsa kwa Fraser Island di gola sentle di sa rengwe ke ope.

Paradaise e go Kileng ga Nna le Masetlapelo Kwa go Yone

Leina le setlhaketlhake seno se bidiwang ka lone le nnile gone ka ntlha ya masetlapelo a a ileng a direga mo go sone. Ka 1836, Kapotene James Fraser le mosadi wa gagwe e bong Eliza, ba ile ba falola fa sekepe se ba neng ba se palame sa Stirling Castle se ne se thubega mme lewatle la ba kgwela mo losing lwa setlhaketlhake seno. Go bonala fa kapotene eno e ile ya bolawa ke batho ba ba neng ba nna mo setlhaketlhakeng seno mme Eliza ene o ne a namolwa moragonyana. Ka ntlha ya masetlapelo ao, leina la setlhaketlhake seo le ne la fetolwa go tswa go Great Sandy Island mme ya nna Fraser Island.

Batho ba setlhaketlhake seo le bone ba ne ba welwa ke masetlapelo. Nako nngwe go ne go nna Baaborijene ba ka nna 2 000 mo Fraser Island. Ba ne ba tlhalosiwa e le batho ba ba agegileng sentle le ba ba nonofileng. Ba ne ba bitsa lefelo le ba nnang mo go lone ba re ke K’gari, kgotsa Paradaise. Tlhamane ya Baaborijene e e buang kaga go bopiwa ga setlhaketlhake seno e tlhalosa gore ke lefelo le lentle go gaisa le le kileng la dirwa. Ka maswabi, malwetse mangwe a kwa Yuropa a ne a gaila batho ba teng ba le bantsi. Mo godimo ga moo, mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, bontsi jwa Baaborijene ba ba neng ba setse, ba ne ba isitswe kwa mafelong a mangwe a magolo a setlhaketlhake seno.

Lefelo le le Sireletsegileng

Gompieno, setlhaketlhake seno ke lefelo le le sireletsegileng la diphologolo tsa naga. Mme diphologolo tse di fitlhelwang thata koo ke di-dingo—Bophokoje ba kwa Australia. E re ka di nna kgakala le dintša tse di ruiwang tse di leng mo mafelong a magolo a setlhaketlhake seno, di-dingo tse di leng mo Fraser Island di tsewa e le mofuta o o sa tswakanngwang le mofuta o mongwe wa dintšha kwa Australia. Di ka tswa di tshwana le dintša tse di ruiwang, mme di farologane le tsone, ke ka moo batho ba tshwanetseng go ikela tlhoko mo go tsone.

Go ile ga bonwa mefuta e e fetang 300 ya dinonyane mo setlhaketlhakeng seno. Bophakalane, bontsu ba lewatle ba ba nang le dimpa tse di tshweu ba ba nnang ba fofa ka iketlo fa dintshing tsa lewatle. Mme bommatlhapi bone ba fofa ka bofefo mo makadibeng. Dinonyane tse di fudugang di akaretsa lerweerwee la kwa Mongolia le le beelang mae a lone kwa Siberia mme le bo le fofela kwa borwa fa go le mariga. Di ikhutsa go sekaenyana mo Fraser Island pele ga di wetsa loeto lwa tsone. Mo godimo ga moo, ditlhose tse di ka nnang 30 000 kgotsa go feta tse di nang le ditlhogo tsa mmala o o kwebu, tse tota e leng bommamathwane ba ba lekanang le legakabe, di fologela mo setlhaketlhakeng seno ka dipaka tse di rileng, di batla matute a malomo a eucalyptus.

Mo metsing a a dikologileng Fraser Island, go na le ditshedi di le dintsi, tse di akaretsang maruarua a dirota a a tswang kwa Antarctic a ya kwa Great Barrier Reef, mo di tsalelang gone. Fa maruarua ano a boa, a dira pono e e gakgamatsang ka go tlolela kwa godimo ka kwa ntle ga metsi a le setlhopha a bo a itatlhela mo metsing moo motho a kgonang go bona go gasagana ga metsi a le sekgala sa dikilometara di le dintsi—di sadisa setlhaketlhake seno sentle ka tsela e e gakgamatsang ruri!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization e tsenya mo lenaaneng la yone mafelo a setso le a tlholego ka ntlha ya bontle jwa one jo bo gakgamatsang.

[Dimmapa mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEWATLE LA PACIFIC

Fraser Island

 [Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Kafa mojeng, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase:

Molomo wa Noka ya Kurrnung

Makadiba a le 40 a metsi a a phepa

Selo se se sa tlwaelegang—dikgwa tsa boboatsatsi tse di golang mo motlhabeng

[Motswedi wa Setshwantsho]

All photos: Courtesy of Tourism Queensland

 [Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Dingo le koala

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Tourism Queensland

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Losi lono lwa dikilometara di le 120 mo Fraser Island ke longwe lwa dintshi tse ditelele go gaisa mo lefatsheng

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ntsu ya lewatle e e nang le mpa e tshweu

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bommatlhapi

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dikukara

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Leruarua le le nang le serota le ikhutsitse mo loetong lwa lone lwa go ya kwa Antarctica

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Eagle: ©GBRMPA; all other photos except pelicans: Courtesy of Tourism Queensland