Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Ikgobatsa?

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Ikgobatsa?

 Basha ba Botsa Jaana...

Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Ikgobatsa?

“Ke ne ke sa kgone go laola kutlobotlhoko ya me. Mme ke ne ka bona sengwe se nka kgonang go se laola—go utlwa botlhoko mo mmeleng.”—Jennifer, 20. *

“Fa ke utlwile botlhoko, ke ne ke itshegakaka. E ne e le tsela ya go fedisa kutlobotlhoko ya me. Gantsi ke ne ke ikutlwa botoka morago ga foo.”—Jessica, 17.

“Ke na le dibeke tse pedi jaanong ke sa tlhole ke go dira. Mo go nna ke nako e telele. Ga ke akanye gore nka kgona go tlogela mokgwa ono gotlhelele.”—Jamie, 16.

JENNIFER, Jessica le Jamie ga ba itsane, mme go na le sengwe se ba tshwanang ka sone. Ka boraro jwa bone ba ne ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Mme botlhe ba ne ba simolotse go dirisa mokgwa o o tshwanang go lepalepana le boikutlo jwa bone jwa go itlhoboga. Jennifer, Jessica, le Jamie ba leka go ritibatsa maikutlo a bone ka nakwana ka go ikgobatsa. *

Le fa go ka tswa go bonala e le selo se se sa tlwaelegang, go ikgobatsa go go akaretsang go itshegaka—ke selo se se tlwaelegileng thata mo basheng. Makasine wa kwa Canada wa National Post o bolela gore mokgwa ono o “tshosa batsadi, o akabatsa bagakolodi ba [sekolo] mme e bile ke kgwetlho mo dingakeng.” Gape makasine oo o bolela gore go ikgobatsa “e ka nna mongwe wa mekgwa e batho ba e lemalelang thata go feta yotlhe e e itsegeng mo go tsa kalafi.” A wena kgotsa mongwe yo o atamalaneng le ene o lemaletse mokgwa ono? Fa e le gore go ntse jalo, o ka dira eng ka gone?

Sa ntlha, leka go lemoga gore ke ka ntlha yang fa o ikutlwa o batla go ikgobatsa. Gakologelwa, go ikgobatsa ga se mokgwa fela o motho a o dirisang go leka go ritibatsa maikutlo. Gantsi ke tsela e batho ba e dirisang go itshokela mofuta mongwe wa go tshwenyega mo maikutlong. Motho yo o ikgobatsang, o ikutlwisa botlhoko mo mmeleng gore a tle a kgone go fokotsa khutsafalo ya gagwe. Ka jalo ipotse jaana: “Go ikgobatsa go nthusa ka eng? Ke a bo ke akantse ka eng fa ke utlwa ke batla go itshega?’ A go na le sengwe mo botshelong jwa gago—gongwe sengwe se se amanang le lelapa la gaeno kgotsa ditsala tsa gago—se se dirang gore o tshwenyege thata mo maikutlong?

Ga go pelaelo gore go tla go tlhoka bopelokgale gore o kgone go itshekatsheka ka tsela eno. Mme melemo ya gone e ka nna megolo. Gantsi go dira jalo ke kgato ya ntlha e e ka go thusang gore o tlogele mokgwa  ono wa go ikgobatsa. Le fa go ntse jalo, go tlhokega sengwe se se fetang go itse fela se se bakang gore o nne le mokgwa ono.

Molemo wa go Bulela Mongwe Mafatlha

Fa e le gore o ile wa ineela mo mokgweng ono wa go ikgobatsa, go tla go thusa fa o ka bolelela tsala nngwe e o e tshepang e e godileng ka se se go tshwenyang. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Go tshwenyega go ka dira gore motho a se ka a itumela mme mafoko a a molemo a mo ipedisa.” (Diane 12:25, Today’s English Version) Go bulela mongwe mafatlha go ka go thusa go utlwa mafoko a a pelonomi a a gomotsang a o a tlhokang.—Diane 25:11.

O ka bua le mang? Go ka nna molemo fa o ka tlhopha mongwe yo mogolo mo go wena yo o botlhale, yo godileng semoyeng le yo a ka go bontshang kutlwelobotlhoko. Bakeresete ba lesego ka gonne ba na le bagolwane ba phuthego, ba ba ntseng “jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.”—Isaia 32:2.

Ke boammaaruri gore go akanya ka go bolelela mongwe sephiri sa gago sa go ikgobatsa e ka nna selo se se tshosang. O ka nna wa ikutlwa jaaka Sara. A re: “La ntlha go ne go le thata go ka tshepa ope. Ke ne ke akanya gore fa batho ba simolola go nkitse—ba nkitse sentle—ba ne ba tla simolola go ikgogona mo go nna le go ntlhoa.” Le fa go ntse jalo, ka go bulela mongwe mafatlha, Sara o ne a lemoga boammaaruri jwa se Baebele e se bolelang mo go Diane 18:24: “Go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” Sara a re: “Bakeresete ba ba godileng ba ke ileng ka ba bolelela mathata a me ga ba ise ba ko ba nkgale, le fa ke ne ke ba bolelela eng ka mokgwa ono wa me wa go ikgobatsa. Mo boemong jwa moo, ba ne ba nnaya dikakantsho tse di thusang. Ba ne ba mpeela mabaka ka Dikwalo, ba nkgomotsa ka bopelotelele fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo e bile ke ikutlwa ke se motho wa sepe.”

Gongwe go ka nna molemo fa o ka bua le mongwe ka mokgwa ono wa gago wa go ikgobatsa. Fa e le gore o ikutlwa o sa kgone go bua le mongwe lo lebane ka matlho, leka go bua le ene ka go mo kwalela lekwalo kgotsa ka go bua le ene ka founo. Go bulela mongwe mafatlha e ka nna tsela e e molemo ya go simolola go kgaotsa mokgwa ono. Jennifer a re: “Selo se se botlhokwa thata e ne e le go itse gore go na le mongwe yo ruri a amegang ka nna, gore go ne go na le mongwe yo ke neng ke ka bua le ene fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo.” *

Botlhokwa Jwa Thapelo

Donna o ne a bonala a ka se tlhole a kgona go fetoga. Kafa letlhakoreng le lengwe o ne a ikutlwa a tlhoka thuso ya Modimo. Mme gape o ne a akanya gore Modimo a ka se mo thuse go fitlhela a tlogela go ikgobatsa. Ke eng se se ileng sa thusa Donna? Sengwe sa dilo tse di ileng tsa mo thusa e ne e le go tlhatlhanya ka 1 Ditiragalo 29:17 e e reng Jehofa Modimo ke “motlhatlhobi wa pelo.” Donna a re: “Jehofa o ne a itse gore mo pelong ya me tota ke batla go tlogela go ikgobatsa. Fa ke sena go simolola go rapela gore a nthuse, ke ne ka gakgamala. Ka bonya ka bonya, boikemisetso jwa me jwa go batla go tlogela bo ile jwa nonofa.”

Mopesalema Dafide, yo o neng a lebana le mathata a le mantsi, o ne a kwala jaana: “Latlhela  mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Jehofa o itse kafa o bogang ka teng. Mo godimo ga moo, ‘o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Fa pelo ya gago e dira gore o ikutlwe o le molato, gakologelwa gore Modimo o ‘mogolo go feta pelo ya gago e bile o itse dilo tsotlhe.’ Ee, o tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa o ikgobatsa jalo le gore ke ka ntlha yang fa go le thata gore o tlogele. (1 Johane 3:19, 20) Fa o atamela Modimo ka thapelo mme o leka gore o tlogele mokgwa ono, o tla “go thusa tota.”—Isaia 41:10.

Mme go tweng fa e le gore o boela gape mo mokgweng ono? A go raya gore o paletswe gotlhelele? Le e seng! Diane 24:16 ya re: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” Donna o bua jaana fa akanya ka temana eo: “Ke ne ka wa ka makgetlho a a fetang a le supa mme le ka motlha ga ke ise ke ko ke itlhoboge.” Donna o ne a lemoga gore go botlhokwa gore motho a iteke ka natla. Karen le ene o akanya jalo. A re: “Ke ne ka ithuta gore fa ke boela gape mo mokgweng wa me ke go tseye e le fela go tlhaela ga nakwana, e seng go palelwa mme ke bo ke simolola gape ka makgetlho a mantsi a nka kgonang ka one.”

Fa go Tlhokega Thuso e e Oketsegileng

Jesu o ne a dumela gore ‘ba ba lwalang ba tlhoka ngaka.’ (Mareko 2:17) Gantsi go botlhokwa gore motho a ye go bona mongwe yo o tshwanelegang mo go tsa kalafi gore a tle a itse gore a go na le bolwetse bongwe jo bo bakang mokgwa ono wa go ikgobatsa mme go tswa foo a bo a akantsha kalafi e e rileng. * Jennifer o ne a swetsa ka gore a ye go batla thuso e e ntseng jalo go oketsa tshegetso e a neng a e amogela mo balebeding ba ba lorato ba Bakeresete. A re: “Bagolwane ga se dingaka, le fa go ntse jalo ba ile ba ntshegetsa thata. Le fa ka dinako tse dingwe ke sa ntse ke nna le keletso ya go batla go ikgobatsa, ke ile ka atlega go e laola ka thuso e e tswang mo go Jehofa, phuthego le ka go dirisa ditsela tsa go lepalepana le mokgwa ono tse ke ileng ka di ithuta.” *

Tlhomamisega gore o ka kgona go ithuta go dira dilo tse dingwe tse di mosola go lepalepana le go tshwenyega mo maikutlong go na le gore o ikgobatse. Rapela jaana jaaka mopesalema: “Tlhomamisa dikgato tsa me ka thata mo lefokong la gago, mme a ke se ka ka gatelelwa ke mofuta ope wa selo se se utlwisang botlhoko.” (Pesalema 119:133) Ga go pelaelo gore o tla itumela e bile o tla kgona go itlotla fa o ka kgona go fenya bothata jono gore bo se ka jwa tlhola bo go laola.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go ikgobatsa—gore go akaretsa eng le gore go bakwa ke eng—bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke ka Ntlha Yang fa ke Ikgobatsa?” mo makasineng wa Tsogang! wa January 2006.

^ ser. 14 O ka nna wa kgona go ithuta go tlhalosa maikutlo a gago ka gore ka dinako tse dingwe o kwale kafa o ikutlwang ka teng. Bakwadi ba dipesalema tsa Baebele e ne e le banna ba ba neng ba amega maikutlo ba ba neng ba dirisa mafoko go tlhalosa boikwatlhao, kgalefo, go kgobega marapo le khutsafalo ya bone. Gongwe o ka rata go sekaseka dikai tse di mo go Dipesalema 6, 13, 42, 55 le 69.

^ ser. 20 Ka dinako tse dingwe go ikgobatsa ke ditlamorago tsa bolwetse jo bongwe jo bo jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo, bolwetse jwa boikutlo jwa go dira dilo ka go phamoga kgotsa mathata a go se je sentle. Makasine wa Tsogang! ga o buelele mokgwa o o rileng wa kalafi. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi le fa e le efe e ba e tsayang ga e thulane le melaometheo ya Baebele.

^ ser. 20 Dimakasine tse di fetileng di ne di na le ditlhogo tse di buang ka dilo tse gantsi di bakang mokgwa wa go ikgobatsa. Ka sekai, bona metseletsele ya ditlhogo tse di reng “Go Tlhaloganya Malwetse a go Fetofetoga Maikutlo” (January 8, 2004), “Go Thusa Basha ba ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong” (September 8, 2001), le “Ke Eng se se Bakang Mathata a go Ja?” (February 8, 1999) le setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Na Le Motsadi Yo O Lemaletseng Bojalwa—Nka Dirisana Jang le Seemo Seno?” (August 8, 1992).

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke dilo dife tse dingwe tse o ka di dirang fa o tshwenyegile thata mo maikutlong go na le gore o ikgobatse?

▪ O ka bulela mang mafatlha fa e le gore o na le bothata jwa go ikgobatsa?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

GO THUSA MOTHO YO O IKGOBATSANG

O ka thusa jang mongwe mo lelapeng kgotsa tsala e e nang le bothata jono jwa go ikgobatsa? E re ka motho yo o ikgobatsang a tlhoka thata motho yo a ka mmulelang mafatlha, o ka nna wa thusa ka go iketleeletsa go mo reetsa. Leka go nna “molekane wa boammaaruri” yo o “tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Go ka direga gore mo tshimogolong o tenege ka go bo o batla gore a tlogele mokgwa ono ka bonako. Mme go dira jalo go ka nna ga dira gore motho yo o nang le bothata jono a ikgogone mo go wena. Tota e bile, go tlhokega se se fetang fela go bolelela motho gore a emise go dira jalo. O tla tlhoka temogo gore o thuse motho yono go ithuta ditsela tse disha tsa go lepalepana le bothata jwa gagwe. (Diane 16:23) Mme e bile go tla tsaya nako. Ka jalo nna pelotelele. Nna “bonako go utlwa, bonya go bua.”—Jakobe 1:19.

Fa e le gore o mosha, o se ka wa akanya gore o ka kgona go thusa motho yono ka bowena fela. Gakologelwa, go ka tswa go na le bothata bongwe kgotsa bolwetse bongwe jo bo bakang seno, jo bo tlhokang kalafi. Mme gape, bothata jono bo ka nna kotsi—le fa gone motho yo o nang le jone a sa ikaelela go ipolaya. Ka jalo, go ka nna molemo gore o rotloetse motho yono gore a bolelele mongwe yo o godileng ka bothata jwa gagwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Le ka motlha o se ka wa itlhokomolosa botlhokwa jwa go bua le mongwe yo o mo ratang ka bothata jono le go rapela