Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Pilgrim le Ba-Puritan—E ne E le Bomang?

Ba-Pilgrim le Ba-Puritan—E ne E le Bomang?

 Ba-Pilgrim le Ba-Puritan—E ne E le Bomang?

KA FA lobopong lwa Amerika Bokone lwa Plymouth, Massachusetts, go na le lefika le legolo la keranaete le le gabilweng nomoro ya 1620 mo godimo ga lone. Lefika leno le le bidiwang Plymouth Rock, go dumelwa gore le gaufi le lefelo le setlhopha sa Bayuropa bangwe se neng sa fitlha mo go lone mo e ka nnang dingwaga di le 400 tse di fetileng. O ka tswa o ba itse ka leina la Ba-Pilgrim kana Pilgrim Fathers.

Batho ba le bantsi ba itse ka dikgang tse di bolelang gore Ba-Pilgrim, e ne e le batho ba ba botsalano ba ba neng ba tle ba laletse ditsala tsa bone tsa Baindia ba Amerika go tla go itumelela letlepu la dijo tsa thobo ya bone. Mme gone Ba-Pilgrim bano e ne e le bomang, mme ke eng fa ba ile ba ya kwa Amerika Bokone? Go bona dikarabo, a re akanye ka nako ya ga Kgosi Henry VIII wa Engelane.

Dikhuduego Tsa Bodumedi Kwa Engelane

Mo e ka nnang dingwaga tse di sa feteng 100 pele ga Ba-Pilgrim ba tsaya loeto ka sekepe go ya kwa Amerika, Engelane e ne e le naga ya Roma Katoliki mme Kgosi Henry VIII, o ne a filwe sereto sa bopapa sa Molwelatumelo. Mme go ile ga nna le kgotlhang fa Mopapa Clement VII a ne a gana go phimola lenyalo la ga Henry le Catherine wa Aragon, yo e neng e le mosadi wa kgosi wa ntlha mo go ba le barataro.

Fa Henry a sa ntse a tshwaragane le mathata a lelapa la gagwe, Diphetogo Tsa Boporotesetanta di ne di baka dikhuduego mo Kerekeng ya Katoliki ya Roma go ralala dinaga di le dintsi tsa Yuropa. E re ka Henry a ne a sa batle go latlhegelwa ke maemo a gagwe mo kerekeng, kwa tshimologong o ne a kganela balweladiphetogo go tsena mo Engelane. Moragonyana o ne a fetola mogopolo. E re ka Kereke ya Katoliki e ne e sa batle go phimola lenyalo la gagwe, o ne a dira tshwetso ya go fedisa kereke. Ka 1534 o ne a fedisa taolo e mopapa a nang le yone mo Bakatoliking ba Engelane mme a itlhoma mookamedi wa Kereke ya Engelane. Go ise go ye kae o ne a tswala matlo a baitlami mme a rekisa bontsi jwa dithoto tsa bone. Fa Henry a swa ka 1547, Engelane e ne e setse e nna naga ya Baporotesetanta.

Morwa wa ga Henry e bong Edward VI o ne a tsweletsa pele kgotlhang e ba neng ba na le yone le Roma. Fa Edward a sena go swa ka 1553, Mary morwadia Henry yo a nnileng le ene le Catherine wa Aragon, yo e neng e le Mokatoliki wa Roma, o ne a nna kgosigadi mme morago ga foo a leka go pateletsa setšhaba go ikobela taolo ya bopapa. O ne a pateletsa Baporotesetanta ba le bantsi go nna batshabi mme a dira gore batho ba ba fetang 300 ba fisediwe mo koteng mme seo sa dira gore a fiwe leina la Bloody Mary (Mary yo o Ratang Tshololo ya Madi). Mme ga a ka a kgona go  thibela balweladiphetogo. Ka 1558 Mary o ne a swa mme motlhatlhami wa gagwe yo gape e neng e le mogoloe ka motsadi a le mongwe e bong Elizabeth I, o ne a tlhomamisa gore go tloga ka nako eo mopapa a se ka a tlhola a na le taolo epe mo dikgannyeng tsa bodumedi tsa Engelane.

Le fa go ntse jalo, Baporotesetanta bangwe ba ne ba akanya gore go ikgaoganya fela le Kereke ya Roma ga go a lekana—ba ne ba batla gore sengwe le sengwe se se amanang le Bokatoliki jwa Roma se fedisiwe. Ba ne ba batla gore kobamelo ya bone e nne boitsheko, ka jalo ba ne ba ba bidiwa Ba-Puritan (Batho ba ba Boitsheko). Ba-Puritan bangwe ba ne ba bona go sa tlhokege gore ba nne le bobishopo mme ba akanya gore phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go itirela melao ya yone, e sa laolwe ke kereke ya naga. Ba ne ba bidiwa Baitlhaodi.

Ba-Puritan bano ba ba neng ba na le dingongorego ba ne ba supa dingongorego tsa bone phatlalatsa ka nako ya puso ya ga Elizabeth. Go ikaparela ka tsela e e tlwaelegileng fela ga baruti go ne go seleka kgosigadi, mme ka1564 o ne a laela Bishopomogolo wa Canterbury gore a tlhomele baruti molao o o tla laolang kafa ba tshwanetseng go apara ka teng. E re ka Ba-Puritan ba ne ba bona seno e le go ba busetsa gape kwa mokgweng wa go apara diaparo tsa semolao tsa baruti ba Katoliki, ba ne ba gana go ikobela taolo eo. Go ile ga tsoga dikgotlhang tse dingwe tse di malebana le ditlhopha tsa bogologolo tsa baruti le bobishopo ba bagolo. Elizabeth o ne a tlogela babishopo ba ntse ba le mo maemong a bone mme a ba laela gore ba ikane gore ba tla ikanyega mo go ene jaaka tlhogo ya kereke.

Baitlhaodi ba Fetoga Ba-Pilgrim

James I o ne a tlhatlhama Elizabeth ka 1603, mme a gatelela Baitlhaodi gore ba ineele mo taolong ya gagwe. Ka 1608 phuthego ya Baitlhaodi ba kwa toropong ya Scrooby, ba ne ba tshabela kwa Holland ka go bo go ne go na le kgololesego kwa nageng eo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, kgang ya go bo Ba-Dutch ba letlelela madumedi a mangwe e bile ba letlelela boitsholo jo bo repileng, e ne ya tshwenya Baitlhaodi go feta tsela e dilo di neng di le ka yone kwa Engelane. Ba ne ba dira tshwetso ya go tswa kwa Yuropa mme ba ya go nna kwa Amerika Bokone. Kgang ya go bo setlhopha seno se ne se ikemiseditse go tsamaela kgakala ka ntlha ya bodumedi jwa bone e ne ya dira gore ba feleletse ba bidiwa Ba-Pilgrim (Bajanala).

Ba-Pilgrim bano ba ba neng ba akaretsa Baitlhaodi ba le bantsi, ba ne ba fiwa tetla ya go nna kwa koloneng ya Boritane ya Virginia mme ka September 1620 ba tsaya loeto go ya kwa Amerika Bokone ka sekepe se se neng se bidiwa Mayflower. Go ne ga tsaya setlhopha seno sa bagolo le bana ba ba ka nnang 100 loeto lwa dikgwedi di le pedi lo lo tletseng difefo mo Lewatleng la North Atlantic pele ga se fitlha kwa Cape Cod, e e leng dikilometara di ka nna 800 go tswa kwa bokone jwa Virginia. Fa ba fitlha koo, ba ne ba fitlha ba kwala Tumalano ya Mayflower, lekwalo le mo go lone ba neng ba tlhalosa gore ba batla go itlhomela motse wa bone le go ikobela melao ya one. Ba ne ba tlhoma motse oo mo Plymouth ka December 21, 1620.

Go Simolola Botshelo mo Lefatsheng le Lesha

Bafaladi bano ba ne ba fitlha kwa Amerika Bokone ba sa ipaakanyetsa mariga a teng. Mo dikgweding di le mmalwa fela, sephatlo sa setlhopha seno se ne sa swa. Mme fa nako ya dikgakologo e fitlha dilo di ne tsa nna botoka. Ba ba setseng ba ne ba aga matlo a a lekaneng mme ba ithuta mekgwa ya go lema mo Baindieng ba Amerika. Ka nako ya letlhabula la 1621, Ba-Pilgrim bano ba ne ba atlegile thata jaana mo ba ileng ba ipha nako ya go lebogela Modimo go bo a ba segofaditse. Go tloga ka nako eo go ne ga nna le letsatsi la boikhutso le le bidiwang Thanksgiving (Ditebogo) le le gone jaanong le ketekiwang kwa United States le kwa mafelong a mangwe. Go ne ga goroga bafudugi ba bangwe, mo e leng gore mo dingwageng tse di sa feteng 15, baagi ba kwa Plymouth ba ne ba feta 2 000.

Mme ka nako eno, kwa Engelane Ba-Puritan bangwe le bone ba ne ba dira tshwetso e e jaaka ya Baitlhaodi ya gore “Lefatshe le le Solofeditsweng” le ka kwa ga lewatle la Atlantic. Ka 1630, setlhopha sa bone se ne sa goroga kwa karolong e e kwa bokone  jwa Plymouth mme ba tlhoma Kolone ya Massachusetts Bay. Ka 1640, bafudugi ba ka nna 20 000 go tswa kwa Engelane ba ne ba nna kwa New England. Fa Kolone ya Massachusetts Bay e sena go simolola go laola Plymouth ka 1691, Ba-Pilgrim ba Baitlhaodi ba ne ba sa tlhole ba itlhaotse thata. Boston e ne ya nna lefelo la konokono la bodumedi e re ka jaanong Ba-Pilgrim ba ne ba setse ba laola dilo tsa bodumedi kwa New England. Ba ne ba tsamaisa jang kobamelo ya bone?

Kobamelo ya Ba-Puritan

Ba-Puritan bano ba Lefatshe le Lesha ba ne ba simolola ka go aga mafelo a legong a kobamelo a ba neng ba phuthegela mo go one ka Sontaga mo mosong. Maemo mo teng ga one a ne a siame fa maemo a bosa a siame mme fa go le mariga go ne go le thata go nna teng mo ditirelong tsa teng tota le mo go Ba-Puritan ba ba neng ba nonofile tumelo. Matlo ano a ne a le tsididi thata mme batho ba ba neng ba tla kerekeng ba ne ba bolawa ke serame. Gantsi bareri ba ne ba tsenya ditlelafo tse di logilweng go sireletsa diatla tsa bone mo phefong e e tsididi fa ba ntse ba bua ka diatla.

Ba-Puritan ba ne ba theile ditumelo tsa bone mo dithutong tsa Molweladiphetogo wa Boporotesetanta wa Mofora e bong John Calvin. Ba ne ba amogela thuto ya taolelogale mme e bile ba ne ba dumela gore Modimo o ne a laoletsegale gore o tla boloka batho bafe le gore ke bafe ba a ba atlholetseng molelo wa dihele o o sa khutleng. Le fa batho ba ne ba ka dirang, go ne go sena sepe se se neng se ka dira gore ba fetole tsela e Modimo a ba lebang ka yone. Motho o ne a sa itse gore fa a swa a o tla ya go itumelela botshelo jo bo monate kwa legodimo kgotsa a o ne a tla ya go sha ka bosakhutleng kwa diheleng.

Fa nako e ntse e tsamaya, baruti ba Ba-Puritan ba ne ba simolola go rera ka kgang ya boikwatlhao. Ba ne ba tlhagisa batho gore lefa gone Modimo a le kutlwelobotlhoko, batho ba ba sa ikobeleng melao ya gagwe ba ya ka tlhamalalo kwa diheleng. Baruti bao ba ne ba ruta thuto eo ka dihele gore ba dire gore batho ba ikobele melao. Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, moruti mongwe yo o bidiwang Jonathan Edwards, o kile a bua ka setlhogo se se reng “Baleofi mo Diatleng Tsa Modimo yo o Galefileng.” Tsela e a neng a tlhalosa dihele ka yone e ne e tshosa batho thata jaana mo baruti ba bangwe ba neng ba tshwanelwa ke go gomotsa phuthego e e neng e tlhakane tlhogo e e neng e utlwile thero ya gagwe.

Bareri ba ba neng ba sa tswe mo Massachusetts ba ne ba itsenya mo kotsing. Balaodi ba ne ba leleka moreri mongwe wa setlhopha sa Ba-Quaker yo o neng a bidiwa Mary Dyer, gararo; mme nako le nako fa ba mo lelekile o ne a boa a bo a tswelela go tlhalosa dilo tse a di dumelang. Ba ne ba mo kaletsa kwa Boston ka June 1, 1660. Go bonala Phillip Ratcliffe a ile a lebala bosetlhogo jo baeteledipele ba Ba-Puritan ba neng ba tshwara baganetsi ka jone. Ka gonne o ne a bediwa ka seme a bo a fiwa faene ka ntlha  dipuo tsa gagwe tse di kgatlhanong le puso le kereke ya Salem. Mme go dira gore a se ka a tlhola a lebala, ba ne ba mo kgaola ditsebe pele ga ba mo golola. Go se amogele ditumelo tsa batho ba bangwe ga Ba-Puritan go ne ga koba batho kwa Massachusetts mme seo sa dira gore go nne le dikolone tse dingwe.

Boikgodiso bo Baka Thubakanyo

E re ka bontsi jwa Ba-Puritan ba ne ba itsaya e le batho ba ba “tlhophilweng” ke Modimo, ba ne ba tseela batho ba koo kwa tlase ba ba leba e le baipei mo nageng. Boikutlo jono bo ne jwa dira gore batho ba koo ba galefe, mme bangwe ba bone ba ne ba simolola go ba tlhasela. Ka jalo, baeteledipele ba Ba-Puritan ba ne ba tlhofofatsa melao ya Sabata e le fela gore banna ba tle ba kgone go ka tsamaya ba tshwere ditlhobolo fa ba ya kerekeng. Mme ka 1675, boemo bo ne jwa nna maswe thata.

Fa Metacomet, yo gape a neng a itsege e le Kgosi Philip wa Baindia ba Amerika ba lotso lwa Ba-Wampanoag, a bona gore batho ba gagwe ba latlhegelwa ke naga ya bone, o ne a simolola go tlhasela mafelo a Ba-Puritan ba nnang mo go one, a fisa matlo le go gaila baagi. Ba-Puritan ba ne ba ipusolosetsa, mme ntwa e ne ya tswelela ka dikgwedi di le dintsi. Ka August 1676, Ba-Puritan ba ne ba tshwara Philip kwa Rhode Island. Ba ne ba mo kgaola tlhogo mme ba goga mmele wa gagwe ba ba ba o sega ditokitoki. Seo se ne sa khutlisa Ntwa ya ga Kgosi Philip le kgololesego ya batho ba ba tlholegileng kwa New England.

Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, Ba-Puritan ba ne ba bontsha tlhoafalo ka tsela e nngwe. Baruti bangwe kwa Massachusetts ba ne ba nyatsa go laolwa ke Engelane mme ba nna le seabe mo go tlhotlheletseng batho go nna le keletso ya go batla boipuso. Ba ne ba tlhakanya dipolotiki le bodumedi mo dipuisanong tsa bone tsa go dira diphetogo.

Gantsi Ba-Puritan e ne e le batho ba ba neng ba dira ka natla, ba le pelokgale e bile ba ineetse mo bodumeding jwa bone. Batho ba sa ntse ba bua ka “go nna pelokgale jaaka Ba-Puritan” le “go nna le boikanyegi jwa Ba-Puritan.” Mme le fa motho a tlhoafetse seo ga se mo dire motho yo o siameng fa a ruta dithuto tse di phoso. Jesu o ne a tila go tlhakanya dipolotiki le bodumedi. (Johane 6:15; 18:36) Mme bosetlhogo bo thulana le boammaaruri jono jwa botlhokwa: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.

A bodumedi jwa gago bo ruta gore go na le dihele tsa molelo, taolelogale kgotsa dithuto tse dingwe tse di sa dumalaneng le Baebele? A baeteledipele ba gago ba bodumedi ba inaakanya le ditiro tsa dipolotiki? Go ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele ka tlhoafalo go tla go thusa go bona “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang,” o ruri o itshekileng le o o amogelwang ke Modimo.—Jakobe 1:27.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

BA-PURITAN LE MOLELO WA DIHELE

Ka go ruta ka thuto ya dihele, Ba-Puritan ba ne ba ganetsa Lefoko la Modimo. Baebele e ruta gore baswi ga ba utlwe sepe, ga ba kgone go utlwa botlhoko kgotsa monate ope. (Moreri 9:5, 10) Mo godimo ga moo, ga go ise go ke go ‘tle mo pelong’ ya Modimo wa boammaaruri gore a tlhokofatse batho. (Jeremia 19:5; 1 Johane 4:8) O kgothaletsa batho go fetola matshelo a bone mme o tshwara baleofi ba ba ikwatlhayang ka tsela ya kutlwelobotlhoko. (Esekiele 33:11) Go farologana le dithuto tseno tsa boammaaruri jwa Dikwalo, gantsi Ba-Puritan ba ne ba tlhalosa Modimo e le motho yo o setlhogo le yo o sa itshwareleng. Mme gape ba ne ba rotloetsa tsela ya botshelo e e setlhogo e e akaretsang go dirisa dikgoka go didimatsa baganetsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ba-“Pilgrim” ba goroga kwa Amerika Bokone ka 1620

[Motswedi wa Setshwantsho]

Harper’s Encyclopædia of United States History

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Go ketekiwa ga moletlo wa ntlha wa “Thanksgiving,” ka 1621

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Lefelo la bokopanelo la Ba-“Puritan” kwa Massachusetts

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

John Calvin

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jonathan Edwards

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Banyalani ba Ba-“Pilgrim” ba tshwere tlhobolo go ya kerekeng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Library of Congress, Prints & Photographs Division

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Top left: Snark/Art Resource, NY; top right: Harper’s Encyclopædia of United States History; John Calvin: Portrait in Paul Henry’s Life of Calvin, from the book The History of Protestantism (Vol. II); Jonathan Edwards: Dictionary of American Portraits/Dover

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Photos: North Wind Picture Archives