Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa ke Ikgobatsa?

Ke ka Ntlha Yang fa ke Ikgobatsa?

 Basha Ba Botsa Jaana...

Ke ka Ntlha Yang fa ke Ikgobatsa?

“Ke ile ka itshega ditokololo tsa diatla botlhoko mo ke neng ka tshwanelwa ke go ya go rokiwa. Ka nako eo, ke ne ke raya ngaka ke re ke itshegile ka tleloupu, gone e ne e le boammaaruri—ke fela gore ga ke a e bolelela gore ke ne ke go dirile ka boomo.”—Sasha, 23.

“Batsadi ba me ba ne ba bona kafa ke itshegileng ka teng, mme gone ba ne ba bona fela mabadi a a seng maswe thata a a lebegang e le mengapo fela. . . . Ka dinako tse dingwe ba tle ba bone a mangwe a ba sa a itseng mme ke tle ke dire seipato sengwe fela. . . . Ga ke batle gore ba itse.”—Ariel, 13.

“Ke sale ke simolola go ikgobatsa ke le dingwaga di le 11. Ke ne ke itse gore Modimo o leba mmele wa motho o le botlhokwa, mme tota le seo ga se a dira gore ke tlogele go ikgobatsa.”—Jennifer, 20.

GONGWE o itse mongwe yo o tshwanang le Sasha, Ariel le Jennifer. * Gongwe ke mongwe yo o tsenang sekolo le ene. E ka tswa e le monnao kgotsa mogoloo. Kgotsa e ka tswa e le wena ka bowena. Kwa United States fela, go fopholediwa gore batho ba le dimilione—ba bontsi jwa bone e leng basha—ba ikgobatsa ka boomo ka ditsela tse di farologaneng tse di jaaka go itshega, go iphisa kgotsa ka go ngapa letlalo la bone. *

A ruri ba ikgobatsa ka boomo? Mo nakong e e fetileng batho ba le bantsi ba ne ba amanya mokgwa o o ntseng jalo le feshene nngwe e e sa tlwaelegang kgotsa le tlwaelo ya lekoko lengwe le le belaetsang. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, kitso ka ga go ikgobatsa—e e akaretsang go itshegaka mmele—e oketsegile thata fela. Go bonala le palo ya batho ba ba bolelang gore ba na le bothata jono le yone e ile ya oketsega. Michael Hollander yo e leng mookamedi wa setheo se se alafang batho ba ba nang le bothata jono kwa United States a re: “Baitse botlhe ba kalafi ba re bothata jono bo a oketsega.”

Ga se gantsi motho a swang ka ntlha ya go ikgobatsa jalo, mme gone ke mokgwa o o kotsi. Ka sekai, akanya ka Beth. A re: “Fa ke ikgobatsa, ke dirisa legare. Nkile ka bo ka ya go robala kwa kokelong gabedi. Ka lekgetlho lengwe ke ne ka tshwanelwa ke go isiwa  kwa lefelong la malwetse a a tlhokang go alafiwa ka tshoganyetso ka gonne ke ne ke itshegile mesego e e boteng.” Jaaka ba bangwe ba le bantsi ba ba nang le bothata jono, Beth o ne a tswelela ka mokgwa ono go fitlha a nna mogolo. O bolela jaana: “Ke sa le ke simolola go dira seno ke le dingwaga di le 15 mme gone jaanong ke na le dingwaga di le 30.”

A wena kgotsa mongwe yo o mo itseng o na le bothata jono jwa go ikgobatsa? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa itlhoboga. O ka kgona go bona thuso. Mo makasineng o o latelang wa Tsogang! re tla bo re tlotla ka kgang ya kafa batho ba ba ikgobatsang ba ka thusiwang ka teng. * Mme e re pele re bue ka batho ba ba nang le bothata jono le gore ke ka ntlha yang fa ba dira jalo.

Ditsela Tsa Gone Tse di sa Tshwaneng

Go thata go tlhalosa batho ba ba ikgobatsang—kgotsa ba ba itshegakang jaaka fa ba tle ba tlhalosiwe jalo ka dinako tse dingwe—ka tsela e e tshwanang. Ba bangwe ba tswa mo malapeng a a neng a na le mathata; ba bangwe ba tswa mo malapeng a a se nang mathata, a a itumetseng. Bangwe ba a palelwa mo dithutong tsa sekolo, mme ba bangwe bone ke baithuti ba ba botlhale. Gantsi, batho ba ba ikgobatsang ga ba bontshe gore ba na le bothata, ka gonne motho yo o nang le bothata ga a ke a iponatsha ka tebego ya gagwe fela. Baebele e bolela jaana: “Le mo setshegong pelo e ka nna ya bo e le mo khutsafalong.”—Diane 14:13.

Mo godimo ga moo, bogolo jwa dikgobalo tseno di farologana go ya ka motho. Ka sekai, mo patlisisong nngwe go ile ga fitlhelwa gore batho ba bangwe ba itshega gangwe fela ka ngwaga, mme ba bangwe ba itshega mo e ka nnang gabedi ka letsatsi. Se se gakgamatsang ke gore, go na le banna ba le bantsi ba ba ikgobatsang go feta kafa go neng go akanngwa ka teng pele. Le fa go ntse jalo, bothata jono bo fitlhelwa thata mo basheng ba basetsana.

Le fa batho ba ba nang le bothata jono ba sa tshwane, go bonala bangwe ba bone ba na le mekgwa e e rileng e e tshwanang. Saetlopedia nngwe fa e bua ka basha e bolela jaana: “Gantsi basha ba ba ikgobatsang ba ikutlwa ba se na maatla, ba sa kgone go bolelela batho ba bangwe kafa ba ikutlwang ka teng, ba ikutlwa ba jewa ke bodutu kgotsa ba sa ratiwe, ba a boifa mme e bile ba itseela kwa tlase.”

Gone ke boammaaruri gore bangwe ba ka nna ba re tlhaloso eno e tshwanela mosha mongwe le mongwe yo o tshwenyegang ka mathata le ditlhobaelo tsa go gola. Le fa go ntse jalo, mo mothong yo o ikgobatsang, bothata jono bo bogolo thata. E re ka a palelwa ke go tlhalosetsa mongwe yo a mo tshepang kafa a ikutlwang ka teng, seo se dira gore mathata a a kopanang le one kwa sekolong, kwa tirong le dikgotlhang tsa mo lelapeng di mo ngomole pelo thata. Ga a bone kafa bothata jwa gagwe bo ka rarabololwang ka teng e bile o bona go se na ope yo a ka buang le ene. Ga a kgone go itshokela tlalelo ya gagwe. Kgabagare, o lemoga sengwe: Ka go ikgobatsa, o kgona go lebala ka kutlobotlhoko ya gagwe mme o kgona go tswelela ka botshelo—le fa gone e le ka nakwana fela.

Ke ka ntlha yang fa motho yo o nang le bothata jono a leka go okobatsa kutlobotlhoko ya gagwe ka go ikgobatsa? Ka sekai, go diragala eng fa o le kwa ngakeng mme o tshwanelwa ke go tlhabiwa lomao. Gantsi fa e simolola go tsenya lomao go go tlhaba, o ka iphitlhela fela o setse o itlhobile letlalo kgotsa o inotile ka lenala e le fela gore o se ka wa akanya ka botlhoko jwa lemao. Motho yo o ikgobatsang o dira se se tshwanang le fa gone e le ka selekanyo se segolwane. Mo mothong yo o ikgobatsang, go itshega go mo thusa gore a lebale kutlobotlhoko e a leng mo go yone. Mme tlalelo ya gagwe e kgolo jaana mo e leng gore go utlwa botlhoko mo mmeleng go botoka fa a go bapisa le yone. Gongwe ke sone se motho mongwe yo o nang le go ikgobatsa  a ileng a tlhalosa go itshega a re ke “kalafi ya dipoifo tsa me.”

“Tsela ya go Itshokela Kgatelelo ya Maikutlo”

Mo bathong ba ba sa itseng bothata jono, go ikgobatsa go ka bonala go tshwana le go batla go ipolaya. Mme gantsi ga go a nna jalo. Sabrina Solin Weill, morulaganyi mogolo wa makasine wa basha o ile a kwala jaana: “Gantsi, batho bano ba leka fela go fedisa kutlobotlhoko ya bone ga se gore ba batla go ipolaya.” Ke ka lebaka leo buka nngwe e tlhalosang mokgwa ono wa go ikgobatsa e re ke “tsela ya go leka go tswelela o tshela e seng ya go khutlisa botshelo jwa gago.” Mme gape ya re ke “tsela ya go itshokela kgatelelo ya maikutlo.” Go buiwa ka mofuta ofe wa go gatelewa mo maikutlong?

Go ile ga lemogiwa gore batho ba le bantsi ba ba ikgobatsang ba kile ba utlwisiwa botlhoko ka tsela nngwe, gongwe ba ile ba sotliwa fa e ne le bana kgotsa ba ile ba tshwarwa makgwakgwa. Bothata jwa ba bangwe bo bakilwe ke go bo go ne go na le dikgotlhang mo lelapeng kgotsa go bo motsadi mongwe e ne e le lekgoba la bojalwa. Mo go ba bangwe go bakiwa ke bothata bongwe jwa tlhaloganyo.

Go ka nna ga bo go na le dilo tse dingwe gape tse di bakang seno. Ka sekai, Sara o ne a na le mokgwa wa go inyatsa bobe ka ntlha ya go se kgone go dira dilo dingwe sentle jaaka fa a ne a batla. Le mororo a ile a thusiwa ke bagolwane ba Bakeresete ka ntlha ya diphoso tse a neng a di dirile, o ne a nnela go ipona molato ka tsela e e feteletseng ka diphosonyana tse a di dirang letsatsi le letsatsi. Sara a re: “Ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go ikutlwisa botlhoko. Mo go nna go ikgobatsa e ne e le tsela ya go itsenya mo tseleng. Go ‘ikutlwisa botlhoko’ goo go ne go akaretsa go ikgoga moriri, go itshega magwejana, go ipetsa le go intsha matsadi a a botlhoko le go baya seatla kafa tlase ga metsi a a fisang, go nna ka kwa ntle go le tsididi ke sa apara diaparo tse di mogote kgotsa go tlhola letsatsi lotlhe ke sa je.”

Mo go Sara, go ikgobatsa go ne go supa kafa a sa ithateng ka teng. A re: “Go ne go na le dinako tse ka tsone ke neng ke itse gore Jehofa o intshwaretse diphoso tsa me, mme ke ne ke sa batle gore a intshwarele. Ke ne ke batla go boga ka gonne ke ne ke sa ithate. Le fa ke ne ke itse gore le ka motlha Jehofa o ne a ka se ka a akanya ka go dira lefelo la go tlhokofatsa batho le le tshwanang le dihele tse ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di buang ka lone, ke ne ke batla gore a le direle nna fela.”

“Dinako Tsa Mathata”

Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa e le gone mokgwa o o bosula ono o itsege bosheng jaana. Baithuti ba Baebele bone ba itse gore metlha e re tshelang mo go yone ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Ka jalo, ga ba gakgamale go utlwa gore batho—go akaretsa le basha—ba na le mekgwa e go leng thata go e tlhaloganya.

Baebele e a tlhalosa gore “kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Moreri 7:7) Mathata a basha ba lebanang le one—ka dinako tse dingwe, go akaretsa le dilo tse di botlhoko tse di ba diragaletseng mo botshelong—di ka dira gore ba nne le mabaka a go nna le mekgwa e e utlwisang botlhoko, e e akaretsang go ikgobatsa. Mosha yo o ikutlwang a kgapetswe kwa thoko mme a akanya gore ga go na ope yo a ka buang le ene, a ka nna a simolola go itshega e le go leka go itebatsa kutlobotlhoko ya gagwe. Mme le fa go ka lebega go ikgobatsa go thusa motho go lebala, ke ga nakwana fela. Go ise go ye kae, mathata a gagwe a boa gape mme a bo a boa a ikgobatsa gape.

Gantsi batho ba ba nang le bothata jono jwa go ikgobatsa ba batla go go tlogela mme go thata. Bangwe ba ile ba kgona jang go tlogela mokgwa ono wa go ikgobatsa? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong sa “Basha ba Botsa Jaana . . . ” se se reng: “Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Ikgobatsa?” se se tla tlhagang mo makasineng wa Tsogang! ya February 2006.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 6 Go ikgobatsa ga go a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le go iphunya mmele kgotsa go ikgabisa mmele. Gantsi dilo tseno tsone di dirwa ka ntlha ya feshene go na le gore e bo e le mokgwa fela o motho a iphitlhelang a o dira. Bona Tsogang! ya August 8, 2000, tsebe 16-7.

^ ser. 9 Lefitiko 19:28 ya re: “Lo se ka lwa itshegaka nama lo itshegakela moya o o suleng.” Ngwao eno ya boheitane—e go bonalang e ne e dirwa go reba bogale jwa medimo e go neng go akanngwa gore e okametse baswi—ga e tshwane le mokgwa wa go ikgobatsa o go buiwang ka one fano.

SENGWE SE O KA AKANYANG KA SONE

▪ Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba ikgobatsa?

▪ Fa o sena go bala setlhogo seno, a o ka akanya ka ditsela tse di botoka tsa go lebana le maikutlo a a ngomolang pelo?

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“Le mo setshegong pelo e ka nna ya bo e le mo khutsafalong.”—Diane 14:13

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

“Gantsi batho bano ba leka fela go fedisa kutlobotlhoko ya bone ga se gore ba batla go ipolaya”

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Re tshela mo motlheng wa “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”—2 Timotheo 3:1