Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Isagwe ya Lefatshe Leno e Tla Nna Jang?

Isagwe ya Lefatshe Leno e Tla Nna Jang?

 Isagwe ya Lefatshe Leno e Tla Nna Jang?

DILO di tla bo di ntse jang mo dingwageng di le 10, 20 kgotsa 30 tse di tlang? Go akanya ka isagwe mo motlheng ono o go tletseng borukhutlhi mo go one go ka boifisa. Botegeniki bo gola ka lobelo lo logolo. Go dira lefatshe lotlhe seoposengwe go dirile gore dinaga di le dintsi di ikaege ka tse dingwe. A babusi ba lefatshe ba ka nna seoposengwe ba bo ba dira gore go nne le isagwe e e itumedisang? Batho bangwe ba re go ka kgonega, mme ba na le tsholofelo ya gore ka ngwaga wa 2015, babusi ba tla bo ba kgonne go fedisa khumanego le tlala, ba fedisitse bolwetse jwa AIDS le gore ba tla bo ba fokoditse ka halofo palo ya batho ba ba tlhokang metsi a a phepa a a nowang le thulaganyo e e siameng ya kgelelo ya leswe.—Bona lebokoso le le reng, “Se se Solofetsweng fa se Bapisiwa Le se Se Diragalang Gone Jaanong.”

Le fa go ntse jalo, gantsi dilo tse batho ba di solofetseng ka isagwe ga nke di direga. Ka sekai, dingwaga di le masomesome tse di fetileng mankge mongwe o ne a bolela gore ka 1984, boradipolasi ba tla bo ba kgona go lema boalo jwa lewatle ka diterekere tsa kafa tlase ga metsi; yo mongwe ene o ne a re ka 1995 dikoloi di tla bo di tsentswe didiriswa tsa khomputara tse di tla dirang gore di se ka tsa thulana; mme yo mongwe gape o ne a bolelela pele gore ka 2000 go tla bo go na le batho ba ka nna 50 000 ba ba nnang kwa lefaufaung e bile ba bereka teng. Ebu, batho ba ba neng ba bua dilo tseno go ka direga gore gone jaanong ba ikwatlhaela go bo ba ile ba bua jalo. Mmegadikgang mongwe o ne a kwala jaana: “Fa nako e ntse e feta batho ba ba botlhale ba lefatshe ba lebega e le dieleele tota.”

Mmapa O o Re Kaelang

Batho ba nna ba ntse ba fopholetsa dilo tse dintsi ka isagwe, mme ka dinako tse dingwe dilo tseno e a bo e le tse ba ratang fela gore di direge e se tsa mmatota. Re ka thusiwa ke eng gore re nne le tsholofelo e re ka e ikanyang ka isagwe?

Akanya ka setshwantsho seno. A re re o tsere mosepele ka bese mo lefelong le o sa le itseng. E re ka o sa tlwaela lefelo leno, o simolola go tlhobaela. O ipotsa jaana: ‘Tota ke fa kae? A ruri bese eno e ya kwa ke yang teng? Ke bokgakala jo bo kae le go goroga?’ O ka kgona go bona dikarabo tsa dipotso tseno ka go lebelela mmapa wa fa o leng teng le go ela tlhoko matshwao a tsela fa o ntse o lebile kwa ntle ka fensetere.

Go ntse fela jalo le ka batho ba le bantsi gompieno ba ba tlhobaelang ka isagwe. Ba ipotsa jaana: ‘Re tlile go felela kae? A ruri go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng lotlhe? Fa e le gore go ntse jalo, e tlile go nna gone leng?’ Baebele e tshwana le mmapa o o ka kgonang go re thusa go araba  dipotso tseno. Fa re e bala ka kelotlhoko—re bo re ela tlhoko se se diregang fa re leba ditiragalo tsa lefatshe jaaka e kete re leba kwa ntle ka fensetere—re ka kgona go ithuta go le gontsi ka seemo sa rona sa gone jaanong le ka isagwe ya rona. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, re tshwanetse ra lemoga kwa mathata a rona a simologileng gone.

Dilo di Senyegile Kwa Tshimologong

Baebele e re bolelela gore fa Modimo a ne a bopa monna wa ntlha le mosadi, ba ne ba itekanetse le gore o ne a ba baya mo paradaiseng. Adame le Efa ba ne ba bopetswe go tshelela ruri—e seng dingwaga di le 70 kgotsa 80 fela. Modimo o ne a ba bolelela jaana: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” Modimo o ne a ikaeletse gore Adame, Efa le bana ba bone ba fetole lefatshe lotlhe go nna Paradaise.—Genesise 1:28; 2:8, 15, 22.

Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo. Ka ntlha ya seo, ba ne ba latlhegelwa ke legae la bone la Paradaise. Mo godimo ga moo, mebele ya bone le tlhaloganyo di ne tsa koafala ka iketlo. Letsatsi lengwe le lengwe le le phirimang, Adame le Efa ba ne ba nna gaufi le go swa. Ke eng fa re rialo? Ka gonne ba ne ba leofa ka go tsuologela Mmopi wa bone, mme “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.”—Baroma 6:23.

Kgabagare Adame le Efa ba ne ba swa, mme pele ga foo ba ne ba nna le bana ba le mmalwa, basimane le basetsana. A bana bano ba ne ba tla kgona go diragatsa maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong? Nnyaa, le bone ba ne ba sa itekanela fela jaaka batsadi ba bone. Tota e bile, go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe, bana botlhe ba ga Adame ba ruile boleo le loso. Le rona go ntse fela jalo ka rona. Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 3:23; 5:12.

 Go Bona Gore re fa Kae Gone Jaanong

Fa Adame le Efa ba sena go tsuologa, batho ba ne ba simolola mosepele o moleele o o utlwisang botlhoko go tla go fitlha mo motlheng ono wa rona. Go ya ka mokwadi mongwe wa Baebele, batho ga ba bolo go “bewa mo taolong e e se nang mosola.” (Baroma 8:20) A bo seno se tlhalosa sentle jang ne mathata a batho ba leng mo go one! Ebu, bangwe ba ditlogolwana tsa ga Adame e nnile banna le basadi ba e leng bomankge mo go tsa saense, ditswerere mo go tsa kalafi le ba ba di gogang kwa pele mo go tsa botegeniki. Le fa go ntse jalo, ga go le fa a le mongwe fela wa bone yo o kgonneng go lere kagiso ya lefatshe lotlhe le botsogo jo bo molemolemo jo Modimo a neng a batla batho ba nna le jone.

Mongwe le mongwe wa rona o na le kafa a amiwang ka teng ke go tsuologa ga ga Adame le Efa. Ka sekai, ke mang yo o ka reng ene ga a ise a utlwisiwe botlhoko ke tshiamololo, go boifa bokebekwa, botlhoko jwa bolwetse jo bo sa foleng kgotsa a hutsafadiwa thata ke go swelwa ke mongwe yo a mo ratang? Le fa botshelo jwa rona bo ka ritibala go se kae, gantsi seno se kgaosediwa ka bonako fela ke masetlapelo. Tota le fa re ka nna le dinako tse di itumedisang, botshelo jwa rona bo ntse fela jaaka fa tlhogo ya lotso ya bogologolo e bong Jobe a ile a bo tlhalosa fa a ne a re: “Motho . . . o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.”—Jobe 14:1.

Fa re lebelela kwa re tswang teng le seemo se se utlwisang botlhoko se gone jaanong re leng mo go sone, isagwe ya rona e ka lebega e le letobo. Mme  gone Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo a ka se letlelele gore maemo a a ntseng jalo a nne gone goyagoile. Maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong ka batho a tla atlega. (Isaia 55:10, 11) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore seno se tla tloga se diragala?

Go ya ka Baebele, gone jaanong re tshela mo nakong ya mathata e e bidiwang ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Polelwana eno ga e bue ka bokhutlo jwa lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo go lone. Go na le moo, e kaya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” e leng go khutlisiwa ga maemo a a re utlwisang botlhoko. (Mathaio 24:3) Baebele e tlhalosa ditiragalo le mekgwa ya batho e e tla bong e rena mo metlheng ya bofelo. Ipalele dingwe tsa dilo tseno mo lebokosong le le mo tsebeng ya 8, mme o bo o lebelela ditiragalo tsa lefatshe jaaka e kete o lebile kwa ntle ka fensetere. Mmapa wa rona, e leng Baebele, o re thusa go bona sentle gore re fa kae gone jaanong, gore re gaufi thata le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Mme gone ke eng se se tlileng go direga?

Se se Tla Diregang mo Isagweng

Ka bonako fela fa Adame le Efa ba sena go tsuologa, Modimo o ne a simolola go senola maikaelelo a gagwe a go tlhoma Bogosi “jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.” (Daniele 2:44) Bogosi joo, jo batho ba le bantsi ba rutilweng go bo rapelela mo thapelong e gantsi e bidiwang Thapelo ya Morena, bo tla direla batho dilo tse dintsi tse di molemo.—Mathaio 6:9, 10.

Bogosi jwa Modimo ga se boikutlo fela jo bo lolea jo bo mo pelong ya motho. Ke puso ya mmatota ya kwa legodimong e e tla siamisang dilo mo lefatsheng. Akanya fela ka se Modimo a solofetsang go se direla batho a dirisa Bogosi jwa gagwe. Baebele e bolela gore sa ntlha Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) O tla dirang ka batho ba ba mo ikobelang? Lefoko la gagwe le bolela gore o tla “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) Ga go na motho ope yo o ka dirang dilo tseno. Ke Modimo fela yo o ka dirang gore re tshele ka tsela e a neng a ikaeletse gore re tshele ka yone kwa tshimologong.

Ke eng se o ka se dirang gore o itumelele dilo tse di molemo tse Bogosi jwa Modimo bo di solofetsang? Johane 17:3 ya re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho mo lefatsheng lotlhe go dira sone fela seo. Bodiredi jwa bone bo dirwa mo dinageng di ka nna 230, mme dibuka tsa bone di gatisiwa ka dipuo di feta 400. Fa e le gore o ka rata go ithuta dilo tse di oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o ba kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di kwadilweng mo tsebeng ya 5.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Heelang tlheng, lona ba lo reng: ‘Gompieno kgotsa ka moso re tla tsaya loeto re ya motseng ono, re tla nna ngwaga gone, mme re tla tshwarega mo kgwebong re bo re dira dipoelo,’ mme lo sa itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.”—Jakobe 4:13, 14

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Baebele e tlhalosa hisitori ya rona go tloga fela kwa monneng wa ntlha le mosadi wa ntlha. Ka jalo, e re bolelela gore re tswa kae. Gape e bontsha gore re ya re lebile kae. Le fa go ntse jalo, gore re tlhaloganye se Baebele e re bolelelang sone, re tshwanetse go e ithuta ka kelotlhoko, fela jaaka re ka ithuta mmapa

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Lefoko “boleo” le ka raya go dira selo se se phoso kgotsa tshekamelo ya go dira bosula. Re belegwe re na le boleo, mme bo tlhotlheletsa se re se dirang. “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.”—Moreri 7:20

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Fa o ne o ka tshwanelwa ke go dira fotokhopi ya pampiri e e nang le kolo e ntsho, kolo eno e tla tlhagelela mo dikhoping tsotlhe tse o di dirang. E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame—re le dikhopi tsa gagwe ka tsela ya tshwantshetso—re na le kolo ya boleo mo go rona. Ke kolo e e tshwanang kgo le e e neng e le mo go Adame, yone ele ya ntlhantlha

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Baebele ya re: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ntlha eno e re thusa go lemoga gore ke ka ntlha yang fa batho ba palelwa ke go lere kagiso mo lefatsheng. Motho o ne a sa bopelwa go “kaela dikgato tsa gagwe” ka boene fela a sa thusiwe ke Modimo

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Mopesalema wa mo Baebeleng o ne a raya Modimo jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Fela jaaka lobone, Baebele e re thusa go dira dilo ka tsela e e botlhale fa re dira ditshwetso. E re ka e le ‘lesedi la tsela ya rona,’ e bonesa tsela ya rona gore re kgone go lemoga gore isagwe ya batho e tla nna jang

[Lebokoso mo go tsebe 7]

SE SE SOLOFETSWENG FA SE BAPISIWA LE SE SE DIRAGALANG GONE JAANONG

Ka September 2000, dinaga tse e leng maloko a Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di ne tsa dumalana tsotlhe fela gore di ipeele mekgele e le mmalwa e di tla bong di e fitlheletse ka 2015. Mengwe ya mekgele eno ke e e latelang:

Go dira gore palo ya batho ba ba itshedisang ka madi a a kwa tlase ga dolara ka letsatsi le ya ba ba bolawang ke tlala e fokotsege ka diperesente di le 50.

Go tlhomamisa gore bana botlhe ba fetsa sekolo sa poraemari.

Go fedisa bothata jwa go tlhaolwa ga batho ka bong mo go tsa thuto.

Go fokotsa dintsho tsa bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano ka diperesente di le 66.

Go fokotsa selekanyo sa dintsho tsa baimana ka diperesente di le 75.

Go fedisa le go simolola go fokotsa go anama ga HIV/AIDS go akaretsa le malwetse a mangwe a magolo, a a jaaka malaria.

Go dira gore palo ya batho ba ba se nang metsi a a phepa a a nowang e fokotsege ka diperesente di le 50.

A dilo tseno di ka kgona go fitlhelelwa? Ka 2004 go ne ga dirwa dipatlisiso go bona gore a mme go na le kwa go iwang gone malebana le dilo tseno, mme setlhopha sa badiredibagolo ba tsa kalafi go tswa kwa dinageng tse di farologaneng se ne sa bolela gore le fa re na le tsholofelo, re tshwanetse ra lemoga gape gore kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go se re se solofetseng ga e bontshe se tota se diragalang. Ketapele ya buka ya State of the World 2005 ya re: “Khumanego e ntse e tsweletse pele ka go kgoreletsa kgatelopele mo mafelong a le mantsi. Malwetse a a jaaka HIV/AIDS a tlhasetse le go feta, mme seno se dira gore e nne one malwetse a a tshosetsang boitekanelo jwa batho mo dinageng di le dintsi. Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, bana ba ka nna dimilione di le 20 ba ile ba swa ka ntlha ya malwetse a a neng a ka thibelwa a a bakwang ke metsi a a leswe, mme batho ba le dimilione di le makgolokgolo ba sa ntse ba tshelela mo matshwenyegong letsatsi le letsatsi le mo mafelong a a leswe ka ntlha ya go tlhoka metsi a a phepa a a nowang le thulaganyo e e tshwanetseng ya kgelelo ya leswe.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

DINGWE TSA DITSHUPO TSA ‘METLHA YA BOFELO’

Dintwa tse di iseng di nne gone pele.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4.

Leuba.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:5, 6, 8.

Malwetse a leroborobo.—Luke 21:11; Tshenolo 6:8.

Go oketsega ga go tlhoka molao.—Mathaio 24:12.

Go senngwa ga lefatshe.—Tshenolo 11:18.

Dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe.—Luke 21:11.

Dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.—2 Timotheo 3:1.

Go rata madi ka tsela e e feteletseng.—2 Timotheo 3:2.

Go se utlwe batsadi.—2 Timotheo 3:2.

Go tlhoka lorato lwa tlholego.—2 Timotheo 3:3.

Go rata menate go na le go rata Modimo.—2 Timotheo 3:4.

Go tlhoka boikgapo.—2 Timotheo 3:3.

Go se rate se se molemo.—2 Timotheo 3:3.

Go se tseye tsia kotsi e e tlang.—Mathaio 24:39.

Basotli ba gana bosupi jwa metlha ya bofelo.—2 Petere 3:3, 4.

Go rerwa ga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

© G.M.B. Akash/Panos Pictures

© Paul Lowe/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo