Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Saense le Baebele di Nthusitse go Bona Bokao Jwa Botshelo

Saense le Baebele di Nthusitse go Bona Bokao Jwa Botshelo

 Saense le Baebele di Nthusitse go Bona Bokao Jwa Botshelo

JAAKA GO BOLETSE BERND OELSCHLÄGEL

Go ntsere dingwaga di le 20 go bona bokao jwa botshelo. Ke thusitswe ke dilo di le pedi go bo bona: saense le Baebele. Go ithuta saense go ile ga nthusa go tlhomamisega gore botshelo bo tshwanetse jwa bo bo na le bokao. Mme Baebele ke yone e e neng ya mpontsha bokao jwa jone ya ba ya nthusa go bo tlhaloganya.

GONGWE o kile wa utlwa batho bangwe ba bolela gore saese le Baebele di a ganetsana. Nna ke di ithutile ka bobedi, mme ga ke dumalane le kgopolo eo. Gongwe o ka rata go itse gore ke eng fa ke bolela jalo.

Ke tshotswe ka 1962 kwa Stuttgart, motse mongwe kwa borwa jwa Jeremane. Tiro ya ga Rre e ne e le go dira metšhine mme ene le Mmè ba ne ba tlhoafetse mo kerekeng. Karin, kgaitsadiake, o ne a tsholwa dingwaga di le nnè pele ga me. Selo sa botlhokwa thata se se neng sa direga fa ke sa le ngwana e ne e le fa Rre a nnaya dilo tsa go ithuta tsa saense. Ke ne ke rata thata go lekeletsa dilonyana tsa khemiseteri le fisikisi. Ee, go ne go le monate go ithuta.

Moragonyana ke ne ka tlogela dilwana tseno tsa go ithuta tsa saense mme ka simolola go dirisa khomputara. Tota le ka nako ya fa ke ne ke le mosha, ke ne ke kgona go bona gore khomputara e e di gaisang tsotlhe ke boboko jwa motho. Mme ke ne ka ipotsa ka re: ‘Boboko bo dirilwe ke mang? Re bo filwe ke mang? Mme bokao jwa botshelo ke eng?’

Go Bona Thutego e e Kwa Godimo

Ke ne ka tlogela sekolo ke le dingwaga di le 16 mme ka simolola go ithutela tiro ya go thusa mo laboratoring ya ditshwantsho. E re ka go ithuta e ne e le selo se ke se ratang thata, ke ne ka ipeela mokgele wa go ya go ithuta fisikisi kwa yunibesithing. Mme go ne go sa ntse go tla tsaya nakonyana  pele ke dira khoso ya kwa yunibesithing. Go ile ga ntsaya dingwaga di le tlhano gore ke tshwanelegele go tsena kwa yunibesithing. Ke ne ka simolola thuto ya me ya kwa yunibesithing kwa Stuttgart ka 1983, mme ka tsweletsa dithuto tsa me kwa Munich. Kwa bofelong, ke ne ka nna ngaka ya fisikisi kwa Yunibesithing ya Augsburg ka 1993.

Go ne go se motlhofo fa ke simolola kwa yunibesithing. Gantsi holo e re neng re rutelwa mo go yone e ne e tlala ka baithuti ba ba ka nnang 250, ba bontsi jwa bone ba neng ba tlogela khoso e re neng re e dira mo dikgweding di se kae fela. Nna ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla fetsa se ke se simolotseng. Ka nako ya fa ke nna kwa lefelong la bonno la baithuti, ke ne ka kopana le batho ba go neng go bonala ba batla fela go nna mo monateng. Go tsalana le bone go ne go sa ntsholegele molemo ka gope. Ka ntlha ya moo, ke ne ka simolola go ya diphathing le go dirisa diokobatsi.

Go Batla go Itse Bokao Jwa Botshelo go Dirile Gore ke Fitlhe Kwa India

Go ithuta fisikisi go ne ga nthusa gore ke tlhaloganye melao ya tlholego ya lobopo botoka. Ke ne ke solofetse gore kgabagare saense e ne e tla nthusa gore ke bone bokao jwa botshelo. Le fa go ntse jalo, thuto ya fisikisi ga ya ka ya nthusa go bona bokao jwa botshelo jo ke neng ke bo batla. Ka 1991, ke ne ka tsamaya le setlhopha sengwe se se neng se ya kwa India go ya go ithuta mokgwa wa go tlhatlhanya wa kwa Botlhaba. A bo go ne go itumedisa jang ne go bona naga eo le batho ba yone! Le fa go ntse jalo, ke ne ka gakgamala go bona kafa batho ba ba humileng le ba ba humanegileng ba farologanang thata ka gone.

Ka sekai, gaufi le motse wa Pune, re ne ra etela moruti mongwe wa Mohindu yo o neng a bolela gore fa o tlhatlhanya sentle o ka kgona go huma. Re ne re tlhatlhanya re le setlhopha moso mongwe le mongwe. Gape, moruti yono o ne a rekisa melemo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo. Ga go na pelaelo gore o ne a amogela madi a mantsi; ka gore tsela e a neng a tshela ka yone e ne supa seo. Re ile ra bona gape le baitlami ba go neng go bonala ba humanegile, ba sa tshwane le moruti yole yo re mmoneng. Ke ne ka ipotsa ka re, ‘Ke eng fa go tlhatlhanya go sa ba thuse le bone gore ba hume?’ Go ne go bonala loeto lwa me lwa go ya kwa India lo dirile gore ke nne le dipotso tse dintsi e bile lwa dira gore ke bone dikarabo di le dintsi.

Sengwe sa dilo tsa go ikgopotsa loeto lwa me se ke neng ka boa ka sone kwa India e ne le bele e e dirisediwang go tlhatlhanya. Ke ne ka bolelelwa gore fa nka e betsa sentle, bele eo e ne e tla letsa molodi o o tla nthusang go tlhatlhanya sentle. Fa ke setse ke boetse kwa Jeremane, ke ne ka reka horosekoupo e e dirilweng ke mongwe yo o neng a bolela gore o kgona go bonela pele isagwe ya me. Mme go nna ke tlhatlhanya jalo ga go a ka ga mpontsha sepe ka botshelo. Ke ne ka kgobega marapo fa ke lemoga gore horosekoupo ke pampitshana fela e e se nang mosola. Ka jalo ke ne ka sala ke ntse ke na le dipotso tse di kaga bokao jwa botshelo.

Ke ne ka Bona Dikarabo mo Baebeleng

Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga ke sa lebelela ka 1993. Ke ne ke weditse dithuto tsa me le dipatlisiso tse ke neng ke di dira mme ke ne ke simolotse go kwala pego malebana le dipatlisiso tse ke di dirileng ka thuto ya fisikisi. Gore ke kgone go fetsa ka nako e e beilweng, ke ne ka bereka bosigo le motshegare mme ka itlhokomolosa dilo tse dingwe tsotlhe. Ke sa lebelela thapama nngwe, ke ne ka utlwa mongwe a kokota fa kgorong. Fa ke bula, go ne go eme basadi ba babedi.

Ba ne ba mpotsa jaana: “A o ne o itse gore go ya ka Baebele, ngwaga wa 1914 ke ngwaga o o kgethegileng?” Potso eo e ne ya nkgakgamatsa. Ke ne ise ke tsamaye ke utlwe ka selo se se ntseng jalo; e bile ke ne ke se na le nako ya go batlisisa ka sone. Le fa  go ntse jalo, ke ne ka kgatlhwa ke potso eo. Go tla jang gore ba re Baebele ga e bolo go bolela gore 1914 ke ngwaga o o kgethegileng?

Ba ne ba tswelela ka go re: “A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka seno.” Ke ne ka akanya ka re ‘fa nka ba reetsa, nka kgona go utlwa kafa ba ikganetsang ka teng.’ Go na le gore ba ikganetse, ke ne ka bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Baebele e bua boammaaruri. Ke ne ka ithuta gore boporofeti jwa Baebele bo bontsha sentle gore Bogosi jwa Modimo jo Mesia a busang mo go jone—puso ya kwa legodimong e e tlileng go busa lefatshe lotlhe—e ne ya tlhomiwa ka 1914. *

Basadi bao e ne e le Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba nnaya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. * Ke ne ka fetsa go e bala mo malatsing a se kae mme ka fitlhela gore se e se buang se utlwala sentle. Basupi bao ba ne ba mpontsha go tswa mo Baebeleng gore Jehofa o batla gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. Go ya ka boporofeti jwa Baebele, tsholofetso eno e tla tloga e diragadiwa. A bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ka isagwe! Ke ne ka amiwa pelo thata ke tsholofelo eno mme e ne ya dira gore ke seke dikeledi. A go ka direga gore seno ke sone se ke ntseng ke se batla dingwaga tse 20 tse di fetileng?

Ke ne ka lemoga ka bonako gore ke batla eng mo botshelong: go itse Jehofa Modimo le go mo direla ka pelo yotlhe. Ke ne ka tswelela ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke lemoga gore dilo tse ke di ithutang di boammaaruri. Ke ne ke na le keletso e kgolo ya go ithuta ka dilo tsa semoya. Fa ke sena go kwala pego ya me malebana le patlisiso e ke e dirileng, ke ne ka bala halofo ya Baebele mo dikgweding di le tharo.

Go Bona se se Fetang Dikarabo Fela

Ka May 1993, ke ne ka ya kwa pokanong ya me ya ntlha kwa phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi e e kwa Augsburg. Dithuto tse ke neng ka di utlwa koo di ne di utlwala di le boammaaruri. Mo godimo ga moo, ke ne ke ikutlwa ke gololesegile fa ke na le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ntumedisa ka lorato ba bo ba dira gore ke ikutlwe ke amogelesegile, le fa ba ne ba sa nkitse. Mosadimogolo mongwe yo o neng a dutse fa thoko ga me o ne a tsaya matsapa a go mpatlela kopelo. Mo dibekeng tse di latelang, monna mongwe wa Mosupi le morwawe yo mmotlana, ba ne ba mpega mo koloing ya bone ba tsamaya le nna go ya kwa Holong ya Bogosi. Ditsala tseno tsa me tse disha di ne tsa simolola go ntaletsa kwa magaeng a bone. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka ikutlwa ke batla go bolelela ba bangwe ka dilo tse ke di ithutang ka bokao jwa botshelo.

Go tsaya tsia dilo tse ke di ithutileng mo Baebeleng go ne go setse go ntlhotlheletsa gore ke dire diphetogo mo botshelong jwa me. Ka sekai, ke ne ke sa tlhole ke batla go nna le dilo tse di amanang le masaitseweng. Ka jalo ke ne ka latlha dihorosekoupo tsa me le bele ya go tlhatlhanya le dilonyana tse dingwe tsa go ikgopotsa loeto lwa me tse ke neng ka tla le tsone go tswa kwa India. Ke ne ka gatela pele mo thutong ya me ya Baebele mme ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa gore ke nne Mosupi wa ga Jehofa ka June 1994 kwa Munich. Ka go dira jalo, ke ne ka amogela ka pelo yotlhe bokao jwa mmatota jwa botshelo.

Ka September 1995, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Seno se ne se raya gore ke ne ke dirisa nako e ntsi ke bua le batho ka maikaelelo a Modimo. Gore ke kgone go dira seno, ke ne ka ikaega ka nonofo e ke e fiwang ke Jehofa.Gantsi ke ne ke fitlha kwa gae maitseboa morago ga go bereka diura di le mmalwa mo bodireding jwa tshimo, ke ikutlwa ke itumetse e bile ke kgotsofetse ka tsela e ke iseng ke ko ke ikutlwe ka yone pele ga ke itse Jehofa. Ka January 1997, ke ne ka lalediwa go ya go tsweletsa tirelo ya me ya nako e e tletseng kwa  ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Jeremane, kwa Selters, e e bidiwang Bethele, mo ke nnang teng gone jaanong. Batsadi ba me ba kile ba nketela ka makgetlhonyana, mme le mororo ba se mo bodumeding jwa me, ba tlotla Bethele mme ba itumelela go bo ke nna fano.

Saense le Baebele

Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore go tla jang gore motho yo o ithutileng saense ka dingwaga di le dintsi a dumele mo Baebeleng. Nna ga ke bone fa Baebele le saense di ganetsana. Jaaka mankge wa fisikisi, ke ile ka ithuta melao e e laolang botshelo, mme melao eno e re naya bosupi jwa gore e ile ya tlhamiwa ke mongwe yo o nang le botlhale jo bo gaisang jwa motho.

Ka sekai, go na le dikgopolo tse dintsi tsa fisikisi, khemiseteri le thutotshelo. Mme le fa dikgopolo tseo di ka tswa di le motlhofo, thuto ya dipalo e e amanang le tsone yone e raraane tota. Baitsesaense ba ba botlhale ba tla ka dikgopolo dingwe tse disha mme morago ga foo ba bo ba lebogiwa ka go fiwa Sekgele sa Nobel ka ntlha ya tiro ya bone. Motho yo o tlhamileng le go bopa lobopo lo go leng thata gore baitsesaense ba lo tlhaloganye ene o tshwanetse a bo a le botlhale go gaisa jang ne!

Go dumela gore botshelo bo itlhagetse fela, jaaka batho ba le bantsi ba ba dumelang mo thutotlhagelelong ba bolela, ke go feteletsa dilo. Ka sekai: Tsaya dibolo di le lesome o bo o di tlhomaganya sentle mo lebaleng la kgwele ya dinao, nngwe le nngwe ya tsone e le bokgakala jwa metara go tswa mo go e nngwe. Raga bolo ya ntlha, o leke go dira gore bolo nngwe le nngwe e iteye e e fa pele ga yone gore go felele ka gore dibolo tsotlhe tse di lesome di itaane. Go tswa foo, leka go bolelela pele gore bolo nngwe le nngwe e tla feleletsa e eme fa kae. Go thata gore seno se ka kgonega, mo e leng gore batho ba le bantsi ba tla bolela gore go ka se direge.

Ka jalo, fa e le gore go ka se kgonege go dira jalo ka dibolo tseo, go tla jang gore go nne le mongwe yo o bolelang gore go gola ga sele ya motho—e leng thulaganyo e e raraaneng thata go feta go raga dibolo tsele tsa kgwele ya dinao—go itiragalela fela ka bogone? Karabo e le nngwe fela e e utlwalang ke gore go na le Motho yo o botlhale go gaisa botlhe yo o bopileng batho le dilo tsotlhe tse dingwe tse di tshelang mo lefatsheng. A Motho yono, e bong Mmopi, a ka dira sengwe se se ntseng jalo a se na boikaelelo bope? Le e seng. O tshwanetse a bo a ne a na le boikaelelo bongwe, mme boikaelelo joo bo senolwa le go tlhalosiwa mo Baebeleng.

Jaaka o ka bona, saense le Baebele di ile tsa nthusa gore ke bone dikarabo tsa dipotso tse ke sa bolong go ipotsa tsone ka botshelo. Akanya fela gore o ka ikutlwa jang fa o bona sengwe se o sa bolong go se batla ka dingwaga tse di fetang 20. Ke eletsa thata go thusa batho ba le bantsi ka mo ke ka kgonang ka teng gore le bone ba bone se ke ileng ka se bona—e seng fela dikarabo tsa dipotso tsa me mme se se botlhokwa le go feta, tsela e e siameng ya go obamela Modimo o o osi wa boammaaruri e bong Jehofa!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 17 Go bona tlhaloso e e feletseng ka kgang eno, bona kgaolo 10 ya setlhogo se se reng “Bogosi jwa Modimo bo a Busa,” mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, tsebe 90-7.

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

E re ka ke le mankge mo go tsa fisikisi, ke ile ka ithuta ka melao e e laolang botshelo mme melao eno e supa gore e tlhamilwe ke mongwe yo o botlhale thata go gaisa batho

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Fa ke ne ke le dingwaga di le 12

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

E re ka ke ne ke batla bokao jwa botshelo, ke ne ka dirisa mokgwa wa go tlhatlhanya wa kwa Botlhaba

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go rerela batho ba bangwe go dira gore ke nne le boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Cover of book: J. Hester and P. Scowen (AZ State Univ.), NASA