Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ke Ikemiseditse le Mororo Ke ne Ke Golafetse

Ke ne Ke Ikemiseditse le Mororo Ke ne Ke Golafetse

 Ke ne Ke Ikemiseditse le Mororo Ke ne Ke Golafetse

Jaaka go boletse Kouamé NʹGuessan

Nna le tsala ya me re ne ra sokasokana le go kgorometsa dibaesekele re tlhatlogela kwa godimo ga thota e nngwe gape. E ne e le ka November 2002, mme ntwa ya selegae e ne e fagile kwa Ivory Coast, kwa Afrika. Go ne go raya gore re tla kopana le dikotsi tse dintsi mo tseleng eno e batho ba neng ba sa tsamaye mo go yone. Kwa pelenyana, go ne go na le masole a mangwe gape a a phuruphutsang batho ba ba fetang. O ka ipotsa gore ke eng fa ke ne ke tsaya loeto lo lo kotsi jaana ka nako eno ya dikhuduego?

KE TSHOTSWE ka 1978 ke na le bolwetse jo bo sa foleng. Bo ne jwa simolola ka gore ke nne le bokoa jwa go sa utlwe sentle le go opa botlhoko ga maoto a me. Fa ke ntse ke gola, ba lelapa la gaetsho ba ne ba ntshotla, ba re ke ‘serepa le gore ditsebe tsa me di kabilwe ke leswe.’ Bagolo ba ne ba ntshotla mme bana bone ba ne ba nkgoa ba re ke segole e bile ke na le maoto a a robegileng.

Ke ne ka simolola sekolo ke le dingwaga di le robedi mme ka bonako fela ka simolola go kgerisiwa ke bana le barutabana kwa sekolong. Gantsi ke ne ke ikutlwa e kete lefatshe le ka bulega gore ke tsene. E re ka batho ba ne ba lemoga gore ke a boifa, ba ne ba ntshotla. Gantsi ke ne ke tswa fela mo ntlong fa ke ya sekolong.

Ke ne ke tle ke ipotse gore ‘Go tlile jang gore ke tshwarwe ke bolwetse jono?’ Mmè o ne a re ke loilwe ke mongwe. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke bona batho ba ba nang le bogole jo bo tshwanang le jwa me mme ke ipotsa go re, ‘A seo se raya gore le bone ba loilwe?’

Ka 1992, ke ne ka simolola go nna le ditlhabi tse di botlhoko thata mo dikgonong. Fa di sena go kokobela, ke ne ke sala ke sa kgone go otlolola mabogo. Dingwaga tse pedi morago ga foo, ke ne ke sa tlhole ke kgona go bona ka leitlho la me la molema. Batsadi ba me ba ne ba nkisa kwa bathong ba ba farologaneng ba go neng go twe ba a fodisa mme ga ba a ka ba kgona go nthusa. E re ka ke ne ke nneela bokoa pele, ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela sekolo.

Go Batla Dikarabo

Moithuti mongwe ka nna yo o ratang bodumedi o ne a ntaletsa gore ke ye le ene kwa kerekeng. Ke godile ke le mo-animist; le fa go ntse jalo, ke ne ka fetsa ngwaga otlhe ke ya kerekeng. * Ga ke a ka ka ithuta go le gontsi ka Baebele fa ke le ile teng, ka jalo ke ne ka simolola go ipotsa gore a tota go tsena kereke go tla nthusa.

Dithuto dingwe tsa kereke di ne tsa ntshosa, segolobogolo thuto ya molelo wa dihele. Ke ne ke akanya gore ga ke bosula jalo gore nka tlhokofalediwa ruri kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke akanya gore ga ke a siama ka mo go lekaneng mo nka kgonang go tshelela ruri ka boitumelo kwa legodimong. E re ka dipotso tsa me di ne di sa arabiwe ka tsela e e nkgotsofatsang, ke ne ka se ka ka tlhola ke kgatlhegela bodumedi.

Ngwaga o o latelang ke ne ka  lalediwa kwa tirelong nngwe ya go fodisa batho e e neng e tshwaretswe kwa Abidjan, motsemoshate wa Ivory Coast, o o dikilometara di ka nna 150 go tswa mo motsaneng wa rona wa Vavoua. Pele ga re tsamaya, ke ne ka bolelela batho ba ba nang le boikarabelo mo kerekeng gore ga ke na madi a a lekaneng a go tsena koo le go duelela dijo. Ba ne ba dira gore ke akanye gore ke tla fitlha ke tlhokomelwa kwa Abidjan, mme ga go a ka ga nna jalo. Le fa ke ne ke potapotilwe ke boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba ka nnang 40,000 kgotsa 50,000, go ne go se na ope yo o neng a ntlhokometse e bile ke ne ke ikutlwa ke latlhegile. Go ne go se na ope yo o neng a amega ka nna.

Ke ne ka boela kwa Vavoua ke ntse ke lwala fela jaaka pele, mme e bile ke ikutlwa ke tsieditswe. Baeteledipele ba kereke e e mo lefelong la gaetsho ba ne ba nthaya ba re Modimo ga a ka a mphodisa ka gonne ke ne ke se na tumelo. Morago ga moo, ke ne ka kgaogana le bodumedi gotlhelele.

Kgabagare Ke ne Ka Gomotsega Semoyeng

Ka 1996 Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a etela lelapa la gaetsho. Ke ne ke ise ke ko ke bue le Mosupi, mme ke ne ka reetsa fa moeti wa rona a ne a tshwere motlotlo o o matlhagatlhaga le nkgonne. Nkgonne o ne a sa kgatlhege mme nna ke ne ke kgatlhega. Sengwe le sengwe se Mosupi yoo a neng a se bua se ne se nkama pelo.

Mosupi yono o ne a tlhalosa gore boleo bo ile jwa tsena mo bathong botlhe ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga motho wa ntlha. Botsuolodi joo bo ile jwa dira gore batho botlhe ba nne le bosaitekanelang mme gape jwa dira gore loso lo fetele mo bathong botlhe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo gore re itshwarelwe boleo le gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 3:23; 5:12, 17-19) Mo godimo ga moo, Mosupi yono o ne a mpontsha go tswa mo Baebeleng gore go ise go ye kae Jehofa Modimo, ka Bogosi jwa gagwe, o tla fetola lefatshe gore e nne paradaise a bo a tlosa boleo le ditlamorago tsotlhe tsa jone tse di utlwisang botlhoko.—Isaia 33:24; Daniele 2:44; Tshenolo 21:3, 4.

Tsela e dithuto tsa Baebele di neng di utlwala ka yone e ne ya nkama ka tsela e e molemo tota. Mosupi yole, yo moragonyana ke neng ka utlwa gore leina la gagwe ke Robert, o ne a dira dithulaganyo tsa go ithuta Baebele le nna gabedi ka beke. Mo dikgweding di se kae fela, fa ke sena go nna le kitso e ntšha ya Baebele, ke ne ka tshwanelega go ka tsamaya le Basupi mo bodireding jwa bone jwa ka ntlo le ntlo. Go ne go se motlhofo go dira jalo ka gonne ke ne ka tshwanelwa ke go fenya poifo ya me ya go kopana le batho.

Go ne Ga Tlhaga Mathata

Ba lelapa la gaetsho ba ne ba sa itumelele go bo ke ithuta Baebele. Go dira gore ke kgopisege, nkgonne o ne a tle a gogele motsoko mo kamoreng ya me bosigo. Mo mosong ke ne ke tsoga ke tshwerwe ke tlhogo e bile ke ikutlwa ke lwala. Bothata jo bongwe e ne e le dijo tse re neng re di ja. Rre e ne e le motsomi yo o tlhoafetseng mme nama e a neng a re e tlisetsa e ne e le yone sejo sa rona se segolo. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore Baebele e re iletsa go ja nama e e sa tshololwang madi. (Ditiro 15:28, 29) Le fa go ntse jalo, o ne a gana go tsholola madi a diphologolo. Ka dinako tse dingwe Mmè o ne a mpeela raese e e se nang seshabo, mme gantsi ke ne ke lala ka tlala.

Le fa gone Holo ya Bogosi ya motse wa Vavoua e ne e le ka kwa ntlheng e nngwe ya motse, le ka motlha ke ne ke sa dire gore go nna kgakala ga yone kgotsa maemo a bosa a a sa siamang a nkgoreletse go ya dipokanong. Ke ne ka kolobediwa ka September 1997 kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Go Dumela mo Lefokong la Modimo” e e neng e tshwaretswe kwaIvory Coast. Kgabagare ke ne ka oketsa seabe sa me mo bodireding jwa Bokeresete mo e leng gore ke ne ka tshwanelegela go nna mmulatsela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba bitsa badiredi ba nako e e tletseng.

Mathata a Mangwe

Dikhuduego tsa sepolotiki di ne tsa feleletsa e le ntwa ya selegae ka September 2002. Mo dibekeng di se kae fela, sesole sa setšhaba se ne se simolola go tsena mo motseng wa Vavoua. Batho bangwe ba ne ba tshaba ka gonne ba tshaba go bolawa, go akaretsa le ba le bantsi ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa. Mo malatsing a matlhano a fa batho ba sena go tshaba jalo, masole a ne a gapa motse mme ka bonako fela a thibela sengwe le sengwe se se neng se dirwa mo motseng oo. Ka nako eo, bontsi jwa batho ba Vavoua ba ne ba phatlalala go akaretsa le Basupi ba ba neng ba setse.

E re ka go ne go se na dipalangwa tsa botlhe, batho ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le dintsi go ya kwa metseng e e gaufi le rona. Nna ke ne ke sa kgone go tsamaya sekgala se se telele jalo, ka jalo ke ne ka sala ke le Mosupi ke le nosi fela kwa Vavoua. Ke ne ka tswelela pele ke rera le go tshwara dipokano tsa phuthego tse mo go tsone batho bangwe ba motse wa gaetsho ba neng ba tla kwa go tsone.

 Maiteko A go Ya Kopanong

Go ne go rulagantswe gore go tla tshwarwa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya Basupi ba ga Jehofa ka November kwa motseng wa Daloa. Ke ne ka rapela Jehofa, ke mmolelela gore ke kopa gore a nthuse go nna teng kwa go yone. Mosupi mongwe yo o neng a sa tlhole a nna kwa motseng wa rona, o ne a boa re sa lebelela. Ke ne ka mmotsa gore a a ka kgona go mpega mo baesekeleng ya gagwe go ya kwa lefelong la kopano, le le neng le le bokgakala jwa dikilometara di le 50. O ne a dumela ka bonako le mororo le ene a ne a na le bogole bongwe jo bo masisi.

Eno e ne e le nako e batho ba le bantsi ba neng ba tlhobaela ka yone, ka jalo go ne go se botlhale go tsaya loeto lo lo ntseng jalo. Dikoloi di ne di sa letlelelwa go tswa kwa Vavoua go ya Daloa. Fa masole a a lwantshanang a ne a sa go itse, go ne go ka direga gore a go belaele mme a bo a go thuntsha ka tlhobolo. Le fa go ntse jalo, ka Matlhatso mo mosong, ka November 9, 2002, re ne ra tswa kwa Vavoua ka baesekele re ya kwa Daloa jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong.

Go ise go ye kae, re ne ra fitlha mo go lengwe la mafelo a mantsi a masole a phuruphutshang batho mo go one. Re ne ra phuruphutshiwa fela thata mme ra letlwa go feta. E ne e le loeto lo loleele lo lo lapisang. Re ne ra tsamaya go fitlha re goroga kwa godimo ga thaba mme fa re le kwa setlhoeng sa yone, re ne re nna mo baesekeleng e bo e kgokologela kwa tlase ka rona.

Fa nako e ntse e tsamaya, motho yo mongwe yo le ene a neng a tsamaya ka baesekele o ne a ithaopa go re thusa. Ke ne ka nna mo saleng e nnye kwa morago ga baesekele ya gagwe. Fa motho yo re neng re sa mo itse yono a ne a ntse a swaya baesekele, nna ke ne ka dirisa tshono eo go bua le ene ka Bogosi jwa Modimo. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore puso ya Modimo ke ya kwa legodimong le gore go ise go ye kae e tla tlisa kagiso e e nnelang ruri mo lefatsheng. O ne a gakgamadiwa ke go utlwa dilo tse ke neng ke di bua mme a ntlhasela ka dipotso. Fa re fitlha kwa Daloa, o ne a re rekela dijo mme a re solofetsa gore o tla tla kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe mo letsatsing le le latelang.

Re ne ra fitlha kwa Daloa bosigo, re lapile mme re itumetse ka go bo re kgonne go fitlha. Loeto lwa rona lwa diura di le robongwe lo ne lo se motlhofo. Lelapa lengwe la Basupi le ne la re amogela mme ba akantsha gore re nne le bone go fitlha dikhuduego tsa sepolotiki di fokotsega go se kae. Ka maswabi, kopano e ne ya se ka ya tshwarwa ka ntlha ya dikhuduego tsa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, go tsaya loeto leo ga ya ka ya nna matsapa a lefela. Le ne la dira gore ke nne le ditshiamelo tse di oketsegileng tsa go direla Bakeresete ka nna kwa Daloa.

Go Ikemisetsa go Ile ga Ntlisetsa Masego

Gone jaanong ke motlhanka wa bodiredi yo o dirang ka natla e bile ke mmulatsela wa ka metlha mo phuthegong ya Daloa. Ke thusa gape go tlhokomela Holo ya Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya Daloa. Gore ke itlamele, ke betla dirurubele tsa logong ke bo ke di rekisa mme gape ke penta matshwao.

Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, ke ne ke tswa fela mo ntlong fa ke ya kwa sekolong, mme fa e sa le ke tlogela sekolo, ke ile ka tsamaya dikilometara di le dintsi ke batlana le batho ba ba nyoretsweng boammaaruri jwa go itse gore ke eng fa re lwala le go boga. Fa ke ntse ke letetse gore Bogosi jwa Modimo bo tle go fedisa makoa otlhe, ke tswelela ke bolelela batho ba mo Ivory Coast dikgang tse di molemo tse di gomotsang tse di buang ka maikaelelo a Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go nna mo-animist go akaretsa go dumela gore diphologolo, dimela le dilo tse dingwe tsa tlholego di tshela botshelo jo bo tshwanang fela le jwa batho.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Re le mo tseleng go ya kwa Daloa kwa kopanong

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke thusa go tlhokomela Holo ya rona ya Kopano kwa Daloa

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ke betla dirurubele tsa logong ke bo ke di rekisa gore ke kgone go itlamela