Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhoka Magae—Go Bakwa ke Eng?

Go Tlhoka Magae—Go Bakwa ke Eng?

 Go Tlhoka Magae—Go Bakwa ke Eng?

“MO LEFATSHENG lotlhe, go na le batho ba ba fetang dimilione di le 100 ba ba se nang magae,” go bega jalo lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Fa e le gore palo eo e boammaaruri, go raya gore motho a le 1 mo go ba ba ka nnang 60 ga a na legae le le siameng! Le fa go ntse jalo, go sa ntse go sa itsiwe sentle gore bothata jono bo maswe go le kanakang. Ka ntlha yang?

Kgang ya go tlhoka legae e tlhalosiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo dinageng ka go farologana ga tsone. Mekgwa e e dirisiwang ya go batlisisa bothata jono le boikaelelo jwa go bo batlisisa ke yone e e laolang tsela e ba tlhalosang bothata jono ka yone. Mme dipalo tse ba di begang tsa batho ba ba se nang magae di laolwa ke tsela e ba tlhalosang bothata jono ka yone. Ka jalo, ga go motlhofo kgotsa ga go kgonege go tlhaloganya bothata jono ka botlalo.

Buka ya Strategies to Combat Homelessness, e e gatisitsweng ke setheo sa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng sa Centre for Human Settlements, e tlhalosa go tlhoka legae e re ke boemo jwa “go se nne le ntlo e e mo boemong jo bo amogelesegang. Seno se akaretsa magae otlhe a maemo a one a leng kwa tlase ga a a tsewang a siame” mo lefelong le motho yo o se nang legae a nnang mo go lone. Bangwe ba ka tswa ba nna mo mebileng kgotsa mo matlotleng kgotsa mo dikagong dingwe tse di sa tlholeng di dirisiwa fa ba bangwe bone ba ka tswa ba nna mo dihoseteleng. Ba bangwe ba ka tswa ba nna le ditsala tsa bone ka nakwana fela. Yone patlisiso eno ya re le fa boemo e ka tswa e le bofe: “Go tlhalosa gore motho mongwe ga a na legae go supa gore ‘go tshwanetse ga dirwa sengwe’ go thusa motho yoo ka bothata joo jwa gagwe.”

Go fopholediwa gore kwa Poland, e leng naga e e nang le baagi ba ka nna dimilione di le 40, go na le batho ba le 300 000 ba ba se nang magae. Tota ga go ope yo o itseng gore ba kae ka palo, e re ka go se na lefelo le le rileng le go ka tweng ba nna mo go lone, ka gonne ba nna ba ntse ba fuduga go tswa mo lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Bangwe ba dumela gore palo ya bone e tshwanetse ya bo e fitlha go halofo ya milione!

E re ka batho ba ba se nang magae ba aname mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go ka tswa go na le mongwe yo o mo itseng yo o nang le bothata jono. Mathata a go tlhoka legae a tsosa dipotso di le mmalwa. Go tlile jang gore batho bano ba bo ba se na magae a a siameng? Ba tshela jang? Ke mang yo o ba thusang? Mme isagwe ya bone e ntse jang?

 Fa go Diragalela Motho Makgetlhonyana Gore a Tlhoke Legae

Sabrina * ke mmè yo o se nang molekane wa lenyalo yo o nnang mo lefelong la bahumanegi kwa Harlem, karolo ya kwa New York City. O ne a tlogela sekolo fa a sena go wetsa mophato wa bolesome (Seema sa borobedi). Sabrina o nna le bananyana ba gagwe ba bararo mo lefelong lengwe le mmasepala o le neileng batho ba ba feditseng lobaka lo loleele ba se na magae gore ba nne mo go lone. O nna mo foleteng e e nang le phaposi e le nngwe fela ya borobalo le basimanyana bano ba gagwe ba bararo—yo mongwe o na le dikgwedi di le lesome, yo mongwe dingwaga di le tharo mme yo mongwe ene dingwaga di le lesome. Mmasepala o naya batho ba ba se nang lefelo le le sireletsegileng le ba ka nnang mo go lone lefelo le le ntseng jalo la bonno.

Sabrina o ne a fuduga mo foleteng ya ga mmaagwe dingwaga di le lesome tse di fetileng. Fa e sa le ka nako eo, o ntse a nna le mosimane mongwe yo a ratanang le ene, ka dinako tse dingwe o ne a nna le ditsala tsa gagwe le ba losika, mme e ne ya re fa bothata bo etegela, a bo a ya go nna kwa lefelong le batho ba ba se nang magae ba le neilweng ke mmasepala gore ba nne mo go lone. Sabrina o bolela jaana: “Go na le dinako tse ke neng ke tle ke nne le tironyana e ke e dirang, gantsi ya go loga batho meriri gore ke nne le madi, mme bontsi jwa nako ke ne ke thusiwa ke mokgatlho o o thusang batho ba ba nang le mathata.”

Jaaka go begilwe mo makasineng wa Parents, se se gakgamatsang ke gore mathata a ga Sabrina a simolotse fa a sena go bona tiro e e itumedisang ya go nna mophepafatsi mo diphaposing tsa hotele. Fa a ne a sa ntse a bereka teng, o ne a amogela madi a le mantsi a a neng a dira gore a se ka a tshwanelegela go thusiwa ke mokgatlho o o thusang batho ba ba nang le mathata mme e se madi a a lekaneng gore a ka duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa gagwe, tse di akaretsang go duelela borobalo, dijo, diaparo, sepalangwa le go tlhokomela bana. Ka jalo, o ne a sa kgone go duela rente e bile motho yo a neng a hirile mo ga gagwe o ne a batla go mo leleka. Kgabagare, Sabrina o ne a tlogela tiro mme a ya go nna nakwana kwa lefelong la batho ba ba latlhegetsweng ke magae go fitlha a bona lefelo le a nnang mo go lone gone jaanong.

Sabrina o bolela jaana, “Seno se ile sa bakela bana ba me mathata. Morwaake wa leitibolo o setse a tsene dikolo di le tharo jaanong. O tshwanetse go ka bo a le mo mophatong wa botlhano, mme o ne a tshwanelwa ke gore a boeletse mophato o a neng a le mo go one . . . Re ne ra tshwanelwa ke go fuduga gantsintsi.” Sabrina o mo lenaaneng la batho ba ba letetseng gore ba thusiwe go nna le matlo.

Batho ba gotlhelele ba se nang lefelo le ba nnang mo go lone ba ka leba Sabrina a le lesego tota. Le fa go ntse jalo, botshelo ga bo monate mo mafelong a go nnang batho ba ba se nang magae mo go one. Go ya ka Komiti ya go Thusa Setšhaba kwa Poland, bangwe “ba tshaba melao e e beilweng mo mafelong ao” e bile ga ba batle thuso ya teng. Ka sekai, go lebeletswe gore batho ba ba se nang magae ba ba nnang mo dihoseteleng ba bereke le gore ba se ka ba nwa bojalwa kgotsa ba dirisa diokobatsi. Ga se botlhe ba ba batlang go tshela ka melao eno. Ka jalo, go ikaegile ka gore ke nako efe ya ngwaga, batho ba ba se nang magae ba ka fitlhelwa ba robetse mo  diteisheneng tsa diterena, mo ditepising, mo mafelong a go bolokelwang dilo mo go one, mo dibankeng tse di mo diphakeng, kafa tlase ga borogo le mo madirelong mangwe. Go direga se se tshwanang le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.

Buka nngwe e e buang ka bothata jono e umaka dilo di le dintsi tse di dirang gore batho ba tlhoke magae kwa Poland. Dingwe tsa tsone ke go latlhegelwa ke tiro, go nna le dikoloto le mathata a lelapa. Ga go na matlo a a lekaneng a batsofe, batho ba ba golafetseng le ba ba tshwaeditsweng ke HIV, ba ka nnang mo go one. Batho ba le bantsi ba ba se nang magae ba lwala mo tlhaloganyong le mo mmeleng kgotsa ba na le bothata jwa go tshwakgolwa segolobogolo ke bojalwa. Bontsi jwa basadi ba ba se nang magae ke ba ba tlogetseng banna ba bone kgotsa ba ba tshabileng kwa gae kgotsa ba banna ba bone ba ba lelekileng kwa gae, kgotsa ke ba ba kileng ba tshela botshelo jwa go nna diaka mo mebileng. Go lebega e kete mongwe le mongwe wa bone o na le sengwe se se botlhoko se se mo diragaletseng se se dirileng gore a feleletse a se na legae.

Go Tlhoka Legae ka Ntlha ya Maemo a Motho a Iphitlhelang A le Mo go One

Stanisława Golinowska e bong mankge mo go tsa merero ya selegae le ikonomi a re: “[Mo Poland] mono, ga go na ope yo o se nang legae e le dilo tsa ka boomo. . . . Go na le moo, batho ba le bantsi ga ba na magae ka ntlha ya mathata a le mantsi a ba nnileng le one mo botshelong a a neng a felela ka go re ba tshwenyege thata mo tlhaloganyong le go sa tlhole ba rata botshelo.” Go bonala batho ba ba nnang le bothata jwa go tlhoka magae ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, e le ba ba ikutlwang ba sa nonofa go ka lebana le mathata a ba nang le one. Ka sekai, bangwe ba bone ke ba e neng ya re fa ba gololwa mo kgolegelong, ba bo ba fitlhela matlo a bone a sentswe. Bangwe ke ba ba lelekilweng mo gae. Ba bangwe bone ba latlhegetswe ke magae a bone ka ntlha ya masetlapelo a tlholego. *

Patlisiso nngwe e ne ya bega gore mo e ka nnang halofo ya botlhe ba ba neng ba botsolodiwa kwa Poland ba ne ba na le malapa a bone e bile ba ne ba nna le balekane ba bone ba lenyalo, le fa gone gantsi ba ne ba na le mathata mo lelapeng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba lelekwa mo gae kgotsa ba ile ba ikutlwa ba patelesega go tswa mo gae ka ntlha ya mathata a ba neng ba sa kgone go a itshokela. Ke diperesente di le 14 fela tsa ba ba neng ba dira tshwetso ka bobone fela ya gore ba tswe mo gae.

Fa bangwe ba bone ba sena go nna nakonyana mo lefelong le batho ba ba se nang magae ba le neilweng gore ba nne mo go lone, ba ne ba simolola gape ba kgona go itlhokomela le go iponela lefelo la bone la bonno. Mme bothata jwa ba bangwe bone bo masisi  thata moo ba sa kgoneng go bo rarabolola. Gongwe ka ntlha ya go lwala mo tlhaloganyong kgotsa mo mmeleng, ka ntlha ya go dirisa diokobatsi, go sa batle go bereka, go sa dire tiro ka tsele e e kgotsofatsang, go sa rutega kgotsa ka ntlha ya mabaka ano otlhe, ba sala ba se na gope fela moo ba ka latsang tlhogo gone. Kwa United States, diperesente di ka nna 30 tsa batho ba ba se nang magae ba tsena ba tswa mo mafelong a mokgatlho mongwe o o sa direng lotseno lope lwa madi o a bitsang “lefelo la batho ba ba tlhokang magae”—e leng mafelo a a akaretsang a ba a newang gore ba nne mo go one, maokelo, mme se se hutsafatsang ke gore a akaretsa le dikgolegelo tota. Ga twe ba ba ikaegileng thata ka mafelo ano gore ba bone bonno mo go one, ba dirisa diperesente di le 90 tsa matlotlo a setšhaba.

A Batho Ba ba Se Nang Magae ba ka Thusiwa?

Mo mafelong mangwe a batho ba ba se nang magae ba a neilweng gore ba nne mo go one, ba newa thuso e boikaelelo jwa yone e leng go ba thusa gore ba se ka ba tlhola ba tshela botshelo jwa go tlhoka legae gape. Bangwe ba bone ba ka nna ba thusiwa ke puso, mekgatlho mengwe e ka nna ya ba thusa ka madi, ba ka nna ba thusiwa gore ba ikgolaganye le ba malapa a bone kgotsa ba newa tshono ya go ithutela ditiro dingwe tse di tla ba solegelang molemo mo botshelong. Go na le ditheo dingwe tse di diretsweng go thusa basha kwa Lontone tse di ba gakololang ka mekgwa e e siameng ya go ja, go apaya, mokgwa o o siameng wa go tshela le go newa dikgakololo dingwe malebana le go batla tiro. Boikaelelo jwa ditheo tseno ke go ba thusa gore ba boe gape ba nne le seriti le gore ba se ka ba nna bobodu mme ba kgone go itlhokomela gore ba tle ba kgone go nna le magae a bone. Ditheo tseno di dira tiro e e molemo tota.

Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha mafelo ano a ba nayang thuso e tota ba e tlhokang. Jacek, motho mongwe yo o se nang legae kwa Warsaw, o tlhalosa gore go nna mo mafelong a a neilweng batho ba ba se nang magae go dira gore ba se ka ba kgona go kopana le batho ba bangwe ba ba kwa ntle. O akanya gore fa batho ba ba nnang mo lefelong leno ba ntse mmogo ba tlotla, gantsi ba simolola “go akanya ka tsela e e sa siamang.” O bolela jaana, “Lefelo leno le le dirang gore re se ka ra kgona go kopana le batho ba bangwe le simolola go nna e kete ke lefelo la bana le go nnang bagolo mo go lone.” Go ya ka tsela e a lebang dilo ka yone, bontsi jwa batho ba ba nnang mo lefelong leno ba na le bothata jwa “tlhaloganyo e e sa berekeng sentle.”

 Go ya ka patlisiso nngwe ya kwa Poland, bothata jo bogolo jo batho ba ba se nang magae ba nang le jone ke go jewa ke bodutu. Batho ba ba se nang magae ba itsaya e le batho ba ba se nang mosola ope ka ntlha ya go bo ba se na madi e bile e le batho ba maemo a a kwa tlase mo setšhabeng. Bangwe ba tlhobogela mathata a bone mo bojalweng. Jacek a re, “E re ka re se na tsholofelo epe ya gore dilo di tla tsamaya di fetoga, rotlhe ga re tlhole re na le tsholofelo ya gore go na le sengwe se re ka se dirang go rarabolola bothata jwa rona.” Ba tlhabisiwa ditlhong ke tsela e ba lebegang ka yone, ke lehuma la bone le go sa kgone go dira sepe ka lone, e bile ba tlhabisiwa ditlhong le ke kgang fela ya gore ga ba na magae.

Francis Jegede, yo e leng modirediloago a re: “E ka ne re bua ka batho ba ba nnang mo mebileng kwa Bombay [Mumbai] le kwa Calcutta kgotsa ba ba apereng dikatana ba ba robalang mo mebileng ya kwa Lontone, kgotsa e ka ne re bua ka Bana ba ba Nnang mo Mebileng kwa Brazil, bothata jwa go tlhoka magae bo masisi fela thata e bile motho o hutsafadiwa le ke go akanya fela ka jone, re sa bue sepe ka go welwa ke jone.” Morago ga moo o oketsa jaana: “Le fa bothata jo bogolo jono bo ka tswa bo bakwa ke eng, potso e motho o nnang o ipotsa yone ke gore ke ka ntlha yang fa lefatshe, le le nang le khumo e kanakana, botlhale jo bo kanakana, kitso e kanakana mo go tsa botegeniki, go lebega le palelwa ke go rarabolola bothata jwa go tlhoka magae?”

Ga go pelaelo gore batho botlhe ba ba se nang magae tota ba tlhoka thuso—e seng go thusiwa fela ka dilo tse ba di tlhokang mme gape le go newa thuso e e tla ba okobatsang dipelo le go ba gomotsa. Thuso e e ntseng jalo e ka nonotsha batho gore ba kgone go lebana le mathata a le mantsi a a dirang gore batho ba tlhoke magae le go kgona go a rarabolola. Mme batho bano ba ba se nang magae, ba ka bona kae thuso e e ntseng jalo? E bile go na le tsholofelo efe ya gore bothata jo bo seng kana ka sepe jono jwa go tlhoka magae bo tla fela?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Maina mangwe mo ditlhogong tseno a fetotswe.

^ ser. 15 Gape, batho ba bangwe ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba ile ba patelesega go tshaba mo magaeng a bone ka ntlha ya dikhuduego tsa sepolotiki kgotsa ntwa. Go bala ka mathata a bone, tsweetswee bona ditlhogo tsa makasine wa Tsogang! ya February 8, 2002 wa setlhogo se se reng “Batshabi—A ba Tla Tsamaya ba Nna le Legae la Bone?”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Matswela a Lehuma le le Boitshegang

Batho ba le dikete di le makgolokgolo ba nna mo mebileng ya toropo ya India. Mo nakong e e fetileng, go ne ga fopholediwa gore kwa Mumbai fela, go ne go na le mo e ka nnang batho ba le 250-000 ba ba nnang mo mebileng. Lefelo le ba ka tswang ba nna mo go lone ke seile fela e e emisitsweng ka dipale e bo e tshegediwa ka go bofelelwa ka megala mo dikagong dingwe tse di bapileng le yone. Ke ka ntlha yang fa ba nna mo lefelong le le ntseng jaana go na le go nna mo matlong a a sa jeng madi a le mantsi a a fela kafa ntle ga toropo? Ka gonne ba bereka gaufi le toropo—ba dira tiro ya go rekisa mo mebileng, go goga dikaraki tse di pegileng bajanala, kgotsa go tsamaya ba sela dilo tse di latlhilweng. Strategies to Combat Homelessness ya re “ba dira jalo ka gonne go se tiro epe e nngwe gape e ba ka e dirang. Lehuma le ba pateletsa gore ba se ka ba nna mo lefelong le ba tla tshwanelwang ke go le duelela rente e le gore ba tle ba kgone go reka dijo ka madi ao.”

Go na le banna, basadi le bana ba ka nna 2 300 ba ba nnang kwa Park Station, kwa Johannesburg, Afrika Borwa. Ba robala mo batho ba pagamelang diterena gone, ka dikobo tse di makgasa kgotsa mo godimo ga mabokoso a a gagogileng. Ba le bantsi ba bone ga ba bereke e bile ga ba na tsholofelo epe ya gore ba tla tsamaya ba bona tiro. Go na le ba bangwe ba le diketekete ba ba leng mo boemong jo bo tshwanang le jono mo dikarolong tse dingwe tsa toropo. Ga ba na metsi, matlwana a boithomelo kgotsa motlakase. Malwetse a anama ka bonako mo maemong a a ntseng jaana.

Go na le lebaka le le lengwe fela la go bo ditlhopha tse pedi tseno tsa batho le ba bangwe ba bantsi ba ba tshwanang le bone ba se na magae—ba aparetswe ke lehuma le le boitshegang.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go Palelwa ga Mekgatlho ya Gompieno

Buka ya Strategies to Combat Homelessness, e e gatisitsweng ke setheo sa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng sa Center for Human Settlements, e umaka makoa a le mmalwa a tsamaiso ya jaanong ya loago, ya bopolotiki le ya ikonomi e nang le one a go bo e sa kgone go tlamela batho botlhe ka matlo. Mangwe a one ke ano:

● “Lebaka le legolo la go bo batho ba se na magae ke go bo dipuso di sa dirise madi ka tsela e e tshwanetseng e e tla dirang gore batho ba nne le magae a a siameng.”

● “Melao e e sa siamang le go sa rulaganye dilo ka tsela e e siameng go ka . . . baka mathata a a seng kana ka sepe a a dirang gore batho ba le bantsi ba ba dikobo di magetleng ba se ka ba kgona go nna le matlo.”

● “Go tlhoka magae ke bosupi jo bo bontshang gore batho mo setšhabeng ga ba newe madi ka go lekalekana gore ba kgone go ithekela matlo kgotsa go a hira.”

● “Bothata jwa go tlhoka magae bo bakwa ke melao e mentsintsi e e itlhokomolosang ditlamorago tse di sa siamang tsa go fetofetoga ga ikonomi, tsa go sa kgone go ithekela ntlo, go oketsega ga tiriso e e sa siamang ya diokobatsi le mathata a mangwe a tlhaloganyo le a mmele a batho ba ba amilweng ke bothata jono mo . . . setšhabeng ba nang le one.”

● “Tsela e batho ba ba ithutetseng go thusa batho ba ba nang le bothata jono ba berekang ka yone e tlhoka go tokafadiwa fela thata. Batho ba ba se nang magae, segolo jang bana ba ba nnang mo mebileng, ba tshwanetse go lejwa e le batho ba ba ka solegelang setšhaba molemo go na le gore ba lejwe e le mokgweleo mo setšhabeng.”

[Setshwantsho]

Mmè o a kopa, a na le bomorwadie ba babedi kwa Mexico

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Mark Henley/ Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Seteishene se e kileng ya bo e le sa diterena se fetotswe go nna hosetele ya batho ba ba se nang magae mo Pretoria, Afrika Borwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Dieter Telemans/Panos Pictures

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Left: © Gerd Ludwig/Visum/Panos Pictures; inset: © Mikkel Ostergaard/Panos Pictures; right: © Mark Henley/Panos Pictures