Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tharabololo ya Mmatota ya Lehuma

Tharabololo ya Mmatota ya Lehuma

 Tharabololo ya Mmatota ya Lehuma

BATHO ba le dimilione di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe ba leka ka natla go itshedisa letsatsi le letsatsi le fa gone ba le mo lehumeng le legolo. Go bonala sentle gore batho ba tlhoka puso e e siameng le e e ikanyegang e ruri e batlang go fedisa tshiamololo eno. Gape puso e e ntseng jalo e tshwanetse ya bo e na le maatla mo e ka kgonang go diragatsa maikaelelo a yone a a molemo. A tota re ka lebelela gore batho ba buse ka tsela e e ntseng jalo?

Hisitori e tlhomamisa boammaaruri jwa tlhagiso eno ya Baebele: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) A o setse o lemogile gore go ikanya dipuso tsa batho kgotsa baeteledipele gantsi go felela ka go swabisiwa? Le fa go ntse jalo, ke mang yo mongwe gape yo re ka mo ikanyang?

Tota batho ba le dimilionemilione ga ba bolo go rapelela gore go nne le puso e e siameng e e tla fetolang seemo seno se se sa siamang. Gongwe le wena o ile wa rapela thapelo eno ya sekao e Jesu a neng a e ruta: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong. Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno; mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona. Mme o se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.”—Mathaio 6:9-13.

A Bogosi jono ke jone jo re bo tlhokang? A bo siame e bile bo a ikanyega? A bo na le maatla a a lekaneng gore bo ka diragatsa maikaelelo a jone a a molemo? Kwantle ga pelaelo bo ntse jalo! Modimo yo o tlhomileng puso eno, “Rraarona yo o kwa legodimong,” ke “Modimo yo o siameng le Mmoloki,” yo o “tshiamo mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.” (Isaia 45:21; Daniele 9:14) Go bolelwa jaana ka ene: “O itshekile thata mo matlhong gore o ka bona se se bosula.” (Habakuke 1:13) Ka gone, re ka tlhomamisega gore puso ya gagwe ga e kitla e bo e nna bosula. Mme e re ka ‘Modimo a sena tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo a amogelesega mo go ene,’ re itse gore ga a tlhaole mme o eletsa gore mongwe le mongwe mo lefatsheng a tshele sentle.—Ditiro 10:34, 35; Baroma 2:11.

Bogosi Jwa Modimo bo Setse bo Tlhomilwe Mme bo a Busa!

Le fa gone Bogosi jwa Modimo e le puso ya kwa legodimong, e tla laola dilo sentle mo lefatsheng gore maikaelelo a Modimo a diragadiwe. Seno se akaretsa go emisetsa puso ya batho e e sa itekanelang ka ya Modimo e e itekanetseng. Mo  go Daniele 2:44 go solofediwa jaana: “Mo metlheng ya dikgosi [dipuso] tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”

Fa Bogosi jono bo busa, kgabagare thato ya Modimo e tla dirwa kwa legodimong le mo lefatsheng. A bo go kgothatsa jang go itse gore eno ke puso e e tla kgonang go fedisa ditlamorago tsotlhe tsa go tlhoka tekatekano mo go sa bolong go dira gore go nne le batho ba ba humileng thata le ba ba humanegileng thata! Ga go kitla go tlhola go nna le batho ba se kae fela ba ba humileng le ba le bantsi ba ba humanegileng.

A bo go itumedisa jang go itse gore puso ya Modimo ya kwa legodimong e setse e tlhomilwe gore e rarabolole mathata ano ka bosakhutleng! Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele le ditiragalo tsa lefatshe di bontsha sentle gore ngwaga wa 1914 ke one o puso ya Modimo e neng ya tlhomiwa ka one kwa legodimong. * Ka gone, bo setse bo na le mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo bo baakanyetsa motheo wa lefatshe le lesha la tshiamo.

Batho ba ba kgonneng go lemoga gore Bogosi jono bo setse bo tlhomilwe le ba gone jaanong ba latelang kaelo ya jone ga ba na tlhaolele. Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya bone ya go rera mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe. Baagi ba dinaga tseno, go sa kgathalesege gore a ba humile kgotsa ba humanegile, ba newa tshono ya gore ba ithute kafa ba ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka gone. (Johane 17:3) Basupi ga ba letle gore go farologana ka maemo a itsholelo e nne gone go laolang maemo kgotsa botlhokwa jwa motho mo diphuthegong tsa bone. Batho ga ba lejwe go ya ka se ba nang le sone. Go na le moo, ba tlotliwa ka ntlha ya se ba leng sone. Go tsewa mekgwa e mentle ya semoya e motho a nang le yone e le botlhokwa go na le dilo tse di bonalang.

A o ka rata go itse gore o ka dirang gore o tshele mo pusong eno e e siameng? Fa e le gore go ntse jalo, simolola gompieno go itirela dipatlisiso. Ithute ka se o ka se dirang gore o itumelele botshelo ka nako ya fa lefatshe le tla bo le sa kgaoganngwa ke khumo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Bona ditsebe 95-107 mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Botlhe ke Bakaulengwe, ba ka Tswa ba Humile Kgotsa ba Humanegile

▪ Kwa bowelong jwa Ntwa ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi kwa Yuropa le kwa Asia ba ne ba tlhoka dijo, diaparo le matlo. Basupi ba kwa dinageng tse dingwe ba ne ba romelela bakaulengwe ba bone ba kwa Yuropa, Philippines le Japane dijo le diaparo di le dintsi. Basupi ba kwa United States le Canada ba ne ba ntsha meneelo ya dilo tsa namolo gore di romelwe kwa Austria, Belgium, Czechoslovakia (e jaanong e leng Czech Republic le Slovakia), Engelane, Finland, Fora, Gerika, Holland, Hungary, Italy, Jeremane, Poland le Romania.

[Ditshwantsho]

United States

Switzerland

Jeremane

▪ Gautshwane jaana, ka paka ya selemo ya 1994, setlhopha sa Basupi ba ba ithaopileng go tswa kwa Yuropa ba ne ba potlakela go ya go thusa bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi ba Bakeresete kwa Afrika. Go ne ga tlhomiwa dikampa tse di rulagantsweng sentle le mafelo a go alafa balwetse go tlhokomela batshabi ba kwa Rwanda. Go ne ga romelwa diaparo, dikobo, dijo le dikgatiso tsa Baebele di le dintsi thata go thusa batho ba feta 7 000 ba ba sotlegileng—ka nako eo, palo eno e ne e feta ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Rwanda go menagane gararo.

 ▪ Dingwaga di le pedi moragonyana, ka 1996, go ne ga runya ntwa kwa kgaolong e e kwa botlhaba ya Democratic Republic of Congo. Dijalo di ne tsa senngwa, ga utswiwa dijo tse di mo mabolokelong mme dilo tse di tlhokegang di ne tsa thibelwa go goroga kwa di tlhokegang gone. Bontsi jwa batho bo ne bo kgona fela go ja gangwe ka letsatsi, mme seno sa dira gore go nne le bothata jwa phepelotlase le malwetse. Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa ba ne ba tsaya kgato ka bonako. Setlhopha sa namolo sa Basupi, go akaretsa le dingaka tsa kalafi, ba ne ba goroga ka sefofane ba tshotse melemo ya kalafi le madi. Ka June 1997, Basupi ba kwa Belgium, Fora le Switzerland ba ne ba neetse ka dikilogerama di le 500 tsa melemo ya kalafi, ditone di le 10 tsa dibisikiti tse di nang le poroteine e ntsi, ditone di le 20 tsa dijo tse dingwe, ditone di le 90 tsa diaparo, ditlhako di le 18 500 le dikobo di le 1 000—mme dilo tseno tsotlhe e ne e le tsa madi a a kana ka diranta di le dimilione di le 6,7.

▪ Kwantle ga go thusa ba bangwe ka dilo tsa senama, Basupi ba ga Jehofa ba rata thata go thusa batho ka dilo tsa semoya. Seno se akaretsa keletso e ba nang le yone ya go aga Diholo Tsa Bogosi, tse ba rutelang batho boammaaruri jwa Baebele mo go tsone. Ka 1997, go ne ga begiwa jaana: “Ka thuso ya bakaulengwe ba kwa dinageng tse dingwe, Mokgatlho [wa Watch Tower] o ile wa kgona go thusa go aga Diholo Tsa Bogosi tse disha di le 413 le go aga sesha tse dingwe gape di le 727 mo lobakeng lwa dikgwedi di le nnè fela mo dinageng tse di farologaneng di le 75.” Ka 2003, go ne ga begiwa jaana: “Romania ke nngwe ya dinaga tsa Yuropa tse di solegelwang molemo ke thulaganyo ya go aga Diholo Tsa Bogosi mo mafelong a a humanegileng, koo go ileng ga agiwa Diholo Tsa Bogosi di le 124 fa e sa le go tloga ka July 2000. Ukraine e ile ya aga Diholo Tsa Bogosi di le 61 ka 2001 le tse dingwe gape di le 76 ka 2002, mme go ne go dirisiwa mokgwa o le mongwe fela wa go aga. Go ne ga dirisiwa madi a a ntshediwang Letlole la Diholo Tsa Bogosi go aga Diholo Tsa Bogosi di le makgolokgolo kwa Bulgaria, Croatia, Makedonia, Moldova, Russia, Serbia le Montenegro.”

[Ditshwantsho]

Croatia

Bulgaria

Romania

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Moithaopi mongwe o thusa bana ba babedi ba dikhutsana ba batshabi

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Liba Taylor/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Basupi ba ga Jehofa ba anamisa molaetsa o o nayang tsholofelo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa khumanego