Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa e e Ileng ya Felola Botshelo Jwa Me

Ntwa e e Ileng ya Felola Botshelo Jwa Me

 Ntwa e e Ileng ya Felola Botshelo Jwa Me

JAAKA GO BOLETSE MICHAEL MOLINA

Lekwalodikgang la sesole la “Tester”, la kwa Maryland, U.S.A. le ne la bega jaana: ‘Repaboliki ya Viet Nam e ne ya naya mothusa molaodi wa sesole Molina mentlele wa Vietnam Cross of Gallantry. Moragonyana Molina o ne a amogela mentlele wa naledi ya gauta wa Commendation Medal ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tsa bopelokgale le tsa botswerere ka nako ya fa ntwa e ne e fagile. Ka June 6, 1968, Molina o ne a amogela mentlele o mongwe wa bobedi wa naledi ya gauta fa a ne a sireletsa dikago tsa bone gore di se ka tsa tlhaselwa ke majelathoko a Viet Cong.’

KE NE ka nna le seabe mo matsholong a ntwa a le 284 mme ka newa dimentlele di le 29. Gone jaanong ke modiredi wa Mokeresete yo o mo ntweng e e farologaneng, ntwa e Baebele e bolelang jaana ka yone: “Dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama.” (2 Bakorintha 10:4) Mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke dire diphetogo tse di ntseng jalo mo botshelong jwa me.

Chicago e kwa bokone jwa Illinois, kwa U.S.A., mme go bonala ka metlha e tlhaselwa ke diphefo tse dikgolo tse di tswang kwa Lake Michigan. Ka February 1, 1947, letsatsi le ke tshotsweng ka lone, go ne go foka diphefo e bile go le tsididi thata. E re ka rre a ne a sa tswa go nna le seabe mo Ntweng ya Lefatshe II, dingaka tse pedi tsa sesole di ne tsa thusa go belegisa mmè ka nako ya fa ke tsholwa. Fa ke ne ke le dingwaga di le lesome, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa Los Angeles, California, kwa ba neng ba romela nna le bonkgonne le kgaitsadiake kwa sekolong sa Katoliki teng.

Ke godile ke tshameka beisebolo le kgwele ya dinao mo mebileng le mo mafelong a a se nang sepe a go phaka dikoloi, mme gape ke ne ke tle ke itirele ditlhobolo tsa legong ke itira lesole. Dingwaga tsa bo1960, fa ke ne ke le kwa sekolong se segolwane, e ne e le dingwaga tse batho ba neng ba tshwenyegile thata ka dilo tse di diragalang mme ba le bantsi ba sa tlhole ba ikutlwa jaaka pele. Go bolawa ga baeteledipele ba mekgatlho mengwe le ba dipolotiki, go akaretsa le go bolawa ga poresidente ya United States ka 1963, le megwanto e e kgatlhanong le puso, go fisiwa ga folaga ya Amerika, le megwanto ya bothubaki e ne e le dilo tse di neng di direga thata ka nako eo. Fa ke ne ke sa ntse ke le kwa sekolong, nna le bontsi jwa baithuti ka nna re ne re tshwenyegile ka kgang ya gore batho ba kwadisediwe bosole.

Ka bonakonyana fela fa ke sena go aloga kwa sekolong se segolo ka 1966, ke ne ka laelwa gore ke tle go tlhatlhobiwa, mme go ne ga fitlhelwa gore botsogo jwa me bo siame. Le fa go ntse jalo, go na le gore ke kwadisediwe bosole, ke ne ka tsena mo sesoleng sa mo lewatleng. E re ka ke ne ke rata dihelikopotara thata, ke ne ka ithaopa go nna mongwe wa masole a a tlhaselang ka helikopotara. Ka November 1967, fa ke sena go thapisiwa, ke ne ka iphitlhela ke le kwa motsemogolong wa Vietnam wa Saigon.

 Fa ke Simolola go Nna le Seabe mo Ntweng

Ka bonako morago ga foo, ke ne ka isiwa kwa lefelong le re neng re kotamisa dihelikopotara mo go lone, kwa ke neng ka fitlhela go na le dihelikopotara di le nnè tsa Huey. Bangwe ba setlhopha sa rona sa masole a le 30 ba ne ba robala mo lefelong leno, mme ba bangwe ba rona re ne ra isiwa kwa moagong o mongwe wa matlhatlhaganyane a le mabedi o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di le 16. Mo bosigong jwa me jwa ntlha ke le koo, ke ne ka tsosiwa ke marumo a tlhobolo a a neng a phunyeletsa mo teng ga kago. Ke ne ka tswa mo bolaong jwa me mme ka rapama ka mpa fa fatshe metsotswana e se kae. Fa ke utlwa ditlhobolo fa godimo, ke ne ka ya kwa ditepising ke bo ke tlhatlogela kwa borulelong mme mongwe a fitlha a nnaya tlhobolo gone. Re ne ra lwa bosigo jotlhe re sa rwala ditlhako e bile re apere fela diaparo tsa rona tsa kafa teng.

Morago ga malatsi a le mararo a ntwa e e matlhomahibidu—re kgaogantswe le masole a mangwe e bile re dikaganyeditswe ke batlhasedi ba rona—re ne ra felelwa ke dijo le metsi le bontsi jwa marumo a re a dirisang. Mookamedi wa rona o ne a re laela jaana: “Ka bonako fela fa letsatsi le tlhaba, re tla tabogela kwa lefelong le dihelikopotara di kotamang kwa go lone.” Re ne ra tshwanelwa ke go kgabaganya motsana mongwe o o neng o tuka. Re ne re kgona go utlwa modumo wa ditlhobolo fa re ntse re kgabaganya motse oo. Ditopo di ne di gasame gongwe le gongwe.

Kgabagare, re ne ra fitlha kwa re yang gone mme ra fitlhela boemo bo le botokanyana. Re ne ra epa mesima e re neng ra iphitlha mo go yone mme ra leka go lwa gore re itshireletse mo majelathokong. Gangwe le gape fa majelathoko a Vietcong a re tsenelela a bo a tlhasela lefelo le re leng mo go lone, a ne a bolaya ba le bantsi go akaretsa le molaodi wa rona wa sesole. Ke ne ka nna mo mosimeng wa me dibeke di le mmalwa ke se na diaparo tse dingwe e bile ke sa kgone go tlhapa. Morago ga foo, helikopotara e ne ya re tsaya ya re isa kwa lefelong le lengwe le re ka iphitlhang mo go lone.

Morago ga malatsi ao a ntlha a ntwa, ke ne ke ikemiseditse gore ke tlile go nna lesole le le hulang ka tlhobolo fa kgorong ya helikopotara. Ke ne ka thapisiwa malatsi a se kae mme ka nna mongwe wa setlhopha se se tsamayang ka helikopotara. Re ne re lwa ka tsela eno ka metlha; ka dinako tse dingwe ke ne ke tsamaya ka helikopotara makgetlho a le mararo kgotsa a le manè ka letsatsi.

Ditlamorago Tsa Ntwa

Ke ne ka tshoga go bona go bolawa batho ba bantsi jalo. Mme ka yone nako eo, ke ne ka akanya ka megwanto e e neng e dirwa kwa gae e e kgatlhanong le ntwa. Re ne re lwela kgololesego. Re ne re ipaya mo kotsing gore batho ba bangwe ba tle ba kgone go tshela botshelo jo bo botoka. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ipotsa gore a go na le lebaka la gore go nne le ntwa. Gore ntwa e ne e solegela mang molemo? A Ba-Vietnam e ne e le bone ba solegelwang molemo? Bone ba ne ba sa bolo go lwa mo ntweng tota le pele rona re goroga. Mme jaanong go ne go swa e bile go boga batho ba bantsi go feta pele.

Ke ne ke sa ntse ke le monnye mme ke sa tlhaloganye mabaka a go bo go ne go lowa. Mme e bile, ke ne ke se na nako ya go akanya ka gone. Ke ne ke itse fela gore tiro ya me e ne e le go fofisa helikopotara le go dira tiro e ke e thapiseditsweng. Gantsi masole a a kwa lewatleng a ne a tle a re, “Re thapiseditswe go  lwa e seng go akanya.” Le fa go ntse jalo, ke ne ka ipolelela gore fa nka falola, ke tla batlisisa ka kelotlhoko gore re ne re lwela eng.

Ntwa ya Vietnam e ne ya dira gore ke lebane le sengwe se ke neng ke sa se ipaakanyetsa—diokobatsi. Fa ke sa le mosha, ke ne ke goga disekerete, ke nwa biri le whiskey ka mafelobeke mme e bile ke ne ke ya kwa diphathing. Mme ke ne ke ise ke ko ke dirise diokobatsi. Kwa Vietnam, dilo di ne tsa fetoga. Bangwe ba ditsala tsa me ba ne ba re: “Ke eng fa o sa batle go dirisa diokobatsi Mike? Ga go thuse sepe, ka moso o ka nna wa bolawa.” Ka jalo, ka dinako tse dingwe ke ne ke ineela.

Le fa go ntse jalo, go kotsi go dirisa diokobatsi tse di ka go amang tlhaloganyo ka nako ya ntwa, mme ke ne ka ikana gore nka se di dirise ka nako ya fa re le mo ntweng. Mme fa ke boela gae, keletso ya go di dirisa e ne ya gola mme ka simolola go di dirisa.

Fa ke Sena go Boa Kwa Ntweng

Fa ke sena go boela gae kwa California ke tswa kwa Vietnam ka October 1970, tsela e ke neng ke leba dilo ka yone e ne e fetogile thata. Le fa ke ile ka tsena mo bosoleng gore ke thuse go tlisa kgololesego, ke ne ke ikutlwa ke bereketse lefela. Ke ne ka boa ke galefile e bile ke tletse letlhoo. Ke ne ke sa itumelele sepe e bile ke sa tlhole ke na le moya wa go rata naga ya gaetsho.

Ke ne ka fetsa malatsi a le mantsi ke goga matekwane le diokobatsi tse dingwe fa ke ntse ke baakanya sethuthuthu sa me mo karatšheng ya batsadi ba me. Go nna ke tshwenyegile ka seemo sa me le go nna ke ntse ke akanya ka se se diragetseng kwa Vietnam go ne ga dira gore ke tshwenyege le go feta mo maikutlong. Segakolodi sa me se ne sa simolola go ntshwenya. Ke ne ka tlhoafalela thata go batla go itse lebaka la go bo re ile ra lwa kwa Ntweng ya Vietnam.

Puso e ne ya naya batho ba e kileng ya bo e le masole tshono ya go tsweletsa dithuto tsa bone pele, ka jalo ke ne ka ikwadisa kwa kholetšheng mme moragonyana ka ya kwa California State University kwa Los Angeles. Fa ke le koo ke ne ka tsalana le batho ba ba neng ba na le seabe mo megwantong e e kgatlhanong le ntwa kwa Vietnam le ba ba tswang ntweng. Re ne ra tlotla thata ka ntwa le maemo a lefatshe. Ga go na ope wa rona yo o neng a na le dikarabo tse di kgotsofatsang; re ne re tlhakane tlhogo rotlhe fela.

Maiteko a go Thusa ba Bangwe le go Batla Thuso

Bontsi jwa rona re ne re na le mathata a maikutlo le a tlhaloganyo. Seno se ne sa ntlhotlheletsa gore ke leke go dira sengwe go thusa ba bangwe. Ka jalo fa ke le kwa sekolong, ke ne ka ithutela dithuto tse di amanang le mathata a a bakang bolwetse jwa tlhaloganyo. E re ka ke ile ka nna le seabe thata mo ntweng le mo go bolayeng, ke ne ka swetsa ka gore ke dire maiteko a go baakanya mo ke sentseng teng ka go dira sengwe se se botlhokwa. Ka jalo, ke ne ka simolola go bereka kwa dikokelong tsa batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo.

Go ne go tletse diokobatsi kwa yunibesithing, mme ke ne ka lemoga gore ke tsone modi wa mathata a le mantsi. Ke ne ke batla go tswelela pele ka dithuto tsa me le go thusa batho ba ba neng ba le kwa kokelong ba ba neng ba na malwetse a tlhaloganyo. Ke ne ka tlogela go dirisa diokobatsi gotlhelele mme ka dirisa nako le maatla a me otlhe go ithuta le go bereka. Le fa go ntse jalo, jaaka ngaka ya malwetse a tlhaloganyo, ke ne ka lemoga gore balwetse ba ne ba sa tokafale.

Ka go bo ke ne ke kgobilwe marapo ke tsamaiso eno ya dilo e bile ke na le segakolodi se se ntshwenyang, ke ne ka batla tharabololo ya mathata a me. Ke ne ka simolola go rapela le go ya kerekeng. Mmisa ya Kereke ya Katoliki ga ya ka ya nthuta sepe. Ka jalo ke ne ka simolola go ya kerekeng bosigo. Ke ne ke tle ke tsene mo teng ga kereke, ke tshube kerese ke bo ke rapela fa pele ga ditshwantsho. Ditshwantsho tseno di ne di akaretsa le sa ga Jesu yo o pegilweng mo sefapaanong le Marea a tlhabilwe ka lerumo mo pelong le ditshwantsho tse dingwe tse go neng go twe ke tsa baitshepi.

Ke ne ka akanya ka re: ‘Kereke ke lefelo le le hutsafatsang ruri! A tota moya wa Modimo o ka nna teng mo go yone?’ Ke ne ke tlhoka dikarabo le kgothatso. Ke ne ke bone batho ba le bantsi ba boga. Ka jalo, bosigo bongwe ke ne ka tswa kwa kerekeng mme ka ya go rapela kwa parakeng. Ke ne ka leba dinaledi mme e ka tswa e ne e le ka lekgetlho la ntlha ke leka go bua ka tlhoafalo le Mmopi wa me.

Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

Go bona boikhutso mo tirong e e boima ya kwa kokelong, ke ne ka ya go etela tsala nngwe ya bogologolo e bong Gary, ka mafelobeke mangwe. Letsatsi lengwe re ne ra lebelela thelebishene letsatsi lotlhe. Dikgang di ne di bua ka go sekisiwa ga ga Poresidente Nixon. Re ne ra bua ka go anama ga boferefere mme ke ne ka tlhalosa gore ke ikutlwa ke tsieditswe malebana le ntwa ya Vietnam.

Alva, mosadi wa tsala ya me, o ne a re reeditse fa re ntse re bua mme a tswa kafa ntlwaneng ya  boapeelo. O ne a bolela gore dilo tse di ntseng jaaka tse re neng re bua ka tsone di ne di diragatsa boporofeti jwa Baebele. Ke ne ka botsa jaana: “Mathata a poresidente a amana jang le boporofeti jwa Baebele?” Alva o ne a tlhalosa gore go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo jo go busang Keresete Jesu mo go jone bo tla tsaya maemo a mebuso e e boferefere e e leng teng mme batho ba tla kgona go tshelela ruri ka kagiso mo lefatsheng le le tla bong le dirilwe paradaise. (Daniele 2:44; Tshenolo 21:3, 4) Alva o ne a bua ka Thapelo ya Morena, e mo go yone re kopang gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore go rata ga gagwe go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.—Mathaio 6:9, 10.

Ke ne ka kgona go bona gore tota re tlhoka kaelo ya Modimo gore re tle re nne le puso e e botoka le kagiso ya mmatota mo lefatsheng. (Moreri 8:9; Jeremia 10:23) Malebana le gore motho a ka kgona go tshelela ruri, ke ne ka gakologelwa gore ke ile ka ithuta gore diatomo tse di leng mo mmeleng wa rona di emisediwa ka bonako ka tse dingwe. Le fa gone dingwe tsa dilo tse Alva a neng a di bua di ne di lebega di ka se ka tsa direga, ke ne ke batla go itse go le gontsi. Ke ne ke batla go duelela tshenyo yotlhe e ke e bakileng le go thusa go fokotsa go boga ga batho ba bangwe. Alva o ne a akantsha gore ke ye kwa Holong ya Bogosi, kwa ke tla ithutang go le gontsi gone.

Bill Akina e ne e le modiredi wa nako e e tletseng mo phuthegong eo. O ne a kile a bo a le mo sesoleng sa kwa lewatleng ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, ka jalo o ne a ntlhaloganya. Mme se se botlhokwa le go feta, o ne a itse Baebele mme ene le mosadi wa gagwe ba ne ba araba dipotso tsa me tse dintsi ba dirisa Baebele. Fa ke ntse ke tsweletse ka go ithuta le Bill, ke ne ka kgona go bona gore le fa maiteko a me a go batla go thusa batho ba ba kwa kokelong e ne e le a mantle, ke ne ke tla kgona go ba thusa fela ka nakwana. Kafa letlhakoreng le lengwe, go thusa batho go nna le kitso ya boammaaruri ya Baebele go ne go tla ba thusa gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng fa ba dumela le fa ba tshela go ya ka se ba se ithutileng.—Johane 17:3.

Bill o ne a ithuta Baebele le nna a dirisa buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng. Ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa ka July 1974. Dikgwedi di le thataro morago ga foo, ke ne ka nna mmulatsela, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Ka nako eo, ke ne ka kgaotsa dithuto tsa me kwa yunibesithing mme ka tlogela le go bereka kwa kokelong. Gore ke kgone go itshedisa ke ntse ke le mo bodireding, ke ne ka dira tiro ya go phepafatsa kwa dibankeng bosigo. (1 Bathesalonika 4:11) Ditsala le ba lelapa la gaetsho ba ne ba akanya gore ke a tsenwa.

Fa ke sena go nna mmulatsela mo e ka nnang ngwaga kwa California, ke ne ka simolola go ipotsa gore nka dira jang gore ke dirisiwe ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa. Ke ne ka swetsa ka gore ke ipeele mokgele wa go dira tiro ya borongwa kwa nageng e sele. Morago ga go nna mmulatsela dingwaga di se kae, ke ne ka lalediwa go ya kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, se ka nako eo se neng se le kwa Brooklyn, kwa New York. Ke ne ke le mo tlelaseng ya bo66 ya sekolo seo mme ka aloga ka March 11, 1979, kwa Long Island City, kwa New York.

Go Newa Kabelo e Sele

Ke ne ka abelwa go ya go direla kwa Guatemala, kwa Amerika Bogare, kwa ke neng ka fetsa mo e ka nnang ngwaga ke dira tiro ya borongwa gone. Morago ga foo ke ne ka lalediwa go ya go bereka kwa bogatisetsong jo bonnye kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Guatemala City. Ka 1981, ke ne ka nyala Lupita, mmulatsela mongwe wa koo, mme le ene o ne a amogelwa go tla go dira le nna mo lekaleng. Moragonyana ka 1996, fa re simolola go amogela dikgatiso tsa rona tsotlhe go tswa kwa lekaleng la Mexico, tiro ya rona ya go gatisa kwa Guatemala e ne ya emisiwa.

Mosetsana wa rona e bong Stephanie, o ne a tsholwa ka 1984, mme le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go tswelela ke direla kwa ofising ya lekala. Ke ne ka tswelela ke ntse ke direla teng le morago ga gore Lupita a tshole Mitchell ka 1987. Go ne go se motlhofo go nna kgakalanyana le ofisi ya lekala le go tsamaya dikilometara di ka nna 10 go ya kwa ofising  ya lekala letsatsi le letsatsi. Mme e nnile tshiamelo tota go direla mo kabelong eno mme ba lelapa la me ba ne ba ntshegetsa thata.

Lupita le Stephanie ke babulatsela gone jaanong mme Mitchell ke modiredi yo o kolobeditsweng. O tla fetsa dithuto tsa gagwe kwa sekolong sa tiro ya diatla monongwaga mme o ipeetse mokgele wa go tsena mo tirelong ya nako e e tletseng. Ke itse gore re na le ditshiamelo tse di kgethegileng tseno, e seng ka go bo re na le bokgoni jo bo rileng mme ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa. Ke Modimo yo o lorato, mme o dirisa mongwe le mongwe yo o nang le moya wa go intsha setlhabelo e bile a rata go kaelwa ke ene.

Ka dinako tse dingwe, bangwe ba a re botsa gore jaaka lelapa, re kgona jang go nna mo tirelong ya nako e e tletseng mme gape re tla re tshwanelwa ke go itlamela. Re na le tiro ya boitshediso e re e dirang fa re tsere malatsi a boikhutso. Mme mo godimo ga moo, ka metlha re ile ra leka go nna le ‘leitlho le le sa raraanang’ fa go tla mo dikhumong, mme re ikaegile ka Jehofa gore a re thuse mme ka dinako tsotlhe re batla kaelo ya gagwe.—Mathaio 6:25-34; Diane 3:5.

Go tsamaya ke tshwere tlhobolo go ne go dira gore ke ikutlwe ke na le maatla, ka gone ke ne ka kgona go bona gore go botlhokwa gore ka metlha ke leke go nna boikokobetso. Tsamaiso ya ga Satane e nthutile go tlhoa, go bolaya le go belaela batho ba bangwe, go dirisa dikgoka le go batla go iphemela. Mme Jehofa o mpontshitse kutlwelobotlhoko le lorato lwa gagwe lwa bopelonomi, mme ke mo lebogela seo thata. Ke ikemiseditse go tswelela pele ke sa tlhole ke ithuta ntwa le go bontsha batho ba bangwe lorato le kutlwelobotlhoko.—Mathaio 5:43-45; Isaia 2:4.

Go ne go se motlhofo go dira diphetogo. Le fa go ntse jalo, ke ithutile go tshela le ba bangwe ka kagiso. Ka thuso ya Modimo ke kgona go itshokela ditoro tse di tshosang tse ke nnang le tsone ka go bo ke nnile le seabe mo ntweng. Ke lebeletse pele tota nako ya fa go tla bo go sa tlhole go na le ntwa le dikgotlhang. (Pesalema 46:9) Go fitlha nako eo e tla, ke itumelela go bo ke na le tshono ya go dira tiro e e bolokang botshelo ya go thusa batho go ithuta ka Moneibotshelo wa rona yo mogolo e bong Jehofa Modimo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Ke ne ke le lesole le le hulang ka tlhobolo fa kgorong ya helikopotara

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ke na le Bill Akina le mosadi wa gagwe e bong Eloise, ka 1978

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke bereka mo bogatisetsong kwa lekaleng la Guatemala ka 1982

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Gompieno ke na le Lupita, Mitchell le Stephanie

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke rera le mosadi wa me