Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Kgatlhegela Batho Ba ba Sa Siamang?

Ke Eng fa ke Kgatlhegela Batho Ba ba Sa Siamang?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Kgatlhegela Batho Ba ba Sa Siamang?

“Ke ne ke itse sentle gore ga ke a tshwanela go tlwaelana thata le ene, mme ke ne ka palelwa ke go ithiba. Ke ne ke kgatlhilwe thata ke go bo motho wa monna a batla go intsha le nna.”—Nancy. *

“Ke ne ke a tle ke ye kwa lefelong la go relela mo aeseng ke le nosi mme go ise go ye kae, ke ne ka simolola go nna le maitiso ka metlha le ‘ditsala’ tse ke neng ka kopana le tsone koo. Go ise go ye kae, ke ne ka simolola go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang.”—Dan.

NANCY le Dan ka bobedi e kile ya bo e le batho ba ba nonofileng semoyeng. Nancy o ne a goletse mo lelapeng le le boifang Modimo mme o ne a simolola go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gagwe a le dingwaga di le robongwe. Dan o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng fa a sa ntse a le mosha. Le fa go ntse jalo, ka bobedi jwa bone ba ne ba koafala thata semoyeng. Ka ntlha yang? Ba ne ba tlwaelane le batho ba ba sa siamang.

A go kile ga direga gore o iphitlhele o kgatlhegela motho yo o itseng sentle gore a ka nna le tlhotlheletso e e sa siamang mo go wena? Motho yoo e ka tswa e ne e le mongwe yo o neng o tsena tlelase e le nngwe le ene kwa sekolong yo o neng a rata dilo tse o di ratang—kgotsa gongwe e ne le mongwe wa bong bo sele yo o neng o ikutlwa o mo rata.

Gongwe ka nako eo o ile wa gopola kgakololo eno ya Baebele: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) A mme batho botlhe ba ba sa obameleng Jehofa ke ditsala tse di bosula? Go tweng fa e le gore ba na le dinonofo dingwe tse dintle? Go tweng ka motho yo e leng modumedi ka wena mme e se Mokeresete yo o tlhomang sekao se se molemo? Pele ga o araba dipotso tseno, a re sekasekeng gore go tla jang gore motho a kgatlhegele batho ba ba ntseng jalo le gore ka ntlha yang.

Ke Eng se se Dirang Gore Motho a Kgatlhegele Batho Bano?

E re ka batho botlhe ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo, go a utlwala gore go bo go na le batho ba ba sa itseng Jehofa mme ba na le dinonofo tse dintle. Ka ntlha ya seo, o ka nna wa bona batho ba bangwe e le ba ba tlotlegang e bile ba ratega le mororo ba sa obamele Modimo wa boammaaruri. A o tshwanetse go ikgogona gotlhelele mo bathong ba ba ntseng jalo fela ka go bo ba sa itse boammaaruri jwa Baebele? Nnyaa. Fa Baebele e re gakolola gore re “[dire] se se molemo mo go botlhe,” seo se akaretsa le batho ba ba sa dumeleng dilo tse wena jaaka Mokeresete o di dumelang. (Bagalatia 6:10) Ka jalo, go nna kelotlhoko malebana le gore o tlhopha batho ba ba ntseng jang go nna ditsala tsa gago, ga go reye gore o tshwanetse go tseela ba bangwe kwa tlase. (Diane 8:13; Bagalatia 6:3) Fa o dira jalo, batho ba ka se ka ba tlotla dilo tse o di dumelang jaaka Mokeresete.

Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba Bakeresete ba dira se se fetang fela go nna botsalano; ba ile ba nna  ditsala tse dikgolo le batho ba ba sa rateng dilo tsa semoya. Dan, yo o umakilweng kwa godimo, o ne a nna setswerere mo motshamekong wa go relela mo aeseng. Mme batho ba a neng a simolola go nna le maitiso le bone ka metlha kwa lefelong la go relela mo aeseng e ne e se Bakeresete. Kgabagare, Dan, o ne a kopanela le “ditsala” tsa gagwe tse disha mo boitsholong jo bo sa siamang a bo a simolola go dirisa diokobatsi. E re ka Dan a ne a lemoga gore boitshwaro jwa gagwe ga bo tlhole bo tsamaisana le melaometheo ya Bokeresete, o ne a tlogela go ya bodireding jwa tshimo le kwa dipokanong tsa phuthego. O ne a itharabologelwa morago ga dingwaga di le mmalwa mme a dira diphetogo tse di tshwanetseng gore a boele mo kobamelong ya boammaaruri.

Melanie o ne a simolola go tsalana le modumedi mongwe ka ene yo o neng a le bokoa semoyeng. Melanie o tlhalosa jaana: “Ke ne ke utlwile gore o tlhoka go kgothadiwa mme ke ne ka simolola go tlwaelana le ene.” Gone ke boammaaruri gore Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘tshegetse ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonika 5:14) Mme Melanie o ne a simolola go ya le tsala ya gagwe e ntšha kwa bareng, koo ditsala tse dingwe tse a ileng a kopana le tsone gone di ileng tsa dira gore a wele mo boitsholong jo bo sa siamang.

Seabe sa Lelapa

Tsela e lo tshelang ka yone mo lelapeng la gaeno e ka nna ya nna yone e e go tlhotlheletsang gore o tlhophe ditsala tse o di tlhophang. Michelle o ne a ipotsa gore ke eng fa gantsi go ne go bonala a kgatlhegela basimane ba ba sa amegeng ka batho ba bangwe e bile ba sa ba kgathalele. O ne a re ba mo gopotsa rraagwe, yo a neng a sena kamano epe le ene e bile a se ke a ipha nako le ene. O akanya gore o ne a setse a tlwaetse go batla go amogelwa le go ratiwa ke banna ba ba neng ba sa amege ka ene mo e leng gore gantsi o ne a iphitlhela a kgatlhegela batho ba ba ntseng jalo.

Kafa letlhakoreng le lengwe, mosha yo o godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete a ka nna a shwegashwega pelo go batla go itse gore batho ba bangwe ba tshela jang, a tsaya gore batsadi ba gagwe ba mo gagamaletsa letsogo thata. Le fa mosha a ka tswa a akanya jalo kgotsa nnyaa, a go itlwaelanya le ‘ditsala tsa lefatshe leno’ go tla go thusa go dira gore batsadi ba se ka ba go gagamaletsa letsogo jalo? (Jakobe 4:4) Akanya ka se se diragaletseng Bill.

Le mororo Bill a ile a rutiwa Dikwalo ke mmaagwe go tswa bongwaneng, o ne a tlhopha gore a se ka a ineela mo go Jehofa, a akanya gore go dira jalo go tla dira gore a se ka a gololesega. E re ka a ne a batla go iponela gore go ntse jang fa motho a sa tshele ka melaometheo ya Bokeresete, o ne a simolola go tsalana le segongwana sengwe se se neng sa dira gore a simolole go rata thubakanyo, bokebekwa le go dirisa diokobatsi. E re ka a ne a kgweetsa  dikoloi tse di tabogang ka lobelo lo lo kwa godimo fa a ntse a lelekisitswe ke mapodisi, o ne a tlhagelwa ke kotsi e e neng ya dira gore a fetse dikgwedi di le dintsi a idibetse. Dingaka di ne di akanya gore o tlile go swa. Se se itumedisang ke gore Bill o ne a thanya. Mme gone jaanong jaana o foufetse. O ne a ikwatlhaya morago ga go diragalelwa ke sengwe se se botlhoko mme gone jaanong ke Mokeresete yo o ineetseng. Bill o ne a lemoga gape gore go ithuta ka tsela e e botlhoko jalo go ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di tla go amang botshelo jwa gago jotlhe.

Ditlhotlheletso Tse Dingwe

Ka dinako tse dingwe, metswedi ya tshedimosetso ya boitlosobodutu e ka tlhotlheletsa mogopolo wa mosha malebana le gore tsala ya mmatota ke e e ntseng jang. Ka sekai, gantsi dibuka, dithulaganyo tsa thelebishene, dibaesekopo le mmino wa dibidio di bontsha mogaka e le motho yo kwa tshimologong a lebegang a le setlhogo kgotsa a belaetsa mme moragonyana a bo a fetoga e nna motho yo o amegang thata ka ba bangwe. Se se akantshiwang moo ke gore batho ba ba lebegang ba sa amege ka ba bangwe le ba ba pelotshetlha, tota e ka tswa e le batho ba ba kutlwelobotlhoko e bile ba le lorato. Mo godimo ga moo, go ka nna ga bo go akantshiwa gore se motho yo o ntseng jalo a se tlhokang fela ke tsala e e molemo ya bong bo sele, e e tla mo thusang gore a bontshe dinonofo tse dintle tse a ka tswang a na le tsone. Mme gantsi dikgopolo tse di ntseng jalo di dira gore batho ba batle go bala dibuka tseo le go lebelela dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa thelebishene. Le fa go ntse jalo, a o akanya gore tota dilo tse di tlhalosiwang mo go tsone di a direga mo botshelong? Ka maswabi, basha bangwe ba ile ba tsiediwa ke dilo tseno tse di seng boammaaruri mme ba itsalanya ba bo ba feleletsa ba nyalane le motho yo o pelotshetlha, yo o ratang dikgoka. Morago ga moo ba ne ba leta gore motho yoo a “fetoge” e nne motho yo o lorato le yo o amegang ka ba bangwe mme le fa go ntse jalo go bo go sa direge.

Akanya ka lebaka le lengwe gape la go bo bangwe ba kgatlhegela batho ba ba sa siamang: Ba akanya gore bone ga ba ratege mme ka jalo ba tla amogela mongwe le mongwe fela yo o tla ba kgatlhegelang. Nancy, yo o umakilweng kwa godimo, o ne a itse gore Baebele ya reng malebana le go nyalwa “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) Le fa go ntse jalo, o ne a ntse a akanya gore ga a ratege mme a tseega maikutlo fa monna mongwe yo a neng a bereka le ene a ne a re o a mo rata le fa gone a ne a sa dumele dilo tse ene a di dumelang. O ne a simolola go intsha le ene mme o batlile a kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le ene.

Jaaka ditiragalo tse di tlhalositsweng fa godimo di bontsha, go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore Bakeresete ba basha ba kgatlhegele batho ba ba nang le tlhotlheletso e e bosula—mme e bile go bonala go na le ditsela tse dintsi tsa go dira seipato sa go tsalana le batho ba ba ntseng jalo. Mme le fa go ntse jalo, gantsi botsalano jo bo ntseng jalo bo felela ka go ngomoga pelo le ka mahutsana. Ka ntlha yang?

Kafa Botsalano bo Nonofileng ka Teng

Boammaaruri ke gore gantsi o tla tshwana fela le ditsala tsa gago. Ka gone batho ba re tsalanang le bone ba kgona go re tlhotlheletsa thata. Diane 13:20 e bontsha gore tlhotlheletso eo e ka nna ya nna e e siameng kgotsa e e sa siamang: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Fela jaaka go ntse ka batho ba ba tsamayang ka koloi e le nngwe, ditsala tse di ntshanang se se mo inong di tla tsamaela ntlheng e le nngwe mme di bo di fitlhe golo go le gongwe fela. Ka jalo ipotse jaana: ‘A tsela e tsala ya me e tsamayang mo go yone e tla ya kwa nna ke batlang go ya teng? A tsela eno e tla dira gore ke fitlhelele mekgele ya me ya semoya?’

Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go itshekatsheka ka boikanyegi. O ka nna wa bo o le motho yo o amegang maikutlo ka bonako. A mme gone o tshwanetse wa ikaega fela ka maikutlo a gago fa o tlhopha ditsala? Batho ba le bantsi ba akanya gore go botoka gore ba dire se se mo dipelong tsa bone. Mme Diane 28:26 ya re: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla.” Ka ntlha yang? Ka gonne “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9; Dipalo 15:39) Go nna boferefere ke go sa ikanyege kgotsa go tsietsa. A o ka ikanya motho yo o itsegeng e le motsietsi? Dipelo tsa rona tsa tshwantshetso di ka re tsietsa. Ka jalo, ga go reye gore botsalano bo siame fela ka go bo ‘wena o akanya gore bo siame.’

Selo se re ka se ikanyang thata gore se re kaele ke Lefoko la Modimo. Go farologana le pelo ya gago e e sa itekanelang, melaometheo ya Baebele e ka se ka le ka motlha ya go tsietsa kgotsa ya go swabisa. Melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang gore o itse gore a motho e tla nna tsala e e siameng kgotsa nnyaa? Mme o ka dira jang gore o se ka wa dira tshwetso e e tla go utlwisang botlhoko fa o tlhopha tsala ya botshelo jotlhe—e eleng molekane wa lenyalo? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Metswedi ya tshedimosetso ya boitlosobodutu e ka tlhotlheletsa mogopolo wa rona malebana le gore tsala e e siameng ke e e ntseng jang