Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leka go Fepa Batho ba le Bilione

Go Leka go Fepa Batho ba le Bilione

 Go Leka go Fepa Batho ba le Bilione

LETSATSI lengwe le lengwe, go na le batho ba ka nna dimilione di le sekete ba ba lalang ka tlala. Le fa go ntse jalo, go ya ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, seemo seno se se utlwisang botlhoko jaana ga se a tshwanela go nna teng.

Kwa kokoanong nngwe e e neng ya tshwarwa ka September 8, 2000, e mo go yone go neng go kopane banna le basadi ba maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, Mokwaledimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o ne a re: “Lo ile lwa solofetsa gore selo sa ntlha se lo tla se dirang e tla nna go fedisa khumanego e kgolo e e leng teng.” Ba ne ba tlile Kokoanong ya Maitlamo a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a Dingwaga Tse di Sekete, e mo go yone ba le mmalwa ba baeteledipele bao ba neng ba bua ka kgololesego ka mathata a a aparetseng batho ba ba humanegileng mo lefatsheng. Motlatsamoporesidente wa kwa Brazil o ne a re: “Khumanego e e feteletseng ke matlhabisa ditlhong mo setšhabeng.” Tonakgolo ya kwa Great Britain e ne ya oketsa gape jaana: “Go na le bosupi jo bo hutsafatsang jo bo supang kafa dinaga tse di tlhabologileng di palelwang ke go thusa Afrika ka teng mme seo se tshosa naga ya rona le go e tlhabisa ditlhong.”

Dibui tse pedi tseo di ile tsa bontsha sentle gore ditšhaba di ile tsa itlontlolola ka go palelwa ke go dira maiteko a go fepa batho ba ba bolawang ke tlala. Go bontsha gore ba batla go tokafatsa seemo sa botshelo jwa batho botlhe mo lefatsheng, batho ba ba neng ba ile kokoanong eo ba ile ba ikana gore ba tla tsaya kgato, mme ba saena lekwalo la maitlamo a le robedi a a akaretsang a a latelang: “Re tla dira maiteko a magolo go golola banna, basadi le bana mo lehumeng le le setlhogo le le feteletseng le ba leng mo go lone gone jaanong. . . . Re ikana gape gore: Fa ngwaga wa 2015 o goroga, re tla bo re fokoditse palo ya batho ba ba amogelang madi a a kwa tlase ga dolara ka letsatsi le palo ya batho ba ba bolawang ke tlala ka diperesente di le 50.”

Go dirilwe kgatelopele e kana kang malebana le go fitlhelela maitlhomo ano a mantle fa e sa le ka September 2000?

Go Bua Fela Ga go A Lekana

Ka 2003 mokgatlho wa Global Governance Initiative of the World Economic Forum o ile wa simolola go dira dipatlisiso malebana le se se setseng se dirilwe go fitlhelela mekgele e e neng ya tlhalosiwa mo lekwalong la Maitlamo a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a Dingwaga Tse di Sekete. Pego ya semmuso e e ileng ya itsisiwe ka January 15, 2004, e bolela jaana: “Lefatshe le palelwa gotlhelele ke go dira maiteko a go fitlhelela mekgele yotlhe ya lone e e botlhokwa.” Pego eo e bolela jaana malebana le tlala: “Ga se gore dijo di a tlhaela mo lefatsheng—go na le dijo tse di lekaneng tse di ka kgonang go fepa batho botlhe.  Bothata ke gore batho ba ba se nang madi ga ba kgone go bona dijo tseno.”

Fa pego eno e tlhalosa ka mathata otlhe a a amanang le khumanego eno, ya re: “Dinaga tse di humileng kgotsa tse di humanegileng ke tsone segolobogolo di leng molato, ka gore ga di a ikemisetsa go dira sepe ka bothata jono. Mme gantsi dithulaganyo tsa tsone tsa ikonomi ya lefatshe lotlhe tse di rulagantsweng ke batho ba ba humileng di dirilwe gore di se ka tsa solegela batho ba ba humanegileng molemo. Le fa gone dinaga tse di humileng di dira ditsholofetso tse dintsi, ga di dire sepe go fetola dithulaganyo tseo kgotsa go dira sengwe se se tla thusang batho ba ba humanegileng.” Le fa go na le dingongorego tse di ntseng jalo, ba dipolotiki ba sa ntse ba tsweletse pele ka go bua thata go na le go dira sengwe ka bothata jono, mme mebuso yone e ntse e tsweletse pele ka go tsamaisa dilo ka tsela e e solegelang yone molemo. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba humanegileng ba nna ba ntse ba bolawa ke tlala.

Pego e e kwadilweng ke World Economic Forum, e e nang le setlhogo se se reng “Tlhoafalo ya go Dira Sengwe,” e tlhagisa gore “fa melao e go dirwang kgwebo ka yone e sa fetolwe go bo go tlhomiwa mogopolo thata mo go fediseng tlala le go oketsa mekgwa e e mosola ya go thusa batho, ba le bantsi mo lefatsheng ba tla nna ba bolawa ke tlala.” Mme ke bomang ba ba tshwanetseng go tlhoma melao e e botoka le go dira “maiteko a a oketsegileng a a ka atlegang go fedisa bothata jono”? E tshwanetse go nna yone mebuso e ka ngwaga wa 2000 e ileng ya bolela phatlalatsa gore e ikemiseditse go tokafatsa boemo jwa batho botlhe.

Fa go na le tsholofetso e le nngwe fela e e sa diragadiweng, seo se ka dira gore batho ba kgobege marapo; mme fa go na le ditsholofetso tse dintsi tse di sa diragadiweng, batho ba feleletsa ba sa tlhole ba tshepa ope. E re ka mebuso eno e ile ya se ka ya thusa batho ba ba humanegileng jaaka e ile ya solofetsa gore e tla ba thusa, batho bao ga ba tlhole ba e tshepa. Mmè mongwe yo o nang le bana ba le batlhano yo o nnang kwa nageng e e humanegileng ya Caribbean o kgona go naya ba lelapa la gagwe dijo gangwe fela ka letsatsi. A re: “Se ke tshwenyegileng fela ka sone ke gore a re tla bona dijo. Ga go re sepe go re ke mang yo o busang. Boammaaruri ke gore ga go na ope wa batho ba ba kileng ba busa yo o kileng a re naya sengwe.”

Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Jeremia o ne a bolela jaana: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) E re ka mebuso ya batho e palelwa ke go rarabolola mathata a batho ba ba humanegileng, seno se bontsha gore Baebele e boammaaruri.

Le fa go ntse jalo, go na le Mmusi yo o batlang go rarabolola mathata a batho e bile o na le mmatla a go dira jalo, mme Baebele e re bolelela gore ke mang. Fa Mmusi yoo a tsaya marapo, ga go na ope yo o tla tlholang a bolawa ke tlala.

Lebaka la go Nna le Tsholofelo

“Matlho a botlhe a leba kwa go wena ka tsholofelo, e bile o ba naya dijo tsa bone ka paka ya tsone.” (Pesalema 145:15) Motho yono yo o kgonang go bona gore batho ba tlhoka dijo ke mang? Ke Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo. Le mororo batho ba ile ba boga ka ntlha ya tlala le mathata a mangwe ka diketekete tsa dingwaga, Jehofa ga a bolo go amega ka batho. O bona kafa mebuso ya batho e palelwang ka teng mme Lefoko la gagwe le le se nang diphoso e leng Baebele, le bontsha gore go ise go ye kae puso ya gagwe e tla tsaya marapo.

Jehofa a re: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.” (Pesalema 2:6) Re na le lebaka la go tshepa mafoko ano a a builweng ke mmusi yo mogolo go gaisa botlhe mo lebopong. E re ka babusi ba batho ba ile ba palelwa ke go thusa batho, Jesu Keresete yo e leng Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, o tla tlisetsa batho ba ba humanegileng dilo tse di molemo tse ba iseng ba ke ba di bone.

Jehofa o tla fepa batho botlhe ba ba bolawang ke tlala a dirisa yone Kgosi eno. Go ya ka Beibele (Tswana Central) Isaia 25:6 ya re: “Morena wa masomosomo o tla etleeletsa merafe yotlhe moletlo wa dijo tse di mafura.” Mo Bogosing jwa Modimo jo Keresete a tla bong a busa mo go jone, batho ba ka se tlhole ba tlhoka dijo, go sa kgathalesege gore ba nna kae. Baebele e bolela jaana fa e bua ka Jehofa: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”—Pesalema 145:16.

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

“Go na le bosupi jo bo hutsafatsang jo bo supang kafa dinaga tse di tlhabologileng di palelwang ke go thusa Afrika ka teng mme seo se tshosa naga ya rona le go e tlhabisa ditlhong.”—Tonakgolo ya kwa Boritane e bong Tony Blair

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

ETHIOPIA: Mo nageng eno batho ba ba ka nnang dimilione di le 13 ba ikaegile ka dijo tse ba di fiwang. Ngwana yo o tshwantshitsweng fa godimo fano ke mongwe wa bone

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

INDIA: Bana bano ba sekolo ba fiwa dijo kwa sekolong

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Top: © Sven Torfinn/Panos Pictures; bottom: © Sean Sprague/Panos Pictures