Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tshwanetse go Dirisana Jang le Mosetsana yo o Nkgatlhegelang?

Ke Tshwanetse go Dirisana Jang le Mosetsana yo o Nkgatlhegelang?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Tshwanetse go Dirisana Jang le Mosetsana yo o Nkgatlhegelang?

“Susan o ne a ipuelela mo go nna mme ga ke a ka ka nna le bothata ka gone. Go ile ga nthusa.”—James. *

“Fa lekau le sa ikanyege mo mosetsaneng yo o le kgatlhegelang, ditlamorago tsa gone e ka nna tse di utlwisang botlhoko tota.”—Roberto.

BOSHENG jaana mosetsana mongwe o ne a go raya a re o batla go go botsa sengwe. O ile wa mmona makgetlhonyana fa lo le mmogo le setlhopha sa ditsala e bile go monate go bua le ene le go dira dilo le ene. Mme le fa go ntse jalo, se a se buileng se ile sa go tlogela o gakgametse. O batla go ratana le wena mme o batla go itse gore a le wena o ikutlwa jalo.

Go ka nna ga go gakgamatsa fa e le gore wena o tsaya gore monna ke ene a tshwanetseng go ipuelela. Le fa gantsi go ntse jalo, gakologelwa gore ga a tlola melaometheo epe ya Baebele go bo a ipueletse mo go wena. * Go gakologelwa seo go ka nna ga go thusa gore o tsibogele se a se buileng ka tsela e e tshwanetseng.

Fa o sena go akanya ka kgang eno, o ka nna wa swetsa ka gore o sa ntse o le mmotlana thata gore o ka ratana kgotsa gone jaanong ga o kgatlhegele mosetsana yono ka tsela eo. Mme gape o ka nna gape wa itshwaya phoso, o ipotsa gore go tweng fa e le gore o ile wa dira gore a akanye gore o a mo kgatlhegela. O tshwanetse go dira eng? Sa ntlha, o tshwanetse go akanyetsa maikutlo a gagwe.

Akanyetsa Maikutlo a Gagwe

Akanya fela ka matsapa a mosetsana yono a a tsereng. E re ka a ne a batla go go kgatlha, gongwe o tsere malatsi a le mantsi a boaboeletsa se a batlang go go bolelela sone. Fa a sena go baakanya mafoko a gagwe sentle le monyenyo o tsamaisanang le one, o ile a kgaratlha le boikutlo jwa gore go ka direga gore o gane. Kgabagare, fa a sena go nna pelokgale, o ne a fenya letshogo la gagwe mme a go bolelela se se mo pelong ya gagwe.

Ke eng fa a ile a ikemisetsa go dira selo se se thata jaana? Gongwe ke loratonyana fela lwa nakwana. Mme gape, go ka direga gore o rata dinonofo tse dintle tse o nang le tsone tse batho ba bangwe ba sa di boneng. Ka jalo, gongwe se a se buileng se ka tswa gape se akaretsa go go akgola, e le fela gore ga a go akgole ka tlhamalalo.

Dintlha tseno di tlhalosiwa fano e seng go go bolelela gore o mo rate, mme ke go go gakolola gore o nne pelonomi. Mosetsana mongwe yo o bidiwang  Julie o bolela jaana: “Le fa mosimane a sa go kgatlhegele, o tshwanetse a itumelela go bo go na le mongwe yo o mo etseng tlhoko. Ka jalo, go na le gore a gane fela, o tshwanetse a mmontshe ka tsela e e siameng gore ene ga a na maikutlo ao ka ene.” A re re gongwe o batla go mo gana—“mmontshe ka tsela e e siameng gore ga o na maikutlo ao,” kgotsa dira jalo ka tsela e e se kitlang e mo utlwisa botlhoko.

Go tweng fa e le gore o kile wa mo gana mo nakong e e fetileng? Gone jaanong o ka nna wa raelesega go mmolelela se a se jeleng ka tlala. Lwantsha boikutlo joo. Diane 12:18 ya re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” O ka bua jang ka “loleme lwa ba ba botlhale”?

Gongwe o ka nna wa mo leboga go bo a ile a tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng le go bo a go tseela kwa godimo jalo. Kopa maitshwarelo fa e le gore o ka tswa o ile wa dira gore a akanye gore o a mo kgatlhegela wena o sa ipone. Mmolelele ka tlhamalalo mme o le bonolo gore wena ga o ikutlwe jalo ka ene. Fa e le gore ga a go tlhaloganye mme o tlhoka go gatelela se o se buang, o se ka wa bua le ene ka bogale le go dirisa mafoko a a tlhabang. O bua le motho yo o utlwileng botlhoko, ka jalo nna pelotelele. Fa e ka bo e ne e le wena, a o ne o ka se rate gore fa a go gana a dire jalo ka tsela e e bonolo?

Le fa go ntse jalo, a ka nna a go bolelela gore ke wena o dirileng gore a itheye a re o a mo kgatlhegela. A ka nna a umaka dilo dingwe tse o di dirileng tse di dirileng gore a nne le maikutlo ao. A ka nna a re: ‘A o gakologelwa nako ya fa o ne o nnaya malomo ale?’ kgotsa ‘Wa reng ka se o neng wa se nthaya fa re ne re tsamaya mmogo kgwedi e e fetileng?’ Ke nako ya gore o itshekatsheke sentle jaanong.

Se Ikganetse

Mo nakong e e fetileng babatlisisi ba ne ba tsaya mafelo a ba a ribolotseng e le mafelo a ba ka a dirisang jaaka ba batla gore bone ba solegelwe molemo, mme gompieno banna bangwe ba leba basadi ka tsela eo. Ba batla go ratana le bone mme ga ba batle go amogela boikarabelo jwa lenyalo. Kwantle ga gore ba itlame, ba ngoka basadi fela go tshameka ka maikutlo a bone. Mosadi o tla rata monna yo o ntseng jalo mme monna ene a sa mo rate. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a akgela jaana: “Go bonala makawana mangwe e le batho ba ba yang kwa mosetsaneng mongwe ba bo ba mo tlogela ba ya kwa go yo mongwe. Ga go a siama go tshameka ka maikutlo a mosadi ka tsela eo.” Bopelotshetlha jo bo ntseng jalo bo felela kae?

“Fela jaaka setsenwa se se hulang dibetsa tse di konopiwang, metswi le loso, go ntse jalo ka motho yo o tsieditseng mongwe ka ene mme a rile: ‘A ke ne ke sa itshamekele fela?’” (Diane 26:18, 19) Fa monna a simolola go ratana le mosadi ka ntlha ya bopelotshetlha, kgabagare mosadi yoo o tla lemoga gore tota monna yono ke motho yo o ntseng jang. Mme mosadi o tla utlwisiwa botlhoko thata ke go tsiediwa jalo, jaaka tiragalo e e latelang fano e bontsha.

Lekawana lengwe le ne le batla go ratana le mosetsana mongwe mme le se na maikaelelo ape a go mo nyala. O ne a mo isa kwa diresetšhurenteng tsa maemo e bile ba ne ba tle ba ye kwa diphathing  mmogo. O ne a rata botsala jwa gagwe mme mosetsana ene o ne a itumela go bo a mo kgatlhegela, a akanya gore o ratana le ene. Fa mosetsana a lemoga gore lekawana leno le ne le batla fela go nna tsala ya gagwe, o ne a utlwa botlhoko thata.

Fa e le gore o ile wa dira gore mosetsana yo o sa tswang go bua le wena a akanye gore o a mo rata le fa o ne o sa ikaelela go dira jalo, o tshwanetse go dira eng? Go latola go tla mo kgopisa le go feta. Akanya ka molaomotheo ono wa Baebele: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Diane 28:13) Ka jalo bua boammaaruri. O se ka wa ganela gore o ka tswa o dirile jalo mme wa baka bothata jo lo nang le jone. Mme fa e le gore o ile wa tshameka ka maikutlo a gagwe ka boomo, dumela gore o dirile phoso e kgolo. Kopa maitshwarelo go tswa pelong.

Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebelela gore go kopa maitshwarelo ga gago go tla fedisa kgang. Mosetsana yono a ka nna a fetsa lobaka a go kgotswetse. O ka nna wa tshwanelwa ke gore o tlhalosetse batsadi ba gagwe gore ke ka ntlha yang o dirile se o se dirileng. Mme o ka nna wa tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tse dingwe gape. Bagalatia 6:7 ya re: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” Mme fa o kopa maitshwarelo o bo o baakanya phoso ya gago, o tla mo thusa gore a tswelele ka botshelo jwa gagwe. Mme tiragalo eno e tla go ruta gore o ‘dibele dipounama tsa gago mo go bueng tsietso’ mo dilong tsotlhe mo botshelong, go akaretsa le mo kgannyeng e e amanang le batho ba bong bo sele.—Pesalema 34:13.

Akanya Sentle Pele o Araba

Mme go tweng fa e le gore tota o ka rata go itse mosetsana yono botoka? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse go tlhaloganya gore go intsha le motho le go ratana ga se sengwe se o ka tsamaisang nako fela ka sone. Maikutlo a a nonofileng a batho ba ba intshang mmogo ba nnang le one ke a a feleletsang ka gore ba nyalane. Fa ba sena go nyalana, maikutlo ao a ba thusa gore ba nne ba le mmogo jaaka monna le mosadi. Go itse seno go ka go ama jang?

Fa o sena go akanya ka mosetsana yono, o ka nna wa lemoga gore go na le dilo di le mmalwa tse o di ratang ka ene. O go buletse kgoro mme wena o ka rata go dira gore e nne e butswe. Go na le gore o itlhaganelele go ratana, tsaya dikgato tse di tla lo sireletsang ka bobedi gore lo se ka lwa utlwa botlhoko moragonyana.

Fa nako e ntse e tsamaya gongwe o ka rata go botsa batho bangwe ba ba godileng ba ba mo itseng. Akantsha gore le ene a dire jalo. Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go botsa batho ba ba godileng bao gore ke dinonofo dife tse ba di lebang e le tse di molemo le gore ke eng se ba se tsayang e le bokoa jo motho yo o ba botsang ka ene a nang le jone. Mme gape gongwe o ka nna wa botsa bagolwane ba Bakeresete gore bone ba akanyang. Go molemo go itse gore a motho yo o batlang go ratana le ene o na le seemo se se siameng mo phuthegong ya Bokeresete.

Mme o ka nna wa re, ‘Ke eng fa batho ba bangwe ba tshwanetse go tsenatsena mo dikgannyeng tsa me tsa botho?’ Boammaaruri ke gore, tota le mo kgannyeng ya botho e e jaaka go ratana, go molemo go utlwa gore batho ba bangwe ba akanyang. Tota e bile, go tsamaisana le Dikwalo, ka gonne Diane 15:22 ya re: “Go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” Batho ba ba godileng ba o buang le bone ba ka se ka ba go direla tshwetso. Mme “kgakololo ya moya” e ba go e neelang e ka nna ya senola dilo dingwe ka motho yo o batlang go ratana le ene le ka ga gago, tse lona lo ka tswang lo sa di bone.—Diane 27:9.

James, yo o neng a umakiwa pelenyana o ne a dira seno. Le fa gone a ne a setse a nna a le nosi, o ne a bua le batsadi ba gagwe ka Susan. Mme go tswa foo, mongwe le mongwe wa bone o ne a naya batho ba bangwe ba ba godileng leina la yo mongwe gore ba bone gore a ba a tshwanelana go nna baratani. Fa mongwe le mongwe wa bone a sena go utlwa dilo tse di molemo ka yo mongwe, James le Susan ba ne ba simolola go intsha mmogo go bona gore a go ka kgonega gore ba nyalane. Fa o ka dira se se tshwanang pele ga o amega maikutlo thata, o tla ikutlwa o tlhomamisegile ka tshwetso e o tla e dirang.

Mo godimo ga seo sotlhe, rapela Jehofa. E re ka go intsha le mongwe e le kgato e e tla dirang gore lo nyalane, kopa Modimo gore a go thuse go bona gore a go ratana le mosetsana yono go tla felela ka gore lo nyalane. Se se botlhokwa le go feta, kopa Modimo gore a lo thuse gore lo dire ditshwetso tse di tla dirang gore lo atamalane thata le ene. Seo se tla dira gore ka bobedi jwa lona lo nne le boitumelo jwa mmatota.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 6 Ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di mo makasineng wa Tsogang! wa November 8, 2004, le January 8, 2005 di bua ka tsela e lekgarebe le ka ipuelelang ka teng mo lekaung.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Fa o sa kgatlhegele motho, nna kelotlhoko gore o se ka wa dira gore a akanye gore o a mo rata