Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Utswa mo Mabenkeleng—Ke Mang yo o Amiwang ke Ditlamorago Tsa Gone?

Go Utswa mo Mabenkeleng—Ke Mang yo o Amiwang ke Ditlamorago Tsa Gone?

 Go Utswa mo Mabenkeleng—Ke Mang yo o Amiwang ke Ditlamorago Tsa Gone?

KWA Japane, mong wa lebenkele lengwe o ne a tshwara mosimanyana mongwe a utswa mme a bitsa mapodise. Fa mapodise a fitlha, mosimanyana yono o ne a tshaba. Mapodise a ne a mo lelekisa. Mme e ne ya re fa mosimanyana yono a kgabaganya seporo, a thulwa ke terena mme a swa.

E re ka kgang eno e ne ya tlalatlala, bangwe ba ne ba pega mong wa lebenkele molato ka go bo a ile a bitsa mapodise. O ne a tswala lebenkele la gagwe go fitlha dilo di boela meriting. Fa a sena go bula lebenkele la gagwe gape, o ne a tsenelwa ke magodu gape. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya mathata a a neng a sa tswa go lebana le one, o ne a tshaba go tsaya kgato ka magodu ao. Lebenkele la gagwe le ne la itsege e le lebenkele le go leng motlhofo go utswa mo go lone. Go ise go ye kae, o ne a tswala lebenkele leno la gagwe mme a se ka a tlhola a le bula gape.

Ke boammaaruri gore seemo seno se ne se utlwisa botlhoko tota, mme gone se bontsha boammaaruri bongwe jwa botlhokwa. Go utswa mo mabenkeleng go baka tshenyo e kgolo—ka ditsela tse dintsi e bile go ama batho ba le bantsi. A re sekasekeng ditlamorago tse dikgolo tsa mofuta ono wa tlolomolao.

Kafa Mabenkele a Latlhegelwang ka Teng

Go utswa mo mabenkeleng go bakela dikgwebo mo lefatsheng lotlhe ditshenyegelo tsa didolara di le dibilione di le dintsi ngwaga le ngwaga. Bangwe ba fopholetsa gore kwa United States fela ditshenyegelo tsa teng di feta diranta di le dimilione di le dikete di le 240. Ke dikgwebo di le kae tse di ka kgonang go tswelela pele di ntse di latlhegelwa ke madi a mantsi jaana? Mabenkele a le mantsi ga a kgone go lepalepana le bothata jono. Fa magodu a utswa mo lebenkeleng, beng ba mabenkele ba ka latlhegelwa ke kgwebo e ba e bereketseng ka thata botshelo jotlhe jwa bone.

Ralebenkele mongwe kwa New York City e bong Luke a re: “Mo godimo ga go tshwenyega ka kgaisano e e leng teng mo go tsa kgwebo, motho o tshwanetse go tshwenyega gape le ka batho ba ba utswang mo mabenkeleng. Ga ke itse gore kgwebo ya rona e tla tshwarelela lobaka lo lo kae.” Luke ga a na madi a go batla thulaganyo ya ileketeroniki ya go thibela magodu. O bua jaana malebana le magodu: “Ga nka ke ka itse gore ke utswelwa ke mang, gongwe go utswa bone batho ba ba tlholang ba reka fano.”

Bangwe ba akanya gore bothata jwa ga Luke ga bo masisi. Ba re: “Mabenkele ano a dira madi a mantsi, ka jalo, se ke se tsayang ga se ame kgwebo ya bone go le kalo.” A mme gone mabenkele a dira poelo e ntsi?

Kwa mafelong mangwe, mabenkele a oketsa tlhwatlhwa ya dilo tse a di rekisang ka diperesente di le 30, 40 kgotsa di le 50 mo godimo ga madi a ba a duetseng fa ba ne ba di reka, mme ga go reye gore ba bona poelo ya tsone diperesente tseo. Mong wa kgwebo o dirisa madi ano a a oketsegileng go duelela ditshenyegelo tsa ka metlha, jaaka rente, makgetho, go duela babereki le go ba beela madi mangwe kwa thoko a ba tla a dirisang fa go tlhagile mathata, o duelela go baakanngwa ga dikago, didirisiwa, inshorense, motlakase, metsi, leokwane le le dirisiwang go thuthafatsa kago, thelefouno le dithulaganyo tsa go thibela magodu. Fa a sena go duelela ditshenyegelo tseno, a ka salelwa ke poelo ya diperesente di le 2 kgotsa di le 3. Ka jalo fa mongwe a utswa mo lebenkeleng, rakgwebo o latlhegelwa ke bontlhanngwe jwa madi a a itshedisang ka one.

Go Tweng ka go Utswa Dilo Tse di sa Tureng?

Fa mosimanyana a le mo lebenkeleng le mmaagwe, o ikela kwa shelofong ya dimonamone. O fitlha a bula sephuthelwana sa dimonamone a bo a tsenya semonamone se le sengwe mo potleng. A go utswa sengwe sa madi a a kwa tlase jaana go ka ama kgwebo ya lebenkele?

Mokgatlho wa Dikgwebopotlana wa United States o bua jaana mo boroutšhareng jwa one jwa Curtailing Crime—Inside and Out: “Go utswa dilo tse di sa tureng go ka nna ga se ka ga lebega jaaka molato o mogolo mo legodung le le utswang pene gompieno mme letsatsi lengwe le bo le utswa calculator e nnye. Mme gone, ke tshenyo e e seng kana ka sepe mo kgwebong e potlana e e lekang ka natla go atlega.” E re ka mabenkele a bona poelo e nnye, a tshwanetse go rekisa dimonamone tse dingwe tse 900 kgotsa dithini tse dingwe tse 380 tsa sopo letsatsi le letsatsi go duelela ditshenyegelo tsa ngwaga le ngwaga tse di bakwang ke batho ba ba utswang mo mabenkeleng. Ka jalo, dikgwebo di latlhegelwa  tota fa bananyana ba bantsi ba utswa dimonamone mo lebenkeleng. Seno ke sone se se bakang bothata.

Batho ba le dimilione di le masomesome, ba bannye le ba bagolo, ba ba humileng le ba ba humanegileng, ba ditso le mefuta yotlhe, ba a utswa mo marekisetsong le mo mabenkeleng. Seno se felela ka eng? Lekgotla la kwa United States la go Thibela Tlolomolao mo Setšhabeng le bega gore mo e ka nnang karolo ya nngwe tharong ya dikgwebo tsotlhe kwa United States di tshwanelwa ke go tswalwa ka ntlha ya bogodu. Ga go pelaelo gore dikgwebo mo dinageng tse dingwe le tsone di lebane le bothata jo bo tshwanang.

Bareki ba a Latlhegelwa

Ditlhwatlhwa di a tlhatlosiwa fa batho ba utswa mo mabenkeleng. Ka gone, mo mafelong mangwe, ka kakaretso bareki ba duela madi a a kwa godimo a diranta di ka nna 1 800 ka ngwaga ka ntlha ya batho ba ba utswang mo mabenkeleng. Seno se raya gore fa o amogela diranta di le 360 ka letsatsi, ngwaga le ngwaga go na le beke e o berekelang go duelela dilo tse batho ba bangwe ba di utswang. A o ka kgona go latlhegelwa ke madi a kalo? Madi a beke e le nngwe a mantsi tota mo bathong ba ba tlogetseng tiro ba ba itshedisang ka madi a phenshene kgotsa mo go mmè yo o se nang molekane mme a kgaratlhela go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Mme go sa ntse go na le bothata jo bongwe gape.

Batho botlhe mo lefelong la gaeno ba ka tshwara bokete fa lebenkelenyana la lefelo la lona le ka tswalwa. Go begwa gore bosheng jaana go utswa mo mabenkeleng ke gone go dirileng gore khemise nngwe kwa motsaneng mongwe kwa Amerika e tswalwe. Gone jaanong batho ba le bantsi ba lefelo leno ba ba godileng le ba ba lwalang ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa dikilometara tse pedi le halofo go ya kwa khemising e nngwe go bona melemo ya bone. Modiredimogolo mongwe o ne a re: “Akanya fela o tsamaya sekgala seno ka setulo sa maotwana.”

Kafa go Amang Batsadi Thata ka Teng

Bruce ke monna yo o tshelang ka melao e e kwa godimo ya boitsholo, mme o ruta bana ba gagwe gore ba ikanyege. Ka letsatsi lengwe morwadie o ne a tshwarwa a utswa. Bruce a re: “Ke ne ke kgobegile marapo tota. Akanya fela o founelwa mme o bolelelwa gore morwadio o tshwerwe a utswa mo lebenkeleng. Re feditse dingwaga di le dintsi re ruta morwadiarona gore a itshware sentle, mme jaanong utlwa fela gore go diragetseng. Re ne re sa akanye gore a ka fetoga ka tsela eno.”

Bruce o ne a tshwenyegile tota ka morwadie le isagwe ya gagwe. Mo godimo ga moo, o ne a tlogela tiro e a neng a ithaopetse yone ya go nna morutisi wa bodumedi. “Ke ne ke tla raya phuthego ke reng? Ke ne nka kgona jang go ba ruta ke gololesegile gore ba godise bana ba bone jang? Ke ne nka se kgone.” Go bonala mosetsana yono a ile a se ka a akanya kafa se a se dirileng se neng se tlile go ama rraagwe ka teng.

 Ditlamorago Tse di Tlelang Batho ba ba Utswang mo Mabenkeleng

Bogologolo fa beng ba mabenkele ba ne ba tshwara motho a utswa mo lebenkeleng, ba ne ba mo omanya ba bo ba mo tlogela a tsamaya. Gompieno beng ba mabenkele ba isa batho bano kgolegelong tota le fa e le lekgetlho la ntlha ba tshwarwa ba utswa mo mabenkeleng a bone. Ka jalo, magodu a lemoga gore go tlola ga bone molao go na le diphelelo tse di masisi. Lekgarebe lengwe e bong Natalie o ne a diragalelwa ke seo.

Natalie o ne a re: “Nako le nako fa ke utswa, ke ne ke ikutlwa ke itshepa le go feta. Ke ne ke ipolelela gore le fa nka tshwarwa, madi a mmueledi le a kgotlatshekelo a ne a sa ntse a tla nna kwa tlase go feta madi a nka bong ke a duelela diaparo tseno tsotlhe tse dintle.” Natalie o ne a fositse.

O ne a bonwa a utswa mosese, mme mapodise a ne a mo tshwara. Fa a fitlha kwa seteisheneng sa mapodise, o ne a gatisiwa menwana a bo a tlhatlhelwa le dikebekwa tse dingwe. O ne a nna diura di le dintsi a letile batsadi ba gagwe go rulaganya gore a letele tsheko a se mo kgolegelong.

Natalie o raya mongwe le mongwe yo o akanyetsang go utswa a re: “Reetsa kgakololo ya me, mme o reke mosesenyana oo kgotsa bokatenyana eo.” A re fa o batla go utswa, “o tla ikwatlhaela seo ka lobaka lo loleele tota.”

Go utlwisa botlhoko tota go nna le rekoto e e supang gore o kile wa bonwa molato ka ntlha ya bokebekwa bongwe. Batho ba ba bonweng molato ka ntlha ya go utswa mo mabenkeleng ba swabisiwa ke go lemoga gore molato wa bone ga o kitla o lebalwa gotlhelele, go tla nna go buiwa ka one gangwe le gape, mme o tla ba ngaparela fela jaaka patso mo moseseng kgotsa mo hempeng. Motho yo o neng a utswa mo mabenkeleng a ka nna a tshwanelwa ke go bolela molato wa gagwe fa a batla phatlha kwa yunibesithing. Go ka nna thata gore a ithutele kalafi, bongaka jwa meno le tiro ya go dira dipolane tsa kago. Dikhampani di ka nna tsa okaoka go mo hira. A ka nna le mathata ano tota le fa a setse a duetse molato o kgotlatshekelo e rileng a o duele e bile a tlogetse le go utswa.

Le fa motho yo o utswang mo mabenkeleng a sa bonwe molato, o sa ntse a ka lebana le ditlamorago dingwe. Hector yo o umakilweng pelenyana mo ditlhogong tseno o ne a lemoga seo. A re: “Ka metlha ke ne ke falola. Ga ke ise ke ko ke tshwarwe ke utswa.” Le fa go ntse jalo, o ne a tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa seno. O bua jaana fa a akanya ka gone: “Ke akanya gore basha ba tshwanetse go itse seno: O roba se o se jalang. Tota le fa mapodise a sa go tshware, o tlile go amiwa ke ditlamorago tsa ditiro tsa gago.”

Go utswa mo mabenkeleng ke bothata jo bo amang batho botlhe, mme dilo tse batho ba di utswang mo lebenkeleng di tshwanetse go duelelwa. Mongwe le mongwe yo o utswang mo mabenkeleng o tshwanetse go tlogela mokgwa ono gotlhelele. Le fa go ntse jalo, motho yo o utswang mo mabenkeleng a ka thusiwa ke eng gore a tlogele go utswa gotlhelele? A mofuta ono wa tlolomolao o tla tsamaya o fela?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go utswa mo mabenkeleng go phutlhamisa dikgwebo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mongwe le mongwe o amiwa ke ditlamorago tsa go utswa mo mabenkeleng

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Go utswa mo mabenkeleng go ama isagwe ya gago

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pampiri e e nang le metlhala ya menwana: © Morocco Flowers/Index Stock Imagery