Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete ke Mang?

Jesu Keresete ke Mang?

 Jesu Keresete ke Mang?

GO YA ka pego nngwe e e ka ikanngwang ya hisitori, monna yo go tweng Jesu o ne a tsholwa dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng kwa motsaneng wa Bethelehema kwa Judea. Ka nako eo, Herode yo Mogolo e ne e le kgosi kwa Jerusalema, mme Kaesara Aguseto e ne e le mmusimogolo kwa Roma. (Mathaio 2:1; Luke 2:1-7) Gantsi bakwalahisitori ba Baroma ba makgolo a mabedi a ntlha a dingwaga ba ne ba sa kwale sepe ka ga Jesu ka gonne babusi ba nako eo ba Baroma ba ne ba leka go fedisa Bokeresete.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, buka ya The Historians’ History of the World ya re: “Tota le batho ba e seng ba bodumedi ba ile ba lemoga gore dilo tse [Jesu] a neng a di dira di ile tsa ama batho ka tsela e kgolo go feta tse di kileng tsa dirwa ke motho ope yo mongwe. Go ya ka ditšhaba tse di tlhabologileng tsa lefatshe, motlha o mosha o ne wa simolola fa [Jesu] a ne a tsholwa.”

Makasine wa Time o ne wa bega gore go kwadilwe dibuka di le dintsi ka ga Jesu go feta ka motho ope fela yo mongwe mo hisitoring. Bontsi jwa dibuka tseno di bua thata ka kgang ya gore tota Jesu ke mang. Gongwe kgang eno e ile ya tsosa kganetsano e kgolo go feta kgang epe fela e nngwe mo hisitoring ya batho.

Batho mo Motlheng wa ga Jesu Ba ne Ba Ipotsa Gore ke Mang

Fa Marea a ne a bolelelwa gore o ne a tlile go tshola ngwana le gore a mo reye leina Jesu, o ne a botsa jaana: “Seno se tla nna jang, e re ka ke sa tlhakanele dikobo le monna?” Moengele wa Modimo e bong Gabariele o ne a mo raya a re: “Maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”Luke 1:30-35.

Moragonyana Jesu o ne a dira dikgakgamatso tse di neng tsa gakgamatsa baaposetoloi ba gagwe. Fa phefo e e maatla ya matsubutsubu e ne e batla go nwetsa mokoro wa bone mo Lewatleng la Galalea, Jesu o ne a e kokobetsa ka go e kgalema a re: “Kgaotsa! Didimala!” Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba bua jaana ba gakgametse: “Tota yono ke mang?”Mareko 4:35-41; Mathaio 8:23-27.

Mo motlheng wa ga Jesu go ne go tlwaelegile gore batho ba ipotse gore tota Jesu ke mang, ka jalo Jesu o ne a botsa baaposetoloi ba gagwe gore batho ba re ke ene mang. Ba ne ba re: “Bangwe ba re ke Johane Mokolobetsi, ba bangwe ba re Elija, gape ba bangwe ba re Jeremia kgotsa mongwe wa baporofeti”—ba  botlhe ba neng ba sule ka nako eo. Morago ga moo Jesu o ne a botsa jaana: “‘Mme, lona lwa re ke mang?’ Fa Simone Petere a araba a re: ‘O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.’” Tota le madimona—baengele ba ba boikepo—ba ne ba bua jaana ka ga Jesu: “O Morwa Modimo.”Mathaio 16:13-16; Luke 4:41.

Kafa Jesu a Neng a Itlhalosa ka Teng

Le mororo Jesu a ne a ipitsa Morwa Modimo ka sewelo, o ne a dumela gore ke Morwa Modimo. (Mareko 14:61, 62; Johane 3:18; 5:25, 26; 11:4) Le fa go ntse jalo, gantsi o ne a itlhalosa e le “Morwa motho.” Ka go rialo, o ne a bontsha gore o tshotswe ke motho wa mo lefatsheng—se se supang gore ruri e ne e le motho. Gape o ne a itshenola e le ene “morwa motho” yo Daniele a neng a mmone mo ponatshegelong a eme fa pele ga Modimo Mothatayotlhe—“Mogologolo wa Malatsi.”—Mathaio 20:28; Daniele 7:13.

Go na le gore Jesu a ipitse Morwa Modimo phatlalatsa, o ne a letla batho gore e nne bone ba iponelang seo. Tota le batho ba e neng e se baaposetoloi ba gagwe ba ne ba lemoga seo, go akaretsa le Johane Mokolobetsi le tsala ya ga Jesu e bong Maratha. (Johane 1:29-34; 11:27) Batho bano ba ne ba dumela gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. Ba ne ba utlwa gore o ne a kile a tshela kwa legodimong e le motho yo o maatla wa semoya, mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetisediwa ke Modimo ka kgakgamatso mo popelong ya lekgarebana Marea.—Isaia 7:14; Mathaio 1:20-23.

O ne A Tshwana le Motho wa Ntlha, Adame

Jesu o ne a tshwana le motho wa ntlha e bong Adame ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, boobabedi e ne e le batho ba ba itekanetseng ba ba neng ba se na rre wa mo lefatsheng. (Genesise 2:7, 15) Ka jalo, Baebele e bitsa Jesu “Adame wa bofelo”—motho yo o itekanetseng yo o neng a ka kgona go nna “thekololo e e lekanang.” Botshelo jwa ga Jesu bo ne bo lekana le jwa “motho wa ntlha Adame,” yo Modimo a neng a mmopa e le motho yo o itekanetseng.—1 Bakorintha 15:45; 1 Timotheo 2:5, 6.

Adame wa ntlha o bidiwa “morwa Modimo” mo Baebeleng. (Luke 3:38) Le fa go ntse jalo, Adame yono o ne a latlhegelwa ke kamano e e tlhwatlhwakgolo ya go nna morwa Modimo ka go se utlwe Modimo ka boomo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a ikanyega ka metlha mo go Rraagwe yo o kwa legodimong, mme o ne a tswelela e le Morwa yo o amogetsweng ke Modimo. (Mathaio 3:17; 17:5 ) Baebele ya re batho botlhe ba ba supang tumelo mo go Jesu e bile ba mo tsaya e le Mmoloki wa bone, ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16, 36; Ditiro 5:31; Baroma 5:12, 17-19.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba bolela gore Jesu ga se Morwa Modimo fela mme tota ke Modimo ka boene. Ba re ene le Rraagwe boobabedi ke Modimo Mothatayotlhe. A ba nepile? A ruri Jesu le Modimo ke motho a le mongwe? A Jesu kgotsa bakwadi bape fela ba Baebele ba kile ba bua jalo? Tota Modimo yo o esi wa boammaaruri ke mang? Jesu o ne a re Modimo yono yo o esi wa boammaaruri ke mang? A re boneng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

Motho yo o Itsegeng go Feta Botlhe

Pego ya botshelo jwa ga Jesu e ne ya kwalwa ke batho ba le banè ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe—Mathaio, Mareko, Luke le Johane—mme ba babedi ba bone e ne e le ditsala tsa gagwe tse dikgolo. Dibuka tsa bone tse di bidiwang ka maina a bone, gantsi di bidiwa Diefangele, mme dikarolo dingwe tsa tsone di ka balwa ka dipuo di feta dikete tse pedi. Gantsi dibuka tseno tse dinnye di kopanngwa le tse dingwe go dira Baebele e e feletseng. Dikhopi tse di phasaladitsweng tsa dibuka tsa Efangele—e ka tswa e le buka ka nngwe kgotsa e le nngwe ya dibuka tsa Baebele—di dintsi go feta dibuka dipe fela tse di kileng tsa kwalwa mo hisitoring. Ga go gakgamatse go bo Jesu e le motho yo o itsegeng go feta batho botlhe ba ba kileng ba tshela!

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Baaposetoloi ba ile ba botsa jaana: “Tota yono ke mang?”