Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Laola Jang Maikutlo a Me?

Nka Laola Jang Maikutlo a Me?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Laola Jang Maikutlo a Me?

“Ke na le go galefela batsadi ba me le go bua dilo tse tota ke sa ikaelelang go di bua. Ke tla bo ke ikgogona mo go bone go fitlha maikutlo a me a ritibala gape.”—Kate, wa dingwaga di le 13.

“Bothata jo bogolo jo ke nang le jone ke go se itshepe. Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa e kete ke a swa mo teng.”—Ivan, wa dingwaga di le 19.

MAIKUTLO a nonofile. A ama tsela e o akanyang ka yone le tsela e o itshwarang ka yone. A ka go tlhotlheletsa gore o dire se se siameng le se se sa siamang. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa ikutlwa e kete a go fekeetsa. Jacob wa dingwaga di le 20 a re: “Ga nke ke kgotsofalela se ke kgonang go se dira. Gantsi ke palelwa ke go fitlhelela dilo tse ke ikaeletseng go di dira. Ka dinako tse dingwe ke lela fela kgotsa ke galefa thata mo e leng gore ke ntshetsa bogale jwa me mo bathong ba ba gaufi le nna. Go thata go laola maikutlo a me.”

Gone mme, tsela e nngwe ya gore o gole o bo o nne mogolo yo o kgonang go diragatsa maikarabelo a gagwe, ke go ithuta go laola maikutlo a gago. Bomankge bangwe ba akanya gore go kgona go laola maikutlo le go dirisana le batho ba bangwe go botlhokwa thata go na le go nna botlhale. Mme e bile, Baebele e bontsha gore go botlhokwa thata gore o laole maikutlo a gago. Ka sekai, Diane 25:28 ya re: “Fa o sa kgone go laola bogale jwa gago, o mo kotsing fela jaaka motse o o se nang dipota, o o ka tlhaselwang motlhofo.” (Today’s English Version) Ke eng se se dirang gore go nne thata jaana gore motho a laole maikutlo a gagwe?

Kgwetlho e Basha ba Lebaneng le Yone

Batho ba dingwaga tsotlhe le ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng ba na le mathata a go laola maikutlo a bone. Le fa go ntse jalo, ntwa eno e ka nna boima thata fa motho a tswa mo seemong sa go nna mosha mme a nna mogolo. Buka ya Changing Bodies, Changing Lives e e kwadilweng ke Ruth Bell ya re: “Bontsi jwa basha ba na le maikutlo a a fetofetogang a go ikutlwa ba tlhakane tlhogo, ba itumetse kgotsa ba boifa. Batho ba bantsi ba na le maikutlo a a sa tshwaneng ka sengwe se se rileng. . . . Nako nngwe o ka nna wa ikutlwa ka tsela e e rileng mme moragonyana o bo ikutlwa ka tsela e e farologaneng gotlhelele.”

E re ka o le mosha, ga o na maitemogelo. (Diane 1:4) Ka jalo, fa o lebana le maemo a masha le dikgwetlho tse disha ka lekgetlho la ntlha, go tla direga gore o ikutlwe o sa itshepe gore o ka kgona go  lebana le one kgotsa gongwe o tshogile. Se se itumedisang ke gore, Mmopi wa gago o tlhaloganya maikutlo a gago sentle. O itse le e leng “dikakanyo tsa [gago] tse di tlhobaetsang.” (Pesalema 139:23) O tlhomile melaometheo e e ka go thusang mo Lefokong la gagwe.

Tsela e e Molemolemo ya go Laola Maikutlo

Tsela e nngwe ya go laola maikutlo a gago ke go ithuta go laola dikakanyo tsa gago. Go nna le dikakanyo tse di sa siamang go ka dira gore o felelwe ke nonofo e o e tlhokang gore o tseye kgato. (Diane 24:10) Mme o ka ithuta jang go akanya ka tsela e e tshwanetseng e leng se se tla go thusang gore o laole maikutlo a gago?

Tsela e nngwe ke go tlogela go akanya thata ka dilo tse di sa siamang tse di dirang gore o ikutlwe o tshwenyegile mo maikutlong kgotsa tse di dirang gore o ikutlwe o sa itshepe. Ka go latela kgakololo ya Baebele ya gore o tlhome mogopolo mo dilong tse di “masisi” le tse di “siameng” o ka kgona go akanya ka dilo tse di siameng mo boemong jwa go akanya ka tse di sa siamang. (Bafilipi 4:8) Go dira seno go ka tswa go se motlhofo mme fa o dira maiteko, o ka kgona.

Akanya ka mosha mongwe yo o bidiwang Jasmine. Nako nngwe o kile a bolela jaana ka bohutsana: “Ke ikutlwa ke fekeediwa ke dilo tsotlhe tse ke lebanang le tsone. Go simolola tiro e ntšha le go nna le maikarabelo a masha. Ke setse ke lapile mo maikutlong. Ga ke kgone go gololesega.” Ga go gakgamatse gore mosha a ikutlwe jalo ka dinako tse dingwe, mme seo se ka dira gore motho a ikutlwe a sa itshepe. Baebele e re bolelela ka lekawana lengwe le le bidiwang Timotheo, le le neng la tshwanelegela sentle maikarabelo a le neng le a filwe. Le fa go ntse jalo, go bonala a ne a na le bothata jwa go ikutlwa a sa tshwanelege.—1 Timotheo 4:11-16; 2 Timotheo 1:6, 7.

Gongwe o ikutlwa o sa itshepe fa o tshwanetse go dira tiro nngwe e ntšha kgotsa e o sa e tlwaelang. O ka nna wa ipolelela wa re, ‘Le ka motlha nka se kgone go dira tiro eno.’ Mme o ka kgona go laola maikutlo a a ntseng jalo a go sa itshepe ka go tila go akanya ka tsela e e sa tshwanelang. Tlhoma mogopolo wa gago mo go ithuteng go dira tiro eo sentle. Botsa dipotso mme o dire se go tweng o se dire.—Diane 1:5, 7.

Fa o tswelela o dira tiro ya gago sentle, go ikutlwa o sa itshepe go tla fokotsega. O se ka wa akanya thata ka bokoa jwa gago, o dira gore seo se go fekeetse le go go thibela gore o se ka wa kgona go dira ka natla go tokafatsa. Nako nngwe fa moaposetoloi Paulo a ne a nyadiwa, o ne a araba jaana: “Le fa ke se setswerere mo puong, eleruri ga ke a nna jalo mo kitsong.” (2 Bakorintha 10:10; 11:6) Ka tsela e e tshwanang, o ka dira gore o itshepe ka go lemoga dinonofo dingwe tse o nang le tsone mme o kope Modimo gore a go thuse gore o fenye bokoa jwa gago. Modimo a ka go thusa tota, fela jaaka a ile a thusa batho mo nakong e e fetileng.—Ekesodo 4:10.

Tsela e nngwe e e ka go thusang go laola maikutlo a gago ke go itlhomela mekgele e e siameng e o ka kgonang go e fitlhelela mme o amogele ditlhaelo tse o nang le tsone. Tila gape go ipapisa ka tsela e e sa tshwanelang le ba bangwe. Mo go Bagalatia 6:4, Baebele e re neela kgakololo e e molemo fa e re: “A mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.”

Go Nna Bonya go Galefa

Go laola bogale e ka nna kgwetlho e nngwe e e boima. Jaaka Kate, yo o umakilweng kwa tshimologong, bogale bo dira gore basha ba le bantsi ba bue le go dira dilo tse di utlwisang botlhoko kgotsa tse di gobatsang.

Gone ke boammaaruri gore go a direga gore ka dinako tse dingwe motho a galefe. Mme gakologelwa mmolai wa ntlha e bong Kaine. Fa a ne a “tuka bogale,” Modimo o ne a mo tlhagisa gore bogale jo bo ntseng jalo bo tla dira gore a dire boleo jo bo masisi. O ne a botsa Kaine jaana: ‘Mme wena, a o tla fenya boleo?’ (Genesise 4:5-7) Kaine ga a ka a tsaya tsia kgakololo eo ya Modimo, mme ka thuso ya Modimo wena o ka kgona go laola bogale jwa gago mme o tile go leofa!

Seno gape se raya gore o tshwanetse go laola tsela e o akanyang ka yone. Mo go Diane 19:11, Baebele ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” Fa mongwe a go kgopisa, leka go  tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa a ile a dira jalo. A motho yoo o ne a go utlwisa botlhoko ka boomo? A go ka direga gore o ne a dira jalo a sa akanye kgotsa a sa bone? Go itshokela diphoso tsa ba bangwe go bontsha kutlwelobotlhoko e Modimo a nang le yone, mme go ka go thusa gore o se ka wa nna bonako go galefa.

Go tweng fa e le gore o na le lebaka la go galefa? Dikwalo di a re: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa.” (Baefeso 4:26) Fa go tlhokega, buisana le motho yoo ka kgang eo. (Mathaio 5:23, 24) Kgotsa gongwe go tla nna molemo fa o ka lebala fela ka kgang eo—o bo o tlogela go galefa mme o tswelele ka botshelo jwa gago.

Se se kgatlhang ke gore, ditsala tsa gago di ka kgona go laola tsela e o lebanang le bogale jwa gago ka yone. Ka gone, Baebele e re laela jaana: “O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata, gore o se ka wa tlwaelana le ditselana tsa gagwe mme ruri wa tseela moya wa gago seru.”—Diane 22:24, 25.

Fa o tlwaelane le batho ba ba lekang go laola bogale jwa bone go ka go thusa gore le wena o kgone go ikgapa. Diphuthego tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa di na le batho ba bantsi ba ba ntseng jalo, ba bontsi jwa bone ba go fetang ka dingwaga e bile ba nang le maitemogelo go go feta. Tlwaelana le bangwe ba bone. Lebelela kafa ba lepalepanang le mathata ka gone. Gongwe ba ka go naya “kaelo e e botswerere” fa o na le mathata. (Diane 24:6) Jacob, yo o umakilweng pelenyana, o bolela jaana: “Tsala e e godileng e e ka kgonang go nkgakolola ka Lefoko la Modimo e botlhokwa thata. Fa ke gakologelwa gore Jehofa o a nthata le fa ke ikutlwa ke sa itshepe mo dilong dingwe, ke kgona go laola maikutlo a me mme ke ritibale.”

Ditsela Tse Dingwe Tse di Mosola Tse O ka Di Dirisang

Buka nngwe e e tumileng e ne ya bolela jaana: “Dipatlisiso di le dintsi di ile tsa bontsha gore tsela e o tshikinyang mmele wa gago ka yone e ama tsela e o ikutlwang ka yone, e e laolwang ke dikhemikale tsa mmele. Selekanyo sa dihoromone le okosejene se fetoga go ya ka tsela e o itshikinyang mmele ka yone.” Ga go pelaelo gore go ikatisa mmele go mosola. Baebele e re bolelela jaana: “Go ikatisa mmele go na le molemo mongwe.” (1 Timotheo 4:8, Today’s English Version) Ke eng fa o sa itirele thulaganyo e e lekalekaneng ya go ikatisa mmele ka metlha? Go ka ama tsela e o ikutlwang ka yone ka tsela e e molemo. Go ja dijo tse di nang le dikotla le gone go ka nna mosola.

Mme gape, akanya ka mmino le boitlosobodutu tse o di tlhophang. Patlisiso nngwe e e neng ya gatisiwa mo go The Harvard Mental Health Letter e ne ya re: “Go lebelela thubakanyo . . . go dira gore motho a nne bogale. . . . Batho ba ba lebelelang difilimi tsa thubakanyo ba akanya thata ka go galefa mme e bile go fitlhetswe gore kgatelelo ya madi a bone e na le go tlhatloga.” Ka jalo, dira ditshwetso tse di siameng malebana le se o se reetsang le se o se lebelelang.—Pesalema 1:1-3; 1 Bakorintha 15:33.

Mme sa botlhokwa le go feta, tsela e e molemolemo ya go ithuta go laola maikutlo a gago ke go tlhagolela kamano e e gaufi le Mmopi wa gago. O laletsa mongwe le mongwe wa rona go bua le ene ka thapelo, le go mmulela mafatlha a rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe. . . . A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” Ee, o ka kgona go nna le nonofo ya go lebana le seemo sengwe le sengwe mo botshelong. Moaposetoloi Paulo o ne a oketsa jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:6, 7, 13.

Malika yo mmotlana a re: “Ke ithutile go rapela ke sa kgaotse. Go itse gore Jehofa o amega ka nna go nthusa gore ke ikutlwe ke ritibetse mme ke kgona thata go laola maikutlo a me.” Ka thuso ya Modimo, le wena o ka kgona go ithuta go laola maikutlo a gago.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Tsela e nngwe ya go laola maikutlo a gago ke go ithuta go laola tsela e o akanyang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go itlwaelanya le batho ba ba godileng go ka go ruta gore o laole jang maikutlo a gago