Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bommè ba Fenya Mathata

Bommè ba Fenya Mathata

 Bommè ba Fenya Mathata

BOTHATA jo bogolo jo bommè ba le bantsi ba lebaneng le jone gompieno ke go bereka gore ba thuse malapa a bone ka madi. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, bangwe gape ba tshwanelwa ke go godisa bana ba bone ba sa thusiwe ke ope.

Margarita ke mmè yo o nnang kwa Mexico yo o se nang molekane, mme o godisa bana ba babedi a le esi. A re: “Go thata go ba thapisa mo boitsholong le mo semoyeng. Mo nakong e e fetileng morwaake yo o mo dingwageng tsa bosha o ne a tla gae a tswa kwa moletlong mongwe mme a tagilwe go sekae. Ke ne ka mo tlhagisa gore fa seno se ka direga gape, nka se mo letlelele go tsena mo ntlong. Ka jalo, e ne ya re fa a dira jalo gape, ke ne ka mo tswalela kwa ntle ke utlwile botlhoko tota. Ke lebogela gore o ne a tlogela mokgwa ono.”

Ka bonako fela morago ga moo, Margarita o ne a simolola go ithuta Baebele, e e neng ya mo thusa go ruta bana ba gagwe maitsholo a a siameng. Gone jaanong, ka bobedi jwa bone ke badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa.

Fa Banna Ba ya Go Bereka Kwa Dinageng di Sele

Banna ba le bantsi ba ba nyetseng ba ba nnang mo dinageng tse di sa tlhabologang, ba fudugela kwa dinageng tse di humileng go ya go batla tiro, mme ba tlogela basadi ba bone gore ba sale ba godisa bana. Mmè mongwe wa kwa Nepal e bong Laxmi, a re: “E setse e le dingwaga tse supa monna wa me a bereka kwa nageng e sele. Bana ba rona ba utlwa rraabone bogolo go nna. Fa a ka bo a nna a le teng mo gae a etelela lelapa pele, go ka bo go le botoka.”

Le fa Laxmi a na le mathata ano, o lebana le one ka katlego. E re ka a sa rutega, o rulagantse barutisi bangwe kwa thoko gore ba thuse bana ba gagwe ba bagolwane ka tiro ya bone ya sekolo. Le fa go ntse jalo, sengwe se a amegileng thata ka sone ke gore a ba rute dilo tsa semoya ka go ba tshwarela thuto ya lelapa ya Baebele beke le beke. O tshwara motlotlo wa temana ya Baebele letsatsi le letsatsi mme ka metlha o tsamaya le bana ba gagwe go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete.

Bommè Ba ba Sa Rutegang

Mo dinageng dingwe, bothata jo bongwe ke gore go na le basadi ba le bantsi ba ba sa itseng go bala le go kwala. Go bontsha bothata jwa go nna mmè yo o sa rutegang, Aurelia wa kwa Mexico, yo e leng mmè wa bana ba barataro, o tlhalosa jaana: “Mmè o ne a aga a mpolelela gore basadi ga ba a tshwanela go rutega. Ka jalo, ga ke a ka ka ithuta go bala mme ke ne ke sa kgone go thusa banake ka tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae. Seo se ne se nkutlwisa botlhoko tota. Mme e re ka ke ne ke sa batle gore ba diragalelwe ke se se ntiragaletseng, ke ne ka dira ka natla go tlhomamisa gore ba bona thuto.”

 Bommè ba sa ntse ba ka thusa bana thata le mororo ba sa rutega. Mafoko ano a boammaaruri: “Fa o ruta basadi o ruta batho ba ba tla rutang banna.” Mmè mongwe wa kwa Nepal yo o nang le bana ba le bararo ba basimane e bong Bishnu, o ne a sa itse go bala le go kwala, mme keletso ya gagwe ya go ithuta dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele le go di ruta bana ba gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa go dira maiteko a magolo a go ithuta go bala le go kwala. O ne a tlhomamisa gore bana ba gagwe ba dira tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae, mme ka metlha o ne a ya kwa dikolong tsa bone go ya go tlotla le barutisi ka tiro ya bana ba gagwe ya sekolo.

Ngwana wa mosimane wa ga Bishnu e bong Silash o tlhalosa jaana malebana le thuto ya semoya le ya boitsholo e ba neng ba e newa: “Sengwe se ke neng ke se rata thata ka maiteko a ga mmè a go re ruta, e ne e le gore fa re dirile diphoso, o ne a re gakolola ka go re bontsha dikai tse di mo Baebeleng. Tsela eno e a neng a re ruta ka yone e ne e na le matswela e bile e ne e nthusa go amogela kgakololo.” Bishnu o kgonne go ruta bana ba gagwe ba basimane ka katlego, ba ka boraro jwa bone e leng makawana a a boifang Modimo.

Mmè mongwe wa kwa Mexico e bong Antonia yo o godisang bana ba babedi a re: “Ke tsene sekolo sa poraemari fela. Re ne re nna kwa motseng o o kgakala, mme sekolo se segolwane se e neng e le sone se se gaufi le rona se ne se le kgakala tota. Mme ke ne ke batla gore banake ba nne le thuto e e oketsegileng go mpheta, ka jalo ke ne ka ipha nako e ntsi go ba thusa. Ke ne ka ba ruta ditlhaka le dipalo. Pele morwadiake a simolola sekolo o ne a setse a kgona go peleta leina la gagwe le go kwala ditlhaka tsotlhe. Fa morwaake a ne a ya kwa sekolong sa bana ba bannye o ne a setse a kgona go bala sentle.”

Antonia o tlhalosa jaana fa a bodiwa se a neng a se dira go ruta bana ba gagwe dilo tsa semoya le boitsholo: “Ke ne ke ba ruta dipolelo tsa Baebele. Pele ga morwadiake a kgona go bua, o ne a kgona go tlhalosa dipolelo tsa Baebele a dirisa diatla. Morwaake o ne a neela puo ya gagwe ya ntlha ya go bala Baebele phatlalatsa kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete a na le dingwaga tse nnè.” Bommè ba le bantsi ba ba sa rutegang ba dira seabe sa bone sentle sa go nna barutisi.

Go Gana Dingwao Tse di Kotsi

Ngwao nngwe ya Ba-Tzotzil ba kwa Mexico ke go rekisa bana ba bone ba basetsana gore ba nyalwe ba le dingwaga tse 12 kgotsa 13. Gantsi basetsana ba rekisediwa banna ba bagolo mo go bone ba ba batlang mosadi wa bobedi kgotsa wa boraro. Fa monna a sa kgotsofalele mosetsana yono, a ka nna a mmusetsa morago a bo a newa madi a gagwe. Petrona o ne a lebana le bothata jwa gore a latele ngwao eno fa ene ka boene a ne a sa ntse a le ngwana. Fa mmaagwe a ne a sa ntse a le mosha o ne a rekisiwa go nna mosadi wa monna mongwe, a tshola ngwana mme a bo a tlhalwa—dilo tseno tsotlhe di mo diragaletse pele a digela dingwaga tse 13! Ngwana yoo wa ntlha o ne a tlhokafala, mme morago ga moo mmaagwe Petrona o ne a rekisiwa makgetlho a mangwe a mabedi gape. Bana botlhe ba a neng a nna le bone ba robedi.

Petrona o ne a sa batle go tshela jalo mme o tlhalosa jaana kafa a neng a kgona go tila seo ka teng: “Fa ke sena go fetsa sekolo sa poraemari, ke  ne ka bolelela Mmè gore ga ke batle go nyalwa mme ke batla go tswelela ka dithuto tsa me tsa sekolo. Mmè o ne a mpolelela gore ga go na sepe se a neng a ka se dira mme ke tshwanetse go bua le rre.”

Rre o ne a nthaya a re: “Ke tlile go go nyadisa. O itse go bua Se-Spain. O itse go bala. O sa ntse o batla eng gape? Fa o batla go ithuta, o tla tshwanelwa ke go ituelela dithuto tsa gago tsa sekolo.”

Petrona o tlhalosa jaana: “Ka jalo, ke sone se ke neng ka se dira. Ke ne ke kgabisa matsela go bona madi a go ituelela ditshenyegelo.” Go dira jalo go mo thusitse gore a se ka a rekisiwa. Fa Petrona a sena go gola, mmaagwe o ne a simolola go ithuta Baebele, mme seno se ne sa dira gore a nne pelokgale go ruta bomonnawe Petrona melao e e siameng e e theilweng mo Baebeleng. O ne a kgona go ba ruta go tswa mo go se se mo diragaletseng, a ba ruta ka diphelelo tse di botlhoko tsa ngwao ya go rekisa basetsanyana gore ba nyalwe.

Ngwao e nngwe mo go tse dingwe tse dintsi ke ya gore borre ke bone fela ba ba tshwanetseng go kgalemela bana ba basimane mo lelapeng. Petrona o tlhalosa jaana: “Basadi ba Ba-Tzotzil ba rutiwa gore ba kwa tlase ga banna. Banna ba teng ba gatelela tota. Basimanyana ba etsa borraabone, mme ba raya bommaabone ba re: ‘O ka se mpolelele gore ke direng. Fa rre a sa mpolelele gore ke direng, nka se go ikobele.’ Ka jalo, bommè ga ba kgone go ruta bana ba bone ba basimane. Mme e re ka jaanong mmè a ithutile Baebele, o ile a kgona go ruta bokgaitsadiake. Ba ithutile ka tlhogo lokwalo lwa Baefeso 6:1, 2, lo lo reng: ‘Bana, utlwang batsadi ba lona. . . . Tlotla rrago le mmago.’”

Mmè mongwe wa kwa Nigeria e bong Mary le ene o akgela jaana: “Go ya ka setso sa kwa  ke goletseng teng, mmè ga a tshwanela go ruta kgotsa go kgalemela bana ba basimane. Mme ka ntlha ya go latela sekao se se mo Baebeleng sa ga Loise le Yunise—nkokoagwe Timotheo le mmaagwe—ke ne ka ititaya sehuba gore ke se letle dingwao tsa lefelo la rona gore di nkgoreletse go ruta banake.”—2 Timotheo 1:5.

Ngwao e nngwe e e setseng e tlwaelegile thata mo dinageng dingwe ke e bangwe ba e bitsang “go rupisa basadi,” mme gone jaanong e setse e itsege e le go sega dirwe tsa basadi tsa tsalo. Go segwa mo e ka nnang karolo e nnye kgotsa e kgolwane ya serwe sa tsalo sa mosetsana. Motho yo o neng a dira gore go itsiwe ka ngwao eo e ne e le Waris Dirie, yo e leng motlelara wa difeshene le moemedi yo o kgethegileng wa Mokgatlho o o Tlhokomelang Matlole a Baagi wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Go dumalana le ngwao ya lefelo la gagabo la Ba-Somalia, mmaagwe o ne a dira gore a segiwe dirwe tsa tsalo fa a ne a sa le ngwana. Go ya ka pego nngwe, basadi le basetsana ba ba dimilione tse di magareng ga tse robedi le tse lesome kwa Botlhabagare le mo Afrika ba mo kotsing ya go ka segiwa dirwe tsa tsalo. Tota le kwa United States, basetsana ba ka nna 10 000 ba mo kotsing.

Ke eng se se dumelwang ka ngwao eno? Bangwe ba akanya gore dirwe tsa basadi tsa tsalo ga di a itsheka e bile di leswafatsa mosetsana mme seno se dira gore a se ka a tshwanelegela go nyalwa. Mo godimo ga moo, go sega serwe sa bosadi sa tsalo go tsewa e le sengwe se se tlhomamisang gore ngwana o tla nna e le lekgarebe le gore o tla nna a ikanyega. Fa mmè a sa tsweledise ngwao eno pele, seno se ka dira gore a galefelwe ke monna wa gagwe le ke batho ba lefelo la gagabo.

Le fa go ntse jalo, bommè ba le bantsi, ba lemogile gore ga go na lebaka le le utlwalang—la bodumedi, kalafi kgotsa la boitekanelo—la gore ba latele mokgwa ono o o gobatsang. Buka nngwe ya kwa Nigeria ya Repudiating Repugnant Customs e bolela gore bommè ba le bantsi ba ile ba nna pelokgale mme ba gana gore go diragadiwe ngwao eno mo baneng ba bone ba basetsana.

Ee ruri, bommè mo lefatsheng lotlhe ba sireletsa bana ba bone le go ba ruta ka katlego le mororo ba lebana le mathata a le mantsi. A ruri maiteko a bone a a anaanelwa?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

“Gangwe le gape dipatlisiso di ile tsa bontsha gore ga go na sepe se se dirwang go tlhabolola le go tokafatsa maemo a setšhaba se basadi ba sa nneng le seabe se segolo mo go sone. Fa basadi ba nna le seabe ka botlalo, matswela a bonala ka bonako: malapa a nna le botsogo jo bo botoka e bile a tlamelwa sentle; a nna le lotseno lo lo kwa godimo lwa madi, a kgona go boloka madi le go a tsadisa. E bile seno se direga le mo setšhabeng ka kakaretso, mme kgabagare mo dinageng tsotlhe.”—Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, Kofi Annan, March 8, 2003.

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN/DPI setshwantsho se tserwe ke Milton Grant

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 16]

O ne A Ithontsha Dilo Dingwe ka Ntlha ya Rona

Lekawana lengwe la kwa Brazil e bong Juliano, a re: “Fa ke ne ke na le dingwaga tse tlhano, mmè o ne a na le tiro e go neng go bonala gore e tla atlega. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa kgaitsadiake a belegwa, mmè o ne a swetsa ka gore a tlogele tiro gore a re tlhokomele. Bagakolodi kwa tirong ba ne ba leka go mo fetola mogopolo gore a se ka a tlogela tiro. Ba ne ba mo raya ba re, e tla re fa bana ba gagwe ba sena go tsena mo lenyalong mme ba tswa mo legaeng, sengwe le sengwe se a ba diretseng sone e ne e tlile go nna lefela—ba re o tsaya matsapa ka tiro e e ka se kang ya mmusetsa sepe. Mme gone, ba ne ba fositse; le ka motlha nka se lebale tsela e a re bontshitseng lorato ka yone.”

[Ditshwantsho]

Mmaagwe Juliano le bana ba gagwe; ka fa molemeng: Juliano fa a ne a na le dingwaga tse tlhano

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Bishnu o ne a ithuta go bala le go kwala, go tswa foo a bo a thusa bana ba gagwe ba basimane gore ba bone thuto e e molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ngwana wa ga Antonia wa mosimanyana o neela dipuo tsa mmalo wa Baebele kwa dipokanong tsa Bokeresete

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Petrona ke moithaopi kwa lekaleng la Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. Mmaagwe, yo kgabagare a neng a nna Mosupi, o ruta bomonnawe Petrona

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Waris Dirie ke mosadi yo o itsegeng thata yo o buelelang gore ngwao ya go segwa ga dirwe tsa basadi tsa tsalo e kgaodiwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setshwantsho se tserwe ke Sean Gallup/Getty Images