Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela e Dingaka di Gateletsweng mo Maikutlong ka Yone

Tsela e Dingaka di Gateletsweng mo Maikutlong ka Yone

 Tsela e Dingaka di Gateletsweng mo Maikutlong ka Yone

“Banyalani bangwe ba basha ba ne ba tla kwa go nna ba na le tsholofelo e kgolo ya gore nka thusa ngwana wa bone yo o neng a sa tswa go tsholwa. Ke ne ka aparelwa ke bohutsana fa ke ntse ke mo tlhatlhoba. Bolwetse jwa gagwe bo ne bo sa alafege. A o ka kgona go akanya fela gore ke ne ke ikutlwa jang fa ke bolelela batsadi bano ba basha gore ngwana wa bone ga a kitla a tlhola a kgona go bona? Fa ba sena go tswa mo kantorong ya me, ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Mme nakwana fela morago ga moo, go ne ga tsena molwetse yo mongwe, a letetse gore ke mo amogele ka monyenyo! Seno ke sone se se dirang gore ke ikutlwe ke gateletswe mo maikutlong.”—Ngaka ya matlho kwa Amerika Borwa.

GANTSI balwetse ga ba ye kwa ngakeng gore ba ye go utlwa ka mathata a yone. Se molwetse a akantseng thata ka sone ke thuso e ene a e tlhokang. Ka gone, batho ba le bantsi ga ba lemoge tsela e dingaka di gateletsweng mo maikutlong ka yone.

Gone ke boammaaruri gore mongwe le mongwe o tshwanetse go emelana le maemo a a dirang gore a gatelelwe mo maikutlong, mme tiro ya bongaka ga se yone fela e e dirang gore batho ba ikutlwe ba gateletswe mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore go bonala mongwe le mongwe a tlile go dirisana le dingaka ka tsela nngwe, go a thusa go tlhaloganya kafa dingaka di gateletsweng mo maikutlong ka teng le kafa seno se ka di amang ka teng.

Dingaka di simolola go ikutlwa di gateletswe mo maikutlong ka nako ya fa di sa ntse di kgaratlhela go bona phatlha kwa dikolong tsa go ithutela bongaka. Mme fa di simolola ka dithuto tsa tsone tsa bongaka, gantsi seno e nna sengwe se se tshosang, se se sa lebalegeng. Ke tshimologo ya sengwe se se ka fetolang maikutlo a moithuti le botho jwa gagwe tota.

Go Rutelwa Bongaka—Tiragalo e e Tshosang

Mo bekeng ya ntlha fela ya dithuto tsa bongaka baithuti ba ka isiwa kwa phaposing e go buelwang ditopo kwa go yone, mme seno se ka ba tshosa thata. Baithuti ba le bantsi ba ka tswa ba ise ba ko ba tsamaye ba bone setopo. Go ka ferosa sebete tota go bona mebele e e sa ikategang, e e kokoropaneng e le mo dikgatong tse di farologaneng tsa go buiwa ga yone, gore go bonwe kafa teng ga yone. Baithuti ba tshwanetse go ithuta ditsela tsa go laola maikutlo a bone. Gantsi ba feleletsa ba dira metlae ka dilo tseno, ba naya setopo sengwe le sengwe leina le le tshegisang. Motho yo mongwe a ka bona seno e le bopeloethata le go tlhoka tlotlo, mme baithuti ba tshwanetse go dira seno gore ba se ka ba akanya ka motho yo e neng e le mong wa mmele oo.

Go tswa foo ba tshwanetse go thapisiwa kwa bookelong, ba thapisediwa go tlhatlhoba balwetse ka tlhamalalo. Batho ba le bantsi ga ba nke ba akanya kafa botshelo bo leng bokhutshwane ka teng go fitlha gongwe ba le mo dingwageng tse di magareng ga 40 le 60. Le fa go ntse jalo, baithuti ba tsa kalafi ba lebana le malwetse a a sa alafegeng le loso ba sa ntse ba le basha mo tirong. Mongwe o ne a tlhalosa se a ileng a se bona la ntlha fa a ne a le kwa bookelong a re “se ne se mo ferosa sebete thata.” Gape baithuti kwa dinageng tse di humileng le tse di humanegileng ba ka tshoga thata fa kwa tshimologong ba lemoga kafa go diregang gantsi ka gone  gore balwetse ba ganelwe kalafi e ba e tlhokang, ka gonne go se na madi a a lekaneng.

Batho ba ba sa tswang go nna dingaka ba lebana jang le seemo se se dirang gore ba ikutlwe ba gateletswe mo maikutlong? Gantsi badiri ba tsa kalafi ba dira gore ba se ka ba amega thata ka balwetse ka go se akanye ka bone e le batho. Go na le gore ba re mongwe o tlhoka thuso, ba ka nna ba re, “Ngaka, go na le leoto le le robegileng mo phaposing ya bobedi.” Tsela eno e ba buang ka yone e ka utlwala e tshegisa fa o sa tlhaloganye lebaka la go bo ba bitsa batho jalo.

Letsapa le le Bakwang ke go Nna Kutlwelobotlhoko

Dingaka di thapisiwa jaaka baitsesaense, mme karolo e kgolo ya tiro ya tsone e akaretsa go bua le balwetse. Dingaka dingwe di ikutlwa di sa ipaakanyetsa maikutlo a a nnang teng ka ntlha ya tirisano ya ngaka le molwetse. Jaaka go boletswe kwa tshimologong, sengwe sa dilo tse di thata tota tse dingaka di tshwanetseng go se dira ke go bolelela batho dikgang tse di sa itumediseng. Bangwe ba tshwanetse go dira seno letsatsi le letsatsi. Gantsi batho ba ba aparetsweng ke mathata ba batla go tlhalosa kutlobotlhoko ya bone, mme go lebeletswe gore dingaka di reetse. Go dirisana le batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong, ba ba tshogileng, go ka lapisa thata jaana mo dingaka dingwe di nnang le mofuta mongwe wa letsapa le le tseneletseng le jaanong le bidiwang letsapa le le bakwang ke go nna kutlwelobotlhoko.

Ngaka nngwe kwa Canada e ne ya kwala jaana fa e gakologelwa dingwaga tsa fa e ne e simolola tiro: “Tiro e ne e mphekeetsa: batho ba ba tlhokang thuso ba ne ba tlhoka nako ya me; ba ba gateletsweng mo maikutlong ba ne ba batla go ikimolola mathata a bone; ba ba lwalang ba ne ba batla gore ke ba alafe; ba ba ikakanyetsang ba le bosi ba ne ba batla dilo ka dikgoka; batho ba ne ba tla go mpona; bangwe ba batla gore nna ke ye go ba bona; batho ba ne ba nteletsa mogala ke le kwa gae—tota le fa ke robetse. Ke ne ke potapotilwe ke batho kafa le kafa. Ke ne ke batla go ba thusa, mme seno e ne e setse e le botsenwa.”—A Doctor’s Dilemma, e e kwadilweng ke John W. Holland.

A boikutlo jwa go gatelelwa mo maikutlong bo a okobala fa dingwaga di ntse di feta? Gantsi fa motho a na le lobaka lo lotelele mo tirong, seno se dira gore a newe maikarabelo a a oketsegileng. Gantsi ditshwetso tse di amang botshelo le loso di tshwanetse go dirwa ka bonako, gongwe go se na tshedimosetso e e lekaneng. Ngaka nngwe ya kwa Boritane e tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha mo tirong, seno se ne se sa ntshwenye, fela jaaka basha ba sa tshwenngwe ke go kgweetsa botlhaswa. Mme fa motho a ntse a gola, o simolola go tsaya botshelo bo le botlhokwa thata. Jaanong, ke tshwenyega thata go feta le fa e le leng pele fa ke tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa kalafi.”

Go gatelelwa mo maikutlong go ama dingaka jang? Mokgwa wa gore ngaka e se ka ya tsenya maikutlo fa e dirisana le balwetse o ka fetela le mo lelapeng. Go ka nna thata go tila mokgwa oo. Dingaka dingwe di kutlwelobotlhoko tota fa di thusa balwetse mo dilong tse di amang maikutlo. Le fa go ntse jalo, di ka dira seno go ya bokgakaleng bofe di sa tsenwe ke letsapa le le bakwang ke go nna kutlwelobotlhoko? Jono ke bothata jo dingaka di lebaneng le jone.

 Go Dirisana le Balwetse ba ba Sokodisang

Fa dingaka di bodiwa ka dilo tse di dirang gore di ikutlwe di gateletswe mo maikutlong fa di dirisana le balwetse, gantsi selo sa ntlha se di se umakang ke balwetse ba ba sokodisang. Gongwe o itse mengwe ya mefuta e e latelang ya balwetse.

Sa ntlha, go na le balwetse ba ba senyetsang dingaka nako ka go bua dilo tse dintsintsi pele ba tlhalosa bothata jwa bone. Go tswa foo, go na le balwetse ba ba tatalalelang se ba se batlang, ba ba leletsang ngaka mogala bosigo kgotsa ka mafelobeke mme ba sa tlhoke thuso ya potlako kgotsa ba tatalalela kalafi e ngaka e sa batleng go ba e naya. Gape go na le balwetse ba ba belaelang dilo. Batho bangwe ba dira dipatlisiso tse di mosola ka malwetse a bone, gongwe ka Internet, mme seno se ka thusa thata. Le fa go ntse jalo, go dira dipatlisiso tseno go ka dira gore ba se ka ba tlhola ba ikanya ngaka ya bone. Ngaka e ka nna ya se ka ya nna le nako ya go tlhalosa melemo le mathata a sengwe le sengwe se motho a se boneng fa a ne a dira dipatlisiso. Ngaka e kgobega marapo tota fa molwetse a sa latele ditaelo tsa yone ka ntlha ya go bo a sa e ikanye. La bofelo, go na le balwetse ba ba felang pelo. Ba tlogela go dirisa kalafi pele e ba thusa, kgotsa gongwe ba ya go batla kgakololo go sele.

Le fa go ntse jalo, kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe, sengwe se segolo se se dirang gore dingaka di gatelelwe mo maikutlong ga se balwetse mme ke babueledi ba molao.

 Go Bereka ka Tsela ya Gore O se Ka wa Sekisiwa

Mo dinageng di le dintsi go begwa palo e e ntseng e oketsega ya dingaka tse di sekisediwang gore ga di dire tiro ya tsone sentle. Babueledi bangwe ba ikhumisa ka go bula dikgetsi ka dilo tse di sa reng sepe. Poresidente wa American Medical Association o tlhalosa jaana: “Ba dira gore madi a a duelelwang inshorense ya go thusa ngaka fa e le molato a ye kwa godimo thata. Dikgetsi tseno tsa kgotlatshekelo di felela ka mathata a mangwe gape. Fa ngaka e sekisediwa molato o e sa o dirang, seno se ka mo gobatsa thata—se ka mo tlhabisa ditlhong, sa mo senyetsa nako, . . . sa dira gore a tshwenyege thata le go ikutlwa a gateletswe mo maikutlong.” Dingaka dingwe di ile tsa bo tsa batla le go ipolaya.

Ka gone, dingaka di le dintsi di ikutlwa di patelesega go “bereka ka tsela ya gore di se ka tsa sekisiwa,” di dira ditshwetso tse e leng gore di tla kgona go di emela kwa kgotlatshekelong go na le go akanyetsa se se tla solegelang molwetse molemo. Buka ya Physician’s News Digest e ne ya re: “Jaanong go setse go tlwaelegile gore batho ba dire tiro ya bongaka ka tsela ya gore ba se ka ba sekisiwa.”

Dingaka di le dintsi di ipotsa gore go tlile go diregang ka tsone jaaka mathata a tsone a ntse a etegela. Balwetse ba le bantsi le bone ba ipotsa potso e e tshwanang, fa ba ntse ba bona batho ba le bantsi ba tshwarwa ke malwetse mangwe le fa go dirilwe kgatelopele mo go tsa kalafi. Setlhogo se se latelang se tlhalosa tsela ya mmatota e re tshwanetseng go leba isagwe ya dingaka le balwetse ka yone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

GO DIRISANA SENTLE LE NGAKA YA GAGO

1. Fa o na le ngaka ya gago, dirisa nako eo ka botlhale ka gore o rulaganye gore o tlile go tlhalosa bothata jwa gago ka botlalo jang mme gone o le mafoko makhutshwane, o mo tlhalosetsa pele selo se o amegileng thata ka sone

2. O se ka wa leletsa ngaka ya gago mogala ka nako e e seng ya tiro o mmatlela maemo a e seng a tshoganyetso

3. Nna pelotelele. Go tsaya nako gore go lemogiwe sentle gore motho o tshwerwe ke bolwetse bofe le gore a fiwe kalafi e e tshwanetseng

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

‘TOTA LE GO ALAFA MALWETSE A A TLWAELEGILENG GO KA KGOTSOFATSA’

“Go na le pharologanyo e kgolo magareng ga tsela e tiro ya kalafi e dirwang ka yone mo toropong eno e e kwa thoko le kwa dikarolong tse di tlhabologileng. Mono, fa motho a ithutela tiro nngwe, go tsewa gore o batla tsela ya go tswa mo lehumeng, ka jalo go tlwaelegile gore batho ba ithutele bongaka. Le fa go ntse jalo, go na le dingaka di le dintsi mme ditiro di mmalwa. Seno se dira gore dingaka di duelwe madi a a kwa tlase thata. Ke batho ba sekae fela ba ba ka kgonang go duela ngaka fa ba tlile go e bona. Ke bereka mo bookelong jwa bogologolo jo borulelo jwa jone bo nelang e bile bo na le didirisiwa tse e seng tsa maemo a a kwa godimo. Batho ba ba berekang fano ke dingaka tse pedi le baoki ba batlhano. Re thusa batho ba le 14 000.

“Ka dinako tse dingwe balwetse ba akanya gore ga ke ba tlhatlhobe ka botlalo, mme fa o letetswe ke balwetse ba le 25, o ka se tseye lobaka o tlhatlhoba molwetse a le mongwe. Le fa go ntse jalo, go alafa balwetse go a nkgotsofatsa, tota le go alafa malwetse a a tlwaelegileng. Ka sekai, bommè ba tlisa bana ba bone ba ba sa fepegang sentle, ba ba feletsweng ke metsi mo mmeleng ka gonne ba tshwerwe ke letshololo. Matlho a bone a letobo mme difatlhego tsa bone di tlhontse. Se ke tshwanetseng go se dira fela ke go bolelela mmè gore a dirise jang matswai a a busetsang metsi mo mmeleng le melemo e e bolayang dipharasaete le dibaketeria. Fa melemo eno e setse e dira, ngwana o simolola go ja gape. Beke morago ga moo, o tla bo a le botoka thata—matlho a benya, a nyenya e bile a le matlhagatlhaga. Tebelelo ya gore ke ne ke tlile go itumelela dilo tseno ke yone e neng ya dira gore ke batle go nna ngaka.

“E sa le ke akanya ka kgang ya go alafa batho ba ba lwalang ke sa ntse ke le ngwana. Le fa go ntse jalo, tiro ya bongaka e ile ya dira gore ke fetoge ka tsela e ke neng ke sa e lebelela. Ke ne ka bona batho ba swa ka ntlha ya go tlhaelelwa ke madinyana fela a a tlhokegang gore ba newe kalafi e e ka namolang matshelo a bone. Ke ne ka tshwanelwa ke go itira peloethata gore ke se ke ka amiwa ke kutlobotlhoko eo. Ke ne ka simolola go lemoga kutlwelobotlhoko ya Modimo le go utlwela ba bangwe botlhoko gape fela fa ke sena go bontshiwa mo Baebeleng lebaka la go bo batho ba boga. Go tswa foo, ke ne ka kgona go lela gape.”

[Ditshwantsho]

Dr. Marco Villegas, o bereka kwa toropong nngwe e e kwa thoko ya Amazonia kwa Bolivia