Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone

Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone

 Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone

GO NGOMOGA pelo ke eng? Go ya ka mankge mongwe, go ngomoga pelo go ka tlhalosiwa e le “sepe fela se se diregang mo mmeleng, mo tlhaloganyong kgotsa mo maikutlong se se dirang gore motho a ikutlwe a gatelesegile mo mmeleng kgotsa mo maikutlong.” A seno se bolela gore go ngomoga pelo ka bogone fela go kotsi? Nnyaa. Jaaka fa Dr. Melissa C. Stöppler a bolela, “ka dinako tse dingwe go ngomoga pelo ka selekanyo se se tshwanetseng go ka go solegela molemo. Go ikutlwa o ngomogile pelo ka selekanyo se se tshwanetseng fa o dira tiro nngwe e o e abetsweng gantsi go go tlhotlheletsa gore o dire tiro eo sentle le gore o e dire ka matlhagatlhaga.”

Ka gone, go ngomoga pelo go ka baka mathata leng? Stöppler a re: “Go ngomoga pelo go nna le ditlamorago tse di sa siamang fa go go fekeetsa, kgotsa o sa go laole sentle.” Akanya ka dilo dingwe tse gantsi di dirang gore motho a ngomoge pelo.

Go Ngomoga Pelo ka Ntlha ya Tiro

Kgosi Solomone o ne a re: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” (Moreri 2:24) Le fa go ntse jalo, mo badiring ba le bantsi, lefelo le ba dirang mo go lone le ba ngomola pelo thata.

Pego nngwe ya Lephata la Yuropa la Pabalesego le Boitekanelo Kwa Tirong e ne ya bolela gore dilo dingwe tse gantsi di ngomolang badiri pelo mo ditirong tsa bone ke fa batsamaisi le badiri ba sa buisane sentle, fa batsamaisi ba dira ditshwetso tse di amang badiri kwantle ga go utlwa maikutlo a bone pele, dikgotlhang fa gare ga badirimmogo, go se tlhomamisege ka go sireletsega ga tiro ya gago kgotsa go se duelwe madi a a lekaneng. Le fa gone lebaka e ka tswa e le lefe, go itshokela mathata a kwa tirong go ka dira gore batsadi ba ba berekang ba se ka ba kgona go naya ba malapa a bone dilo tse ba di tlhokang. Mme dilo tseo tse malapa a di tlhokang di ka nna dintsi tota. Ka sekai, kwa United States, mo lobakeng lwa ngwaga fela batho ba le dimilione di le 50 ba ne ba tlhokomela mongwe yo o lwalang kgotsa yo o setseng  a tsofetse mo lelapeng. Mathata a tsa madi le one e ka nna selo se segolo se se ngomolang pelo mo lelapeng. Rita, yo o nang le bana ba babedi o ne a nna le bothata jwa madi fa monna wa gagwe e bong Leandro, a ne a tlhagelwa ke kotsi ya koloi e e neng ya mo golafatsa. Rita a re: “Go nna le bothata jwa madi go ngomola pelo. Fa o sena madi a go duelela dilo tsotlhe tse di tlhokegang mo gae seno se go ama maikutlo.”

Mathata a go Nna Motsadi Yo o Se Nang Molekane

Batsadi ba ba se nang balekane le bone ba ngomoga pelo thata fa ba ntse ba leka go tlamela malapa a bone ka dilo tse a di tlhokang. Go tsoga mo mosong go baakanyetsa botlhe dijo, go apesa bana le go ba isa sekolong, go itlhaganelela kwa tirong le go lebana le dilo tse motho a tshwanetseng go di dira kwa tirong go ka dira gore motsadi yo o se nang molekane a ikutlwe a lapile thata mo mmeleng le mo maikutlong. Mme fa mmè a weditse tiro ya gagwe ya letsatsi, o simolola gape tiro ele e e ngomolang pelo ya go itlhaganelela go ya go tsaya bana ba gagwe kwa sekolong, go baakanyetsa dijo tsa maitseboa a bo a dira ditiro tsa mo gae. María, yo e leng mmè yo o se nang molekane mme a na le bana ba le banè ba basetsana ba dingwaga tsa bolesome, o tlhalosa go gatelelwa ga gagwe mo maikutlong ka go bolela jaana: “Ke ikutlwa ke gatelesegile thata mo e leng gore e kete ke tla tloga ke phatloga.”

Bana ba ba Ngomogileng Pelo

Ronald L. Pitzer, yo e leng moithutaloago a re: “Basha ba le bantsi ba ngomoga pelo thata.” Ba tshwanetse ba lepalepana le diphetogo tse di diregang mo mmeleng le mo maikutlong a bone fa ba tsena mo nakong ya bokau kgotsa ya bokgarebe. Gape go na le dikgatelelo kwa  sekolong. Go ya ka buka ya Childstress!, letsatsi le le tlwaelegileng fela la kwa sekolong “le tletse ka mathata le dikgatelelo tse di ngomolang pelo—mo dithutong tsa bone, mo metshamekong, mo botsalanong jwa bone le dithaka tsa bone le mo tseleng e ba dirisanang le barutabana ka yone.”

Mo dikarolong dingwe selo se se dirang gore basha ba tlhobaele le go feta ke bothubaki jo bo dirwang kwa sekolong—re sa bue sepe ka poifo e gone jaanong basha ba le bantsi ba nang le yone ya go tlhasela ga dirukhutlhi le masetlapelo a mangwe. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a kwala jaana: “Fa batsadi ba bua kgapetsakgapetsa ka tsela e lefatshe le boifisang ka yone gone jaanong, seno se tlile go dira gore re boife.”

Batsadi ba tshwanetse go nonotsha bana ba bone. Mme Pitzer a re: “Ka maswabi, gantsi fa bana ba leka go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng batsadi ga ba ba tseye tsia, ga ba ba reetse, ba ntsha mabaka a go bo ba sa tseye kgang ya bone masisi kgotsa ba a ba itlhokomolosa.” Mo maemong mangwe, batsadi ga ba kgone go naya bana se ba se tlhokang ka ntlha ya mathata a lenyalo la bone. Tito yo o sa leng mmotlana, yo kgabagare batsadi ba gagwe ba neng ba tlhalana, o bolela jaana: “Go bonala batsadi ba me ba ne ba tlhola ba lole.” Jaaka fa buka ya Childstress! e bontsha, “go lwa le go omana ga se tsone fela dilo tse di dirang gore batho ba ngomoge pelo. Go boloka sekgopi go go itshupang le fa gone motho a leka gore go se ka ga bonala ka go dirisa mafoko a supang lorato go dira gore bana ba tshwenyege.”

Ditlamorago Tsa go Ngomoga Pelo

Le fa o ka tswa o le mosha kgotsa o le mogolo, kgotsa o ngomolwa pelo ke tiro kgotsa ke sekolo, fa o ngomoga pelo ka lobaka lo loleele, seno se ka ama thata boitekanelo jwa gago ka tsela e e sa siamang. Mokwadi mongwe wa tsa kalafi o tlhalosa jaana: “Tsela e mmele o tsibogelang go ngomoga pelo ka yone e batla e tshwana le sefofane se se ipaakanyetsang go tlhatloga.” Ee, fa o ikutlwa o ngomogile pelo, pelo ya gago e iteela ka bonako le kgatelelo ya madi e a oketsega. Selekanyo sa sukiri e e mo mading a gago se a gola. Mmele o ntshetsa dihoromone mo mading. Ene mokwadi yono o tswelela jaana: “Fa go ngomoga pelo go tsaya lobaka lo loleele, dikarolo tsotlhe tsa mmele tse di berekanang le go ngomoga pelo (boboko, pelo, makgwafo, ditshika le mesifa) di ka bereka go feta selekanyo kgotsa ga di ne di bereka sentle. Fa nako e ntse e tsamaya, seno se ka senya mmele kgotsa tlhaloganyo.” Go na le malwetse a le mantsi thata a a ka bakwang ke go ngomoga pelo: mangwe a one ke bolwetse jwa pelo, seterouku, mathata a a amanang le thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse, kankere, mathata a mesifa le marapo le bolwetse jwa sukiri.

Sengwe sa dilo tse di tshwenyang thata ke tsela e e sa siamang e bontsi jwa batho—segolobogolo basha—ba lekang go laola go ngomoga pelo ka yone. Dr. Bettie B. Youngs o bolela jaana a hutsafetse: “Go utlwisa botlhoko thata go bona gore ka go bo ba batla go tswa mo mathateng, basha ba dingwaga tsa bolesome ba dirisa dilo tse di jaaka go nwa bojalwa go feta selekanyo le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang, go tshaba sekolo, boganana, go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, go rata ntwa le thubakanyo le go ngwega mo gae—e leng ditsela tse di dirang gore ba nne le mathata a le mantsi go gaisa a ba neng ba leka go tswa mo go one.”

Go ngomoga pelo ke bothata jo bo leng gone mo botshelong gompieno; bo ka se tilwe gotlhelele. Mme jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha, go na le mo gontsi mo re ka go dirang go laola go ngomoga pelo!

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ke ikutlwa ke gatelesegile thata mo e leng gore e kete ke tla tloga ke phatloga”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Botshelo jwa batsadi ba ba se nang balekane gantsi bo tletse mathata

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Sekolo se ka tlisetsa basha mathata a le mantsi