Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Ke Dr. Livingstone?”

“A Ke Dr. Livingstone?”

 “A Ke Dr. Livingstone?”

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Tanzania

“Henry M. Stanley, o ne a kopana le David Livingstone, ka 10 November 1871, kafa tlase ga setlhare sa menku se se kileng sa bo se eme fano.”—Segopodiso se se gabilweng mo Sefikantsweng sa ga Livingstone kwa Ujiji kwa Letsheng la Tanganyika, kwa Tanzania.

GO SETSE go fetile lekgolo la dingwaga fa e sa le Stanley a ne a bua mafoko a a itsegeng thata ano: “A ke Dr. Livingstone?” Ka kwa ntle ga Tanzania, ke batho ba se kae fela ba ba tla tlhaloganyang botlhokwa jwa tiragalo eno.

Ka jalo, go etela Musiamo wa Segopodiso sa ga Livingstone kwa Tanzania, go ka go naya tshedimosetso e ntsi ka ga seno. Motho yo o neng a re supetsa lefelo, e bong Rre Mbingo, o re amogela ka lorato. O tlhalosa jaana: “Mo lefelong le sefikantswe seno se tlhomilweng mo go lone, go kile ga bo go eme setlhare se segolo sa menku, se Stanley a ileng a kopana le Livingstone kafa tlase ga sone.” Gone jaanong go eme ditlhare tse pedi tse dikgolo thata tsa menku gone moo. O tswelela jaana: “Mo dingwageng tsa bo1920, go ne ga bonala sentle gore setlhare sa ntlhantlha sa menku go jalwa fano se a swa. Maiteko a go boloka setlhare seno a ile a pala. Ka jalo go ne ga lengwa ditlhare tse pedi tse disha gaufi le sefikantswe seno.”

Livingstone E ne E le Mang?

Fa re ntse re dutse mo moriting wa sengwe sa ditlhare tseno tsa menku, Rre Mbingo o ne a re tlhalosetsa gore David Livingstone o ne a tsholwa ka 1813 mo motsaneng mongwe o o bidiwang Blantyre kwa Scotland. “Le mororo a ne a goletse mo lehumeng, o ne a kgona go bereka gore a itsenye sekolo mme o ne a nna ngaka le morongwa.” Re ne ra utlwa gore Mokgatlho wa Barongwa wa kwa Lontone o ile wa romela Livingstone kwa Afrika, kwa a ileng a nna dingwaga di le 30 tsa botshelo jwa gagwe gone mme a itsege e le mmatlisisi le morongwa.

Rre Mbingo o ne a re: “Dr. Livingstone o ne a tla Afrika ka makgetlo a le mararo. La ntlha o ne a tla Afrika Borwa ka 1841. Ka 1845, Livingstone o ne a nyala mosadi mongwe yo o bidiwang Mary Moffat, morwadia morongwa ka ene e bong Robert Moffat.” Livingstone le Mary ba ne ba na le bana ba le banè. Le fa Mary a ne a tsamaya le ene mo maetong a gagwe a mantsi, tsela e Livingstone a ne a rata tiro ya gagwe ya go batlisisa ka yone e ile ya dira gore a se ka a kgona go ipha nako le lelapa la gagwe. Mary Livingstone o ne a tlhokafala ka 1862 ka ntlha ya bolwetse jwa malaria fa a ne a ntse a tsamaya le ene mo go nngwe ya maeto a gagwe a go batlisisa.

The New Encyclopædia Britannica ya re: “Livingstone o ne a ikemiseditse go tsweledisetsa pele Bokeresete, kgwebo le tlhabologo—dilo tse tharo tse a neng a dumela gore di tla dira gore Afrika e nne le kamano le dinaga di sele—dinaga tse di ka kwa bokone jwa melelwane ya Afrika Borwa le go ela kwa karolong e e fa gare ga kontinente. Mo polelong nngwe e e tumileng thata e a neng a e neela ka 1853 o ne a tlhalosa maikaelelo a gagwe sentle jaana: ‘Ke tla bula tsela e e tsenelelang kwa garegare, le fa nka swa.’” Ka gone, maeto a ga Livingstone e ne e se a boefangele fela. O ne a gagamalela thata gore kgwebo ya makgoba e fedisiwe. Mme gape, o ne a simolola go rata tiro ya go batlisisa mme a ipeela mokgele wa go ribolola metswedi ya noka ya Nile.

Le fa go ntse jalo, Livingstone o ne a lemoga gore  tiro eno e kgolo thata gore a ka e dira a le esi. Ka 1857 o ne a raya setlhopha sa makawana a kwa Cambridge University a re: “Ke a itse gore mo dingwageng di se kae ke tla bo ke sa tlhole ke le teng mo nageng eno, e gone jaanong e nang le kamano le dinaga di sele; lo se ka lwa letla gore dikamano tse naga eno e nang le tsone le dinaga tse dingwe di senyege! Ke ya kwa Afrika go ya go leka go dira dikamano le dinaga di sele mo go tsa kgwebo le mo Bokereseteng; [a] lo tla tswelela pele ka tiro e ke e simolotseng? Ke lo tlogelela tiro eno.”

Le fa go ntse jalo, Livingstone o ne a tsamaya thata go ralala Afrika bogare. Dingwe tsa dilo tse a ileng a di ribolola ke diphororo tse dikgolo tsa Noka ya Zambezi, tse a ileng a di bitsa Diphororo Tsa Victoria a di teelela ka Mohumagadi Victoria. Moragonyana o ne a bolela gore diphororo tseno ke ‘nngwe ya dilo tse dintle thata tse a ileng a di bona mo Afrika.’

Go Batliwa ga Gagwe

Mosupatsela wa rona o tlhalosa jaana: “Loeto lwa ga Livingstone lwa bofelo lo ile lwa simologa ka 1866. Le fa go ntse jalo, o ile a nna le mathata le bangwe ba badiredi ba gagwe. Bangwe ba balatedi ba gagwe ba ne ba mo tlogela mme ba boela kwa Zanzibar, mo ba neng ba tsamaisa magatwe a gore Livingstone o tlhokafetse. Mme Livingstone o ne a tswelela ka tiro ya gagwe. Kwa Ujiji, kafa molelwaneng o o kafa ntlheng ya botlhaba jwa Letsha la Tanganyika, o ne a tlhoma lefelo le a ka dirang tiro ya gagwe mo go lone.

“Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ka dingwaga di le tharo, go ne go se na ope kwa Yuropa yo o neng a utlwela ka Livingstone. Ba ne ba akanya gore o tlhokafetse. Ka jalo, mokwadi mongwe wa lokwalodikgang lwa New York Herald o ne a romela mmegadikgang mongwe yo o bidiwang Henry Morton Stanley go ya go batla Livingstone—a ka tswa a tshela kgotsa a sule. Boammaaruri ke gore, Livingstone o ne a sa timela le e seng. Mme go ne go na le dilo tse a neng a di tlhoka thata mme e bile o ne a lwala thata. Ka November 1871, mongwe wa batlhanka ba ga Livingstone o ne a tla kwa ntlong ya gagwe a goa a re: ‘Mzungu anakuja! Mzungu anakuja!’” Ao ke mafoko a Se-Swahili a a rayang “Go na le monna yo mosweu yo o tlang!”

Stanley o ne a setse a na le dikgwedi di ka nna robedi a batla Livingstone. Sa ntlha o ne a ya kwa Afrika a feta ka India, mme a fitlha mo setlhaketlhakeng sa Zanzibar ka January 6, 1871. Ka March 21, 1871, o ne a simolola loeto lwa gagwe lwa go ya kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba jwa Bagamoyo a rwele ditone di le thataro tsa dilwana a patilwe ke banna ba a ba hirileng ba le 200. Loeto lwa dikilometara di le 1 500 lo a neng a se na mmapa wa lone lo ne lo le kotsi! Dipula tse dikgolo di ne di rwalelela dinoka. Stanley le banna ba gagwe ba ne ba tsenwa ke bolwetse jwa malaria, malwetse a mangwe le letsapa le le tseneletseng. Dinoka tsotlhe di ne di tletse dikwena; Stanley o ne a leba fela a tshogile fa kwena e ne e goga tonki nngwe ya gagwe ya bofelo e bo e bolaya. Mo lekgetlhong le lengwe, Stanley ka boene o ne a falola ka  tshoba la mogodu gore a se ka a komediwa ke kwena! Le fa go ntse jalo, Stanley o ne a ikemiseditse tota go atlega. O ne a kgothadiwa ke go utlwa gore go na le monnamogolo mongwe yo mosweu yo o tsofetseng thata yo o nnang kwa Ujiji.

Fa Stanley a ntse a atamela Ujiji, o ne a ipaakanyetsa se a ileng go kopana le sone. Buka ya Stanley, e e kwadilweng ke Richard Hall, ya re: “Stanley o ne a otile e bile a lapile, mme o ne a batla go bonala a le pelokgale gore a se ka a tshwana le [babatlisisi ba nako e e fetileng] ba ba neng ba fitlha mo motseng oo. Gone mme, e ne e tla nna tiragalo e e botlhokwa thata mo hisitoring—mme o ne a se kitla a nna karolo ya yone fela mme gape o ne a tla kwala ka yone. Botlhe ba ba neng ba le mo letsholong leno ba ne ba apere diaparo tsa bone tsa botlhokwa thata tse di neng di setse. Stanley o ne a tsenya lebanta le lesha mo tlhorong ya gagwe, a apara diaparo tsa letsela le lesweu le le phepa mme a phatsimisa dibotsu tsa gagwe.”

Stanley o tlhalosa gore go ne ga diragalang go tswa foo: “Kgabagare mosepele wa rona o a fela . . . Go na le setlhopha sa Baarabia ba ba tlotlegang; mme fa ke ntse ke atamela, ke bona sefatlhego sa monnamogolo yo mosweu mo gare ga bone. Re tsholetsa dihutshe tsa rona mme ka re, ‘A ke Dr. Livingstone?’ mme o araba ka go re, ‘Ee.’”

Morago ga Foo

Stanley o ne a ikaeletse gore o tla nna fano go fitlha a fetsa go botsolotsa monnamogolo le go kwala kgang ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Livingstone le Stanley ba ne ba nna ditsala. Mosupatsela wa rona o tlhalosa jaana: “Stanley o ne a nna le Livingstone ka dibeke di le mmalwa, mme ba sekaseka Letsha la Tanganyika mmogo. Stanley o ne a leka go fetola mogopolo wa ga Livingstone gore a boele kwa Yuropa, mme Livingstone o ne a ikemiseditse go nna koo le go bona metswedi ya noka ya Nile. Ka March 14, 1872, Stanley le Livingstone ba ne ba kgaogana ka dipelo tse di botlhoko. Stanley o ne a boela kwa lotshitshing lwa lewatle mo a neng a reka dilwana mme a di romelela Livingstone. Morago ga foo, Stanley o ne a boela Yuropa.”

Go ne ga diragala eng ka Livingstone? Mosupatsela wa rona o tlhalosa jaana: “Ka August 1872, Livingstone o ne a tswelela pele ka go batla metswedi ya Nile. O ne a ya kwa borwa jwa Zambia. Le fa go ntse jalo, letsapa le bolwetse di ne di mo koafaditse. Ka May 1, 1873, o ne a fitlhelwa a tlhokafetse. Batlhanka ba gagwe . . . ba ne ba omisa setopo sa gagwe, mme ba katela pelo le mala a gagwe mo mmung wa Afrika. Morago ga foo, setopo sa ga Livingstone se ne sa rwalwa dikilometara di ka nna 2 000 go ya kwa Bagamoyo, koo se neng sa amogelwa ke barongwa gone. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore se romelwe ka sekepe kwa Zanzibar mme go tswa foo se bo se ya Boritane. Setopo sa gagwe se ne sa fitlha kwa Lontone ka April 15, 1874, mme sa fitlhwa kwa Westminster Abbey malatsi a le mararo morago ga foo. Go ile ga tsaya mo e batlang e nna ngwaga gore setopo sa ga Livingstone se goroge kwa kgabagare se neng sa fitlhelwa gone.”

Stanley o ne a boela kwa Afrika go ya go tswelela mo Livingstone a tlogetseng teng. Stanley o ne a tsaya maeto a go batlisisa mafelo a a dikologileng Letsha la Victoria le Letsha la Tanganyika le go ya kwa Nokeng e kgolo ya Congo.

O tla kgatlhiwa ke bopelokgale le boikemisetso jo banna ba ba jaaka Livingstone le Stanley ba neng ba na le jone. Britannica e bua jaana ka Livingstone: “Dilo tse a di ribolotseng—mo go tsa thutafatshe, botegeniki, kalafi le tsa loago—di dirile gore go nne le tshedimosetso e ntsi e e sa ntseng e batlisisiwa.” Mme le fa Livingstone le Stanley ba gopolwa gompieno e le babatlisisi e seng yo mongwe e le moreri mme yo mongwe e le mmegadikgang, tiro ya bone e ile ya thusa gore kitso ya Baebele e anamisiwe kgakala mo masomeng a dingwaga moragonyana.

Ka gone barongwa ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go thusa makgolokgolo a Baafrika gore ba amogele boammaaruri jwa Baebele. Tota e bile, kwa Ujiji, kwa Stanley a kopaneng la ntlha le Livingstone gone, tiro ya Basupi ya go bolelela ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele e itsege thata jaana mo e leng gore fa baagi ba ba bona ba eme mo pele ga matlo a bone, ga go gakgamatse go utlwa mongwe wa bone a botsa a re, “A ke Basupi ba ga Jehofa?”

[Mmapa mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Letsha la Victoria

Maeto a ga Livingstone

Cape Town

Port Elizabeth

Kuruman

Letsha la Ngami

Linyanti

Luanda

Diphororo Tsa Victoria

Quelimane

Moçambique

Mikindani

Zanzibar

Chitambo

Letsha la Tanganyika

Nyangwe

Ujiji, kwa banna ba babedi bale ba kopaneng gone

Fa Stanley a ne a batla Livingstone ka 1871

Zanzibar

Bagamoyo

Ujiji, kwa banna ba babedi bale ba kopaneng gone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

David Livingstone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Livingstone: Go tswa mo bukeng ya Missionary Travels and Researches in South Africa, 1858

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Henry M. Stanley

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Diphororo Tsa Victoria

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Mosupi wa ga Jehofa o bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele kwa Ujiji