Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loeto lo lo Itumedisang Lwa Kwa Khuting ya Ngorongoro

Loeto lo lo Itumedisang Lwa Kwa Khuting ya Ngorongoro

 Loeto lo lo Itumedisang Lwa Kwa Khuting ya Ngorongoro

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Tanzania

“FA BAENGELE ba ka bo ba ile ba tsaya ditshwantsho kwa Tshimong ya Edene, ditshwantsho tsa bone tsa ditshedi tsa naga di ka bo di sa farologana thata le tse motho a ka di tsayang mo Khuting ya Ngorongoro gompieno.” Reinhard Künkel o ne a kwala jalo mo bukeng ya gagwe e e buang ka bontle jo bo ngokang batho kwa Tanzania. Khuti ya Ngorongoro ke lefelo le lentle ruri, e na le ditshedi tse dintsintsi tsa naga. Tlaa le rona re itumelele loeto lono!

Pono e e Jesang Kgakge

Fa re sena go tsamaya diura di le nnè ka koloi mo ditseleng tse di lerole, kgabagare re goroga mo molelwaneng wa Khuti ya Ngorongoro. Re ne ra lebelela pono e ntlentle re le mo mathuding a hotele ya rona. Popego ya naga ya teng e ntle tota. Baithutatlholego ba ile ba re ke “nngwe ya dilo tse robedi tse dintle go gaisa mo lefatsheng” mme re kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba bolela jalo.

Leina Ngorongoro le tswa kae? Ga go na ope yo itseng sentle. Go ya ka Mokgatlho wa Tshireletso ya Tlhago wa Afrika Botlhaba, bangwe ba re Ngorongoro e ne e le leina la Mo-Masai mongwe yo o neng a dira ditleloko tsa dikgomo yo o neng a nna mo tikologong ya khuti eo. Bangwe ba bolela gore leina leo le tswa mo setlhopheng sengwe se se pelokgale sa batlhabani ba Ba-Datogo ba ba neng ba fenngwa ke Ba-Masai fa ba sena go lwa mo khuting eo dingwaga di le 150 tse di fetileng. Mme gone, fa re bona dipitse tsa naga di fula gaufi le lefelo le re pakileng koloi mo go lone re ne ra se ka ra tlhola re tshwenyega ka ga gore leina leo le tswa kae. Fa re tsena mo koloing ya rona, ra di atamela, mme go bonala e kete ga di re bone. Re fologelela kwa tlase mo khuting gore re bone diphologolo tse dingwe tsa naga.

 Khuti eno e bogodimo jwa dimetara di le 2 236 fa e bapisiwa le bogodimo jwa lewatle e leng se se dirang gore e nne khuti e kgolo go gaisa mo lefatsheng e e bakilweng ke go gosomana ga lekgwamolelo le molomo wa lone o iseng o ngathege. E boatlhamo jwa dikilometara di le 19,2 mme boalo jwa yone bo bogolo jwa disekweremetara di le 304. Re fologela ka bonya mo khuting ka lobota lwa yone lwa bogodimo jwa dimetara di le 610, re ntshitse ditlhogo tsa rona mo difensetereng tsa koloi gore re tseye ditshwantsho. Fa re sa ntse re le kwa godimo mo khuting eno go ne go na le pheswana e tsiditsana. Le fa go ntse jalo, fa re tsenelela mo teng go mogote thata.

Fa mokgweetsi wa rona a ntse a re tsamaisa ka bonya mo boalong jwa khuti eno, re feta mo letsheng le lennye la letswai le le kokoanetsweng ke dinonyane tsa di-flamingo. Fa re setse re le kgakajana le molomo wa khuti o ne wa bonala sentle mo loaping lo lo apogileng mme fa re utlwa medumo ya dipitse tsa naga e e tlhakaneng le medumo e mengwe e e sa tlwaelegang, re ne ra tseega maikutlo. Ee, lefelo leno ke paradaise tota!

Ditshedi Tsa Khuti Eno

Mo Khuting eno ya Ngorongoro re lebeletse go bona dinare, ditlou, dipitse tsa naga, dikgokong, ditshepe, ditshukudu tse dintsho le dikgabo, mme re di bona tsotlhe fela. Dibatana tse di jaaka mangau, bophiri, bophokoje le ditau le tsone di gone. Mo lekadibeng lengwe go na le dikubu tse di ntseng di itimola mogote. Go bonala di se na mathata le go bo re di tsaya ditshwantsho.

Fa re sa ntse re lebile, mokgweetsi wa rona o emisa koloi! O re bontsha tshukudu e ntsho e e fetang sekgala sa dimetara di se kae fela go tswa mo go rona. Go bonala tshukudu eno e ntsho e iketlile fela  mo khuting, mme ke tshiamelo tota go e bonela gaufi jaana e le mo legaeng la yone la tlholego. Diphologolo tseno tse di tshosang di tla tloga di nyelela; palo ya tsone mo khuting eno e fopholediwa go tse di ka kwa tlase ga 20. Magodu a diphologolo a ile a tshwarwa fano a bolaya ditshukudu ka go bo a batla dinaka tsa tsone, a bo a di rekisa ka tsela e e seng kafa molaong. Ba di rekisetsa go dira mekgothi ya dithipa le go dira melemo. Batlhokomedi ba diphologolo ba nna ba disitse khuti gore ba kobe magodu a diphologolo.

Motho yo o ratang dinonyane a ka lebelela go bona dinonyane tse dintle tse di jaaka bontšhe, bokgori, megolodi, bommamoleane, bokokolofute, botlhangwe, bokala, le dinonyane tse dintsi tse dinnye tsa flamingo. Go na le mefuta e e fetang lekgolo ya dinonyane tse di nnang mo khuting eno tse di seyong kwa Serengeti National Park e e fa gaufi. Go na le bophaphadikota ba ba maodi, apalis e e sehuba se serolwana le bokapantshi. O ka kgona go bona nonyane e e bidiwang rosy-breasted longclaw (nonyane e e sehuba se se bohibitswana ya menoto e meleele) e le mo tlhageng, mme tota le lehukubu le kile la bonwa teng.

Le mororo bontsi jwa diphologolo di re itlhokomolosa, re tshwanetse go nna mo koloing ya rona. Le fa go ntse jalo, Ba-Masai, ba ba nnang mo matlwaneng a a agilweng ka seretse mme a ruletswe ka bojang ba ba nnang ka kwa ntle ga khuti, bone ba kgona go itsamaela fela mo khuting le metlhape ya bone. Go bonala diphologolo tsa naga di setse di ba tlwaetse.

Bontle le kagiso e e renang mo Khuting eno ya Ngorongoro di gakgamatsa tota e bile di re jesa kgakge. Loeto lwa rona ke sengwe se se itumedisang tota.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tshukudu

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Badisa ba Ba-Masai mo molomong wa khuti

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mosadi wa Mo-Masai

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Matlotse

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Kokolofute

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Di-flamingo

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Kubu

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Khuti ya Ngorongoro

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dipitse tsa naga

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Nare

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ditlou

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kgabo