Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kwadilwe ga Twe ke Tla Mmona

Go Kwadilwe ga Twe ke Tla Mmona

 Go Kwadilwe ga Twe ke Tla Mmona

Jaaka go boletse Rosalía Phillips

“O tlile go atlega tota! O na le bokgoni jo bo ka dirang gore o atlege!” Mokaedi wa rona o ne a ntse a dutse fa pele ga piano ya gagwe, mme a nthaya jalo metsotso fela pele ga sesiro sa serala se bulega. Maloko a mangwe a manè a setlhopha a ne a nkamogela. Ke ne ke le moopedi yo mosha mo setlhopheng seno mme ke ne ke apere mosese wa me o montle o mohibidu o o kgabisitsweng. Ke ne ka tsenwa ke letshogo. Ke ne ke le mo go nngwe ya mafelo a bobogelo a a tumileng thata mo Mexico City, e le lekgetlho la ntlha ke opela mo seraleng, ke simolola tiro ya mo seraleng! E ne e le ka March 1976, mme go setse kgwedi fela gore ke tshware dingwaga di le 18.

RRE o ne a tlhokafetse dingwaga di le tharo pele ga foo, mme ke ne ke sa ntse ke akanya thata ka ene. Batho le bone ba ne ba mo gakologelwa sentle. O ne a ratiwa thata, e le rametlae yo mogolo mo nageng ya gaetsho, mme o ne a kile a tlhagelela mo difiliming tse di fetang 120 mo motlheng o mo go one go neng ga fitlhelelwa dilo tse dintsi mo go tsa dibaesekopo kwa Mexico. Leina la gagwe Germán Valdés “Tin-Tán” le ne le bontshiwa mo mafelong otlhe a dibaesekopo a Amerika Bogare le Amerika Borwa le kwa mafelong a kwa go one go buiwang Se-Spain kwa United States le kwa Yuropa. Tota le gompieno difilimi tsa gagwe di sa ntse di bontshiwa gangwe le gape mo thelebisheneng, le fa go setse go fetile dingwaga di le 30 a tlhokafetse.

Go tloga fela fa ke sa le mosetsanyana, ntlo ya gaetsho e ne e le lefelo le batho ba ba itsegeng ba neng ba kopanela mo go lone. Mmè le bomonnawe ba ne ba tlhama setlhopha se se opelang sa batho ba le bararo se se neng se bidiwa Las Hermanitas Julián (Bomorwadia Jullián). Kgaitsadia mmè yo mmotlana e bong Julio Julián o ne a itsege thata ka go opela lentswe la boraro mo mminong wa opera kwa Yuropa, mme mosadi wa gagwe wa Mo-Spain e bong Conchita Domínguez ene o ne a opela lentswe la ntlha. Le fa go ntse jalo, bomonnawe rre, e bong Manuel “Loco” (setlhakanatlhogo) Valdés le Ramón Valdés ba ba itsegeng thata ka Don Ramón, e ne e le borametlae ba ba tumileng ba thelebishene.

Nna le mogolole e bong Carlos re ne re tlwaetse mafelo a go gatisediwang dibaesekopo mo go one, mafelo a go bogelwang diterama le mafelo a go gatisediwang mmino mo go one, ka gonne rre o ne a tlhola a tsamaya le rona kwa tirong le mo maetong a gagwe a tiro; e le tsela e a neng a dira gore lelapa le nne le kitlane ka yone. A bo mafelo ano a go tliwang mo go one fela go tla go bereka a ne a farologane jang le legae la rona le go neng go na le kutlwano le lorato lwa mmatota mo go lone! Ke gakologelwa rre e le motho yo o lorato tota, yo o matlhagatlhaga e bile a rata botshelo. O ne a le pelotshweu thata, mo e leng gore ka dinako tse dingwe o ne a feteletsa dilo. O nthutile  gore boitumelo ga bo a ikaega ka se motho a nang le sone mme bo ikaegile ka gore o aba go le kana kang.

Phetogo e e Utlwisang Botlhoko

Go ya kwa bofelong jwa 1971, mmè o ne a lotlegela nna le kgaitsadiake dikgang tse di bosula tota tsa gore go lemogilwe gore rraarona o na le bolwetse jo bo sa alafegeng. Ke ne ka mmona a boga mo e ka nnang ngwaga le sephatlho, a tshela fela ka melemo e e bogale.

Ke sa ntse ke gakologelwa letsatsi le ke neng ka bona koloi ya balwetse e tla go mo tsaya mo gae e mo isa kokelong. Ke ne ke itse gore a ka se tlhole a boa. Ga ke kgone go tlhalosa botlhoko jo ke neng ka bo utlwa. Ke ne ka swetsa ka gore e re ka a boga, le nna ke tshwanetse go boga. Ke ne ka timela sekerete mo legofing la seatla sa me mme ke ne ka lela mo go botlhoko. Ka June 29 1973, rre o ne a tlhokafala. Ke ne ka simolola go ipotsa: ‘Ke eng fa motho yo o siameng jaana, yo o neng a tlisetsa batho ba bangwe boitumelo jo bogolo jaana, a tshwanetse go re tlogela? O kwa kae gone jaanong? A o kgona go nkutlwa fa ke bua le ene? A botshelo jwa me bo na le bokao e re ka a seo?’

Tiro E e Se Nang Boikaelelo

Fa ke sena go nna nakonyana gore ke gomotsege, ke ne ka simolola go ithutela tiro ya go kgabisa matlo mo teng. Ke ne ke na le go nna seganana, mme seo sa dira gore ke tlogele sekolo. Nna le mmè re ne ra swetsa ka gore re itlwaelanye thata le batho ba bangwe. Re ne re tle re ye kwa meletlong ya batho ba maemo a a kwa godimo. Gantsi, molaletsi o ne a konela ka gore, “Rosalía, a ko o re opelele nngwe ya dipina tsa gago.” Ba ne ba rata mmino wa me le tsela e ke neng ke tsenya maikutlo ka teng fa ke opela, ba re ke gotsitse bokgoni jwa batsadi ba me.

Kwa go nngwe ya diphathi tseo, motlhami le mokaedi wa setlhopha sa Arturo Castro le setlhopha sa gagwe sa His Castros 76 ba ne ba nkutlwa ke opela mme ba nkopa gore ke tsene mo setlhopheng sa bone. La ntlha ke ne ke sa rate seo. Le fa gone ke ne ke rata mmino e bile ke simolotse go tshameka katara le go tlhama mmino ke le dingwaga di le 14, ke ne ke sa batle go nna modiragatsi wa porofeshenale. Le fa go ntse jalo mmè o ne a nkgothaletsa gore ke tseye tiro eno, mme e bile lelapa la gaetsho le ne le tlhoka madi, ka jalo, kgabagare ke ne ka dumela. Seo se ne sa dira gore ke tlhage mo seraleng e le lekgetlho la ntlha jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong.

Fa ke simolola, tiro ya me e ne e tlhomame. Setlhopha sa rona se ne sa etela kwa Mexico, se dira dipontsho tse pedi maitseboa mangwe le mangwe. Re ne ra bereka kwa Guatemala, Venezuela, New York le Las Vegas. Ke ne ka nna mo setlhopheng seno dingwaga di le pedi. Morago ga moo ke ne ka newa tshono ya go diragatsa mo difiliming. Ke ne ka newa karolo ya go nna modiragatsi yo o thusang ka makgetlo a mabedi mme ka tshameka ke le modiragatsimogolo gangwe, e leng karolo e e neng ya dira gore ke amogele dimetlele di le pedi tse di botlhokwa.

Ka letsatsi lengwe ke ne ka founelwa ke khampani nngwe e kgolo ya thelebishene mo nageng ya gaetsho. Ba ne ba mpolelela gore ba ne ba tla rata gore ke saene konteraka e e kgethegileng le bone le gore ke nne leloko la mokgatlho wa bone wa badiragatsibagolo. Gape ba ne ba batla ke nna modiragatsimogolo mo go nngwe ya dikgangtswelelopele e e neng e tla teelelwa ka nna. Ke ne ke tla nna le maemo a a kwa godimo thata mo tirong ya go dira difilimi. Ke ne ke tla duelwa madi a mantsi le fa ke ne ke sa bereke ka metlha. E re ka ke ne ke akanya gore dilo tseo tsotlhe di ne di sa ntshwanela le go bo ke ne ke tshaba gore ke tla bo ke sa tlhole ke gololesegile, ke ne ka gana go saena konteraka eo. Ke ne ka dumela go dira tiro ya go tshameka mo kgangtswelelopeleng, mme ke ne ke dira jalo fela gore ke tle ke kgone go tswelela pele ke ithutela go tshameka mo dibaesekopong kwa yunibesithing. Le fa go ntse jalo ke ne ke sa itumela. Go ne go ntshwenya go bona batsayakarolo ba bangwe ba kgaratlha dingwaga di le dintsi gore ba fiwe karolo ya modiragatsimogolo, mme nna ke newa karolo eo—e le fela ka go bo ke le morwadia Tin-Tán.

Ke ne ka simolola go rekota dipina. Lekgetlho la ntlha e ne e le fa ke ne ke gatisa mmino wa kgangtswelelopele nngwe, ke dirisa mmino o ke o tlhamileng. Moragonyana ke ne ka gatisa kwa lefelong le le tumileng la go gatisa mmino kwa Lontone. Ke ne ka tshameka mo difiliming le mo dikgangtswelelopeleng tse di oketsegileng. Go ne ga simololwa ga kwalwa ditlhogo dingwe tse di buang ka nna mo ditsebeng tse di kafa ntle tsa makwalodikgang mo karolong e e buang ka boitlosobodutu, mme seo se ne se raya gore ke ne ke setse ke atlegile thata. Mme go ne go sa ntse go na le sengwe se se tlhaelang. Ke ne ka bona kafa badiragatsi ba neng ba itseela kwa godimo ka teng le kafa ba neng ba na le moya wa kgaisano ka teng mme go ne go tletse boitshwaro jo bo sa siamang le boitimokanyi mo gare ga bone. Ke ne ke sa tlhole ke tshepa batho.

Ka letlhabula la 1980, ke ne ka kopana le Malome Julio kwa kokoanong nngwe ya lelapa. O ne a sweditse go tlogela go tshameka mo dikgangtswelelopeleng mme ke ne ke mo reeditse fa a ntse a bua ka paradaise e Modimo a e solofetsang. Malome Julio o ne  a bolela gore tshiamololo le bohutsana bo tla fela mo lefatsheng mme go tla rena lorato. O ne a bolela gape le gore leina la Modimo wa boammaaruri ke Jehofa. Se se neng sa nkgatlha thata e ne e le go utlwa gore baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng ba tla boa ba tsosiwa gape mo Paradaiseng. Tsholofelo ya gore ke tla boa ke bona rre gape e ne ya intumedisa thata. Ke ne ke sa kgone go mo lebala mme ke nna ke tlhologelelwa tshegetso le lorato lwa gagwe. A bo go tla itumedisa jang go mmona gape! Mme fa ke akanya ke le nosi fela go ne go bonala dilo tseo di se kitla di kgonega. Malome Julio o ne a mpha Baebele mme a laletsa nna le mmè gore re ye kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tla tshwarwa mo dibekeng di le mmalwa. Re ne ra mmolelela gore gongwe re tla ya.

Ke Dira Tshwetso ya go Fetola Botshelo Jwa Me

Bosigo bongwe, ke ne ke ntse ke rapame mo bolaong ke goga motsoko fa ke ntse ke bala Baebele e malome a neng a mphile yone. Se ke neng ka se bala mo bukeng ya Diane se ne sa dira gore ke swetse ka gore lesedi, tlhaloganyo le botshelo di tswa go Modimo, mme lefifi, tlhakatlhakano le loso di tswa mo motsweding o sele. Bosigong joo, ke ne ka tima sekerete sa bofelo se ke neng ka se goga mme ka letela mmè gore a boe. Ke ne ka mo kopa ke ntse ke lela gore a nthuse mo ditshwetsong dingwe tse ke tlileng go di dira. Morago ga foo, ke ne ka ya kwa lefelong la dibaesekopo kwa ke neng ke ikatisetsa karolo e ke neng ke e tshameka ya go nna Cordelia mo go King Lear ya ga Shakespeare. Ke ne ka tlogela motshameko oo mme ka kgaogana le lekau la me, le e neng e le mongwe wa badiragatsibagolo.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke ise ke simolole go direla Modimo, ka jalo go ne go se na ope yo o nkemang nokeng. Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse gore ke kgone go dira sengwe ka ntlha ya se ke leng sone e seng ka ntlha ya talente e ke e gotsitseng mo batsading ba me. Ke ne ka kgaogana le batho ba ke neng ke tlwaelane le bone ka ba ka tlogela le dilo tse ke neng ke tlwaetse go di dira.

Tsela e e Isang Katlegong ya Mmatota

Fa ke ntse ke tlhakane tlhogo jalo, ke ne ka gakologelwa taletso ya ga malome ya gore ke ye kopanong. Ke ne ka mo founela mme o ne a nkisa kwa setadiamong. Se ke neng ka se bona koo se ne sa nkgatlha. Ke ne ka bona batho ba ba nang le thulaganyo, ba ba neng ba sa dirise matlhapa le ba ba neng ba sa goge mme e bile ba sa leke go kgatlha ope. Se ke neng ke se utlwa go tswa mo Baebeleng se ne se nkgopotsa se ke se utlwileng fa ke ne ke bala bukana e e nang le setlhogo se se reng Is the Bible Really the Word of God? * e ke ileng ka e fitlhela kwa gae moragonyana fela fa rre a sena go tlhokafala.

Ka nako eno ke ne ka fiwa tshono e nngwe gape ya go tshameka karolo ya modiragatsimogolo mo kgangtswelelopeleng nngwe. Ke ne ke rata karolo eo, ka gonne e ne e bonala e dumalana le melao ya Modimo e ke ithutileng ka yone kwa kopanong. Ka ntlha ya seo, ke ne ka dumela go tshameka karolo eo. Kafa letlhakoreng le lengwe, mafoko ano a Baebele a ne a boaboa mo mogopolong wa me: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng. Gonne . . . lesedi le na le kabalano efe le lefifi?”—2 Bakorintha 6:14.

Ke ne ka simolola go nna le keletso e e nonofileng ya go batla go itumedisa Modimo. Ke ne ke batla go ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi le malome le mmamalome. Phuthego ya bone e ne e le sekgala sa ura go tswa kwa gae, le fa go ntse jalo ke ne ka ya teng Bosontaga ba bararo ba ba latelang. Malome o ne a swetsa ka gore a nkise kwa phuthegong e e mo lefelong le ke nnang mo go lone. Re ne ra fitlha fa pokano e fela, mme fa re le koo ke ne ka kopana le Isabel, kgarebe nngwe e e lekanang le nna. E ne e le motho yo o boikobo le yo o bonolo. Fa malome a mmolelela gore ke nna Rosalía Valdés, ga a ka a itshwenya le ka leina la me. Seo se ne sa intumedisa thata. O ne a ithaopela go ithuta Baebele le nna kwa gae.

Re ne ra simolola go ithuta buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. * Isabel o ne a itumelela go dira gore nako ya gagwe e tsamaisane le thulaganyo ya me. Ka dinako tse dingwe o ne a tshwanelwa ke gore a ntete go fitlha bosigo thata, fa ke sena go fetsa go dira filimi ya kgangtswelelopele. A bo ke ne ka itumela jang go bo go na le motho yo o neng a nkgatlhegela fela ka go bo ke batla bo ithuta  boammaaruri jwa Baebele! O ne a sa itimokanye, a tshepega e bile e le motho yo o maitseo, a na le dinonofo tse ke neng ke akanya gore motho a ka nna le tsone fela fa a ithutela filosofi le botaki. Re ne ra rulaganya go ithuta diura tse ditelele, mme ka dinako tse dingwe re ithuta ka makgetlho a le mmalwa mo bekeng.

Mo tshimologong go ne go le thata gore ke tlogele dikgopolo tse di sa siamang mme fa nako e ntse e ya di ne tsa tseelwa sebaka ke dithuto tsa Baebele. Ke gakologelwa kafa ke neng ka kgothala ka teng fa ke ne ke utlwa tsholofetso eno ya Modimo: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:10, 11) Mme gape le tsholofelo ya gore ke tla boa ke bona rre gape mo Paradaiseng e ne ya simolola go nna selo sa mmatota mo go nna. Gantsi ke ne ke akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo.”—Johane 5:28, 29.

Ke ne ka wetsa tiro ya me ya go tshameka mo kgangtswelelopeleng, mme ka bonako fela morago ga foo, ke ne ka fiwa ditshono tse dingwe. Le fa gone ditiro tseo di ne di tla dira gore ke tume thata, go nna le seabe mo go tsone go ne go tla raya gore ke amogela boitsholo jo bo sa siamang, kobamelo ya medingwana le megopolo e mengwe ya maaka. Ke ne ke ithutile gore tota Satane ke motho wa mmatota le gore ga a batle gore re direle Jehofa. Ka jalo ke ne ka gana ditshono tsa tiro tse ba neng ba mpha tsone mme ka simolola go nna teng kwa dipokanong tsotlhe. Mmè le mogolole ba ne ba sa tlhaloganye gore ke eng fa ke tlogela ditshono tse dintsi jaana le madi a a kanakana. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgona go bona diphetogo mo go nna. Ke ne ka nna motho yo o itumetseng ke sa tlhole ke hutsafetse, mme ke ikutlwa ke le matlhagatlhaga. Kgabagare botshelo jwa me bo ne jwa nna le bokao!

Ke ne ke batla go bolelela ba bangwe ka dilo tse ke di ithutang mme go ise go ye kae ka nna mmoledi wa molaetsa o o itumedisang wa Bogosi jwa Modimo. Fa ke ne ke rera, ka dinako tse dingwe go ne go le thata go dira gore mong wa ntlo a reetse; ba le bantsi ba ne ba lemoga gore ke modiragatsi mo dibaesekopong. Ka makgetlho a le mmalwa, nna le yo ke neng ke bereka le ene mo tshimong re ne re fitlha mo matlong a batho ka nako ya fa kgangtswelelopele e ke tshamekang mo go yone e tshameka mo thelebisheneng. Beng ba matlo ba ne ba sa dumele gore ke nna ke emeng mo dikgorong tsa bone!

Ka September 11, 1982, ke ne ka kolobediwa go bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa. Botshelo jwa me bo ne bo na le bokao jwa mmatota, mme go ne go na le tiro e nngwe e ke neng ke tshwanetse go e dira. Tlhoafalo ya ga Isabel e ne ya ntlhotlheletsa. E ne e le mmulatsela wa ka metlha, jaaka baboledi ba nako e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Go ise go ye kae ke ne ke tsamaya le ene fa a ntse a ithuta Baebele le ba bangwe. Isabel e ne ya nna tsala ya me e kgolo.

Ke ne ke tlogetse tiro ya go nna modiragatsi gotlhelele, ka jalo nna le mmè re ne ra tshwanela gore re kgotsofalele botshelo jwa maemo a a kwa tlase. Ka yone nako eo, ke ne ka tlhama dipina tse ke neng ke di opela go dira alebamo ya me ya bonè mme e nngwe ya dipina tseno e ne e le tse di buang ka ditumelo tsa me tse disha. Ke ne ka kwala pina e e buang ka tsholofelo e e nonofileng e ke nang le yone ya gore ke tla boa ke bona rre gape. Ke ne ka re setlhogo sa pina eo ke “Go Kwadilwe ga Twe—Ke Tla Mmona.” Fa ke ne ke e opelela mmè la ntlha, o ne a amega thata. O ne a lemoga gore ke na le tsholofelo ya mmatota. Ke ne ka itumela thata fa ke utlwa a re o batla go ithuta Baebele. Dingwaga di le pedi moragonyana, o ne a kolobediwa mme a nna motlhanka wa ga Jehofa. O sa ntse a tlhoafetse mo bodireding le gompieno.

Fa nako e ntse e ya, go ne go setse go le motlhofo gore ke gane ditshono tsa tiro tse ke neng ke di fiwa. Mme fa ke lebane le teko kgotsa ke raelesega, go bona rre a na le rona kwa paradaiseng e ntle go ne go nonotsha tsholofelo ya me le boikemisetso jwa me jwa go tswelela ke direla Jehofa.

Letsatsi lengwe ke ne ka kopiwa go nna mongwe wa batshameki mo thulaganyong nngwe ya bana ya thelebishene ya Sesame Street e e neng e tshameka ka Se-Spain. Ke ne ka akanya gore nka se kgone go dira tiro eo mme ka bolelela mogatisi gore melaometheo ya Baebele e ke e latelang e ka se ka ya ntetla go buelela dilo tse di jaaka malatsi a boikhutso le malatsi a botsalo. Mogatisi o ne a bolela gore fa nka amogela tiro, o tla tlotla dilo tse ke di dumelang mme re tla saena tumalano e e tlhalosang boemo jwa me. Ke ne ka dumela go dira filimi eo mme ka gatisa dikarolo di le 200 tsa yone. E ne ya nna tiro ya bofelo ya go nna modiragatsi e ke neng ka e dira.

 Go ne go sa ntse go setse konteraka e le nngwe fela e ke neng ke e saenile le khampani nngwe e e gatisang; ka jalo ke ne ka e gatisetsa dipina di le lesome tse ke di kwadileng, go akaretsa le e ke neng ke e kwadile ka ga rre le go tsosiwa ga baswi. Ke ne ka nna le tshono ya go opela pina eo mo thelebisheneng le fa ke diragatsa mo seraleng, mme ka dinako tsotlhe fa ke e opela ke ne ke umaka dilo tse ke di dumelang. Le fa go ntse jalo, khampani eno e e gatisang e ne ya simolola go nkgatelela gore ke tshameke ka tsela e e tla gogelang batho ka tsa tlhakanelodikobo. Ke ne ka tlogela tiro.

Masego a go Direla Modimo

Ka December 1983, nna le Isabel re ne ra ya go bona dikago tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York. Fa re le koo, ke ne ka kopana le monna yo moragonyana e neng ya nna monna wa me, e bong Russell Phillips. Re ne ra kwalelana mo e ka nnang dingwaga di le pedi. A bo ke gakologelwa sentle jang letsatsi le ke neng ka simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka lone—Russell o ne a nthomelela malomo a dirosa go tswa kgakalakgakala kwa New York!

Ke ne ka fetsa ngwaga ke dira tiro ya bobulatsela le Isabel. Morago ga foo Isabel o ne a lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. Metlotlo ya gagwe ka kabelo ya gagwe e ntšha e ne ya dira gore ke eletse go oketsa bodiredi jwa me, mme fa Jehofa a rata, le nna ke direle kwa Bethele.

Russell o ile a nna tshegofatso e nngwe mo botshelong jwa me. Ka go bo a rata Jehofa le phuthego ya gagwe, ke ne ka ithuta go rata tirelo ya nako e e tletseng. O ne a rata Bethele, mme o nnile kwa Bethele ya kwa Brooklyn ka dingwaga tse di ka nnang tharo. Fa re sena go nyalana, re ne ra dira mmogo re le babulatsela ba ka metlha kwa Colorado, U.S.A. Moragonyana, re ne ra lalediwa go nna badiredi ba ba agang dikago tsa makala mo dinageng tse dingwe. A bo re ne ra gakgamala jang ne fa re ne re utlwa gore re abetswe go ya kwa Mexico! Ka April 1990, re ne ra amogela tshiamelo ya go nna maloko a lelapa la Bethele la kwa Mexico. Sekao sa ga Russell se ne sa nkgothatsa thata. Ke ne ke rata moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo o o neng wa mo tlhotlheletsa gore a tlogele nagagae ya gagwe le ba lelapa la gaabo go ya go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi kwa Mexico.

Nna le Russell re ne ra itumelela thata tshiamelo ya rona ya go direla kwa lekaleng la Mexico. Mme dilo di ne tsa fetoga ka bonako fa ke ne ke ima. Dikgang tseo di ne tsa tla re sa lebelela. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsotlhe re ne re kgatlhwa ke batsadi ba ba neng ba godisetsa bana ba bone mo boammaaruring, mme re ne ra amogela seno ka boitumelo re se tsaya e le kabelo ya rona e ntšha. Ka October 1993, Evan o ne a tsholwa mme dingwaga di le pedi le sephatlho moragonyana go ne ga tsholwa Gianna. Le fa gone go godisa bana go tlhoka motho maiteko a a sa kgaotseng, re ikutlwa re sa tsaya matsapa a lefela nako le nako fa bana ba rona ba babedi, yo mongwe o dingwaga di le 11 mme yo mongwe di le 8, ba bontsha tumelo ya bone fa ba le mo bodireding.

Gone jaanong, Russell o mo Komiting ya Kago ya Kgaolo ya Diholo Tsa Bogosi mme nna ke sa tswa go tsaya bodiredi jwa nako e e tletseng gape ka go nna mmulatsela. Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, ke ile ka kgona go thusa ba lelapa la gaetsho ba le 12 le batho ba bangwe ba le 8 go ithuta boammaaruri jwa Baebele le go direla Jehofa.

Fa bana ba me ba mpotsa ba re, “Mama, a go ne go le thata gore o tlogele tiro ya go tshameka mo dibaesekopong?” Ke nopola mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Eleruri . . . ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.” (Bafilipi 3:8) A bo ke leboga Jehofa jang go bo a ile a nnamola mo botshelong jo bo se nang bokao mme a ntetla gore ke nne mongwe wa batho ba gagwe ba ba molemo! Ga nke ke lapisiwa ke go mo lebogela masego a mantsi a a re neileng one ka Morwawe e bong Jesu Keresete. Gantsi ke opela pina e ke e tlhamileng ka rre ka boitumelo. Ke dumela ke sa belaele gore ke tla boa ke mmona gape.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 21 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e sa tlhole e gatisiwa.

^ ser. 24 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le batsadi ba me le mogolole fa ke ne ke na le ngwaga

[Setshwantsho mo go tsebe 27, 28]

Ke opela le setlhopha sa Arturo Castro le sa His Castros 76

[Motswedi wa Setshwantsho]

Angel Otero

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ke na le ba lelapa la me gompieno

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Activa, 1979