Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe

Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe

 Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe

“Dilo tsotlhe tsa tlhago di a tsamaisana, mme jaanong re lebana le matswela a diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng.”—Makasine wa African Wildlife.

GO YA ka World Wildlife Fund, fa e sa le go tloga ka dingwaga tsa bo1980 batho ba ile ba dirisa meamuso ya lefatshe thata go feta kafa yone e kgonang go boa e itira gape. * Mme seno ke sekai se le sengwe fela sa dilo tse di bontshang kafa tikologo ya rona e dirisiwang ka tsela e e feteletseng ka gone.

Sekai se sengwe ke maemo a tikologo ya lefatshe. Fano go buiwa ka tsela e e raraaneng e dilo tsotlhe tsa tlhago di tshegetsanang ka yone, e ka tswa e le dilo tse di tshelang kgotsa tse di sa tsheleng. Go itekanela ga dilo tseno tse di mo tikologong—jaaka fa go bontshiwa ke palo ya dilo tse di tshelang tse di fitlhelwang mo dikgweng, mo dinokeng le mo mawatleng—di dira gore go nne le se World Wildlife Fund e se bitsang e re ke Living Planet Index. Index eno e ne ya fokotsega ka diperesente di le 37 fa gare ga 1970 le 2000.

A Go na Le Meamuso e e Lekaneng Batho Botlhe?

Fa e le gore o nna kwa dinageng tsa Bophirima tse mabenkele a tsone a rekisang dilo di le dintsi e bile a bulwa diura di le 24 ka letsatsi, o ka nna wa se ka wa akanya gore meamuso e gaufi le go tlhaela. Le fa go ntse jalo, ke batho ba se kae fela mo lefatsheng ba ba tshelang botshelo jwa manobonobo. Ba le bantsi ba kgaratlha letsatsi le letsatsi gore ba bone se ba ka itshedisang ka sone. Ka sekai, go fopholediwa gore batho ba feta dibilione di le pedi ba tshela fela ka didolara di le tharo kgotsa kwa tlase ka letsatsi mme e bile dibilione di le pedi ga di na motlakase.

Batho bangwe ba bolela gore ditsela tse dinaga tse di humileng di gwebang ka tsone ke tsone di dirang gore dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa di humanege. Buka ya Vital Signs 2003 ya re: “Ikonomi ya lefatshe e emelane ka ditsela tse di farologaneng le dilo tse batho ba ba humanegileng ba di tlhokang.” Fa batho ba le bantsi ba ntse ba kgaratlhela go iponela dilo tse ba di tlhokang mo botshelong, batho ba ba humanegileng ga ba na madi a gore le bone ba nne le tsone. Seno se dira gore batho ba ba humileng ba kgone go nna le dilo tseno ka bontsi.

Dikgwa Tse di Nyelelang

Go fopholediwa gore diperesente di le 80 tsa baagi ba Afrika ba dirisa dikgong go apaya. Mo godimo ga moo, makasine wa Afrika Borwa wa Getaway wa re: “Afrika ke yone e palo ya yone ya baagi le ya batho ba ba nnang mo metsesetoropong e golang ka lobelo  lo logolo mo lefatsheng.” Ka ntlha ya seo, lefelo le le dikologileng ditoropo dingwe tse dikgolo kwa Sahel, e leng lefelo le legolo la naga e pula e sa neng thata mo go lone le le iphaphathileng kafa borwa jwa Sekaka sa Sahara, ditlhare tsa teng di remilwe sekgala sa dikilometara di le 100 mo matlhakoreng otlhe a lone. Ditlhare tseno ga di a ka tsa rengwa fela kwantle ga lebaka. Porofesa Samuel Nana-Sinkam a re: ‘Baagi ba le bantsi ba Afrika ba senya tikologo ya bone e le gore ba itshedise.’

Seemo se farologane fela thata kwa Amerika Borwa. Ka sekai, kwa Brazil go na le dikhampani tsa logong di ka nna 7 600 tse di kwadisitsweng semolao tse di mo dikgweng tsa pula. Bontsi jwa tsone ke tsa dikgwebo tse dikgolo tsa lefatshe lotlhe tse di nang le madi a mantsi. Setlhare sa mahogany se rekisediwa khampani ya logong ka diranta di le 200. Le fa go ntse jalo, fa bagwebi le batho ba ba berekang ka logong ba sena go oketsa madi ano gore ba bone dipoelo, sone setlhare seno se tla bo se ja diranta di feta 850 000 pele ga se bapatswa mo lebenkeleng e setse e le fanitšhara. Ga go gakgamatse go bo setlhare sa mahogany se tsewa e le letlotlo le legolo.

Go ile ga gatisiwa tshedimosetso e ntsi ka go rengwa ga dikgwa tsa pula tsa kwa Brazil. Ditshwantsho tsa sathalaete di bontsha gore dikgwa tsa Brazil tsa bogolo jo bo fetang disekweremetara di le 7 000 di ne di rengwa ngwaga le ngwaga fa gare ga 1995 le 2000. Makasine wa Brazil wa Veja o bega jaana: “Selekanyo seno se se tshosang sa tshenyo se raya gore sekgwa sa bogolo jo bo lekanang le jwa lebala la kgwele ya dinao se ne se rengwa mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le robedi.” Se se gakgamatsang ke gore go bolelwa fa United States e le yosi fela e ile ya reka diperesente di le 70 tsa setlhare sa mahogany sa Brazil ka ngwaga wa 2000.

Dikarolo tse dingwe tsa lefatshe le tsone di na le seemo se se tshwanang ka kgang ya go rengwa ga dikgwa. Ka sekai, halofo ya dikgwa tsa Mexico e ile ya rengwa mo dingwageng di le 50 tse di fetileng. Go rengwa ga dikgwa tsa Philippine gone go ile ga nna maswe le go feta. Naga eo e latlhegelwa ke sekgwa sa bogolo jwa diheketara di ka nna 100 000 ngwaga le ngwaga, mme ka 1999 go ne ga fopholediwa gore fa  dikgwa di ka tswelela di rengwa ka selekanyo seo, mo dingwageng di le lesome fela go tla bo go remilwe mo e ka nnang peditharong ya dikgwa tsa naga eno.

Go ka tsaya dingwaga di le 60 go ya go di le 100 gore setlhare sa legong le le thata se gole ka botlalo mme go tsaya metsotso fela gore se rengwe. Ga go gakgamatse go bo go sa kgonege gore ditlhare tse dingwe di boe di gole gape ka bonako gore di emisetse tse di setseng di remilwe.

Go Gogolega ga Mmu

Fa mmu o ntshiwa dimela tse di mo go one, mmu o o fa godimo o a omelela o bo o tsewa ke phefo kgotsa o gogolwa ke metsi. Seno se bidiwa kgogolego ya mmu.

Kgogolego ya mmu e direga ka tlhago fela mme gantsi ga se bothata jo bo masisi—ntle le fa batho e le bone ba go etegetsang ka ntlha ya go se tlhokomele mmu sentle. Ka sekai, makasine wa China Today o bolela gore phefo e e dithole, go akaretsa le dilo tse dingwe tse di jaaka go rengwa ga dikgwa le go fela ga dimela ka ntlha ya go fudisa diruiwa thata mo lefelong le le lengwe, “go okeditse thata” mafelo a e leng dikaka. Maemo a bosa a a sa tlwaelegang a a bakang komelelo a mo dingwageng tsa bosheng a ile a dira gore diporofense tsa China tse di kafa bophirima le bokonebophirima di tlhaselwe motlhofo ke diphefo tse di tsididi tsa Siberia tse di ralalang naga eno. Motlhaba o montsintsi o o serolwana le mmu o ile wa tsewa ke phefo, mme o mongwe wa one o ile wa fitlha kwa mafelong a a kgakala a a jaaka Korea le Japane. Gone jaanong diperesente di ka nna 25 tsa naga ya China ke sekaka.

Go gogolega ga mmu wa Afrika le gone go baka mathata a a tshwanang. Africa Geographic ya re: “Balemi ba dirile gore mmu o koafale thata ka ntlha ya go rema dikgwa gore ba jale dijalo.” Go fopholediwa gore morago ga gore lefelo le ntshiwe ditlhatshana tsa lone, mo dingwageng di le tharo mmu wa lone o latlhegelwa ke bokgoni jwa go medisa dimela ka selekanyo sa diperesente di le 50. Ka gone, makasine ono o oketsa jaana: “Mmu wa lefelo la bogolo jwa diheketara di le dimilione ga o tlhole o kgona go medisa dijalo mme dimilione tse dingwe le tsone di tlile go nna le bothata jono e re ka selekanyo sa dijo tse di lengwang se fokotsega ngwaga le ngwaga.”

Go bolelwa gore Brazil e latlhegelwa ke ditone di le dimilione di le 500 tsa mmu ngwaga le ngwaga ka ntlha ya kgogolego ya mmu. Lephata la Tikologo le Meamuso la kwa Mexico le bolela gore diperesente di le 53 tsa naga ya ditlhatsana, diperesente di le 59 tsa dikgwa tsa pula le diperesente di le 72 tsa dikgwa di amiwa ke kgogolego ya mmu. Pego nngwe ya United Nations Development Programme e bolela gore fa go lebelelwa tshedimosetso eno yotlhe, “kgogolego ya mmu e ama mo e ka nnang peditharong ya naga e e lengwang mo lefatsheng. Ka ntlha ya seno, dikungo tsa temo di fokotsega ka bonako, fa kafa letlhakoreng le lengwe palo ya batho ba ba tshwanetseng go otliwa yone e ntse e golela pele.”

Metsi—Ke Mahala Mme a Botlhokwatlhokwa

Motho a ka kgona go tshela lobaka lwa mo e ka nnang kgwedi a sa je, mme o tla swa mo lobakeng lwa beke fela fa a sa nwe metsi. Ke ka moo bomankge ba bolelang gore go fokotsega ga metsi a a phepa a a nowang ke gone go tlileng go baka dikgotlhang mo dingwageng tse di tlang. Go ya ka pego ya makasine wa Time wa 2002, mo lefatsheng lotlhe batho ba feta bilione ga ba na metsi a a phepa a a nowang.

Go na le mabaka a a farologaneng a a dirang gore metsi a tlhaele. Kwa Fora, kgotlelo ke yone e bakang seno mme ke bothata jo bo golang jo bo tshwanetseng jwa elwa tlhoko. Lekwalodikgang la Le Figaro la re: “Dinoka tsa Fora di mo maemong a a maswe fela thata.” Baitsesaense ba lemogile gore bothata jono bo bakwa ke metsi a a nang le nitrate e ntsi, e bontsi jwa yone bo tswang mo menontsheng e e dirisiwang mo temong. Lekwalodikgang leno la re: “Dinoka tsa Fora di tshetse ditone di le 375 000 tsa nitrate mo lewatleng la Atlantic ka 1999, e leng selekanyo se se menaganeng gabedi go feta sa 1985.”

Japane le yone e na le bothata jo bo tshwanang. Gore go nne le dijo mo nageng eo, Yutaka Une, yo e  leng mookamedi wa mokgatlho o o sa direng poelo wa tshireletsego ya dipolasi, o bolela gore “ga go se balemirui ba ka se dirang fa e se fela gore ba dirise menontsha ya dikhemikale le dibolayaditshenekegi gore ba kgone go tlamela batho.” Seno se dirile gore go kgotlelwe metsi a a kafa tlase ga lefatshe—e leng bothata jo lekwalodikgang la IHT Asahi Shimbun la Tokyo le se bitsang “bothata jo bogolo mo Japane yotlhe.”

Kwa Mexico, lekwalodikgang lwa Reforma lo bolela gore diperesente di le 35 tsa malwetse a teng “a bakwa ke mathata a tikologo.” Mo godimo ga moo, patlisiso e e neng ya dirwa ke modiredi wa tsa boitekanelo e ne ya bontsha gore “moagi a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 4 ga a na tsamaiso ya go fetisa leswe; batho ba feta dimilione di le 8 ba ga metsi mo didibeng, mo dinokeng, mo matsheng kgotsa mo melatswaneng; mme ba feta milione ba tlisediwa metsi ka dilori tse di gogang ditanka.” Ga go gakgamatse go bo go akanngwa gore letshololo le le tshwereng diperesente di le 90 tsa batho kwa Mexico le bakwa ke metsi a a kgotletsweng!

Makasine wa Brazil wa Veja o bolela jaana: “Mabopo a lewatle kwa Rio de Janeiro ga a dire fela gore batho ba itumelele mogote wa letsatsi, motlhaba o mosweu le metsi. Gape a na le selekanyo se se kwa godimo sa baketeria ya mantle le oli e nako le nako e tshologelang mo lewatleng.” Seno se bakwa ke ka go bo diperesente di feta 50 tsa metsi a a tsamaisang mantle kwa Brazil a tshelwa ka tlhamalalo mo dinokeng, mo matsheng le mo lewatleng kwantle ga gore a tlhatswiwe pele. Seno se dira gore go nne le bothata jo bo sa feleng jwa go tlhaela ga metsi a a phepa. Dinoka tse di dikologileng toropo e kgolo go gaisa tsotlhe tsa Brazil, e leng São Paulo, di kgotletswe thata jaana mo e leng gore metsi a a nowang jaanong a tlisiwa mo toropong eno go tswa kwa lefelong la sekgala sa dikilometara di le 100.

Kafa karolong e nngwe ya lefatshe, selo se se dirang gore metsi a tlhaele thata kwa Australia ke go bo a nna letswai. Go ne ga feta masome a dingwaga batho ba ba nang le ditsha tse dikgolo ba kgothalediwa gore ba tlhagole ditsha tsa bone gore ba leme dijalo. Ka ntlha ya ditlhare le ditlhatshana di se kae fela tse di monyang metsi a a mo godimo ga lefatshe seno se dirile gore selekanyo sa metsi a a kafa tlase ga lefatshe se tlhatloge, mme metsi a teng a pumpunyega go tswa kafa tlase ga lefatshe a tla a na le letswai le le fitlhelwang kafa tlase ga lefatshe. Lekgotla la Australia la Commonwealth Scientific and Industrial Research Organisation (CSIRO) la re: “Mafelo a bogolo jwa diheketara di le dimilione di le 2,5 a setse a amilwe ke bothata jono jwa metsi a a letswai. Bontsi jwa mafelo ano ke a a ungwang thata mo go tsa temothuo mo nageng eno ya Australia.”

Batho bangwe ba dumela gore fa batho ba ba tlhomang melao kwa Australia ba ne ba amegile thata ka batho go na le go amega thata ka poelo, bothata jono jwa metsi a a letswai bo ka bo bo ile jwa thibelwa. Hugo Bekle wa Edith Cowan University kwa Perth, Australia a re: “Mebuso e ile ya bolelelwa go tloga ka 1917 gore mmu wa mafelo a go jalwang korong thata  mo go one ke one o go ka diregang thata gore o tlhaselwe ke bothata jono jwa metsi a a letswai. Tshedimosetso e e malebana le tsela e go rema ditlhare go nnang le seabe ka yone mo bothateng jono jwa metsi a a letswai e ile ya gatisiwa ka dingwaga tsa bo1920, mme ka dingwaga tsa bo1930 Lephata la Temothuo le ile la dumalana gore ke boammaaruri gore go rema ditlhare go dira gore selekanyo sa metsi a a kafa tlase ga lefatshe se tlhatloge. Ka 1950 CSIRO e ne ya direla Puso ya [Australia] dipatlisiso tse di tseneletseng, . . . le fa go ntse jalo nako le nako mebuso e ne e itlhokomolosa ditlhagiso tseno, e bolela gore baitsesaense ba kgatlhanong le yone.”

Botshelo bo mo Kotsing

Ga go pelaelo gore dilo di le dintsi tse batho ba di dirileng ba ne ba di dira ka maitlhomo a a molemo. Mme jaaka fa gantsi go a tle go direge, ga re itse dilo tsotlhe ka tikologo mo re ka bonelang pele sentle matswela a ditiro tsa rona. Seno se dirile gore go nne le ditlamorago tse di sa itumediseng. Tim Flannery, yo e leng mokaedi wa South Australian Museum a re: “Re tlhakatlhakantse tekatekano e e leng gone mo botshelong mo e leng gore re senya le mmu o o re thusang, mme ka go dira jalo botshelo jwa rona le jone bo mo kotsing.”

Tharabololo ke eng? A batho ba tla tsamaya ba ithuta go dirisana sentle le tikologo? A tota Lefatshe le ka namolwa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Ka sekai, go fopholediwa gore ka 1999 go ne ga nna le tlhaelo ya diperesente di le 20 tsa meamuso. Seno se raya gore selekanyo sa meamuso e batho ba ileng ba e dirisa mo dikgweding tseo di le 12 se ile sa tsaya dikgwedi di feta 14 gore se nne gone gape.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Lerothodi Lengwe le Lengwe le Botlhokwa

Go tsaya dikgato di se kae fela tse di motlhofo go ka somarela dilitara di le dintsi tsa metsi.

● Baakanya dithepe tsa metsi tse di dutlang.

● Se tlhape nako e telele fa o dirisa shawara.

● Tswalela thepe ya metsi fa o poma ditedu kgotsa o tlhapa meno.

● Dirisa ditoulo tsa go tlhapa gabedi kgotsa gararo pele ga o di tlhatswa.

● Fa e le gore o dirisa motšhini o o tlhatswang diaparo, emela pele o nne le selekanyo se se tshwanetseng sa diaparo pele ga o tlhatswa. (Dira se se tshwanang le ka motšhini o o tlhatswang dijana.)

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Somarela, Gore O se Ka wa Tlhoka

● Go ya ka pego ya The Canberra Times, le fa gone Australia e le kontinente e e omeletseng go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, diperesente di feta 90 tsa metsi a yone a a nosetsang a “fetisediwa mo dijalong go dirisiwa mokgwa o o motlhofo wa go fetisa metsi ka mesele.” Ono ke one “mokgwa o bofaro ba neng ba o dirisa fa ba ne ba aga di-pyramid.

● Mo lefatsheng lotlhe, metsi a a dirisiwang ke motho mongwe le mongwe (go akaretsa le metsi a a dirisiwang mo temothuong le mo madirelong) e ka nna dilitara di le 550 000 ka ngwaga. Le fa go ntse jalo, motho mongwe le mongwe kwa Amerika Bokone o dirisa mo e batlang e nna dilitara di le 1 600 000 ka ngwaga. Naga nngwe ya se pele e neng e le repaboliki ya Russia yone e dirisa a mantsi go gaisa, koo motho mongwe le mongwe a dirisang mo e ka nnang dilitara tsa metsi di feta dimilione di le 5,3 ka ngwaga.

● Go ya ka makasine wa Africa Geographic, “ka kakaretso Moafrika Borwa a le mongwe o ja dijo tsa bogolo jwa diheketara di le 4,0 ka ngwaga le mororo naga eno yone e kgona go tlhagisa fela dijo tse di jewang ke motho a le mongwe ka ngwaga tsa diheketara di le 2,4.”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Lefatshe la Sahel le le remilweng dikgwa kwa Burkina Faso. Lefelo leno e ne e le sekgwa se se kitlaneng dingwaga di le 15 tse di fetileng

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Jeremy Hartley/Panos Pictures

 [Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go remiwa ga ditlhare di bo di fisiwa gore lefelo le dirisediwe temo go senya dikgwa tsa pula kwa Cameroon

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Fred Hoogervorst/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Kgotlelo e e bakwang ke mosi wa dikoloi e sa ntse e le bothata jo bogolo kwa United States

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Ricardo Funari/SocialPhotos.com

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Dikgwa tsa kwa Brazil tsa bogolo jwa mo e ka nnang disekwerekilometara di le 20 000 di ne tsa senngwa ngwaga le ngwaga fa gare ga 1995 le 2000

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Sediba se batho ba motse ono ba gelelang metsi mo go sone kwa India se kgotletswe ke mafelo a go ruelwang ditlhapi mo go one

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Giacomo Pirozzi/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Batho ba feta dibilione di le pedi ba tshela fela ka didolara di le tharo kgotsa kwa tlase ka letsatsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Caroline Penn/Panos Pictures