Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikotsi Tse di sa Lemotshegeng Tsa go Gagamalela go Nna Montle

Dikotsi Tse di sa Lemotshegeng Tsa go Gagamalela go Nna Montle

 Dikotsi Tse di sa Lemotshegeng Tsa go Gagamalela go Nna Montle

KE DILO dife tse di lebelelwang gore go tle go twe motho o montle? Batho bangwe ba dumela gore motho o nna montle fa wena yo o mo lebileng o re o montle. Ee ruri, kgopolo e motho yo mongwe a nang le yone ka bontle e farologana thata le e yo mongwe a nang le yone. Mo godimo ga moo, kgang e e malebana le se tota bontle e leng sone e farologana thata go ya ka ditso le go ya le dinako.

Jeffery Sobal, yo e leng porofesa e e berekang ka dijo le tsela e di amang boitekanelo ka yone kwa Yunibesithing ya Cornell, kwa U.S.A. a re: “Go ralala lekgolo la bolesome le borobongwe la dingwaga mo e batlang e nna mo ditšhabeng tsotlhe go nna mokima go ne go raya gore o motho yo o nang le maemo mo setšhabeng. E ne e re fa motho a le mokima go ne go tsewa gore o humile e bile o itekanetse sentle mo mmeleng, fa yo mosesane ene go ne go tsewa gore o humanegile thata mo a sa kgoneng le go reka dijo tse di lekaneng.” Ditshwantsho tsa bataki ba metlha eo di bontsha seno sentle, e re ka ditshwantsho tsa bone—tse gantsi e leng tsa basadi—e ne e le tsa batho ba matsogo a makima, maoto a makima, mokwatla o mokima le dinoka tse di kima. Mme bontsi jwa ditshwantsho tseno e ne e le tsa batho ba mmatota ba ba neng ba tsewa ba le bantle tota.

Kgopolo eno e sa ntse e le teng le gompieno le fa gone go nna montle e se kgang fela ya gore o mokima kgotsa o mosesane. Mo dinageng dingwe tsa South Pacific, motho yo mokima o sa ntse a tseelwa kwa godimo thata le gompieno. Mo mafelong mangwe mo Afrika, basadi ba ba tlogang ba nyalwa ba ne ba isiwa kwa mafelong a mo go one ba otliwang ka dijo di le dintsi tse di nontshang e re ka go akanngwa gore seno se tla dira gore ba  kgatlhegelwe le go feta. Mong wa lefelo lengwe la go tantsha kwa Nigeria a re: “Mosadi wa Moafrika tota o tshwanetse a bo a le mokima . . . Fa re re mosadi o montle re a bo re raya yo o ntseng jalo. Ke tsela e setso sa rona se lebang bontle ka yone.” Ditso di le dintsi tsa Spain le tsone di tsaya motho yo mokima e le yo o humileng le yo o atlegileng.

Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe a le mantsi motho yo mokima ga a tsewe a le montle. Ka ntlha yang? Batho bangwe ba bolela gore fa dikgwebo di ntse di gola mme di fetela le kwa dinageng tse dingwe le madirelo a ntse a dira gore go nne le dijo di le dintsi le gore di anamisiwe mo mafelong a le mantsi, seno se dira gore batho ba e seng ba maemo le bone ba kgone go ja dijo tse pele go neng go tsewa e le tsa bahumi fela. Ka gone, ka iketlo batho ba ne ba tlogela go leba batho ba bakima e le bone ba bantle. Kafa letlhakoreng le lengwe, dithuto dingwe tsa bodumedi di amanya bokima le go ja bobe, mme seno se dirile gore batho ba se ka ba rata bokima. Dilo tse saense e ileng ya di ribolola malebana le malwetse a a bakwang ke bokima jo bo feteletseng le tsone di ile tsa tlhotlheletsa tsela e batho ba lebang bokima ka yone. Dilo tseno le mabaka a mangwe di ile tsa dira gore dikgopolo tse di malebana le bontle di fetofetoge, mme gone jaanong batho ba le bantsi mo lefatsheng ba na le masomesome a dingwaga ba buelela kgopolo ya gore bosesane ke jone bo dirang gore motho a nne montle.

Metswedi ya tshedimosetso le yone e nnile le seabe se segolo mo go anamiseng kgopolo eno. Batho ba ba bapatsang ba ba tlhagelelang mo mabating a go bapatsa le mo thelebisheneng gantsi ba basesane ka mmele. Lebaka la go bo go dirisiwa batho ba basesane go bapatsa dilo ke go dira gore batho ba akanye gore fa o ntse jalo ga o tlhoke go tshwenyega ka sepe le gore o tla atlega. Go ntse fela jalo le ka batho ba maemo ba ba tlhagelelang mo difiliming le mo thelebisheneng.

Seno se tlhotlheletsa jang batho, go akaretsa le basha? Setlhogo sengwe sa bosheng se se buang ka tsela e motho a itebang ka yone se bontsha gore “e tla re ka nako ya fa mosetsana wa Moamerika a aloga kwa sekolong se segolo, o tla bo a sentse diura di feta 22 000 a lebeletse thelebishene.” Bontsi jwa nako eno o tla bo a bontshiwa ditshwantsho di le dintsi tsa basadi ba bantle ba mebele e go tweng e mentle. Setlhogo seno se oketsa jaana: “Fa basadi ba nna ba bona ditshwantsho tseno ba simolola go akanya gore fa o na le mmele wa mofuta ono o motho wa maemo a a kwa godimo, yo o itumetseng, yo o rategang le yo o atlegileng.” Ka gone, ga go gakgamatse go bo diperesente di le 47 tsa basetsana ba ba neng ba botsolodiwa ba bo ba ile ba ikutlwa ba patelesega go fokotsa mmele morago ga go bona ditshwantsho tsa bomotlelara mo makasineng, le mororo e ne e le diperesente di le 29 fela tsa bone tse di neng di tlhoka go fokotsa mmele.

Ba tsa difeshene le bone ba nnile le tlhotlheletso e kgolo malebana le kafa batho ba lebang bontle ka teng. Motlelara wa kwa Venezuela e bong Jeniffer, yo o berekang kwa Mexico City a re: “Tiro ya gago ke gore o lebege o le montle, mme gompieno gore o lebege o le montle o tshwanetse wa bo o le mosesane.” Motlelara wa kwa Fora e bong Vanessa a re: “Ga se gore tota ba re o nne mosesane, mme ke wena o batlang go nna mosesane. Ke tsela e batho botlhe ba lebang dilo ka yone.” Mo patlisisong e e neng ya dirwa mo basetsaneng bangwe ba basha, diperesente di le 69 tsa bone di ne tsa dumela gore bomotlelara ba ba tlhagelelang mo dimakasineng ba ne ba ba tlhotlheletsa mo go se ba se tsayang e le mmele o montle.

Mme ga se basadi fela ba ba amiwang ke kgopolo ya se go tweng ke mmele o montle. Lekwalodikgang la kwa Mexico la El Universal la re: “Ga go ise go ke go direge mo nakong e e fetileng gore go rekisiwe dilo di le dintsi thata jaana tse di diretsweng go ntlafatsa tsela e banna ba lebegang ka yone.”

A go Leka go Nna le Mmele o Montle go Tla go Naya se o Batlang go se Fitlhelela?

Batho ba le bantsi ba dira karo ya go intlafatsa e le go leka go nna le se go tweng ke mmele o montle kgotsa e le fela gore ba lebege ba le bantle go gaisa. Madi a go dira karo eno ya go intlafatsa a ntse a fokotsega go ya pele e bile mefuta ya karo eno le yone  e ntse e oketsega. Karo ya go intlafatsa e simologile kae?

Go ya ka Encyclopædia Britannica, ditsela tsa gompieno tsa karo ya go itokafatsa ditebego di simologile mo dingwageng tsa morago ga Ntwa ya Lefatshe I, fa go ne go dirwa maiteko a go baakanya dikarolo tsa mmele tse di senyegileng ka ntlha ya dikgobalo tsa ntwa. Fa e sa le go tloga ka nako eo ditsela tseno tsa go ara di ile tsa thusa thata mo go baakanyeng dikarolo tsa mmele tse di senyegileng ka ntlha ya go sha, dikgobalo tsa dikotsi le bogole jo motho a tsholwang a na le jone. Le fa go ntse jalo, jaaka fa Britannica e bolela, karo ya go itokafatsa ditebego gantsi e “direlwa fela go tokafatsa tsela e batho ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng ba lebegang ka yone.” Ka sekai, nko e ka nna ya baakanngwa, ga ntshiwa letlalo le le sa tlhokegeng mo sefatlhegong le mo thamong, ga ngotliwa bogolo jwa ditsebe, ga ntshiwa mafura a a mo dimpeng kgotsa mo dinokeng, ga okediwa bogolo jwa dikarolo dingwe tsa mmele le e leng go dira gore khubu e lebege e le ntlenyana.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka batho ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng ba ba bayang boitekanelo jwa bone mo kotsing ka go bo ba batla go tokafatsa tsela e ba lebegang ka yone? Ke dikotsi dife tse di ka ba tlhagelang? Angel Papadopulos, yo e leng mokwaledi wa Mokgatlho wa Mexico wa Karo ya go Ntlafatsa le go Baakanya Dipopego, o tlhalosa gore ka dinako tse dingwe batho ba ba sa thapisiwang sentle ba dira dikaro tsa mofuta ono mme seno se gobatse batho thata. Go na le ditleliniki tse di nayang batho ditlhare tse di kotsi gore ba bope mebele ya bone. Mo masimologong a 2003, lekwalodikgang lengwe le ne la bega gore maemo a a sa siamang a mafelo a go ntlafadiwang batho mo go one a ile a baka matlhabisaditlhong kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Canary, koo basadi ba le makgolokgolo ba ileng ba se ka ba ariwa sentle gone. *

Banna le bone ba ka nna ba gagamalela go nna le mmele o go tweng o montle. Bangwe ba bone ba dirisa diura di le dintsi ba le mo mafelong a go itshidilwang mmele mo go one, ba dirisa mo e batlang e nna nako yotlhe ya bone e ba sa direng sepe ka yone ba leka go bopa le go tokafatsa mebele ya bone. Makasine wa Milenio wa re: “Fa nako e ntse e ya, go itshidila mmele ga bone go dira gore ba se ka ba tlhola ba tlhokomela ditiro tse dingwe tsa bone le dikamano tsa bone le ba bangwe.” E re ka batho ba le bantsi ba batla go nna boradinamanama ba  ile ba bo ba ja dilo tse di ka ba gobatsang mo mmeleng, go akaretsa le di-steroid.

Go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka tsela e motho a lebegang ka yone go ile ga dira gore makgarebe mangwe a nne le malwetse a amanang le go ja, a a jaaka bulimia le anorexia. Bangwe ba nwa dipilisi tse go tweng di dira gore motho a nne mosesane mo lobakeng lo lokhutshwane mme gone di sa amogelwe ke ditheo tse di itsegeng tsa kalafi. Go dirisa dipilisi tse di ntseng jalo go ka gobatsa fela thata.

Mathata a a bakwang ke go tshwenyega ka mo go feteletseng ka tsela e motho a lebegang ka yone ga a ame mmele fela. Dr. Katherine Phillips wa Yunibesithi ya Brown kwa U.S.A., a re batho ba ba tshwenyegang ka mo go feteletseng ka tsela e ba lebegang ka yone ba ka nna le bolwetse jwa tlhaloganyo jo mo go jone motho a akanyang gore karolo nngwe ya mmele wa gagwe ga e a siama. Bothata jono bo ka ama bontsi jwa mo e ka nnang motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 50. Dr. Katherine Phillips a re batho ba ba nang le bothata jono “ba ka dumela gore ba maswe thata mo e leng gore ga ba batle le go kopana le ditsala tsa bone le batho ba ba ba ratang. Ba ka tshwenyega thata mo maikutlong ba bo ba batla le go ipolaya.” Phillips o nopola sekai sa mosetsana mongwe yo montle yo o neng a na le diso di se kae fela mo sefatlhegong le fa go ntse jalo a dumela gore sefatlhego sa gagwe se dipadipadi. E re ka a ne a sa batle go bonwa ke batho, mosetsana yono o ne a tlogela sekolo a le mo mophatong wa borobedi.

A tsela e motho a lebegang ka yone e botlhokwa go le kalo mo e leng gore motho a bo a sale a sa tseye sentle mo tlhaloganyong a bo a senye le mmele wa gagwe fela ka gonne a batla go nna le se a se bitsang mmele o montle? A go na le bontle jo bongwe jwa botlhokwa le go feta jo motho a ka lekang ka natla go nna le jone?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Bakeresete ba tshwanetse ba itirela tshwetso ka bobone fa ba batla go dira karo ya go intlafatsa. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tsa botlhokwa tse ba tshwanetseng go di akanyetsa. Go utlwa dintlha ka botlalo, bona Tsogang! ya September 8, 2002, tsebe 16-18.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Mo diperesenteng di le 69 tsa basetsana, kgopolo ya bone malebana le se se dirang gore motho a nne le mmele o montle e tlhotlhelediwa ke bomotlelara ba ba tlhagelelang mo dimakasineng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Dipapatso di na le tlhotlheletso e kgolo mo go se se tsewang e le go nna montle

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Batho bangwe ba ile ba ikgobatsa ka ntlha ya go dira karo ya go itokafatsa ditebego

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Batho bangwe ba dira ka natla gore ba nne le ditebego tse ba di batlang