Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kalafi ya AIDS e Tlhokega ka Potlako!

Kalafi ya AIDS e Tlhokega ka Potlako!

 Kalafi ya AIDS e Tlhokega ka Potlako!

Grace o rekisa ditlhako tse di turang kwa Central Market ya Lilongwe, Malawi. O lebega a itumetse e bile a itekanetse sentle mo mmeleng. Le fa gone a nyenya ka tsela e e edileng, o diragaletswe ke sengwe se se utlwisang botlhoko.

Ka 1993, Grace le monna wa gagwe ba ne ba itumetse thata fa morwadiabone, e bong Tiyanjane a ne a tsholwa. Kwa tshimologong go ne go lebega Tiyanjane a itekanetse sentle mo mmeleng. Mme gone, ka bonako fela o ne a simolola go bopama le go tlhaselwa ke malwetse kgapetsakgapetsa. Fa a na le dingwaga di le tharo, Tiyanjane o ne a bolawa ke AIDS (acquired immunodeficiency syndrome).

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, monna wa ga Grace le ene o ne a simolola go lwala. Ka letsatsi lengwe o ne a wa mme a isiwa kwa bookelong. Dingaka di ne tsa palelwa ke go mo thusa. Monna wa ga Grace, yo ba neng ba na le dingwaga di le robedi ba nyalane, o ne a bolawa ke malwetse a a amanang le AIDS.

Gone jaanong Grace o nna a le nosi mo ntlong ya kamore e le nngwe kwa motsesetoropong wa Lilongwe. E re ka Grace a na le dingwaga di le 30, motho a ka nna a lebelela gore a simolole botshelo sesha. Le fa go ntse jalo, Grace o tlhalosa jaana: “Ke na le HIV, ka gone nka se nyalwe kgotsa go nna le bana gape.” *

SE SE utlwisang botlhoko ke gore ditiragalo tsa go tshwana le eno ga di direge fela kwa Malawi, e go fopholediwang gore diperesente di le 15 tsa baagi ba yone ba na le HIV. Go ya ka lekwalodikgang la Globe and Mail, bookelo bongwe jwa metseselegae “bo amogetse diperesente di le 150 tsa balwetse mo go jone, e bile diperesente di le 50 tsa badiri ba jone ga di tlhole di kgona go bereka” ka ntlha ya AIDS. HIV e anama le go feta mo dinageng tse dingwe tsa Afrika tse di kwa borwa jwa Sekaka sa Sahara. Ka 2002, mokgatlho wa Joint United Nations Programme on HIV/AIDS (UNAIDS) o ne wa bega jaana: “Gone jaanong go lebeletswe gore motho wa kwa dinageng tsa Afrika tse di kafa borwa jwa Sekaka sa Sahara a tshele dingwaga di le 47. Fa AIDS e ka bo e seyo, e ne e tla nna dingwaga di le 62.”

Le fa go ntse jalo, go tlhasela ga HIV/AIDS go a anama, e bile ga go aname fela mo kontinenteng ya Afrika. UNAIDS e fopholetsa gore bagolo ba le dimilione di le nnè kwa India ba na le HIV, mme e oketsa jaana: “Fa go lejwa palo ya batho ba gone jaanong ba tlhasetsweng ke bolwetse jono, HIV e tlile go nna yone selo se segolo se se bolayang batho ba ba godileng mo lesomeng leno la dingwaga.” Bolwetse jono bo gola ka bonako mo Dinageng Tse di Ikemetseng Tsa Commonwealth, e leng mokgatlho o bontsi jwa dinaga tsa one e leng tsa se pele e neng e le Soviet Union. Pego nngwe e bolela gore kwa Uzbekistan “go begilwe palo e ntsi ya batho ba ba nang le HIV ka 2002 go gaisa e e ileng ya begwa dingwaga di le lesome tse di fetileng.” Kwa United States, HIV ke yone thata e  bolayang Baamerika ba dingwaga tse di fa gare ga 25 le 44.

Lekgetlho la ntlha le Tsogang! e neng ya gatisa metseletsele ya ditlhogo tse di buang ka AIDS ka lone e ne e le ka 1986. Ka ngwaga oo, Dr. H. Mahler, yo ka nako eo e neng e le mokaedi wa World Health Organization, o ne a tlhagisa gore batho ba ka nna dimilione di le lesome ba ka tswa ba setse ba na le HIV. Mo e ka nnang dingwaga di le 20 moragonyana, palo ya batho ba ba nang le HIV mo lefatsheng lotlhe e fopholediwa gore e ile ya oketsega ka mo e ka nnang dimilione di le 42, mo go rayang gore e gola makgetlo a le lesome go gaisa kafa palo ya baagi e oketsegang ka gone! Bomankge ba bolela gore go lebega palo eno e tlile go oketsega le mo isagweng. UNAIDS e bega jaana: “Mo dinageng di le 45 tse di amilweng thata ke bolwetse jono, go fopholediwa gore fa gare ga 2000 le 2020, batho ba le dimilione di le 68 ba tla swa pele ga nako ba bolawa ke AIDS.”

Ka ntlha ya palo eno e e tshosang ya batho ba ba tlhasetsweng ke bolwetse jono, ga go ise go ke go direge gore kalafi ya AIDS e tlhokege ka potlako jaana. Ke ka moo babatlisisi ba tsa kalafi ba ileng ba dira ka natla go lwantsha HIV. Ke kgatelopele efe e e setseng e dirilwe malebana le go lwantsha bolwetse jono jo bo bolayang? A go a utlwala go lebelela gore AIDS e tla fedisiwa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 HIV, kgotsa human immunodeficiency virus (baerase e e koafatsang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse mo mothong), e tlhalosiwa e le baerase e e bakang AIDS.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Go fopholediwa gore mo lefatsheng lotlhe batho ba le dimilione di le 42 ba na le HIV/AIDS; dimilione di le 2,5 tsa bone ke bana

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

INDIA Baithaopi ba tsa kalafi ba rutiwa ka AIDS

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Peter Barker/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

BRAZIL—Modirediloago o kgothatsa mosadi yo o tshwerweng ke AIDS

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Sean Sprague/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

THAILAND—Modiri wa moithaopi o tlhokometse ngwana yo o tshotsweng a na le HIV

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Ian Teh/Panos Pictures