Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgotsofatsa Keletso ya Rona ya go Nna le Ditsala

Go Kgotsofatsa Keletso ya Rona ya go Nna le Ditsala

 Go Kgotsofatsa Keletso ya Rona ya go Nna le Ditsala

BUKA ya In Search of Intimacy ya re: “Go jewa ke bodutu ga se bolwetse. Go jewa ke bodutu go tshwana le go tshwarwa ke tlala . . . , ke letshwao la tlholego le le supang gore re tlhoka ditsala.” Fela jaaka re tlhotlheletsega go ja dijo tse di otlang fa re tshwerwe ke tlala, re tshwanetse ra tlhotlheletsega go batla ditsala tse di molemo fa re jewa ke bodutu.

Le fa go ntse jalo, fela jaaka mosadi mongwe yo mosha wa kwa Fora e bong Yaël a bua, “batho bangwe ba itomolola gotlhelele mo bathong ba bangwe.” Mme gone, go itlhaola mo bathong, le fa e ka tswa e le ka lebaka lefe, ga go thuse sepe mme go dira gore re ikutlwe re jewa ke bodutu go feta le fa e le leng pele. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Ka jalo, selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira ke go lemoga gore re tlhoka ditsala, go tswa foo re bo re ikemisetsa go dira sengwe ka gone.

Tsaya Dikgato Tse Di ka Go Thusang go Nna le Ditsala

Go na le gore o ikutlwele botlhoko kgotsa o tswele batho ba go lebegang ba na le ditsala tse dintsinyana kgotsa tse di molemonyana pelo, ke eng fa o sa lwele go nna le boikutlo jo bo siameng, fela jaaka Manuela wa kwa Italy a ile a dira? A re: “Ke ne ke ikutlwa ke kgaphetswe kwa thoko, segolo jang fa ke ne ke le mosha. Ke ne ka lwela go fenya bothata jono ka go leba ka kelotlhoko batho ba ba neng ba na le ditsala tse di molemo. Go tswa foo ke ne ka leka go tlhagolela dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone, gore ke nne motho yo o molemonyana.”

Sengwe se se ka thusang thata ke go itlhokomela mo mmeleng le ka ditsela tse dingwe. Go ja sentle, go ikhutsa le go ikatisa ka tsela e e lekaneng, tsotlhe di ka go thusa gore o lebege sentle o bo o ikutlwe sentle. Fa o le motho yo o ithatang, o le phepa e bile o ipaakanya sentle mo mmeleng, seno se dira gore batho ba bangwe ba itumelele go nna le wena e bile se dira gore le wena o itlotle. Le fa go ntse jalo, o se ka wa wela mo seraing sa go simolola go tshwenyega thata ka ditebego tsa gago. Gaëlle wa kwa Fora a re: “Motho ga a tlhoke go apara diaparo tse di mo fesheneng gore a nne le ditsala tsa mmatota. Se batho ba ba molemo ba se kgatlhegelang ke motho yo o kafa teng.”

Tota e bile, dikakanyo le maikutlo a rona a a kwa teng ke tsone tse di laolang se re buang ka sone, mmogo le tsela e re lebegang ka yone. A o motho yo o lebang botshelo ka tsholofelo? Seno se tla go thusa gore o nne le sefatlhego se se supang gore o itumetse. Go nyenya go tswa pelong go kgatlha tota, mme jaaka moitse mongwe wa mekgwa ya batho e bong Roger E. Axtell a tlhalosa, “go ka dirwa ke mongwe le mongwe mo lefatsheng” e bile “fa o nyenya jalo, batho ba tlhaloganya maikutlo a gago sentle.” * Fa e le gore mo godimo ga moo, o motho yo o ratang go tshega dilo tse di tshegisang, go tla itiragalela fela gore batho ba go rate.

Se lebale gore dinonofo tseno tse di molemo di tswa mo pelong. Ka jalo, dira bojotlhe go tlatsa mogopolo le pelo ya gago ka dikakanyo le maikutlo a a siameng. Bala ka dilo tse di kgatlhang le tse di nang le bokao—ditiragalo tsa bosheng, ditso tse di farologaneng, le dilo tsa tlholego. Reetsa mmino o o lapolosang. Mme gone, o se ka wa letla thelebishene, difilimi, le dibuka gore di tlatse mogopolo wa gago ka dijo tsa ditoro. Botsala jo gantsi bo bontshiwang mo difiliming ga se kafa dilo di leng ka teng mo botshelong jwa mmatota, ga se botsala jwa mmatota, mme ke sengwe fela se se ikakanyeditsweng ke motho.

 Bula Mafatlha a Gago!

Zuleica, yo o nnang kwa Italy, o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke le ditlhong, mme ke fitlhela go le thata go nna le ditsala. Mme gone ke ne ke itse gore fa re batla go nna le ditsala, re tshwanetse go tsaya kgato pele, mme re itlwaetse batho ba bangwe.” Ee, fa re batla go nna le ditsala tsa mmatota, re tshwanetse go bulela ba bangwe mafatlha a rona—re dire gore ba itse gore tota re bomang. Go buisana ka tsela eno le go tlhalosa maikutlo a rona, go thusa thata gore motho a nne le ditsala tsa mmatota go feta go nna montle le go nna motho yo o kgatlhang. Mogakolodi mongwe e bong Dr. Alan Loy McGinnis a re: “Batho ba ba nang le ditsala tse di gaufiufi le tse di nnelang ruri, e ka nna batho ba ba ditlhong le ba ba seng ditlhong, ba bannye le ba bagolo, ba ba sa kgatlheng le ba ba botlhale, ba ba se nang ditebego tse dintle le ba bantle; mme sengwe se ka dinako tsotlhe ba tshwanang ka sone ke gore ba bulela ba bangwe mafatlha. Ba letla gore batho ba bone se se mo pelong ya bone.”

Seno ga se reye gore o tshwanetse go tlhalosetsa mongwe le mongwe maikutlo a gago kgotsa go bua diphiri tsa gago mo bathong ba o ikutlwang o sa gololesega fa o na le bone. Mme gone, seno se raya go tlhalosetsa ba bangwe dikakanyo le maikutlo a gago o le kelotlhoko gore o bua eng e bile o dira jalo kgato ka kgato. Michela wa kwa Italy a re: “Kwa tshimologong, ke ne ke na le bothata jwa go fitlha maikutlo a me. Ke ne ka tshwanelwa ke go dira diphetogo, mme ke leke go senola maikutlo a me go feta pele, gore ditsala tsa me di kgone go tlhaloganya kafa ke ikutlwang ka teng mme di atamalane le nna.”

Le fa ka tlholego fela o ka tswa o le motho yo o ratang batho, go tsaya nako gore batho ba e leng ditsala ba tshepane e bile seno se tlhoka gore ba bo ba kile ba diragalelwa ke dilo dingwe tse di tshwanang. Le fa go ntse jalo, leka gore o se ka wa tshwenngwa thata ke gore batho ba bangwe ba akanyang ka wena. Elisa wa kwa Italy o gakologelwa jaana: “Bothata jwa me e ne e le gore nako le nako fa ke batla go bua sengwe, ke ne ke tshaba gore ga ke na ke bua sentle. Mme ke ne ka akanya jaana, ‘Fa e le gore batho ke ditsala tsa me tsa mmatota, ba tla tlhaloganya.’ Ka jalo fa ke ne ke buile sengwe ka tsela e e sa tshwanelang, ke ne ke itshega, mme mongwe le mongwe o ne a tshega le nna.”

Ka jalo, phuthologa! Nna se o leng sone. Go itira se o seng sone, ga go thuse sepe. Mogakolodi wa malapa F. Alexander Magoun o ne a kwala jaana: “Selo se se dirang gore motho a ratege ke fa a nna se a leng sone.” Batho ba ba itumetseng ka tsela ya mmatota ga ba tlhoke go itira e kete ba itumetse kgotsa go leka go kgatlha batho ba bangwe. Re ka itumelela botsala jwa mmatota fa re nna se re leng sone. Mme le rona re tshwanetse ra letla batho ba bangwe gore ba nne se ba leng sone. Batho ba ba itumetseng ba amogela ba bangwe ka tsela e ba leng ka yone, ga ba tshwenngwe ke makoa a bone a a sa reng sepe. Ga ba bone go tlhokega gore ba fetole ditsala tsa bone gore di dire dilo go dumalana le tsela e bone ba e ratang. Leka ka natla go nna motho yo o ntseng jalo yo o itumetseng, yo o sa tshwayeng ba bangwe diphoso.

Nna Botsalano Gore o Nne le Ditsala

Go na le sengwe sa botlhokwa le go feta se se ka thusang—se e leng sengwe sa konokono. Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Jesu o ne a bontsha gore sengwe se se neng se ka thusa batho botlhe go dirisana sentle ke lorato lo lo se nang boithati. O ne a ruta jaana: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Thuto eno e itsege e le Molao wa Sekagouta. Ee, tsela e le nngwe fela ya go nna le ditsala tsa mmatota ke gore le wena o nne tsala e e pelotshweu e e abang. Ka mafoko a mangwe, fa o batla go nna le ditsala le wena o tshwanetse go nna botsalano. Botsala bo ka atlega fa batho ba akanya ka go aba go feta go amogela. Re tshwanetse ra ikemisetsa go dira gore dilo tse ditsala tsa rona di di tlhokang di tle pele ga dilo tse rona re di ratang le tse re di kgatlhegelang.

Manuela, yo o nopotsweng kwa godimonyana, a re: “Fela jaaka Jesu a ile a bua, go na le boitumelo  jo bogolo mo go abeng. Fa motho a abelwa sengwe o a itumela, mme motho yo o itumelang le go feta ke yo o abang. Re ka aba fela ka go botsa ditsala tsa rona botsogo ka bopeloephepa, ka go leka go tlhaloganya mathata a bone, le ka go ba direla sotlhe se re ka se kgonang re sa emele gore ba re kope.” Ka jalo, tsaya kgato pele go supa gore o kgatlhegela batho ba bangwe, go akaretsa le ditsala tse o setseng o na le tsone. Nonotsha botsala jwa gago le batho ba bangwe. O se ka wa itlhokomolosa ditsala tsa gago ka go fetsa nako e ntsi mo dilong tse di se nang mosola. O tshwanetse go ipha nako ya go nna le ditsala tsa gago. Ruben wa kwa Italy o akgela jaana: “Fa motho a batla ditsala le go dira gore di nnele ruri, go botlhokwa thata gore a iphe nako le tsone. Sa ntlha fela, motho o tshwanetse go ipha nako gore e nne moreetsi yo o molemo. Rotlhe re ka tokafatsa mokgwa wa rona wa go reetsa le go bontsha gore re kgatlhegela se batho ba bangwe ba se buang ka gore re se ka ra ba tsena ganong.”

Tlotla ba Bangwe

Selo se sengwe sa botlhokwa se se ka dirang gore batho ba nne le botsala jo bo itumedisang jo bo nnang lobaka lo loleele ke go tlotlana. Seno se akaretsa go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. A ga o batle gore batho ba e leng ditsala tsa gago ba akanyetse maikutlo a gago e bile ba nne botlhale fa dilo tse ba di ratang kgotsa tsela e ba lebang dilo ka yone e farologane le ya gago? A le wena ga o a tshwanela go ba tshwara ka tsela e e tshwanang?—Baroma 12:10.

Tsela e nngwe ya go bontsha tlotlo ke ka gore re se ka ra manama ditsala tsa rona. Tsala ya mmatota ga e lefufa e bile ga e batle gore o tsalane le yone fela. Baebele e bua jaana mo go 1 Bakorintha 13:4: “Lorato ga lo fufege.” Ka jalo, nna kelotlhoko gore o se ka wa nna le mokgwa wa go batla gore ditsala tsa gago di tsalane le wena fela. Fa ba bulela batho ba bangwe mafatlha, o se ka wa kgopisega kgotsa le e leng go batla go ba tlhokomologa. Lemoga gore rotlhe re tlhoka go pitlologa mo botsaleng jwa rona. Naya ditsala tsa gago sebaka sa gore le bone ba nne le ditsala tse dingwe.

Gape se lebale gore batho ba e leng ditsala tsa gago ba tlhoka nako ya go nna ba le esi. Batho botlhe, go akaretsa le banyalani, ba tlhoka nako ya go nna ba le esi. Le mororo o sa tshwanela go okaoka go tsalana le batho ba bangwe, o tshwanetse go nna tekatekano le go ba akanyetsa, mme o se ka wa fetsa nako e telele thata le ditsala tsa gago mo e leng gore o feleletsa o di lapisa. Baebele e tlhagisa jaana: “Dira gore lonao lwa gago lo ye ka sewelo kwa ntlong ya mongwe ka wena, gore a tle a se ka a go kgora mme a go tlhoa.”—Diane 25:17.

O se Ka wa Lebelela Gore Ga ba Na go Dira Diphoso

Ke boammaaruri gore fa batho ba tlwaelana, yo mongwe o simolola go lemoga makoa mmogo le dinonofo tse di molemo tsa yo mongwe. Le fa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go re thibela go nna le ditsala. Pacôme wa kwa Fora o akgela jaana: “Bangwe ba lebelela dilo tse dintsi thata mo bathong  ba e ka nnang ditsala tsa bone. Ba batla gore ba nne le dinonofo tse di molemo fela, mme seo ga se kgonege.” Ga go na motho ope yo o itekanetseng, mme ka jalo ga re a tshwanela go lebelela gore batho ba bangwe ba itekanele. Re solofela gore ditsala tsa rona di tla re amogela le fa re ka tswa re na le makoa, mme di re itshokele. A le rona ga re a tshwanela go leka go tlodisa makoa a ditsala tsa rona matlho, re sa ba akanyetse gore ba na le makoa mangwe kgotsa re a dira magolo go feta jaaka a ntse? Mokwadi Dennis Prager o re gakolola jaana: “Diruiwa ke tsone fela tse e ka nnang ditsala tse di se nang diphoso (ke gore, tse di se keng di ngongorega, tse di leng lorato ka metlha, tse di se keng di fetofetoga maikutlo, tse di nnang di akantse ka rona fela, le tse di se kitlang di re swabisa le ka motlha).” Fa re sa batle gore ditsala tsa rona tse dikgolo e nne diruiwa, re tshwanetse ra tsaya tsia kgakololo ya ga moaposetoloi Petere ya go letla gore ‘lorato lo bipe maleo a le mantsi.’—1 Petere 4:8.

Go bolelwa gore ditsala di oketsa boitumelo jwa rona mme di fokotsa kutlobotlhoko ya rona. Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore re ka se ka ra lebelela gore ditsala tsa rona di re neye dilo tsotlhe tse re di tlhokang kgotsa di re rarabololele mathata otlhe. Go lebelela seno mo ditsaleng tsa gago e tla bo e le go ikakanyetsa o le esi.

 Ditsala Tse di Ikanyegang Fa go Le Monate Le fa Go le Thata

Fa re setse re na le ditsala, le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya botsala joo motlhofo. Fa batho ba e leng ditsala ba sa bonane kgapetsa, mongwe le mongwe o akanya ka yo mongwe e bile ba a rapelelana. Le fa ba ka kopana sewelo, ba kgona go tsosolosa botsala jwa bone ka bonako. Go botlhokwa gore re nne teng go thusa ditsala tsa rona, segolo jang ka dinako tsa mathata kgotsa fa go na le sengwe se ba se tlhokang. Re tshwanetse go ela tlhoko ka dinako tsotlhe gore ga re nyelele fa ditsala tsa rona di na le mathata. Eo e ka nna nako e ba re tlhokang thata ka yone. “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Mme fa batho ba e leng ditsala tsa mmatota ba na le sengwe se ba sa dumalaneng ka sone, ba itlhaganelela go baakanya dilo le go itshwarelana. Batho ba e leng ditsala tsa mmatota ga ba latlhe ditsala tsa bone fela ka gonne ba na le go nna le mathatanyana le tsone.

Fa o na le maitlhomo a a siameng mme o itlwaetsa batho ba bangwe o na le boikutlo jo bo siameng, seno se ka dira gore o nne le ditsala. Mme gape go botlhokwa go lemoga gore o na le ditsala tsa mofuta ofe. O ka tlhopha ditsala tse di molemo jang? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona le setlhogo se se reng, “Nyenya—Go go Siametse!” mo makasineng wa Tsogang! ya July 8, 2000.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

A Banna le Basadi e ka Nna “Ditsala Fela”?

A monna le mosadi ba ba sa nyalanang e ka nna ditsala? Go ya ka gore re tlhaloganya lefoko “tsala” jang. Jesu e ne e le tsala e kgolo ya ga Marea le Maratha wa Bethani—ba ka bobedi jwa bone ba neng ba sa nyalwa. (Johane 11:1, 5) Moaposetoloi Paulo e ne e le tsala ya ga Perisila le monna wa gagwe Akhwila. (Ditiro 18:2, 3) Re ka tlhomamisega gore batho bano ba ne ba utlwana tota. Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra akanya gore Jesu kgotsa Paulo ba ile ba letlelela gore botsala jono bo fetoge thatano.

Botshelo jwa gompieno bo dira gore banna le basadi ba bereke mmogo go feta le fa e le leng pele, mme go nna botlhokwa thata gore banna le basadi ba itse gore ba tshwanetse go nna ditsala ka tsela efe e e tshwanetseng. Banyalani le bone ba itumelela go nna ditsala le banyalani ba bangwe le batho ba ba seng mo lenyalong.

Makasine wa Psychology Today o tlhagisa jaana: “Ka dinako tse dingwe go ka nna thata tota go farologanya maikutlo a go ratana le a go nna ditsala fela. Boammaaruri ke gore fa monna le mosadi e le ditsala go ka kgonega gore ba simolole go ratana le fa ba ne ba sa ikaelela. Ka tshoganyetso, go tlamparelana fela ga botsala go ka fetoga ga batho e le baratani.”

Go botlhokwa thata gore banyalani ba nne kelotlhoko le go dira ditshwetso tse di siameng. Mokwadi Dennis Prager o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Happiness Is a Serious Problem: “Go tlwaelana thata le batho ba bangwe ba bong bo sele ka ditsela dipe fela, go ka tsenya lenyalo mo kotsing. Go tlhakanela dikobo ga se gone fela go kayang gore batho ba atamalane thata, mme molekane wa gago o na le tshwanelo ya go lebelela gore e nne ene fela tsala ya gago e kgolo ya bong bo sele.” Jesu o ne a bontsha gore fa motho a batla go nna le boitsholo jo bo siameng o tshwanetse go laola se se mo pelong ya gagwe. (Mathaio 5:28) Ka jalo, nna botsalano, mme o dibele pelo ya gago le go tila ka kelotlhoko maemo a a ka dirang gore o nne le dikakanyo le maikutlo a a sa siamang kgotsa o itshware ka tsela e e sa siamang fa o na le motho ope fela wa bong bo sele.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go itlhokomela mo mmeleng le mo tlhaloganyong go dira gore o ratege

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ditsala di bulelana mafatlha