Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seabe sa Gago Jaaka Motsadi

Seabe sa Gago Jaaka Motsadi

 Seabe sa Gago Jaaka Motsadi

PETER GORSKI wa Harvard Medical School a re: “Fa o dira gore ngwana wa gago a ikutlwe a ratiwa, a le mo lelapeng le le kitlaneng, a na le se a se tshelelang e bile o dira gore a batle go nna le kitso, seno se tla godisa boboko jwa gagwe. Seabe sa rona jaaka batsadi ga se go dira gore boboko jwa bana ba rona bo dire ka tsela e bo ka se kang jwa dira diphoso, go na le moo re batla gore e nne batho ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng, ba ba kgonang go akanya sentle le ba ba amegang ka batho ba bangwe.”

A bo e le selo se se itumedisang jang ne mo motsading go bona ngwana wa gagwe a gola go nna motho yo o itshwereng sentle le yo o akanyetsang ba bangwe! Gore o kgone go fitlhelela seno, go ya ka matsapa a o a tsayang go leka go mo tlhomela sekao, go nna tsala ya gagwe, go nna motho yo a kgonang go mmulela mafatlha a gagwe le go nna morutisi. Le fa gone bana botlhe ba tsholwa ba na le bokgoni jwa go dira se se siameng, batsadi ba tshwanetse go nna ba ntse ba ba ruta melao ya boitshwaro fa ba ntse ba gola.

Ke Mang yo o Laolang Tsela e Bana ba Tla Itshwarang ka Yone?

Babatlisisi ba na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le gore ke mang yo o nang le seabe se segolo mo go laoleng tsela e bana ba tla itshwarang ka  yone. Bangwe ba dumela gore tsela e bana ba itshwarang ka yone gantsi e laolwa ke dithaka tsa bone. Mme gone, Dr. T. Berry Brazelton le Dr. Stanley Greenspan, bomankge mo go tsa kgolo ya ngwana, ba dumela gore go botlhokwa thata gore motsadi a simolole ka bopelonomi go thapisa ngwana a sa ntse a le monnye.

Dilo tse di diragalelang ngwana moragonyana mo botshelong le tlhotlheletso ya dithaka tsa gagwe di tla tlaleletsa mo go goleng ga ngwana. Go botlhokwa gore mo lelapeng bana ba bontshiwe gore ba a tlhaloganngwa le gore ba utlwelwa botlhoko. Gape ba tshwanetse go rutiwa go laola maikutlo a bone sentle. Bana ba ba thusiwang jalo gantsi ba kgona go dirisana sentle le batho, ba kutlwelobotlhoko e bile gape ba pelonomi.

Go thapisa ngwana go tloga fela fa a sa le lesea ga se kgetsi e potlana. Gore lo atlege—segolobogolo fa lo sa tswa go nna batsadi—go molemo gore lo kope kgakololo ya ba bangwe ba ba nang le maitemogelo go lo feta mme morago ga moo lo bo lo dirisa kgakololo eo. Bomankge ba kwadile dibuka di le dintsi tse di buang ka go godisa bana. Gantsi se ba se bolelang se tshwana le kgakololo e e ikanyegang e e fitlhelwang mo Baebeleng. Ka go dirisa melaometheo eno e e molemo ya Lefoko la Modimo, batsadi ba ile ba thusiwa gore ba godise bana ba bone sentle. Akanya ka kaelo e e molemo e e latelang.

Bontsha Lorato ka Bopelotshweu

Bana ba tshwana le dimela tse di sa ntseng di le dinnye tse di kgonang go gola sentle fa di tlhokomelwa ka metlha le ka lorato. Metsi le letsatsi di otla semelanyana seno di bo di dira gore se gole sentle se tsepame. Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba ba bolelelang bana ba bone gore ba a ba rata e bile ba ba bontsha lorato le ka ditsela tse dingwe ba tla dira gore bana ba bone ba gole sentle mo tlhaloganyong le mo maikutlong le gore ba tsepame.

Baebele ya re: “Lorato . . . lo a aga.” (1 Bakorintha 8:1) Batsadi ba ba bontshang bana ba bone lorato ka bopelotshweu, tota ba a bo ba etsa Mmopi wa bone, e bong Jehofa Modimo. Baebele e bolela gore ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a utlwa lentswe la ga Rraagwe, a bolela gore o a mo amogela e bile o a mo rata. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa kgothatsa Jesu thata, le fa tota a ne a godile!—Luke 3:22.

Lorato lo o mmontshang lone, dikgang tse o mmalelang tsone pele ga a robala le e leng metshameko e o e tshamekang le ene di botlhokwa thata mo go goleng ga ngwana wa gago. Dr. J. Fraser Mustard a re: ‘Sengwe le sengwe se ngwana a se dirang o a bo a ithuta sengwe mo go sone. Fa ngwana a ithuta go gagaba, tsela e o mo kgothatsang ka yone le go tsibogela seno ka yone e botlhokwa thata.’ Lorato le tlhokomelo tse o mo nayang tsone jaaka motsadi wa gagwe di mo thusa go gola sentle le gore a nne motho yo o godileng yo o nang le maikarabelo.

Nna Tsala Mme o Tlotle le Ene

Go ipha nako le bana ba gago go a lo kitlanya. Mo godimo ga moo, go ba thusa go  tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go tlotla le batho. Dikwalo di kgothaletsa dikamano tsa mofuta ono—mo lelapeng, mo mafelong a mangwe le ka nako nngwe le nngwe e e tshwanelang.—Duteronome 6:6, 7; 11:18-21.

Bomankge ba tsa kgolo ya bana ba dumela gore nako e batsadi ba e fetsang ba na le bana ba bone e botlhokwa thata go gaisa ditshamekisi tse di turang kgotsa go dira sengwe se se rileng. Go dira dilo mmogo le bana ba gago letsatsi le letsatsi go ka go naya tshono ya go nna le bone. Ka sekai, go ya kwa parakeng le bone gore lo bogele tlhago go ka thusa batsadi go botsa bana ba bone dipotso tse di ba thusang go akanya e bile go ka dira gore ba kgone go tlotla mmogo.

Dikwalo di bolela gore go na le “nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:1, 4) Ee, go itshamekela fela ga ngwana go tlhokega thata go mo thusa go gola mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo tseleng e a dirisanang le ba bangwe ka yone. Go ya ka Dr. Mustard, go tshameka le ngwana ga go mosola fela mo ngwaneng mme gape go botlhokwa fela thata. A re: “Ditselana tse di fetisang melaetsa mo bobokong jwa ngwana di gola gore di kgone go dira ditiro tse di farologaneng mme di godisiwa thata ke fa bana ba tshameka.” Ngwana a ka nna a itshamekela fela ka ditshamekisi tsa maitirelo, tse di jaaka lebokose le le se nang sepe. Dilwana fela tse di tlwaelegileng tsa mo ntlong, tse di se kitlang di mo gobatsa, di ka kgatlha ngwana fela jaaka ditshamekisi tsa maemo a a kwa godimo le tse di turang. *

Bomankge ba dumela gore fa batsadi ba tlhola ba ntse ba rulaganya sengwe le sengwe fela se bana ba tshwanetseng ba se dira, seno se ka dira gore bana ba se ka ba kgona go ikakanyetsa le go itlhamela dilo. Go molemo go dira dilo ka tekatekano. Tlogela ngwana wa gago a iponele dilo ka boene o bo o mo letle gore a iponele ka boene gore o na le bokgoni jo bo kana kang. Gantsi ngwana o tla bona sengwe se a tla intshang bodutu ka sone. Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore ga o tlhole o tlhoka go itse gore ngwana wa gago o dirang le gore o tshameka kae gore a se ka a ikgobatsa.

Iphe Nako le Ene

Go ruta ke karolo ya botlhokwa thata mo go thapiseng le mo go godiseng bana ba ba itshwereng sentle. Batsadi ba le bantsi ba ipha nako letsatsi le letsatsi ya go balela bana ba bone sengwe. Seno se ba naya tshono ya gore ba ba rute tsela e e siameng e ba tshwanetseng go itshwara ka yone, le go ba ruta melao ya boitshwaro go ya ka se Mmopi wa rona a se bolelang. Baebele e bolela gore morutisi yo o ikanyegang le morongwa Timotheo o ne a “itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng.”—2 Timotheo 3:15.

Go balela lesea la gago go ka rotloetsa ditselana tsa gagwe tsa melaetsa. Selo sa botlhokwa ke gore motho yo o balang o tshwanetse a bo a le kelotlhoko e bile a amega ka ngwana. Linda Siegel, yo e leng porofesa wa thuto, o tlhagisa jaana malebana le se se balelwang bana: “E tshwanetse go nna tshedimosetso e ngwana  a tla e itumelelang.” Gape, leka go mmalela ka metlha e bile e le ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi. Fa o dira jalo ngwana o simolola go tlhologelelwa nako eno.

Go ruta go akaretsa le go otlhaya. Bana ba ka solegelwa molemo ke go otlhaiwa ka lorato. Diane 13:1 ya re: “Morwa o botlhale fa go nang le kotlhao ya ga rre gone.” Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore kotlhao e akaretsa dilo di le dintsinyana. Ka sekai, o ka nna wa otlhaya ngwana ka go mo kgalemela kgotsa go mo tima ditshiamelo dingwe kgotsa ka ditsela tse dingwe. Dr. Brazelton, yo o nopotsweng pelenyana, a re kotlhao ke “go ruta ngwana go laola maikutlo a gagwe le gore a se ka a itshwara ka tsela e e sa siamang. Ngwana mongwe le mongwe o lebeletse gore a beelwe dithibelo. Kotlhao ke selo sa bobedi se se botlhokwa thata mo ngwaneng mo godimo ga go mmontsha lorato.”

Wena jaaka motsadi o ka tlhomamisa jang gore kotlhao ya gago e nna le matswela a a molemo? Sa ntlha, bana ba gago ba tshwanetse ba itse lebaka la go bo ba otlhaiwa. Fa o ba kgalemela, dira jalo ka tsela e e tla dirang gore ba lemoge gore o motsadi yo o amegang ka bone le yo o ba ratang.

Maiteko a a Atlegang

Fred ke mongwe wa borrabana yo o neng a itlwaeditse go balela morwadie pele ga a robala go tloga fela fa a sa le lesea. Fa nako e ntse e ya, o ne a kgona go lemoga gore o ne a tshwere bontsi jwa dikgang tse a neng a mmalela tsone ka tlhogo e bile o ne a tsamaisana le ene fa a bala, a kgona go lemoga mafoko le medumo e e tsamaisanang le one. Chris ke motsadi yo mongwe yo le ene a neng a tlhagafaletse go balela bana ba gagwe. O ne a leka go fetofetola tshedimosetso e a e balang. Fa bana ba ne ba sa ntse ba le bannye o ne a dirisa ditshwantsho tse di mo bukeng ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela go ba ruta melao ya boitshwaro le dilo tsa semoya. *

Batsadi ba bangwe ba ile ba lekalekanya go bala le go dira dilo tse dingwe tse di farologaneng—go taka ditshwantsho, go penta, go tshameka mmino, go etela mafelo a a kgatlhang a a jaaka serapa sa diphologolo lo le lelapa. Dinako tseno e ka nna tsone ditshono tsa go ruta bana dithuto tsa botlhokwa le go tsenya mo dipelong le mo megopolong ya bone e e sa ntseng e rutega motlhofo, melao e e siameng ya boitshwaro le tsela e ba tshwanetseng go itshwara ka yone.

A tiro eno yotlhe le matsapa di na le mosola? Batsadi ba ba dirang bojotlhe jwa bone go dirisa dikakantsho tseno tse di molemo ba le mo tikologong e e nang le kagiso le e e babalesegileng gantsi bana ba bone ba gola ba na le boikutlo jo bo siameng. Fa o thapisa bokgoni jwa bana ba gago jwa go akanya le go dira gore ba kgone go buisana le ba bangwe ba sa le bannye, o tla ba thusa thata gore ba itshware sentle le gore ba rate dilo tsa semoya.

Baebele e ne ya bolela sentle jaana makgolokgolo a dingwaga a a fetileng mo go Diane 22:6: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” Ruri batsadi ba na le seabe sa botlhokwa thata mo go thapiseng bana. Bontsha bana ba gago lorato ka bopelotshweu. Iphe nako le bone, ba thapise o bo o ba rute. Go dira jalo go tla dira gore wena le bana ba gago lo itumele.—Diane 15:20.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng “African Toys for Free,” (Ditshamekisi Tsa Seafrika Tsa Mahala) se se mo makasineng wa Tsogang! wa March 22, 1993 (ka Seesemane).

^ ser. 23 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Buka e nngwe, Ithute mo Morutising yo Mogolo, e le yone e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e dirisiwa ka tsela e e mosola go ruta bana ba bannye.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Go Tshameka le Lesea la Gago

▪ Masea ga a kgone go tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe ka lobaka lo loleele, ka gone tshameka le one fa fela go lebega a itumelela go dira jalo.

▪ Fa e le gore go dirisiwa ditshamekisi, tlhomamisa gore ga di kotsi le gore ke tse ngwana a ka kgonang go ithuta dilo ka tsone.

▪ Tshameka metshameko e e dirang gore go nne le sengwe se se diregang. Masea a itumela fa a bona a dira gore o dire selo se le sengwe gantsintsi, jaaka go sela setshamekisi se ba se digelang fa fatshe.

[Motswedi wa Setshwantsho]

E tserwe go tswa go: Clinical Reference Systems

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dikakantsho Malebana le go Balela Ngwana wa Gago

▪ Bua ka tsela e e utlwalang sentle o bo o bitse mafoko sentle. Ngwana o ithuta puo ka go reetsa fa batsadi ba bua.

▪ Mo baneng ba bannye thata, supa batho le dilo tse di takilweng mo dibukeng o bo o di bitsa ka maina.

▪ Fa ngwana a setse a godile, tlhopha dibuka tse di buang ka ditlhogo tse a ratang go bua thata ka tsone.

[Motswedi wa Setshwantsho]

E tserwe go tswa go: Pediatrics for Parents

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Iphe nako ya boitlosobodutu jo bo itumedisang le bana ba gago