Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lwantsha Bokima jo bo Feteletseng—A ke Selo Se o Ka se Tseelang Matsapa?

Go Lwantsha Bokima jo bo Feteletseng—A ke Selo Se o Ka se Tseelang Matsapa?

 Go Lwantsha Bokima jo bo Feteletseng—A ke Selo Se o Ka se Tseelang Matsapa?

TSOGANG! e ne ya botsolotsa batho ba le mmalwa ba ba ntseng ba lwantshana le bothata jono jwa go nna bakima thata. A ba ne ba atlega? Ba akantsha gore batho ba bangwe ba ba nang le bothata jono ba direng?

E re re botse Mike, yo o nang le dingwaga di le 46, a le boleele jwa dimetara di le 1,83 mme gone jaanong a le boima jwa dikilogerama di le 130. Ka nako nngwe o ne a fitlhile go dikilogerama di le 157.

Mike: “Tota le fa ke ne ke sa le mosha, ke ne ke le mokima. Go mo lelapeng—nkgonne le bokgaitsadiake ba bakima botlhe. Fa re ja re ne re se ke re sadisa sepe mo poleiting, le fa e ne e ka tlala jang. Ke eng se se dirileng gore ke fetole tsela e ke jang ka yone? Ngaka e ne ya mpolelela gore ke mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri! Kgang ya gore ke tlile go tshela ka go nna ke itsenya insulin botshelo jotlhe jwa me e ne e ntshosa tota. Gape ke ne ke na le kholeseterole e ntsi thata mme ke tshwanelwa ke go e nwela ditlhare.

“Tiro e ke neng ke e dira e ne e le ya go nna thata fa fatshe, mme ke sa ntse ke dira yone tiro eo. Ka jalo, e le gore ke kgone go itshidila mmele, ke na le thulaganyo e ke e latelang ka metlha ya go ikatisa, e e akaretsang go dirisa motšhini wa go itshidila sebaka sa halofo ya ura bobotlana gararo ka beke. Kgato e e latelang e ne ya nna go kwala se ke se jang letsatsi le letsatsi. Go itse gore ngaka e e tlhokomelang se ke se jang e ne e tlile go batla go bona lenaane la dilo tse ke di jang beke le beke go ne ga nthusa gore ke itshware. Ke ne ka akanya ka re, ‘Fa o sa ja selo, ga o tlhoke go se kwala!’

“Ka ntlha ya moo, ke fokoditse mmele ka dikilogerama di le 28 mo dikgweding di le 15 tse di fetileng, le mororo gone ke sa ntse nka rata go fokotsa gape, ka gonne ke batla go fitlha go dikilogerama di le 102. Gore ke kgone go fitlhelela seno, ke fokoditse dijo tse di sa otleng, ditšhipisi, le dijo tse di nontshang. Mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng ke jele salate le merogo e mentsi go feta e ke e jeleng botshelo jotlhe jwa me pele ga moo!

“Selo se sengwe se se dirileng gore ke tseye kgato ka bonako ke gore ka jaana ke le motho yo o kgweetsang dilori, ke tshwanelwa ke  go tlhatlhobiwa ke ngaka ngwaga le ngwaga gore ke kgone go tsosolosa laesense ya me. Ke ne ke le mo kotsing ya go latlhegelwa ke laesense ya me ka gonne go ne go twe ke tloga ke nna le bolwetse jwa sukiri. Jaanong dilo di fetogile. Ga ke tlhole ke tlhoka go nwa ditlhare gore ke laole kholeseterole ya me. Haebolate ya me ga e tlhole e le maswe, e bile ga ke tlhole ke e nwela ditlhare tse dintsi jalo. Ke na le maikatlapelo, e bile ga ke tlhole ke tshwenngwa ke mokwatla jaaka pele. E bile ka iketlo ke a tswa mo setlhopheng sa batho ba bakima ka tsela e e feteletseng!”

Tsogang!: “A mosadi wa gago o kgona go dira sengwe go go thusa go fokotsa mmele?”

Mike: “Fa o lwantshana le go nna mokima, o tlhoka mongwe yo o tla go tshegetsang. Mosadi wa me o ne a tle a itheye a re o mpontsha lorato ka go dira gore ke nne ke kgotse ka metlha. Mme jaanong o nthusa go laola se se mo poleiting ya me. Ga nkake ka bo ka repisa letsogo mo ntlheng eno ka gonne fa nka le repisa, go ise go ye kae ke tla bo ke nonne gape.”

Akanya ka monna yo mongwe yo le ene a bidiwang Mike, go tswa Kansas, U.S.A. O na le dingwaga di le 43 mme o boleele jwa dimetara di le 1,73. Re ne ra mmotsa gore boima jwa gagwe jwa mmele bo ne jwa fitlha kae le gore ke eng se se neng sa dira gore a nne mokima jalo.

Mike: “Bo ne jwa feleletsa bo fitlhile go dikilogerama di le 135. Ke ne ke tlhola ke lapile e bile ke se na maikatlapelo a go dira sepe fela. Ke ne ke sa kgone go robala ka gonne ke ne ke sa kgone go hema. Ka jalo, ke ne ka ya kwa ngakeng, mme o ne a bona gore sengwe sa dilo tse di dirang gore ke nne mokima jaana ke go hupelwa fa ke robetse. * Gape o ne a lemoga gore ke na le haebolate.”

Tsogang!: “Ke eng se se neng sa go thusa go baakanya bothata jwa gago?”

Mike: “Ngaka e ne ya laela gore ke dirise motšhini o o bulang mafatlha gore mowa o kgone go tsena fa ke robetse. Ka tsela eo mometso wa me ga o tswalege mme ke kgona go hema ka tsela e e tlwaelegileng. Ka ntlha ya moo, ke ne ke kgona go nna matlhagatlhaga motshegare mme ka simolola go fokotsa le mmele. Gape ke ne ka simolola go dirisa motšhini wa go itshidila gararo ka beke. Ke ne ka fokotsa selekanyo sa me sa dijo, mo go neng go raya gore ke ele tlhoko selekanyo sa dijo tse ke di jang e bile ke se ka ka ne ke itsholela gape morago ga go ja poleiti ya ntlha. Gone jaanong ke fokoditse mmele ka dikilogerama di le 20 mo sebakeng se se fetang ngwaga go le gonnye fela, mme ke sa ntse nka rata go fokotsa gape ka dikilogerama tse dingwe tse 20. Go tsamaya ka iketlo, mme gone ke a itse gore nka kgona.”

Tsogang!: “Selo se sengwe se se dirileng gore o batle go fokotsa mmele ke eng?”

Mike: “Ga go monate fa batho ba ntse ba bua dilo tse di sotlang le tse di maswe ka tsela e o lebegang ka yone. Batho ba na le go akanya gore o dirwa fela ke gore o setshwakga. Ga ba lemoge gore bokima bo bakwa ke dilo tse dintsi. Ke dumela gore mo go nna, bongwe jwa bothata ke gore ke gotsitse bothata jono go tswa mo batsading ba me ka gonne ba le bantsi mo lelapeng la gaetsho ba bakima.

“Le fa go ntse jalo, ke a dumela gore go fokotsa mmele, ke tshwanetse go nna ke tlhagafetse ke bo ke ele tlhoko thata se ke se jang.”

Gape Tsogang! e ne ya botsolotsa Wayne wa kwa Oregon, yo o nang le dingwaga di le 38. Fa a ne a na le dingwaga di le 31, o ne a na le boima jwa dikilogerama di le 112.

Wayne: Tiro ya me e ne e le tiro e e dirang gore ke nne fela fa fatshe mme ke ne ke sa itshidile mmele. E  ne ya re fa ke ya kwa ngakeng ke ne ka tshoga go utlwa gore ke ne ke na le haebolate mme ke ne ke le mo kotsing ya go tshwarwa ke pelo. O ne a nthomela kwa ngakeng e nngwe e e berekang ka dijo le dikotla mo dijong. Ngaka eno e ne ya dira gore ke nne le thulaganyo e e gagametseng ya go ikatisa le go laola se ke se jang. Ke ne ka simolola go tsamaya dikilometara di le tlhano ke sa kgaotse letsatsi le letsatsi, mme ke ne ke tsoga moso mongwe le mongwe go ikatisa. Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta sesha go ja le go nwa sentle. Ke ne ka fokotsa dijo tse di sa otleng mmele le go fokotsa borotho le dinotsididi, mme ka oketsa maungo le merogo e ke e jang. Gone jaanong ke fologetse go dikilogerama di le 80!”

Tsogang!: “O bone go go tswela mosola jang?”

Wayne: “Ke utlwa ke itekanetse sentle jaanong e bile ke utlwa e kete jaanong ke a tshela gape. Pele go ne go ntse fela jaaka e kete botshelo jwa me bo tshwere fela ka bobi jwa segokgo, e kete ga go na kwa ke yang teng. Molemo o mongwe ke gore ke kgonne go tlogela ditlhare tsa haebolate. Mme jaanong ke kgona go leba batho mo matlhong, ke itse gore ga ba ye go nna ba bua sengwe sa go sotla ka ntlha ya bokima jwa me.”

Charles (ga se leina la gagwe la mmatota) o boleele jwa dimetara di le 1,96. Ka nako ya fa a ne a le mokima thata, o ne a na le dikilogerama di le 168.

Charles: “Ke ne ke lwaletse ruri, mme ke sa fole. Ke ne ke sa kgone go tlhatloga ditepisi. Ke ne ke se na maikatlapelo a ke neng ke a tlhoka go dira tiro ya me. Ke dira tiro e e dirang gore ke nne ke ntse fela fa fatshe, mme tiro ya me e batla gore ke dire dipatlisiso e bile ke ya maikarabelo. Ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira sengwe ka bokima jwa me, bogolo jang fa ke sena go bona ngaka. O ne a mpolelela gore ke ne ke tlile go tshwarwa ke seterouku. Ke bone se seterouku se se dirang mo mothong. Seno se ne sa dira gore ke bone gore ke tshwanetse go dira sengwe. Ngaka ya me e ne ya dira gore ke nne le thulaganyo e e gagametseng ya go ikatisa a dirisa motšhini wa go itshidila mmele, mme ke ne ka newa le thulaganyo e e gagametseng ya go ja. Gone jaanong, morago ga mo e ka nnang ngwaga, ke na le boima jwa dikilogerama di le 136, mme ke a itse gore ke tshwanetse go fokotsa gape. Melemo e ke e boneng e dira gore ke bone gore ga se go ithontsha dilo ga lefela fela, e bile ga se matsapa a bophiri. Gone jaanong ke kgona go pagama ditepisi, e bile ke na le maikatlapelo.”

Marta, yo o simolotseng a le kwa El Salvador, ka nako nngwe o kile a bo a na le boima jwa mmele jwa dikilogerama di le 83. Mo go neng go raya gore o mokima thata ka a ne a le boleele jwa dimetara di le 1,65.

Marta: “Ke ne ka ya ngakeng, mme o ne a akantsha gore ke simolole go fokotsa mmele. Ke ne ke tlotla maikutlo a gagwe ka e ne e le motho yo o nang le kitso ka dilo tseno. O ne a nthomela kwa ngakeng e nngwe e e berekang ka dijo le dikotla tsa tsone mo mmeleng. Ngaka eno e ne ya ntlhalosetsa mabaka a go bo ke tshwanetse go latela thulaganyo e a tlileng go nnaya yone. O ne a mpontsha gore nka dira jang go lekanyetsa le go laola se ke se jang. Kwa tshimologong, ke ne ke tshwanelwa ke go ya kwa go ene beke le beke gore a bone gore ke dira jang; moragonyana, ke ne ke ya kgwedi nngwe le nngwe. Dingaka tseno ka bobedi di ne tsa nkakgolela kgatelopele e ke e dirileng. Kgabagare ke ne ka fokotsa mmele ka dikilogerama di le 12, mme gone jaanong ke eme mo dikilogerameng di le 68.”

Tsogang!: “Go tweng ka go ikatisa le go nwa ditlhare?”

Marta: “Ke ne ke se na bothata jwa kholeseterole, mme ke ne ke sa tlhoke go nwa ditlhare. Ke ne ka simolola mokgwa wa go tsamaya ka go gwanta letsatsi le letsatsi.”

Tsogang!: “O ne o dira jang fa o etetse ditsala tsa gago mme di go patelela gore o je go feta se se tlwaelegileng?”

Marta: “Ke ne ke ba raya fela ke re, ‘Ngaka ya me e batla gore ke latele thulaganyo eno ya go ja gore ke se ka ka lwala,’ mme gantsi fa ke ba reile jalo ga ba mpateletse go ja.”

Ka gone fa o nonne kgotsa o le mokima thata, o ka dirang ka gone? Polelo eno e bua boammaaruri, “Fa motho a ikemiseditse, a ka kgona.” A o ikemiseditse go dira sengwe ka bokima jwa gago? Fa o le ngwana kgotsa mogolo yo mokima, ke eng se o ka se dirang? O ka fokotsa mmele, kgotsa wa fokotsa dingwaga tsa gago mo botshelong. Tshela botshelo jo bo dirang gore o nne o tlhagafetse, mme o itumelele go bona se o kgonang go se fitlhelela—tota le mo dilong tse dinnye, tse di tshwanang le go apara saese e nnye ya diaparo!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka bothata jwa go hupelwa fa o robetse bona Tsogang! ya February 8, 2004, tsebe 28-30.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

A go dirwa karo ya “liposuction” e ka nna yone tharabololo mo go wena?

Liposuction ke eng? Dikishinare nngwe e e tlhalosa e re: “Gantsi ke karo e e dirwang go fetola dipopego tsa motho, e mo go yone dithishu tse dintsi tsa mafura di ntshiwang mo karolong nngwe ya mmele, e e jaaka mo diropeng kgotsa mo mpeng, ka go di monya. Gape mokgwa ono wa karo o bidiwa lipectomy.” (American Heritage Dictionary) Le fa go ntse jalo, a seo se raya gore o a bo o alafile bothata jwa go nna mokima ka tsela e e feteletseng?

Mayo Clinic on Healthy Weight ya re liposuction ke karo e e dirwang go ntlafatsa dipopego tsa motho. Ga se selo se se diretsweng go fokotsa mmele. Go gopiwa disele tsa mafura mo mmeleng go dirisiwa tšhupu e tshesane e e tsenngwang mo tlase ga letlalo. Mo karong e le nngwe fela go ka ntshiwa dikilogerama di le mmalwa tsa mafura. Le fa go ntse jalo, “karo eno ga se go alafa bothata jwa go nna mokima ka tsela e e feteletseng.” A ke mokgwa o o se nang kotsi? “Batho ba ba nang le mathata mangwe a go nna bakima, go akaretsa le ba ba nang le bolwetse jwa sukiri le malwetse a pelo, ba itsenya mo kotsing ka karo eno ya liposuction.”