Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokima jo bo Feteletseng—Ke Eng Se se Bo Bakang?

Bokima jo bo Feteletseng—Ke Eng Se se Bo Bakang?

 Bokima jo bo Feteletseng—Ke Eng Se se Bo Bakang?

“Re mekamekana le bothata jo bo ka nnang jwa tsenya boitekanelo jwa bana ba rona mo kotsing e e seng kana ka sepe. Fa go sa tsewe kgato gone jaanong go leka go bo thibela, bothata jwa batho ba bakima ka tsela e e feteletseng ga bo na go tsamaya bo fela.”—William J. Klish, porofesa yo o dirang ka malwetse a bana.

GANTSI batho ba ba se nang bothata jwa go nona ba na le go atlhola batho ba ba nonneng le ba bakima ba re ba dirwa ke gore ba itlogeletse fela kgotsa ga go na se se ba tlhotlheletsang go itlhokomela. A mme gone go motlhofo fela jalo? A batho ba bakima thata ba dirwa fela ke gore ba itsemeletsa thata e bile ga ba batle go dira sepe? Kgotsa a go ka direga gore mo makgetlhong a mantsi go a bo go na le mabaka a mangwe a a masisi a go leng boima go a laola?

A go Bakwa ke Dijini, Tikologo, Kgotsa ke Tsone Tsoopedi?

Buka ya Food Fight e bolela jaana: “Ka lobaka lo loleele go ntse go na le kganetsano malebana le gore mo gare ga dijini le tikologo, ke eng se se bakang bokima jo bo feteletseng jwa mmele.” Fa go buiwa ka dijini mo ntlheng eno go tewang? Bangwe ba dumela gore ka tlholego fela mmele wa motho o kgona go boloka dikilojoule tse di oketsegileng tse o tla di dirisang nako nngwe fa o di tlhoka mo isagweng. Yone buka eno e tswelela jaana: “Ka masomesome a dingwaga go ile ga nna ga ithutiwa tsela e dijini tse di bakang bokima jo bo feteletseng di bopegileng ka yone. . . . Gone jaanong go setse go dirilwe dipatlisiso tse dintsi thata ka dijini tsa batho le bokima jo bo feteletseng. Go dirisiwa mekgwa e e raraaneng thata ya boranyane go bona dijini tse di dirang gore batho ba nne bakima le gore ba nne le malwetse a a tshwanang le a sukiri. Go ya ka baitsesaense, dijini ke tsone di bakang diperesente di le 25 go ya go di le 40 tsa mefuta e e farologaneng ya boima jwa mmele jwa batho ka kakaretso.” Buka eno e tswelela jaana: “Fa go lejwa ntlha ya gore gantsi fa motho a le mokima thata ga twe ke ka gonne o itlogeletse fela, dipalopalo tseno di gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng go itse kafa mmele o berekang ka teng, mme le fa go ntse jalo, diperesente di le 60 kgotsa go feta tsa se se bakang bokima mo mmeleng go tsewa e le tikologo.” Seno se raya gore selo se segolo thata se se bakang bokima jo bo feteletseng e sa ntse e le tsela e motho a tshelang ka yone. A motho o ja dikilojoule tse dintsi  thata go feta tse a di dirisang letsatsi le letsatsi? A ka metlha o ja mofuta o o sa siamang wa dijo? A o ipha nako letsatsi le letsatsi ya go ikatisa mo go lekaneng?

Tliliniki ya Mayo e dirisa mafoko ano a a sa raraanang go tlhalosa se se bakang bokima jo bo feteletseng: “Dijini e ka nna ya bo e le tsone tse di simololang di dira gore motho a none kgotsa a nne mokima ka tsela e e feteletseng, mme gone se se salang ke gore boima jwa mmele wa gago bo laolwa ke se o se jang le se o se dirang. Fa nako e ntse e ile, go ja [dikilojoule] tse dintsi, go tshela botshelo jwa go tlhola o ntse fela fa fatshe o sa dire sepe, kgotsa go dira dilo tseno ka bobedi go dira gore motho a feleletse a le mokima ka tsela e e feteletseng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) One motswedi ono wa tshedimosetso o oketsa jaana: “Dilo tse o di gotsitseng ga di reye gore o tshwanetse go nna mokima. . . . Le fa dijini tsa gago  di ka tswa di ntse jang, kgabagare se o tlhophang go se ja le go se dira ke sone se se tla laolang gore a o tla nna mokima kgotsa nnyaa.”

Dikgwebo tse di thusang batho go fokotsa mmele di dira madi a mantsintsi ka jaana batho ba bakima ba ikemiseditse go dira le fa e le eng se ba ka se dirang go boela gape kwa mmeleng o ba neng ba na le one. Le fa go ntse jalo, bomankge ba reng ka dithulaganyo tseno? Buka ya Food Fight ya re: “Go boima tota go dira gore motho yo mokima a fokotse mmele, mme batho ba le bantsi ba ba kgonang go o fokotsa ga ba kgone go ipoloka ba le mo seemong seo. Go lekanyetswa gore ke bobotlana diperesente di le 25 [a le mongwe mo go ba le banè] tse di kgonang go fokotsa boima jwa mmele ba bo ba ipoloka ba le mo seemong seo, mme e bile gantsi go ba tlhoke go leka gantsinyana.”

Dikotsi Tsa Bokima jo bo Feteletseng

Go nna mokima ka tsela e e feteletseng go ka dira gore motho a feleletse a na le mathata a le mantsi a botsogo. Dr. Scott Loren-Selco, yo e leng ngaka e e alafang malwetse a boboko kwa University of Southern California Medical Center, o tlhagisa ka kotsi ya bolwetse jwa sukiri jwa Type 2 mo bathong ba ba sa leng babotlana, ba bakima ka tsela e e feteletseng. (Bona Tsogang! ya May 8, 2003.) A re: “Jaanong re bona bothata jono ka dinako tsotlhe, mme ke a go bolelela, bo a tshosa. Ke bolelela [batho ba ke ba alafang ba bakima] gore nka nna ka ba isa kwa dikamoreng tsa bookelo tsa batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri go ba bontsha fela se se ka nnang sa direga ka bone: batho ba ba difofu, ba ba kgaotsweng dikarolo dingwe tsa mmele, le ba bangwe ba bantsintsi ba ba golafetseng gotlhelele ka gonne ba na le [bolwetse jwa sukiri] jwa type 2—e bile botlhe ba le bakima thata.” Ke eng se se bakang bothata jono? Loren-Selco a re: “Ba kgona go reka dibanse tse dikgolo tse ba di jang ka nama le ditšhipisi—mme fa ba di batla ba a di newa. Ga go na ope yo o ba bolelelang gore seno se phoso—nnyaa, dikhampani tse di dirang dijo tseno ga di na go ba bolelela, mme tota le dingaka di le dintsi, ka di sa rutiwa sepe ka dijo tse di otlang.”

Dr. Edward Taub, mokwadi yo o itsegeng thata wa dibuka tse di buang ka dijo, o bolela jaana: “Gone jaanong e setse e le selo se se mo fesheneng, e bile e le se se amogelegang, go dumela gore go nna mokima ke selo fela se se tlwaelegileng le se se amogelegang mo botshelong jwa gompieno. Eleruri eno ke phitlhelelo e kgolo thata e e dirilweng mo setšhabeng, e dirwa ke dikgwebo tse di itshedisang ka go re nontsha.”

Bomankge ba re batho ba ba nang le mafura a mantsi mo dinokeng, ba botokanyana go feta ba ba nang le mafura a mantsi mo dimpeng (bogolo jang fa letheka la bone le feta disentimetara di le 90 go ya go 100). Ka ntlha yang? Buka ya Mayo Clinic on Healthy Weight, ya re ke ka gonne “mafura a a mo mpeng a ka dira gore o nne le haebolate, o nne le bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo, bolwetse jwa sukiri, seterouku le mefuta mengwe ya kankere. Fa o na le mafura a mantsi mo dinokeng—o na le dinoka tse dikgolo, dirope le marago a magolo—ga o mo kotsing go le kalo.”

Ka jalo, ke eng se se ka thusang dimilionemilione tsa bagolo le bana ba bakima lefatshe ka bophara e bile ba le mo kotsing ya go tsenwa ke malwetse? A go na le se se ka ba thusang?

[Lebokoso/Tšhate mo go tsebe 13]

BMI ke eng? Ke eng se e go bolelelang sone?

BMI (body mass index [sesupa boima jwa mmele]) ke selo se se dirisiwang go lekanya boleele le boima jwa motho go bona gore a o mokima fela kgotsa a o bokima jo bo feteletseng. Go ya ka se se buiwang ke Tliliniki ya Mayo, fa BMI ya motho e bontsha gore o magareng ga 18,5 le 24,9 go raya gore o itekanetse sentle. Fa BMI ya gago e le magareng ga 25 le 29,9, go raya gore o mokima. Fa BMI ya gago e fetile 30 go tsewa gore o mokima ka tsela e e feteletseng. Ya gago e fitlha kae fa e bapisiwa le tšhate eno? A kgotsa gongwe o tlhoka go bona ngaka ya gago gore e go neye dikakantsho dingwe kgotsa go tlhola gore wena o mo boemong bofe?

Fa o batla go bona gore BMI ya gago e fitlha kae, fa o dirisa dikilogerama, tsaya boima jwa mmele wa gago, o arole palo eo ka palo ya boleele jwa gago ka dimetara, go tswa foo o e arole gape ka boleele jwa gago ka dimetara. Ka sekai, fa boima jwa mmele wa gago e le dikilogerama di le 90 mme o le boleele jwa dimetara di le 1,8, BMI ya gago ke 28 (90 ÷ 1,8 ÷ 1,8 = 28).

[Tšhate]

Itekanetse Mokima Mokima ka tsela e e feteletseng

BMI 18,5-24,9 25-29,9 30 kgotsa go feta

Boleele Boima ka dikilogerama

1,47 m 53 kgotsa kwa tlase 54-64 65 kgotsa go feta

1,50 56 kgotsa kwa tlase 57-67 68 kgotsa go feta

1,52 57 kgotsa kwa tlase 58-69 70 kgotsa go feta

1,55 59 kgotsa kwa tlase 60-71 72 kgotsa go feta

1,57 61 kgotsa kwa tlase 62-73 74 kgotsa go feta

1,60 63 kgotsa kwa tlase 64-76 77 kgotsa go feta

1,63 66 kgotsa kwa tlase 67-79 80 kgotsa go feta

1,65 67 kgotsa kwa tlase 68-81 82 kgotsa go feta

1,68 70 kgotsa kwa tlase 71-84 85 kgotsa go feta

1,70 72 kgotsa kwa tlase 73-86 87 kgotsa go feta

1,73 74 kgotsa kwa tlase 75-89 90 kgotsa go feta

1,75 76 kgotsa kwa tlase 77-91 92 kgotsa go feta

1,78 79 kgotsa kwa tlase 80-94 95 kgotsa go feta

1,80 80 kgotsa kwa tlase 81-97 98 kgotsa go feta

1,83 83 kgotsa kwa tlase 84-100 101 kgotsa go feta

1,85 85 kgotsa kwa tlase 86-102 103 kgotsa go feta

1,88 89 kgotsa kwa tlase 90-106 107 kgotsa go feta

1,90 90 kgotsa kwa tlase 91-108 109 kgotsa go feta

[Motswedi wa Setshwantsho]

E tserwe go tswa go Mayo Clinic on Healthy Weight

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Kilojoule ke Eng?

Kilojoule e ka tlhalosiwa jang? Ke selo se se dirisiwang gantsi go lekanya maatla a mogote. Ka gone, fa o fufula o a bo o dirisa dikilojoule, kgotsa maatla a mogote. “Kilojoule ke selekanyo sa mogote se se tlhokegang go gotetsa kilogerama e le nngwe ya metsi ka dikirii e le nngwe ya sentikereiti.” Kilojoule, kgotsa maatla a a dirisiwang ke motho mongwe le mongwe letsatsi le letsatsi ga a tshwane, go ikaegile ka dilo tse di tshwanang le boleele jwa gagwe, boima jwa mmele wa gagwe, dingwaga tsa gagwe, le gore o itshidila mmele go le kana kang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14]

O tlhoka go oketsa selekanyo sa gago sa go itshidila mmele fa e le gore

▪ O fetsa karolo e ntsi thata ya letsatsi o ntse fa fatshe—o lebeletse thelebishene kgotsa o le mo desekeng kgotsa o le mo koloing—ka mafoko a mangwe, o sa tsamatsamaye

▪ Ke ka sewelo o tshwanelwang ke go tsamaya sekgala se se fetang dimetara di le 100

▪ O dira tiro e e dirang gore o nne mo lefelong le le lengwe fela

▪ Ga o ke o dirisa metsotso e ka nna 20 go ya go e le 30 o ikatisa bobotlana gangwe ka beke

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ke go ya ka Mayo Clinic on Healthy Weight