Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Vitiligo ke Eng?

Vitiligo ke Eng?

 Vitiligo ke Eng?

Ka mokwadi wa Tsogang! mo Afrika Borwa

▪ Ka dinako tse dingwe Sibongile o tle a bue a dira motlae ka letlalo la gagwe. O bua jaana a nyenya: “Ke tsetswe ke le montsho, ka nna mosweu mme jaanong ga ke tlhole ke ikitse gore ke eng.” O na le vitiligo.

Vitiligo e gape e bidiwang leukoderma e bakwa ke go swa ga disele tsa mmala wa letlalo. Seno se dira gore letlalo le nne le dibata tse ditshweu. Batho bangwe ba ba tshwerweng ke vitiligo ba tswa sebata se le sengwe fela se sesweu mme se bo se sa aname. Le fa go ntse jalo, mo go ba bangwe dibata tseno tse ditshweu di anama le mmele otlhe ka bonako. Mme ba bangwe bone e anama ka iketlo, mme e tseye lobaka lwa dingwaga di le dintsi e ntse e anama. Vitiligo ga e botlhoko mo mmeleng e bile ga e tshelanwe.

Ga se batho botlhe ba o kgonang go bona gore ba na le vitiligo jaaka go ntse ka Sibongile ka gonne gantsi e bonala sentle mo bathong ba letlalo le lentsho. Mme gone go na le batho ba le bantsi ba ba nang le yone ka selekanyo se se rileng. Dipalopalo di bontsha gore diperesente tse di fa gare ga 1 le 2 tsa batho di na le yone. Vitiligo e tswa batho ba merafe yotlhe e bile e tlhasela banna le basadi ka go tshwana. Go sa ntse go sa itsiwe gore e bakwa ke eng.

Le fa gone go se na kalafi epe e e tlhomameng ya vitiligo, go na le ditsela di le dintsi tsa go lepalepana le yone. Ka sekai, mo bathong ba letlalo le lesweu ba ba nang le yone, o kgona go e lemoga thata fa karolo ya letlalo la bone e e se nang yone e fisitswe ke letsatsi. Ka gone go itshireletsa mo letsatsing go ka dira gore e se ka ya bonala thata. Mo bathong ba letlalo le lentsho, go na le ditlolo dingwe tse di kgethegileng tse di ka dirang gore go se ka ga bonala gore letlalo la gago le na le mebala e e sa tshwaneng. Batho bangwe ba ba nang le yone ba ile ba thusiwa thata ke se se bidiwang repigmentation. Kalafi eno e akaretsa go dirisa melemo ka dikgwedi di le dintsi le go dirisa sediriswa sengwe se se kgethegileng sa marang a ultraviolet. Mo maemong mangwe kalafi eno e ile ya dira gore dikarolo tse di nang le dibata tse ditshweu di boele mo mmaleng wa tsone. Batho ba bangwe bone ba tlhopha se se bidiwang depigmentation. Mofuta ono wa kalafi one o dira gore letlalo lotlhe le tshwane ka go bolaya disele tsa mmala wa letlalo tse di sa ntseng di setse go dirisiwa melemo.

Vitiligo e ka dira gore motho yo o nang le yone a tshwenyege thata mo maikutlong, segolobogolo fa e anama mo sefatlhegong. Sibongile o tlhalosa jaana: “Bosheng jaana bana bangwe ba babedi ba ne ba ntebile mme ba tswa ba sia ba goa. Ba bangwe ba tshaba go bua le nna, ba akanya gore nka tswa ke na le bolwetse bongwe jo bo tshelanwang kgotsa gore ke hutsitswe. Selo se le sosi se nka ratang go se bolelela batho ke gore ga ba a tshwanela go tshaba batho ba ba nang le vitiligo. Ga ba ka ke ba nna le yone fela ka go tshwara motho yo o nang le yone kgotsa ka go e tsaya mo phefong.”

Sibongile ga a letle vitiligo e mo kgoreletsa mo tirong e a e ratang thata ya go ruta Baebele jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Tiro eno e akaretsa go etela batho mo magaeng a bone le go bua le bone ba lebane difatlhego. A re: “Ke ithutile go amogela tsela e ke lebegang ka yone. Ke ikutlwa ke phuthologile ka tsela e ke leng ka yone gone jaanong, mme ke lebeletse pele nako ya fa mmala wa me wa tlholego o tla bo o siame ka botlalo mo lefatsheng la Paradaise le le solofeditsweng ke Jehofa Modimo.”—Tshenolo 21:3-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ka 1967, pele ga a nna le “vitiligo”