Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?

Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?

 Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?

“Le fa re ne re ntse re nwa bojalwa ka diura di le mmalwa, nna le tsala ya me re ne ra tswa kwa phathing ka 1:00 a.m. re tshwere dibotlolo tsa rona tsa whiskey. Re ne re ya gae—re ntse re nwa mo tseleng. Morago ga foo ke ne ka bona fela letsatsi le tlhaba mme ka lemoga gore re tshotse tsela e sele. Tota e bile, re ne re ntse re tsamaya mo tseleng e kgolo. Go a gakgamatsa go bo re ile ra se ka ra thulwa ke dikoloi.”—Clay. *

GO NWA bobe. Bangwe ba re ke go nwa go fitlha o tagwa. Pego nngwe ya United States National Institute on Alcohol Abuse and Alcoholism e ile ya leka go tlhalosa bothata jono ka go se tikatike. E ne ya re go nwa bobe “ke fa banna ba nwa dino di le tlhano kgotsa go feta ka nako e le nngwe mme basadi bone ba nwa di le nnè kgotsa go feta ka nako e le nngwe.”

Badiredibagolo ba tsa botsogo kwa United States ba re “ke bothata jo bogolo jo bo amanang le botsogo jwa setšhaba.” Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng mo baneng ba dikolo tse di kgolo kwa Engelane, Scotland le Wales, “mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa bana ba dingwaga di le 13 go ya go 14 ba bolela gore ba kile ba nwa bobotlana digalase di le tlhano tsa bojalwa ka nako e le nngwe.” Mo e ka nnang sephatlho sa bana botlhe ba dingwaga di le 15 le 16 ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dirile se se tshwanang.

Mo patlisisong nngwe e e dirilweng kwa United States, baithuti ba le ba 2 ba kholetšhe mo go ba le ba 5 ba kile ba nwa bobe bobotlana gangwe mo  dibekeng di le pedi pele go dirwa patlisiso eno. Go ya ka Lephata la Botsogo la kwa United States, “mo e ka nnang dimilione di le 10,4 tsa basha ba ba nang le dingwaga di le 12 go ya go 20 ba ile ba bolela gore ba nwa bojalwa. Mo go bone, ba le dimilione di le 5,1 ba ne ba nwa bobe mme mo go bone go na le ba le dimilione di le 2,3 ba ba nwang bobe bobotlana ga tlhano ka kgwedi.” Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Australia e ile ya bontsha gore basetsana ba le bantsi mo nageng eo ba nwa bobe go gaisa basimane—ba nwa digalase tsa bojalwa tse di gare ga di le 13 go ya go 30 ka nako e le nngwe!

Bontsi jwa bone ba nwa ka tsela e e ntseng jalo ka go bo ba tlhotlhelediwa ke basha ba bangwe. Mmatlisisi mongwe e bong Carol Falkowski o bega jaana: “Mo metshamekong e mesha e e tumileng ya go bontsha bopelokgale ka go nwa: go rulaganngwa gore go nne le ditlhopha tsa basha ba ba nwang bojalwa go fitlha ba tagwa. Ka sekai, bangwe ba batla gore batshameki botlhe ba nwe bojalwa jo bo bogale ka nako ya fa thulaganyo e e rileng ya thelebishene e tshameka kgotsa fa ditlhopha tseno di ntse di tlotla.”

Go Nwa Bobe—Dikotsi Tsa Gone

Le fa batho bangwe ba ka tsaya go nwa thata e le motshameko fela, ke motshameko o o kotsi thata! Go nwa bojalwa jo bontsi go dira gore boboko jwa motho bo tlhaele okesejene; mme dikarolo tse di botlhokwa mo mmeleng di ka nna tsa simolola go se bereke. Matshwao a ka nna a akaretsa go tlhatsa, go idibala le go hupelwa kgotsa go se heme sentle. Mo maemong a mangwe motho a ka nna feleletsa a sule. Kgwedi morago ga gore Kim wa dingwaga di le 17 a aloge kwa sekolong se segolwane, o ne a ya kwa phating e kwa go yone o neng o “ka nwa ka tsela e o batlang ka yone.” Kim o ne a nwa digalase di le 17 tsa bojalwa mme morago ga moo a idibala. Mogolowe Kim o ne a tla mme a mo isa gae. Moso o o latelang mmaagwe Kim o ne a mo fitlhela a tlhokafetse.

Ga se gantsi motho a bolawang ke go nwa thata mme gone, go sa ntse go ka bakela motho malwetse. Moitse mongwe wa tsa botsogo jwa tlhaloganyo e bong Jerome Levin a re: “Bojalwa bo ka senya karolo le fa e le efe mo mmeleng wa gago. Dilo tse gantsi di senngwang ke bojalwa ke ditshika tsa boboko, sebete le pelo.” Setlhogo sengwe mo makasineng wa Discover sa re: “Dipatlisiso tse disha di bontsha gore basha ba ba nwang ba itsenya mo kotsing. E re ka boboko jwa bone bo sa ntse bo gola go fitlha ba tsena mo dingwageng tsa bone tsa bo20, basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba nwang thata ba ka nna ba senya karolo e ntsi ya tlhaloganyo ya bone.” Go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go amanngwa gape le go tswa diso, go tsofala ka bonako, go nona, go senyega ga dikarolo tse di kafa teng tsa mmele, go tshwakgolwa ke bojalwa le diokobatsi.

Go na le dikotsi tse dingwe tse di amanang le go nwa bobe. Fa o tagwa, o ka nna wa ipaya mo kotsing ya gore o tshwarwe makgwakgwa. O ka nna wa ketekiwa kgotsa wa betelelwa. Mo godimo ga moo, o ka nna wa nna kotsi mo bathong ba bangwe, o itshwara ka tsela e e sa laolesegeng e le ka motlha o neng o ka se ka wa itshwara ka yone fa o ne o sa nwa. Ka jalo, Baebele e tlhagisa gore fa o nwa bobe, “matlho a gago a tla bona dilo tse di sa tlwaelegang le pelo ya gago e tla bua dilo tse di sokameng.” (Diane 23:33) Go ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di akaretsang go latlhegelwa ke ditsala, go sa dire sentle kwa sekolong, go nna le rekoto ya bokebekwa le go humanega. *Diane 23:21.

Kgatelelo ya go Nwa

Le fa go na le dikotsi tse di ntseng jalo, go nwa bojalwa go rotloediwa thata e bile bo bonwa motlhofo mo dinageng di le dintsi. Tota e bile, thelebishene le dipapatso tsa dimakasine di tlotlomatsa go nwa bojalwa. Le fa go ntse jalo, gantsi basha ba ineela go nwa bobe ka ntlha ya tlhotlheletso ya balekane.

Mo patlisisong nngwe e e dirilweng kwa Australia ya go batla go itse kafa bojalwa bo dirisiwang ka teng, diperesente di le 36 tsa basha ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bolela gore lebaka le legolo la go bo ba nwa ke gore “ba tshwane le balekane ba bone.” Mo tlhakatlhakanong ya “kgaisano ya bojalwa” motho yo gantsi a leng ditlhong e ka nna ene yo o dirang metlae go gaisa botlhe mo phathing fa a ntse a rotloelediwa ke balekane ba gagwe gore a tswelele ka go nwa. Katie yo mmotlana o ne a tlisiwa gae a le mo kidibalong e kgolo morago ga gore a dire jalo. “Tsala” ya gagwe e ne ya mo naya bojalwa e ntse e re: “Katie, nwa gape, o setse o godile jaanong. O tshwanetse go ithuta go bo tuntunyetsa.”

Keletso ya go batla go ijesa monate, le ya go batla go tshwana le ba bangwe e maatla thata mo e leng gore le fa go ka tswa go na le bosupi jwa gore go nwa bobe go kotsi, ba le bantsi ba sa ntse ba rata go dira jalo.

 O Tla Dira Tshwetso Efe?

Go tsoga dipotso tseno: Wena o tla dira ditshwetso dife fa go tla mo kgannyeng ya go nwa? A o tla etsa balekane ba gago? Gakologelwa gore Baebele ya reng mo go Baroma 6:16: “A ga lo itse gore fa lo nna lo ikisa mo go ofe fela jaaka batlhanka gore lo mo utlwe, lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo utlwa?” Fa o letla gore balekane ba gago ba go laole mo go sengwe le sengwe, o itira motlhanka wa bone. Baebele e go kgothaletsa gore o itirele tshwetso. (Diane 1:4) E na le kgakololo e e ka go thusang gore o se ka wa dira diphoso tse di masisi. Akanya ka se e se buang ka bojalwa.

Totatota, Baebele ga e kgale go nwa bojalwa, e bile ga e kgatlhanong le gore basha ba ijese monate. Le fa go ntse jalo, e kgatlhanong le go nwa bobe. Diane 20:1 ya re: “Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.” Ee, bojalwa bo ka dira gore motho a itshware ka tsela e e tlhabisang ditlhong a bo a tsose modumo! Ke boammaaruri gore bo ka go tlisetsa monate wa nakwana, mme fa o bo nwa bobe, bo “loma jaaka noga,” bo go tlogela o gobetse thata mo mmeleng le mo maikutlong.—Diane 23:32.

Selo se sengwe se o tshwanetseng go se akanyetsa ke gore mo dinageng di le dintsi go na le molao o o beilweng wa gore ke batho ba dingwaga tse di rileng fela ba ba dumeletsweng go nwa bojalwa. Bakeresete ba ikobela melao e e ntseng jalo. (Tito 3:1) Ke melao e e tlhomilweng go go sireletsa.

Sa bofelo, e bile e le se se botlhokwa thata, akanya kafa go nwa bobe go ka senyang bomoya jwa gago ka teng. Jehofa Modimo o batla gore o mo direle ka “mogopolo otlhe wa gago”—e seng ka mogopolo o o sentsweng go sa tlhokege ke go nwa bojalwa bobe! (Mathaio 22:37) Lefoko la Modimo ga le kgale fela “go nwa beine mo go feteletseng” mme gape le “mekete ya go nwa.” (1 Petere 4:3) Ka jalo, go nwa bobe go kgatlhanong le thato ya Mmopi wa rona. Go nwa bobe jalo go ka dira gore motho a se ka a kgona go nna le kamano ya botsala le Modimo.

Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa e le gore o na le bothata jwa go nwa bobe? Kopa thuso ka bonako ka go bua le motsadi kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng. * Rapela Jehofa Modimo mme o mo kope gore a go thuse. Tota e bile, ke “thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.” (Pesalema 46:1) E re ka go nwa bobe le go nwa o sa le monnye go tlhotlhelediwa ke balekane, o ka nna wa tlhoka go dira diphetogo tse di kgolo malebana le mefuta ya ditsala le boitlosobodutu tse o di tlhophang. Go dira diphetogo tse di ntseng jalo go ka se nne motlhofo, mme ka thuso ya ga Jehofa o tla atlega.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe

^ ser. 11 Go ya ka patlisiso nngwe ya kwa United States, “go ka direga ka makgetlho a ka nna robedi gore batho ba ba nwang bobe ba se ka ba ya kwa ditlelaseng tsa bone kwa sekolong, ba palelwe ke go dira tiro ya sekolo, ba gobale kgotsa ba senye dilo tsa ba bangwe fa ba bapisiwa le batho ba ba sa nweng.”

^ ser. 21 Mo maemong mangwe go ka nna ga tlhokega thuso ya motho yo o thapisitsweng mo go tsa kalafi.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go Nwa Bobe—Dipalopalo Tse di Utlwisang Botlhoko

Dipalopalo tse di latelang di supa ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go nwa bobe ga baithuti ba kholetšhe kwa United States:

Loso: Ngwaga le ngwaga baithuti ba kholetšhe ba le 1 400 ba ba fa gare ga dingwaga di le 18 le 24 ba swa ka ntlha ya dikgobalo tse di amanang le go nwa bojalwa, go akaretsa le go thulana ga dikoloi

Kgobalo: Baithuti ba le 500 000 ba ba fa gare ga dingwaga di le 18 le 24 ba gobala mo dikotsing ka go bo ba nole bojalwa

Ditlhaselo: Baithuti ba ba fetang 600 000 ba ba fa gare ga dingwaga di le 18 le 24 ba tlhaselwa ke moithuti yo mongwe yo o neng a nwa

Go dira maiteko a go betelela: Go ile ga dirwa maiteko a go betelela kgotsa go betelela mo baithuting ba ba fetang 70 000 ba ba fa gare ga dingwaga di le 18 le 24 ka ntlha ya go nwa bojalwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: United States National Institute on Alcohol Abuse and Alcoholism

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Balekane ba ka nna ba go rotloetsa go nwa bobe