Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Nna Mmè Yo o Sa Leng Mosha

Go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Nna Mmè Yo o Sa Leng Mosha

 Go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Nna Mmè Yo o Sa Leng Mosha

GO IMA o sa le mosha go tlisa bothata jwa gore o tshwanelwe ke go dira ditshwetso tsa batho ba ba godileng. Mosha mongwe yo e leng mmè a re: “Ke ikutlwa e ka re ke na le dingwaga tse 40. Ke tlodilwe ke nako yotlhe ya me ya bongwana.” Gone ke boammaaruri, fa mosetsana a lemoga gore o imile, a ka nna a fekeediwa ke maikutlo a poifo le go tlhobaela.

Fa o le mosha yo o imileng, le wena o ka nna wa ikutlwa jalo. Le fa go ntse jalo, ga o ka ke wa fitlhelela sepe ka go letla gore botshelo jwa gago bo eme ka ntlha ya go fekeediwa ke maikutlo a a sa siamang. Baebele ya re: “Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru ga a na go roba.” (Moreri 7:8; 11:4) Molemi yo o emisang botshelo jwa gagwe ka go bo a tshwenyegile ka maemo a bosa ga a kitla a tsaya dikgato tse di tshwanetseng. O se ka wa emisa botshelo jwa gago. Kgabagare o tla tshwanelwa ke go tswelela ka botshelo jwa gago le go sikara maikarabelo a gago.—Bagalatia 6:5.

Ke eng se o ka se dirang? Bangwe ba ka nna ba go raya ba re o senye mpa. Mme seo ga se selo se se ka dirwang ke batho ba ba batlang go boa ba itumedisa Modimo, e re ka Baebele e bua ka tlhamalalo gore go senya mpa ga go dumalane le molao wa Modimo. (Ekesodo 20:13; 21:22, 23; Pesalema 139:14-16) Mo matlhong a Modimo, botshelo jwa losea longwe le longwe lo lo mo popelong—go akaretsa le losea lo lo imilweng kwantle ga lenyalo—bo botlhokwa.

Go tweng ka go nyalwa ke rrangwana mme lo godise ngwana wa lona mmogo? O ka akanya gore le fa gone go se kitla go fetola dilo di le dintsi, gone go tla tlosa ditlhong dingwe. Mme le fa gone rre yo o sa leng mosha a ikutlwa a patelesega go thusa go godisa ngwana, ga se gantsi go leng botlhale gore lo nyalane. * Lebaka la go bo lekawana le kgona go dira ngwana ga le reye gore o godile sentle mo maikutlong le mo tlhaloganyong go nna monna yo o nyetseng yo o molemo le rre. Le gone ga go reye gore a ka kgona go tlamela mosadi le ngwana ka madi. Mo godimo ga moo, fa lekawana leo le se mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa gago, fa o nyalana le ene seo e tla bo e le go nyatsa kgakololo ya Baebele ya go nyala “fela mo Moreneng.” (1 Bakorintha 7:39) Mabaka a bontsha gore go itlhaganelela go nyala—gongwe e le lenyalo le le se kitlang le nnela ruri—go ka felela fela ka go utlwa botlhoko le mathata a a oketsegileng.

Go tweng ka go naya batho ba bangwe ngwana gore ba mo ikgodisetse? Le fa gone go le botoka go na le go senya mpa, o tshwanetse go gakologelwa gore, le fa gone o iphitlhela o le mo boemong jono jo bo maswe, o sa ntse o na le tshono ya go tlamela le go godisa ngwana wa gago.

Go Lebana le Dikgwetlho

Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go godisa ngwana kwantle ga molekane. Le fa go ntse jalo, fa o latela melaometheo ya Baebele go ya kafa o kgonang ka teng le go ikanya Modimo gore a go neye maatla le kaelo, o ka lebana le dikgwetlho di le dintsi ka katlego. Dingwe tsa dikgato tse o ka di tsayang go go thusa go lebana le dikgwetlho tseno ke tse di latelang.

Baakanya kamano ya gago le Modimo. O tshwanetse go lemoga gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke boleo mo Modimong—go leofela ditekanyetso tsa gagwe tse di kwa godimo. (Bagalatia 5:19-21; 1 Bathesalonika 4:3, 4) Ka jalo, kgato e e botlhokwa e o tshwanetseng go e tsaya ke go ikotlhaya le go kopa Modimo gore a go itshwarele. (Pesalema 32:5; 1 Johane 2:1, 2) Gone ke boammaaruri, o ka nna wa ikutlwa o sa tshwanelwe ke thuso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o solofetsa gore o tla re itshwarela, e bile o thusa batho ba ba ikotlhaelang diphoso tsa bone. (Isaia 55:6, 7) Mo go Isaia 1:18, Jehofa a re: “Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu  jo bo letlhololo [a le masisi, a le magolo] a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko [a tla tlosiwa gotlhelele].” Gape Baebele e kgothaletsa badiraphoso gore ba dirise thuso ya semoya e bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong ba ba nayang yone.—Jakobe 5:14, 15.

Tlogela go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Seno se ka tswa se raya gore o kgaogane le rraagwe ngwana wa gago. Go tswelela lo ratana lo sa nyalana go ka dira fela gore o patelesege go tswelela mo boitshwarong jo bo sa itumediseng Modimo. Le ka motlha o se ka wa lebala gore, le fa melao ya Modimo e gagametse, e beilwe gore e re sireletse. Nicole yo o umakilweng mo ditlhogong tse di fetileng, o gakologelwa jaana: “Ke ile ka simolola go lemoga gore Modimo o siame. O batla gore re solegelwe molemo.”—Isaia 48:17, 18.

Bolelela batsadi ba gago. Ke boammaaruri gore o ka tswa o boifa gore batsadi ba gago ba tla go galefela. Gone ba tla bo ba galefile e bile ba tshwenyegile fa ba utlwa gore o imile. Ba ka nna ba ikutlwa gore ga ba a go godisa sentle e bile ba ipega molato ka go bo o sa itshwara sentle. Le fa go ntse jalo, fa e le gore ruri batsadi ba gago ba boifa Modimo, kgabagare botlhoko jo ba bo utlwang bo ka nna jwa fela. Ke batsadi ba gago, mme le fa o dirile phoso, ba a go rata. Fa ba lemoga gore o a ikotlhaya, ba ka nna ba etsa sekao sa rraagwe morwa sesenyi mme ba go itshwarele.—Luke 15:11-32.

Bontsha tebogo. Gantsi batsadi, ba losika le ditsala ba ka go thusa thata le go go tshegetsa. Ka sekai, batsadi ba gago ba ka nna ba rulaganya gore o bone tlhokomelo ya kalafi. Fa ngwana wa gago a setse a tshotswe, ba ka nna ba go thusa go ithuta dilo tsa motheo tsa  go tlhokomela losea; mme gape ba ka nna ba go thusa go go salela le ngwana. Nicole o bua jaana ka mmaagwe, “Ke nna ke ileng ka tshola ngwana, mme ene o ne a dira mo gontsi go nthusa.” Ditsala le tsone di ka nna tsa go thusa, gongwe ka tsela e e botlhale ba go rekele diaparo tsa losea le dilo tse dingwe tse o ka di tlhokang. (Diane 17:17) Fa batho ba go direla molemo jalo, latela kgakololo ya Baebele mme ‘o itshupe o na le tebogo.’ (Bakolosa 3:15) Go ba bolelela gore o a leboga go ka dira gore ba se ka ba tsaya gore ga o na tebogo.

Ithute maikarabelo a go nna motsadi. Mme gone, ga o batle go ikaega ka lelapa la gago le ditsala go ya go ile. Ka jalo, simolola go ithuta dilo tse di ka go nayang bokgoni jwa go tlhokomela ngwana wa gago le go tlhokomela lelapa. Go ithuta go tlhokomela mothonyana yo o tlhokang tlhokomelo e ntsi ke kgwetlho. Go na le dilo tse dintsi tse o tshwanetseng go di ithuta malebana le go jesa ngwana, boitekanelo le dilo tse dingwe tse di amanang le go tlhokomela ngwana. Se se itumedisang ke gore, Baebele e kgothaletsa basadi ba ba godileng ba Bakeresete go rotloetsa basadi ba basha go nna “badiri kwa gae.” (Tito 2:5) Ga go pelaelo gore mmaago—gongwe le maloko a mangwe a a godileng a phuthego ya Bokeresete—a ka go naya thapiso e e botlhokwa malebana le seno.

Dirisa madi sentle. Baebele ya re ‘madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Go tsholwa ga losea go ka felela ka gore o nne le ditshenyegelo tse dintsi tsa madi.

Gongwe go ka nna botlhale gore o simolole pele go dirisa thuso epe e puso e e ntshang e o ka tswang o tshwanelwa ke go e bona. Le fa go ntse jalo, gantsi mosetsana o sa ntse a tshwanetse go ikaega ka batsadi ba gagwe mo go tsa madi. Fa e le gore go ntse jalo ka wena, gongwe go ka nna botlhale gore wena o fokotse ditshenyegelo kafa o ka kgonang ka teng. Le fa gone o ka rata go rekela losea lwa gago dilo tse dintšha, gongwe o ka somarela madi ka go reka diaparo mo mabenkeleng a a rekisang dilo tse di setseng di dirisitswe.

Leka go nna le thutego nngwe. Diane 10:14 ya re: “Ba ba botlhale ke ba ba bolokang kitso.” Le fa seno se bua thata ka kitso ya Baebele, se boammaaruri le ka thuto e e tlwaelegileng. O tshwanetse go ithuta bokgoni jo bo rileng gore o kgone go itshedisa.

Mme gone, go thata go tsena sekolo fa o ntse o tlhokometse losea. Le fa go ntse jalo, fa o se na thutego ya motheo go ka dira gore wena le losea lwa  gago lo tshele mo lehumeng, lo ikaega ka madi a puso, o duelwa madi a a kwa tlase, o na le bonno jwa maemo a a kwa tlase kana lo sa je sentle. Ka jalo, fa go kgonega, tswelela o tsena sekolo. Mmaagwe Nicole o ne a mo pateletsa gore a fetse sekolo, mme ka go dira jalo, moragonyana Nicole o ne a kgona go thapisiwa go nna mothusi wa mmueledi gore a tle a itshedise.

Ke eng fa o sa dire dipatlisiso go bona gore o na le ditshono dife tsa go ithuta? Fa e le gore go thata go ya sekolong, o ka nna wa bona gore a o ka kgona go ithuta o le mo gae. Ka sekai, go ithuta ka go nna o kwalelana le ditheo dingwe tsa thuto go ka tswa go le molemo mo maemong a gago.

O ka Atlega

Go godisa ngwana o sa nyalwa ke kgwetlho mo mosetsaneng yo mosha. Mme gone o ka atlega! Ka go nna pelotelele, o iketleeditse le ka thuso ya ga Jehofa Modimo, o ka nna motsadi yo o lorato, yo o nang le bokgoni. E bile bana ba bommè ba ba sa nyalwang ba ka gola go nna bagolo ba ba molemo. Tota e bile o ka itumelela go bona ngwana wa gago a gola ka tsela e o mo thapisitseng ka yone mme e nne motho yo o ratang Modimo.—Baefeso 6:4.

Nicole o tlhalosa seno jaana: “Ka thuso ya Modimo—le fa gone go ne go lebega go se na tsholofelo—ke ne ka kgona go thusa mosetsanyana wa me go nna lekgarebe le le molemo, le le nang le maitseo e bile le na le maikarabelo. Fa ke mo lebelela ke gopola dinako tse dintsi tse ke di feditseng ke se na boroko mme ke a itumela gape fa ke mmona.”

Mme gone, bagolo ba tshwanetse go leba jang bommè ba ba sa leng basha le bana ba bone? A go na le tsela nngwe e re ka thusang basha gore ba se ka ba wela mo kotsing ya go ima kwa tshimologong?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 O ka fitlhela tshedimosetso malebana le maikarabelo le dikgwetlho tse borre ba ba sa nyalang ba ba sa leng basha ba lebanang le tsone mo setlhogong sa “Basha ba a Botsa . . . ” mo dimakasineng tsa Tsogang! tsa May 8, 2000 le June 8, 2000.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Bommè ba ba sa leng basha ba lebana le dikgwetlho tse dintsi fa ba godisa bana ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go itlhaganelela go nyala o sa le mosha ga se tharabololo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa basha ba ba leofileng go baakanya kamano ya bone le Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Go botlhale gore bommè ba ba se nang balekane ba wetse thutego ya bone ya motheo